Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
“Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosiñ yoa gagwè go bo tlhōmamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompiyeno go ea bosakhutleh. Tlhōahalō ea ga Yehofa oa mashomōshomō e tla dihatsa selō se.”—ISAIA 9:7.
1, 2. (a) Botsalo jwa Bogosi jwa Modimo e ne e tla a nna motlha wa eng, mme botsalo jono bo diragatse leng? (b) Motheo wa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng o rwesa lekgotla leo eng, mme kgolagano ya Bogosi e rwesitse Jesu Keresete eng? (c) Re itse jang gore Jehofa kwantle ga go palelwa o tla a diragatsa kgolagano ya Bogosi?
FELA JAAKA botsalo jwa ga Jesu, ebong ngwana-monna yo o itekanetseng, e ne e le motlha wa boipelo jo bo sa tlwaelesegang, botsalo jwa bogosi jwa gagwe jo bo sa bolong go solofediwa bo ne bo tla a nna motlha wa boipelo jo bogolo ka mo go tshwanang. (Pesalema 96:10-12) Go ya ka mabaka a ditira galo tsa segompieno, puso eo e ne ya neelwa Jesu yo o galaleditsweng ka 1914. Go nna gone ga Lekgotla la Merafe e e Kopaneng gompieno ga go khurumetse lebaka leo. Ga go bape ba babusi ba eleng maloko a a 159 a UN ba eleng ba ntlo ya ga Dafide. Lefa go le jalo, motheo wa morero oo wa lefatshe o ba rwesa tiro e kgolo ya go fitlhelela kagiso ya lefatshe lotlhe le polokesego ya losika lwa motho.
2 Mme kgolagano ya ga Jehofa ya Bogosi ga e se e ke e phimolwe. Mo go Isaia 9:7 mafoko “a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide” a tlhomamisa kgolagano e Modimo a e dirileng le Dafide ka Bogosi jo bo sa khutleng. Mo godimo ga moo, Jehofa o ikanne gore e tla a diragala ka katlego. Gore Jehofa o tla a tshegetsa kgolagano eno go phepafaditswe mo go Pesalema 89:3, 4, 35, 36: “Ke gōlaganye le moitshenkedwi oa me, ke ikanetse Dafide motlhanka oa me; Ka re, Losika loa gago ke tla lo tlhōmamisa ka bosakhutleñ, ke tla agèla rure setulō sa gago sa bogosi, go ea ditshikeñ cotlhe hèla. Ke ikanne gañwe hèla ka boitshèpō yoa me; ga nketla ke aketsa Dafide; ka re, Losika loa gagwè lo tla èma ka bosakhutleñ, le setulo sa gagwè sa bogosi se tla èma yaka letsatsi ha pele ga me.” Kgolagano eo gammogo le leina “Kgōsana ea Kagishō,” di rwesa Jesu Keresete tiro e kgolo ya go tlisa polokesego ya lefatshe lotlhe.
3. Ke eng fa nako ya go simolola go busa ga “Kgōsana ea Kagishō” e ne e se nako ya kagiso kwa legodimong le mo lefatsheng?
3 Lefa go ntse jalo, nako ya ga Jehofa Modimo ya go neela Kgosana ya gagwe e e rwesitsweng Serwalo puso e ne e tla a seke e nne ngwaga wa kagiso kwa legodimong kwa godimo lefa e le kwa tlase mo lefatsheng. Go ya ka Tshenolō kgaolo 12, botsalo jwa Bogosi jwa gagwe bo ne bo tla a latelwa ke ntwa kwa legodimong. Satane Diabolo le badimona ba gagwe ba ne ba lwantsha puso e e neng e sa tswa go tlhomiwa bosheng, mme Kgosi e e neng e sa tswa go tlhongwa mo bogosing le bae-ngele ba yone ba ba boitshepo ba ne ba lwantsha matsholo ao a bodimona. Matswela e ne ya nna gore Satane le badimona ba gagwe ba latlhiwe go tswa mo magodimong ba latlhelwe mo godimo ga lefatshe la rona. Ka ntlha ya gone moo, go ne ga nna le kgoeletso: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwe lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 12:12) Fa e sale go isiwa tlase ga ga Diabolo, lefatshe la rona mo go swabisang le nnile lefelo la thubakanyo e e senang bolekanngo le ntwa. Abo losika lwa motho le tlhoka puso ya “Kgōsana ea Kagishō” jang ne, ereka e tla a felela ka polokesego ya lefatshe lotlhe!
