Botsalo jwa Ngwana jo Bogolo mo Lefatsheng bo Etelela-pele Polokesego ya Lefatshe Lotlhe
“Ñwana re mo tsalecwe, ñwana oa mosimane re mo neilwe; me pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè: me leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ea Kagishō.”—ISAIA 9:6.
1. Ke mang yo polokesego ya lefatshe e tlhomamisegang ka ene, mme re itse seno jang?
POLOKESEGO ya lefatshe lotlhe! Kafa tlase ga “Kgōsana ea lehatshe yeno,” Satane Diabolo, ke go ijesa dijo tsa ditoro fela. (Yohane 12:31, The New English Bible) Mme polokesego ya lefatshe lotlhe kafa tlase ga “Kgōsana ea Kagishō,” Jesu Keresete, ke tlhomamisego e e feletseng. Jehofa o re tlhomamisetsa seno mo boperofeting jwa botsalo le tiro ya “Kgōsana ea Kagishō.” Mo go Isaia 9:6, 7, re bala jaana: “Ñwana re mo tsalecwe, ñwana oa mosimane re mo neilwe; me pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè: me leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ea Kagishō. Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosiñ yoa gagwè go bo tlhōmamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompiyeno go ea bosakhutleñ. Tlhōahalō ea ga Yehofa oa mashomōshomō e tla dihatsa selō se.”
2. (a) Boperofeti jwa ga Isaia 9:6, 7 bo ne jwa neelwa kafa tlase ga maemo a a ntseng jang? (b) Re itse jang gore Jehofa kwantle ga pelaelo o tla a tshegetsa kgolagano e a e dirileng le Dafide ya bogosi jo bo sa khutleng mo losikeng la gagwe?
2 Abo e le boperofeti jo bo gakgamatsang jang ne! Go tla a bo go kgatlhisa go tlhatlhoba boperofeti jono kaga botsalo jwa ngwana jo bogolo mo lefatsheng. Mme pele ga re ka bo tlhaloganya ka botlalo, re tshwanetse go seka-seka maemo ao boperofeti bo neng jwa neelwa mo go one. E ne e le ka nako ya morero wa lefatshe lotlhe mo metlheng ya bogosi jwa Juda kafa tlase ga ga Kgosi Ahase. Lemororo e ne e sa ikanyege mo go Jehofa, kgosi eo e ne ya letlelelwa go nna mo setilong sa bogosi sa ga Jehofa. O ne a lesiwa jalo ka ntlha ya kgolagano e Jehofa a neng a e dirile le Dafide ya bogosi jo bosakhutleng mo losikeng lwa gagwe. Lemororo Dafide a ne a rontshiwa tshiamelo ya go agela Jehofa tempele, Modimo o ne a mo segofatsa ka tsela e nngwe. Seno se ne sa bontshiwa mo mafokong a ga moperofeti Nathane: “Gapè Yehofa oa gu bolèlèla ha a tla gu diha motse. Me motse oa gago o tla tlhōmamisiwa le bogosi yoa gago ka bosakhutleñ ha pele ga gago: le setulō sa gago sa bogosi se tla tlhōmamisiwa ka bosakhutleñ.” (2 Samuele 7:11, 16) Tsholofetso eo ya bomodimo e ile ya itshupa e kgotsofatsa Kgosi Dafide mo eleng gore o ne a lebelela-pele tiragatsong ya yone e e galalelang.
3. (a) Kgolagano eo le Dafide e diragadiwa mo go mang, mme e ne e farologanye jang? (b) Diabolo o ne a itlhomela mokgele ofe mabapi le kgolagano ya Bogosi?
