Dipotso tse di Tswang go Babadi
■ Go tewang mo go 2 Samuele 18:8, e e reng: “Sekgwa sa nyeletsa [ja, NW] batho ba le bantsi ka tsatsi yenō bogolo go ba ba [jelweng] ke chaka”?
Morwa yo montle wa ga Kgosi Dafide Abesalome o ne a ikgapela setilo sa bogosi mme seo sa pateletsa rraagwe gore a tshabe mo Jerusalema. Morago ga moo, mo sekgweng sa Eferaima (gongwe kafa botlhaba jwa Noka ya Joredane) go ne ga tsoga tlhabano gareng ga matsholo a ga Abesalome le bao ba neng ba ikanyega mo kgosing ya ga Jehofa e e tloditsweng, Dafide. Pego e e mo go 2 Samuele 18:6, 7 e bolela gore mo ntweng e e botlhoko banna ba ga Dafide ba ne ba bolaya batsuolodi ba le 20 000. Karolo ya bobedi ya temana e e latelang 2Sa 18:8 e oketsa ka gore: “Me sekgwa sa [ja] batho ba le bantsi ka tsatsi yenō bogolo go ba ba [jelweng] ke chaka.”
Bangwe ba ile ba akantsha gore seno se lebisitse go go komediwa ga masole a batsuolodi ke diphologolo tsa naga tse di neng di nna mo sekgweng. (1 Samuele 17:36; 2 Dikgosi 2:24) Mme ga go kake ga bo go tewa go jewa ke diphologolo tota, fela jaaka go ka bo go sa tewe gore “chaka” e jele bao ba neng ba bolawa mo ntweng ka tsela ya sebele. Tota-tota, tlhabano e ne e “anametse gōna mo lehatshiñ yeotlhe.” Jalo se gongwe se tewang ke gore banna ba ga Abesalome ba ba fentsweng, bao ba neng ba tshaba ka letshogo mo sekgweng se se matlapa, gongwe ba ne ba wela mo dikhuting le mo mekgatšheng e e fitlhegileng, mme ba tshwarwa ke ditlhare tse di kitlanyeng tse di tlhogileng mo teng ga yone. Ka mo go kgatlhisang pego e tswelela ka go bolela gore Abesalome ka boene o ne a jewa ke sekgwa. Gongwe ka baka la moriri wa gagwe o moleele tlhogo ya gagwe e ne ya tshwarwa ke setlhare se setona, mo go neng ga mo tlogela a se kake a tila tlhaselo ya ga Joabe le banna ba gagwe ba ba neng ba mmolaya ka mo go tlhomolang pelo. Setopo sa ga Abesalome se ne sa ‘latlhelwa mo lehuting je legolo mo sekgweng, mme ba koela mokoa o mogolo wa maje mo godimo ga gagwe.’—2 Samuele 18:9-17.