4. Ke eng fa leina “Modimo Mothata” le sa tshwanelwa go tlhakatlhakanngwa le Modimo mothatayotlhe?
4 Go ya ka Isaia 9:6 maina a mangwe, mo godimo ga la “Kgōsana ea Kagishō,” a ne a tla a okediwa mo leineng le le galalelang la ga Jesu Keresete. Lengwe la maina ano e ne e tla a nna “Modimo Mothata.” O ne a ka seke a bidiwe Modimo mothata yotlhe, jaaka ekete ke leloko la medimo e e lekanang ya Tharo-Nngwe. Le eleng ka letsatsi le a tsositsweng ka lone, o ne a dira gore go itsiwe gore o ne a ntse a le mmotlana mo go Jehofa. O ne a iponatsa mo go Maria Magatalena mme a mo roma go itsise barutwa ba gagwe ba ba neng ba letile ka tlhoafalo gore o ne a boela kwa go Rraabone le Rraagwe le Modimo wa bone le Modimo wa gagwe. (Yohane 20:17) Go fitlhelelela nako kgolo ke eno, o eteletse-pele popo yotlhe mo kobamelong ya “Modimo oa medimo,” Jehofa. (Daniele 11:36) Ija, ee, Jesu Keresete o na le Modimo mme Modimo oo ga se Jesu ka boene mme ke Rara wa selegodimo Jehofa. Abo “Kgōsana ea Kagishō” a direla ka mo go golo jang ne jaaka motlhodi wa kagiso e e nnetseng ruri le polokesego ya lobopo lotlhe!
5. Ke eng fa Jesu Keresete e le yo o tshwanelegelang thata go etelela-pele ditshedi tsotlhe tse di botlhale mo kobamelong ya Modimo o o tshelang le wa boammaaruri, Jehofa?
5 Morwa wa Modimo yo o galaleditsweng o tla a tswelela go etelela-pele ditshedi tsotlhe tse di botlhale mo kobamelong ya yono yo e leng Modimo wa boammaaruri le o o tshelang, Jehofa, ka bosakhutleng. Morwa Modimo yo o godisitsweng o tshwanelegela seno sentle. Mo ditsheding tsotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng, Morwa Modimo yo o galaleditsweng ke ene yo o itsileng Jehofa ka nako e telele le ka mo go atamalaneng thata. Mo go 1 Bakorintha 2:11 moaposetoloi Paulo a re: “Gonne e mañ mo bathuñ eo o itseñ dilō tsa motho, ha e se mōea oa motho o o mo go èna?” Go ntse fela jalo ka kgang ya ga Jesu Keresete. Lemororo a ne a dirisiwa ke Jehofa Modimo mo popong ya motho, e ne e le selo se se farologaneng mo go ene go nna motho ka boene, go dikologiwa ke maemo otlhe a selefatshe le go itemogela maikutlo a motho lantlha. Ka gone go kwadilwe ga twe “Leha a le Ñwana, leha go nntse yalo, a ithuta kutlō ka dilō tse o di bogileñ” jaaka motho mono lefatsheng. (Bahebera 5:8) Ka boammaaruri o itshupile fa a tshwanetswe ke go neelwa ‘Thata yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng’ le go sikara leina “Modimo Mothata.”—Mathaio 28:18; bapisa Bafilipi 2:5-11.
“Mogakolodi” le “Rara oa Bosakhutleñ”
6. Jesu Keresete o ntse a direla jang jaaka “Mogakolodi,” mme “boidiidi yo bogolo” bo solegetswe molemo jang ke kgakololo ya gagwe?