3 Kgolagano eo le Dafide e na le tiragatso ya yone mo go Morwa yo Mogolo wa ga Dafide, Jesu Keresete, “Kgōsana ea Kagishō.” Ga go na ntlo epe ya segosi mo godimo ga lefatshe leno e e kileng ya ipelela kgolagano e e ntseng jalo ya bogosi, jo go senang bokhutlo jwa bogolo jwa puso ya jone ya segosana, go sena bokhutlo jwa kagiso. Mme kgolagano eo ya bogosi e ne ya tsosa kgwetlho mo magosing otlhe a lefatshe ao Satane eleng kgosana ya one, kana mmusi. Ka gone Diabolo le badimona ba gagwe ba ne ba ititaya dihuba go leka go nyeletsa losika lwa ga Dafide mme ka gone ba fedisa tebelelo ya go nna le mojaboswa yo o nnetseng ruri. Satane o ne a fitlhela Kgosi Resine wa Siria, Kgosi Peka wa merafe e e lesome ya bogosi jwa Iseraele, le Kgosi ya Asiria e le didirisiwa tse di tshwanetseng.
Morero Kgatlhanong le Kgolagano ya Bogosi
4. Diabolo o ne a tswelela jang mo maitekong a gagwe go emisa go dira ga kgolagano ya Bogosi jwa ga Jehofa e e neng e dirilwe le Dafide?
4 Leano la ga Diabolo e ne e le eng? Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go pateletsa Kgosi Ahase wa Juda, go intsha mo poifong ka go dira dikgolagano tse di sa tshwanelang le kgosi ya Asiria. Diabolo o ne a ka dira seno jang? Legale, o ne a dira gore Kgosi Peka wa Iseraele le kgosi Resine wa Siria ba rere ntlo ya ga Dafide. Ba ne ba rera go tlosa Ahase mo setulong sa bogosi sa Juda gore ba tle ba tlhome monna yo eleng wa bone, morwa Tabeele, jaaka kgosi ya lelope. Morwa Tabeele yono e ne e le mang? Go supagala gore e ne e se wa lotso lwa bogosi jwa ga Dafide. Ka gone moo, e ne e se monna yo kgolagano ya ga Jehofa ya Bogosi e neng e ka fitisiwang ka ene go fitlhelela kwa go Mojaboswa yo o nnetseng ruri eleng “Kgōsana ea Kagishō.” E ne e tla a nna monna wa bone, eseng monna wa Modimo, mo bogosing jwa Juda. Ka gone Bibela e ne ya senola maiteko a ga Satane a go emisa go dira ga kgolagano ya Bogosi ya ga Jehofa e e neng e dirilwe le Dafide.
5, 6. Kgosi Ahase o ne a arabela jang mo morerong o o neng o le kgatlhanong le ntlo ya ga Dafide, mme ke molaetsa ofe o o kgothatsang o Jehofa a neng a o mo neela?
5 Kgosi Ahase o ne a itshwara jang mo matshosetsing ano? Ene le batho ba gagwe ba ne ba tetesediwa ke letshogo. Ka gone Jehofa o ne a mo neela molaetsa o o kgothatsang go dira gore a seka a dira dikgolagano tsa itshireletso le kgosi ya maatla a lefatshe a a golang, Asiria. Jehofa o ne a romela moperofeti wa gagwe Isaia go kopana le Ahase le go isa molaetsa ono o o fitlhelwang mo go Isaia 7:4-9:
6 “U se ka ua boiha, . . . Ereka Siria a gakolotse boshula kaga gago, Eferaima le èna [leloko le legolo la bogosi jwa Iseraele], le morwa Remalia [Peka], ba re, A re bololeleñ lehatshe ya Yuda, re le heretlhè, a re itihèlè phatlha mo go yeōna, re tlhōmè kgosi ha gare ga yeōna, eboñ morwa Tabeele: Yehofa Modimo o bua yana, a re, Ga go ketla go èma, le gōna ga go ketla go dihahala. . . . Ha lo gana go dumèla, rure ga lo ketla lo tlhōmamisiwa.”
Sesupo sa go Palelwa ga Morero
7. (a) Ke eng se se ileng sa gogela mo boperofeting jo bo gakgamatsang jwa ga Isaia 1:14? (b) Botsalo jwa ga Imanuele e ne e le sesupo se se ikanyegang sa eng, mme bomorwa Isaia ba ne ba tla a direla jaaka eng?