6 Ka mabaka otlhe ao a a nonofileng, Kgosana ya selegodimo ya Modimo e tla a kgona go direla losika lwa motho ka botlalo jaaka “Mogakolodi.” (Isaia 9:6) Ka metlha kgakololo ya gagwe ke e e botlhale, e e itekanetseng, le e e tlhomameng. Jaaka Motsereganyi fa gare ga ga Jehova Modimo le bao ba tsentsweng mo kgolaganong e ntšha, ruri o ntse a direla jaaka mogkolodi mo makgolong a dingwaga a a 19 a a fetileng. Jaanong, fa e sale ka 1935, “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa gagwe bo ntse bo amogela kgakololo ya gagwe ebile bo bona thuto e e molemo-lemo le kaelo. (Tshenolō 7:9-17; Yohane 10:16) Jaaka moemedi wa tiro eno ya go gakolola, o tlhomile setlhopha se se solofeditsweng sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” mo ‘bokhutlong jono jwa tsamaiso ya dilo’ mme a se tlhokomedisa dilo tsotlhe tsa gagwe tsa selefatshe, kana dikgatlhego tsa segosi. (Mathaio 24:3, 45-47; Luke 12:42-44) “Bodiidi you bogolo” jaanong bo amogela kgakololo ya semoya eo ka boammaaruri eleng molemo ebile e ikanyega ka ntlha ya gore e mo motheong wa Lefoko la Modimo le le senotsweng.
7. Ke eng fa Satane Diabolo a sa tlhole a le modimo mothata mo bathong ba ga Jehofa?
7 Ka ntlha ya go arabela ga bone kgakololong eo, Satane Diabolo, “Modimo oa lehatshe yeno,” ga a sa tlhole a le modimo mothata mo go rona ka re le batho ba ga Jehofa. (2 Bakorintha 4:4) Re dule mo go Babelona o Mogolo ka kutlo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, mme ga re sa tlhole re tlhakanela mo dibeng tsa gagwe tse di herosang sebete. Re tsere letlhakore la rona ka mo go tlhomameng mo letlhakoreng la Yo Jehofa Modimo a beileng puso ya gagwe mo leruding la gagwe.
8. (a) Ke eng fa leina “Rara oa Bosakhutleñ” le ikuela segolo-bogolo mo go ba “boidiidi yo bogolo”? (b) Ke eng se se tla a diragalelang bao ba letlelelang Satane Diabolo go nna rraabone wa semoya?
8 Leina “Rara oa Bosakhutleñ” ke le le retang. “Bodiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” ba anaanela lefoko leno segolo-bogolo. Borre jwa ga Satane Diabolo ga bo a ka jwa ikuela mo go bone. Ba a tsitsibana fa ba gopola baeteledipele ba bodumedi ba Sejuda ba ba neng ba ganetsa Jesu le go bao a neng a re: “Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna. E re ha a bua maaka, o bua mo e leñ ga gagwè, gonne ke moaki, le rra aōna maaka.” (Yohane 8:44) Ba “boidiidi yo bogolo” ba intshitse mo gare ga bana bao ba semoya ba ga Satane Diabolo, yo borre jwa gagwe mo godimo ga losika lwa motho le le oleng bo se kitlang bo nnela ruri. Bao ba mo letlelelang go nna rraabone wa semoya ba tla a nyelela le ene. Tshenyego e e feletseng, e e tshwantshediwang ke ‘molelo o o sa khutleng’ wa Mathaio 25:41, e emetse Diabolo le batho botlhe ba ba sa intsheng mo borreng jwa gagwe.—Mathaio 25:41-46.
9. “Boidiidi yo bogolo” bo latswisiwa jang borre jwa ga “Rara oa Bosakhutleñ”?
9 Mo letlhakoreng le lengwe, “bodiidi yo bogolo” bo setse bo latswa borre jwa ga “Rara wa Bosakhutlefi.”a Jang? Ka go reetsa lentswe la gagwe le go nna “dinku tse diñwe” tsa gagwe le ka go kopanela le masalela a Iseraele wa semoya. Kamano e e bothito eno ya lelapa e bolela kagiso. Fa a ne a kwala ka tlhotlheletso, moaposetoloi Paulo o ne a bua kaga Jehofa mo go Baroma 16:20 jaaka “Modimo oa kagishō.” Abo go tshwanela jang ne, gore Morwawe yo o tsetsweng a le esi a bidiwe “Kgōsana ea Kagishō”! Ka go tsosolosa kagiso mo lebopong lotlhe, “Kgōsana ea Kagishō” kwantle ga go palelwa o tla a diragatsa bokao jwa leina le legolo la gagwe.
Puso ya Segosi ya “Kgōsana ea Kagishō”
10, 11. Morago ga go bolelela-pele botsalo jwa ngwana jo bogolo jo bo kileng jwa nna gone, Isaia o ne a tswelela pele go reng, mme mafoko a gagwe a raya eng?
10 Morago ga Isaia a sena go bolelela-pele botsalo jwa ngwana jo bogolo jo bo kileng jwa nna gone—ee, joo jwa Morwa Modimo yo o neng a tla a neelwa tlotla ka leina “Kgōsana ea Kagishō”—moperofeti o ne a kgaramediwa ke moya wa ga Jehofa gore a re: “Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, . . . tlhōahalō ea ga Yehofa oa mashomōshomō e tla dihatsa selō se.”—Isaia 9:7.
11 Ka gore “ga go tota ga pushō ea gagwè,” boperofeti bo bontsha gore bogosi jwa “Kgōsana ea Kagishō” bo ne bo se kitla bo ema bo e se bo aname le lefatshe lotlhe. Ga go kitla go nna le melelwane epe mo lefatsheng e e tla a kgoreletsang bolaodi jwa gagwe. Bo tla a akaretsa kgolokwe yotlhe ya lefatshe. Go feta moo, mo lefatsheng la paradaise le le tlang, kagiso ga e kitla e fela. Ga go kitla go nna le tlhakatlhakano gope. Kagiso e tla a akaretsa lefatshe lotlhe mme e tla a nnela ruri. (Pesalema 72:7) Ka tsela eno kagiso e raya mo gontsi go na le go sa nneng gone fela ga thubakanyo le ntwa. E akareletsa tshiamiso le tshiamo, ereka Isaia a ne a re puso ya gagwe ya segosi e ne e tla a tshegediwa “ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompiyeno go ea bosakhutleñ.” Go tla a nna le masego a magolo a losika lwa motho. Mme tlhoafalo e e ka sekeng ya koafala ya ga Jehofa Modimo e tla a go diragatsa mo motlheng wa rona.
12. Puso e e mo leruding la ga “Kgōsana ea Kagishō” e emelwa jang mo lefatsheng lotlhe?
12 Le eleng jaanong jaana, puso eno e e mo leruding la “Kgōsana ea Kagishō” e na le baemedi mo lefatsheng lotlhe. Kamogelo ya puso ya gagwe ya segosi ya selegodimo e anama ka bofefo. Masalela a barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba tsetsweng ka moya ba setse ba phuthilwe mo merafeng yotlhe. Mo godimo ga moo, “boidiidi yo bogolo” bo phuthiwa mo mafatsheng a a fetang 200 a a farologanyeng. Jaanong go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 3 229 022, mme tiro e e ipedisang ya go phutha ga e ise e wediwe. “Bodiidi yo bogolo” jono bo bolela puso e e mo leruding ja “Kgōsana ea Kagishō.” Maloko a yone a leboga thata go nna babusiwa ba puso eo le go nna baemedi ba yone mo lefatsheng lotlhe, ba kopane le “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete,” e leng masalela a a tloditsweng.—2 Bakorintha 5:20.
Morero wa Motlha wa Segompieno o Tla a Phatlakanngwa
13. (a) Baemedi ba Bogosi ba leka go dira eng gareng ga bone? (b) Modimo o leba Lekgotla la Merafe e e Kopaneng jang?
13 Gape baemedi ba Bogosi ba boloka kagiso gareng ga bone. Ba ‘leka ka bojotlhe go elatlhoko bongwe fela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.’ (Baefesia 4:3) Ba dira seno go sa kgathalesege khuduego e jaanong e hubitseng go ralala lefatshe lotlhe. Merafe e e farologanyeng moteng le ka kwantle ga Merafe e e Kopaneng ka boammaaruri e eme kgatlhanong le goromente wa “Kgōsana ea Kagishō.” Jaaka Modimo a le leba Lekgotla la Merafe e e Kopaneng ke morero wa lefatshe o mogolo thata. Ka ntlha yang? Ka gore le ipolela fa le ikaeletse go diragatsa maikaelelo ao Modimo a a neetseng “Kgōsana ea Kagishō” ya gagwe fela go a diragatsa. Mme le bitsa batho ba merafe yotlhe go le tshegetsa mo go fitlheleleng polokesego ya lefatshe lotlhe ka maiteko a batho. Le bile la ba la ya bokgakaleng jwa go bolela 1986 go nna “Ngwaga wa Kagiso wa Lefatshe Lotlhe.” Ka gone le itshupa go nna le le rerang “Kgōsana ea Kagishō” le kgolagano ya ga Jehofa le ene ya Bogosi jo bosakhutleng.