7 Ka gone, Jehofa o ne a bolelela-pele go senngwa ga morero. Ka nako eo go ne ga tla motlha wa boperofeti jwa bomodimo jo botlhokwa jwa jone bo amang lefatshe lotlhe, ereka bo ne bo le mabapi le Mojaboswa wa Bogosi wa kgolagano ya bogosi le Dafide. Mme ke eng se se ileng sa gogela kwa boperofeting jo bo gakgamatsang joo? Legale, Jehofa o ne a bua le Kgosi Ahase. O ne a bolelela Ahase gore a kope sesupo sepe fela sa dikgakgamatso se a neng a ka se akanya, mme go tloga foo Jehofa o ne a tla a se dira e le tlhomamisetso e e feletseng ya gore Modimo o ne o tla a senya morero o o kgatlhanong le ntlo ya ga Dafide. Mme Ahase o ne a seka a kopa sesupo sa go nna jalo. Mme go ne ga latela eng? Isaia 7:14 e re bolelela jaana: “Ke gōna ka mouō Yehofa ka esi o tla lo naeañ seshupō; bōnañ, kgarebane e tla ithwala, e tla bèlèga ñwana oa mosimane, me e tla mo raea leina, e re, Imanuele.” Leina leo le raya gore “Modimo o mo go rona.” Ereka Imanuele le barwa ba babedi ba bangwe ba ga Isaia ba ne ba tla a direla jaaka ditshupo, mo go Isaia 8:18 moperofeti o ne a re: “Bōnañ, nna le bana ba Yehofa o ba nneileñ, re beilwe go nna dichupō le dikgakgamaco mo Iseraela, di cwa mo go Yehofa oa mashomōshomō.” Ka gone botsalo jwa ga Imanuele e ne e le sesupo se se ikanyegang sa gore morero otlhe le bareri ba one kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi ya Modimo le Mojaboswa wa yone o ne o tla a senngwa!
8. (a) Boperofeti jo bo mo go Isaia 7:15, 16 bo ne bo tlhalosa eng kaga mosimane Imanuele, mme matswela e ne ya nna eng? (b) Ke eng fa go ka nna gore go supega ga ga Imanuele mo malatsing a ga Isaia go nne mo go sa tlhomamisegeng?
8 Pego ya Bibela ga e bolele gore ke mang yo o tsetseng ngwana wa mosimane yo o neng a bidiwa Imanuele. E ka nna ya tswa e ne e le lekgarejwane la Sejuda le le neng la nna mosadi wa bobedi wa ga moperofeti Isaia. Boperofeti bo ne jwa tswelela go umaka gore go sa kgathalesege gore go diragala eng, pele ga mosimane a gola mo eleng gore a ka kgona go farologanya molemo le bosula, dikgosi tse pedi tse di rerang ntlo ya ga Dafide di ne di tla a tla mo bokhutlong jo bo maswe. (Isaia 7:15, 16) Se se ne sa itshupa se le boammaaruri. Gongwe lebaka la go bo go supega ga ga Imanuele mo malatsing a ga Isaia go sa tlhomamisege mo go rona go direla go sa iteye dikokomana tsa moragonyana tsebe mabapi le Imanuele yo Mogolwane fa a ne a tla a bonala jaaka sesupo sa dikgakgamatso se se tswang kwa legodimong.
9. (a) Tiragatso ya sesupo le go senngwa ga morero kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi di tlhomamisetsa eng? (b) Morero wa lefatshe o mogolo go feta yotlhe ke ofe?
9 Legale, mo malatsing a ga Ahase, go ne ga nna le tiragatso e nnyennyane fela ya sesupo le ya go senngwa ga morero wa lefatshe lotlhe kgatlhanong le kgolagano ya Bogosi ya Modimo. Lefa go le jalo tiragatso eo ya ntlha e ne e tlhomamisetsa gore sesupo le go senngwa ga morero wa lefatshe go ne go tla a diragadiwa mo gogolo mo motlheng wa rona o o tlhokofatsang. Gompieno re lebaganye le morero wa lefatshe lotlhe o mogolo go feta o o kileng wa nna gone. Ka ntlha yang? Ka gore merafe e itlhokomolosa gotlhelele thulaganyo ya ga Jehofa ya go tlisa kagiso e e nnetseng ruri, mme e bo e ganetse baemedi ba “Kgōsana ea Kagishō.” Tota morero o kgatlhanong le Mojaboswa wa kgolagano ya Bogosi, “Kgōsana ea Kagishō.” Jaanong, go tweng, kaga tiragatso e e feletseng ya boperofeti? Fa re lemoga sesupo, he re tla a kgona go tlhaloganya gore bokamoso jwa morero ono wa lefatshe lotlhe ke bokhutlo jo bo tlhomamisegang.
Botsalo jwa “Kgōsana ea Kagishō”
10. (a) Mo tiragatsong e e feletseng ya Isaia 7:14, ke mang yo o neng a nna le ngwana yo o direlang jaaka sesupo le Mojaboswa wa kgolagano ya Bogosi? (b) Rraditiragalo Mathaio o amanya jang sesupo sa ga Imanuele le ntlo ya ga Dafide?
10 Mo tiragatsong e e feletseng ya boperofeti, lekgarejwane le le neng la tshola ngwana yo e leng sesupo le Mojaboswa wa kgolagano ya Bogosi e ne e le Marie, ebong lekgarebe la Sejuda yo e leng setlogolwana sa ga Kgosi Dafide. Moengele Gabariele o ne a mmolelela gore o ne a tla a tshola ngwana wa mosimane yo o neng a tla a bidiwa Jesu, gore Jehofa Modimo o ne a tla a “mo naea setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè,” le gore ‘bogosi jwa gagwe bo ne bo se kitla bo nna le bokhutlo.’ (Luke 1:26-33) Rraditiragalo Mathaio yo o tlhotlheleditsweng o amanya sesupo sa ga Imanuele le ntlo ya ga Dafide. Re bala jaana mo go Mathaio 1:20-23: “Moengele oa Morèna a bōnala kwa go [Josefa] ka tōrō, a re, Yosefa, morwa Dafide, se boihe go tsaea Marie, mosadi oa gago: gonne go ithwala ga gagwè ke ga Mōea o o Boitshèpō. Me o tla bōna ñwana oa mosimane; me u tla mo raea leina, u re, YESU; gonne ke èna eo o tla gololañ batho ba gagwè mo dibiñ tsa bōnè. Me yana gotlhe mo go dihetse, gore go dihalè se se kileñ sa buiwa ke Morèna ka moperofeti, a re, Bōnañ, kgarebane e tla ithwala, me e tla bona ñwana oa mosimane, me ba tla mo raea leina, ba re, Imanuele; ke go re, Modimo o mo go rona, ha go phuthulolwa.”
11. Botsalo jo bo boleletsweng-pele jwa ga Imanuele bo ile jwa nna gone leng le gone kae?
11 Botsalo jono jwa ga Imanuele bo ne jwa nna gone leng le gone kae? Tsholofelo ya Bajuda botlhe e ne ya sokololelwa ntlheng e e siameng ke mafoko a ga Mika 5:2, a a neng a tsopolwa mo go Mathaio 2:6: “Me wèna Bethelehema, lehatshe ya Yuda, ga u mmōtlana gopè mo magōsaneñ a Yuda: gonne mo go wèna go tla cwa molaodi, eo o tla nnañ modisa oa batho ba me Baiseraela.” E ne e le ka ngwaga wa 2 B.C.E. mo motse-mogolong wa Bethelehema fa “Kgōsana ea Kagishō” e ne e tsalwa, mme boperofeti jo bo gakgamatsang jwa ga Isaia 9:6, 7 bo ne jwa simolola go diragadiwa.
12, 13. Botsalo jwa “Kgōsana ea Kagishō” bo ile jwa tlisetsa mang tlotlo e kgolo, mme ke dipopego dife tse di galalelang le tse di tsabakelang tse di neng tsa pata botsalo jono?
12 Ke mang mo go rona yo o neng a ka seke a go tseye jaaka tlotlo le boipelo go nna motsadi wa yo o neng a tla a bidiwa “Kgōsana ea Kagishō”? Ka gone go ne ga tlisetsa Rraagwe Kgosana eno wa kgosi kgalalelo e kgolo. Tota, le ka motlha, lefa e le pele-pele, ga go ise go ke go nne le botsalo jwa motho jo bo kileng jwa nna le dipopego tse di galalelang le tse di tsabakelang jalo.