14. Moperofeti Isaia o ile a tlhagisa jang botlhe ba ba ganetsang Jehofa le kgolagano ya Bogosi jwa gagwe?
14. Moperofeti Isaia o ile a tlhagisa jang botlhe ba ba ganetsang Jehofa le kgolagano ya Bogosi jwa gagwe?14 Ka ntlha ya lebaka leo, moperofeti Isaia o ne a tlhagisa Kgosi Ahase le babusiwa ba gagwe bogologolo koo kgatlhanong le go senka kagiso le polokesego ka go tsena mo kgolaganong le Maatla a Lefatshe a Asiria. Tlhagiso e e fitlhelwa mo go Isaia 8:9, 10. Ka botswerere jwa poko, moperofeti o tlhagisa botlhe bao ba leng kgatlhanong le Jehofa le kgolagano ya Bogosi jwa gagwe jaana: “Cosañ sedumedi, lona dichaba, me lo tla thubagañwa; me lo sekègè tsèbè, lona, lotlhe ba mahatshe a a kgakala; itlameñ, me lo tla thubagañwa; itlameñ, me lo tla thubagañwa. Gakololanañ, me go tla cwa lehèla; buañ lehoko, me ga le ketla le èma; gonne Modimo o nntse le rona.”
15. Ke eng se se tla a diragalelang morero o o leng kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi gompieno, jaaka go bontshitswe ke se se diragaletseng morero wa malatsi a ga Kgosi Ahase?
15. Ke eng se se tla a diragalelang morero o o leng kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi gompieno, jaaka go bontshitswe ke se se diragaletseng morero wa malatsi a ga Kgosi Ahase?15 Ka gone lesa merafe e e kafa tlase ga kgosana ya lefatshe leno, Satane Diabolo e rere kgolagano ya Bogosi le Mojaboswa wa yone wa segosana le Mmusi. Morero o tla a phatlakanngwa o sala o le manathoganyane, fela jaaka morero wa malatsi a ga Kgosi Ahase o ne wa senngwa. Kgosi Resine wa Siria le Kgosi Peka wa Iseraele ba ne ba sa boife Jehofa wa mashomoshomo mme ba rera kgolagano ya gagwe ya Bogosi. Jalo he, morero wa bone o ne wa senngwa wa bo wa sala o le manathoganyane. Ka mo go tshwanang, Kgosi Ahase wa Juda o ne a seka a boifa Jehofa mme a tsena mo morerong le maatla a lefatshe a Asiria. Seno tota ga se a ka sa thusa Ahase le go mo tlisetsa kagiso le polokesego. Se ne sa mo tlisetsa tlalelo le botshwaro. Se se maswe go di feta tsotlhe, se ne sa ntsha Ahase mo kamogelong ya ga Jehofa.
16. Jehofa o ile a senya jang morero wa Asiria kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi, mme seno se ne 8a emela eng mo motlheng wa rona?
16 Morago ga loso lwa ga Ahase mo malatsing a ga morwawe Hesekia, Jehofa wa mashomoshomo o ne a senya morero wa Asiria kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi. Kgosi ya Asiria e ne ya patelesega go boela morago go tswa mo lefatsheng la Juda morago ga moengele wa ga Jehofa a sena go nyeletsa masole a gagwe a le 185 000. Mmaba ga a ka a kgona le eleng go thuntsha bora bo le bongwe fela kgatlhanong le motse-mogolo wa Jerusalema. (Isaia 37:33-36) Go fenngwa mo go tshwanang ga morero wa lefatshe lotlhe wa motlha wa gompieno kgatlhanong le kgolagano ya ga Jehofa ya Bogosi le “Kgōsana ea Kagishō” ke mo go tlhomamisegang, ereka Modimo a na le Kgosana ya gagwe Emanuele le botlhe ba ba mo amogelang.
Go Emela Bolaodi jwa Lefatshe Lotlhe jwa ga Jehofa Kwantle ga Poifo
17. (a) Mo bogautshwaneng makoko a bopolotiki a tloga a dira Babelona o Mogolo eng, mme batho ba ga Jehofa ba tla a tlhoka go amogela eng? (b) Morago ga go tlosa Babelona o Mogolo, babusi ba baheitane jaanong ba tla a dira eng, ba gwetlha Jehofa go tsaya kgato efe?