13 Moengele wa ga Jehofa yo o galalelang o ne a bonala mo badiseng ba ba neng ba disitse matsomane a bone bosigo mo nageng ka kwantle ga Bethelehema, mme “kgalalèlō ea Morèna ea phatsima ntlheñ cotlhe tsa bōnè.” Go tloga foo moengele o ne a bolela botsalo e le tiragatso ya boperofeti jwa bomodimo, jo bo reng: “Gompiyeno, mo motsiñ oa ga Dafide, lo tsalecwe Mmoloki, eo e leñ Keresete Morèna.” Jaaka ekete seo se ne se sa galalele thata, mo magodimong kwa godimo go ne ga bonala bontsi jo bogolo jwa baengele ba galaletsa Rra-ngwana yo o sa tswang go tsalwa mme jaaka ekete ka lentswe le le lengwefela ba re: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.” A bo go ne go tshwanela jang ne go re baengele ba bolele ka nako ya botsalo jwa yo o tla a nnang “Kgōsana ea Kagishō” gore go ne go tla a nna le kagiso ya bomodimo ya batho botlhe ba Modimo o kgatlhegang mo go bone!—Luke 2:8-14.
14, 15. (a) Bomorwa Modimo ba selegodimo ba ne ba galaletsa Jehofa ka ntlha ya ditiragalo dife? (b) Ke ka ntlha yang fa botsalo jwa ngwana bongwe mo ditiragalong tsotlhe tsa motho bo ka seke bo tshwantshanngwe le jono?
14 Bogologolo pele ga botsalo jwa yo o neng a tla a nna “Kgōsana ea Kagishō,” baengele ba ne ba kile ba galaletsa Modimo mo nakong e e kgethegileng. Eo e ne e le fa a ne a bopa lefatshe kwa tshimologong (Yobe 38:4) A o bone ditshwantsho tsa lefatshe la rona tse di kapilweng ke baithuta-dinaledi ba le mo lehauhaung? He o bone seo baengele ba le bosi ba neng ba se bona fa e sale go fitlhelela metlha ya bogautshwaneng jaana. Mme baengele ba ne ba arabela jang ka nako eo? Yobe 38:7 e a re bolelela: “Dinaledi tsa moshō di ōpèla mmōgō, le bomorwa Modimo botlhe ba thèla loshalaba loa boitumèlo.”
15 Botsalo jwa ngwana jo bogolo jo bo kileng jwa tlisetsa lefatshe tlotlo ka mo go tshwanang e ne e tla a nna tiragalo e kgolo eo bomorwa Modimo ba neng ba tla a utlwana ka mantswe a bone a meduduetso mo pineng ya kgalaletso. Fela jaaka rre wa selefatshe a tle a akgolelwe botsalo jwa ga morwawe wa ntlha, ka gone Rre wa selegodimo yo o ikarabelelang mo botsalong jo bogolo jono jo bo kileng jwa nna gone mo lefatsheng o tshwanelwa ke go godisiwa mo pineng ke maloko a lelapa la gagwe la selegodimo. Abo baopedi ba ba gaisang botlhe bao ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipelelwa ke Modimo jang ne mo motlheng wa gagwe wa ntlha a nna rre mo thulaganyong ya maemo a masha gotlhelele! Le ka motlha mo ditiragalong tsa popo yotlhe ga go ise go ke go nne le botsalo jwa ngwana jo bo ka tshwantshiwang le joo jwa yo o tsileng go nna “Kgōsana ea Kagishō.”