17 Makoko a sepolotiki mo bogautshwaneng a tloga a lebisa maiteko a one eseng fela kgatlhanong le Labodumedi mme le maloko otlhe a Babelona o Mogolo, bodumedi jwa maaka jwa lefatshe lotlhe, go bo fedisetsa ruri. Mo thulanong e e tlhokofatsang eo, tshireletso ya bomodimo ya batho ba ga Jehofa e tla a tshwanela go nna gone ka tsela e e sa tlwaelesegang. Ba kgothadiwa ke phenyo e e tladikilweng ka madi mo go Babelona o Mogolo, baeteledipele ba baheitane ka bogale ba tla a retologela go bao ba leng mo letlhakoreng la puso ya Modimo ka Jesu Keresete. Go tloga foo Jehofa o tla a dirisa “Kgōsana ea Kagishō” go lwa ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe.’ (Tshenolo 16:14) Jesu Keresete o tla a itshupa fa a le motlhabani yo o sa fenngweng yo puso ya gagwe e tla a sekeng e koafala. O tla a itshupa a le “Modimo Mothata” mo phenyong ya ga Modimo mothatayotlhe, Jehofa. “Modimo Mothata” yono o tla a feleletsa tiro ya gagwe e e galalelang ka phenyo kwa Hara-magedona e e tla a utlwalelang ruri kwantle ga go lebalesega go ya bosakhutleng. A botlhe ba goeletse phenyo eo e e senang bolekanngo!
18. Fa morero wa motlha wa segompieno o ntse o tsweletse kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi, Basupi ba ga Jehofa ba itlamile go dira eng, mme ka matswela afe?
18 Jalo he, tswelang pele go ya tlotlomalong ya lefatshe e kgolwane go feta pele, lona lotlhe Basupi ba ga Jehofa, ka ikanyo e e feletseng mo Modimong wa lona le Kgosi ya gagwe e e busang, “Kgōsana ea Kagishō”! Bontshang go tlhoka poifo mo go nonofileng kgatlhanong le morero wa lefatshe wa gompieno. Ka go bolela ga lona molaetsa wa Bogosi gongwe le gongwe le phenyo ya jona e e tlang mo morerong wa lefatshe kwa Haramagedona, a e nne go lona lotlhe jaaka ditshupo le dikgakgamatso go tlotla Jehofa. Fa Diabolo a re thulanya le babusi ba lefatshe, gakologelwang, phenyo e tla a nna ya bao ka boammaaruri le ka boikanyego ba emelang Bogosi jwa ga Emanuele, “Kgōsana ea Kagishō,” gonne “Modimo O mo go Rona”! (Mathaio 1:23; bapisa Isaia 8:10.) Mme a baengele botlhe ba legodimo le losika lotlhe la motho le le bolokang bothokgami mo lefatsheng ba re “Amen” go galaletsa bolaodi bogolo jwa ga Jehofa mo dilong tsotlhe tse di bopilweng kwa legodimong le mo lefatsheng, ka polokesego e e se kitlang e khutla!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e tletseng ya tiro ya ga Jesu Keresete jaaka “Rara oa Bosakhutleñ, bona kgaolo 20 ya buka Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Dipotso tse di Sobokanyang
◻ Leina “Modimo Mothata” le dira jang mo go Jesu Keresete?
◻ Jesu o ntse a direla jang jaaka “Mogakolodi”?
◻ Re tshwanetse go batla borre jwa ga mang, mme re tshwanetse go gana jwa ga mang?
◻ Lekgotla la Merafe e e Kopaneng tota-tota ke eng?
◻ Ke eng se se tla a diragalelang morero wa segompieno o o kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi le Mojaboswa wa yone, “Kgōsana ea Kagishō”?
15. Ke eng se se tla a diragalelang morero o o leng kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi gompieno, jaaka go bontshitswe ke se se diragaletseng morero wa malatsi a ga Kgosi Ahase?
16. Jehofa o ile a senya jang morero wa Asiria kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi, mme seno se ne 8a emela eng mo motlheng wa rona?
15. Ke eng se se tla a diragalelang morero o o leng kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi gompieno, jaaka go bontshitswe ke se se diragaletseng morero wa malatsi a ga Kgosi Ahase?
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Lebopo lotlhe le tla a bo le utlwana mo kobamelong e e kagiso ya Mmusi wa lebopo lotlhe