“Lesedi ye Legolo” le a Phatsima
16. Ke leng le gone jang go neng ga nna tiragatso e e oketsegileng ya Isaia Kgaolo 9?
16 Fa Jesu a ne a simolola bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa, go ne ga nna le tiragatso e nngwe gape ya Isaia kgaolo 9 tem 1 le 2. Seno ke se se fitlhelwang mo ditemaneng tsa yone tsa ntlha tse pedi, tse di neng tsa bolelela-pele gore “lesedi ye legolo” le ne le tla a phatsimela batho “ba ba kileñ ba sepela mo lehihiñ.” Re tlhalosediwa tiragatso ya ditemana tseo ke rraditiragalo yo o tlhotlheleditsweng Mathaio mo go Mat kgaolo 4, ditemana 13 go ya go 17: “Me [Jesu] a cwa mo Nasaretha, a tla a aga mo Kaperenama, o o ha lewatleñ, mo molelwaneñ oa Sebulona le Nafetali: Gore go dihalè se se kileñ sa buiwa ke moperofeti Isaia, a re, Lehatshe ya Sebulona, le lehatshe ya Nafetali, bolebana le lewatlè, moseya ga Yoredane, Galilea oa merahe, Batho ba ba neñ ba dutse mo lehihiñ, ba bōna lesedi ye legolo, le ba ba neñ ba dutse mo lehatshiñ ye le mo morutiñ oa losho, lesedi ya ba tlhabèla. E sa le ka lobaka louō Yesu a simolola go rèra, le go re, Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.”
17. Ke eng fa Jesu a ne a ka dira gore lesedi le phatsimele batho mo Sebulona le Nafetali, mme lesedi leno le ne le tla a raya eng mo go bao ba neng ba ntse mo lefifing?
17 Sebulona le Nafetali di ne di le kwa thoko thata kwa bokone jwa Iseraele mme di akareletsa kgaolo ya Galalea. Nafetali o ne a iphaphathile ka lotshitshi lotlhe lwa lewatle la Galalea le le kafa bophirima. Ka gone e ne e le ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo dikgaolong tseo Jesu, gammogo le barutwa ba gagwe, ba neng ba dira gore lesedi le phatsimele batho koo bao ba neng ba sa bolo go nna mo lefifing Mo go Yohane 8:12 Jesu o ne a re: “Ke nna lesedi ya lehatshe: eo o ntshalañ moragō ga a ketla a tsamaea mo lehihiñ, me o tla nna le lesedi ya botshelō.” Ka gone, ka ntlha ya ga Jesu “ba ba neñ ba dutse mo lehatshiñ ye le mo morutiñ oa losho” ba ne ba kgonisiwa go nna le “lesedi ya botshelō” ka ntlha ya gore o ne a neela botshelo jwa gagwe go nna “thekololō ea batho ba le bantsi.” Ke ene yo Jehofa a neng a mo dirisa go phatsimisa lesedi e le tsela e batho ba neng ba ka bona botshelo ka yone.—Mathaio 4:23; 20:28.
18. (a) Ke eng fa “lesedi ye legolo” leno le ne le sa thibelelwa mo bathong ba Galalea? (b) Ke eng se se tla a tlhokomelwang mo setlhogong se se latelang.
18 “Lesedi ye legolo” leno le le solofetsang kgololo mo losong le kgatelelo le ne le sa kganelelwa mo bathong ba Galalea. A Isaia o ne a se ka a bolelela-pele gore ga go tota ga mmuso oo go ne go se kitla go nna le bokhutlo? Gape a Isaia o ne a seka a bolelela-pele gore tiro ya “Kgōsana ea Kagishō” e ne e tla a nna e kgolo thata? Ee, ereka Isaia 9:6, 7 e re: “Leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ea Kagishō. Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.” Mo setlhogong se se latelang, re tla a tlhokomela tiro ya ga Jesu Keresete jaaka “Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ,” gammogo le “Kgōsana ea Kagishō.”
A O A Gakologelwa—
◻ Gore ke morero ofe o o neng wa tlhagoga mo malatsing a ga Kgosi Ahase.
◻ Gore ke eng se e neng e le tiragatso e potlana ya sesupo sa ga Isaia 7:14?
◻ Gore ke eng se e neng e le tiragatso e e feletseng ya sesupo seo?
◻Gore ke eng fa botsalo jwa “Kgōsana ea Kagishō” e ne e le botsalo jwa ngwana jo bogolo thata mo lefatsheng?