LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 12/15 ts. 4-7
  • Botsalo Jwa ga Jesu—Kafa bo Tlisang Kagiso ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botsalo Jwa ga Jesu—Kafa bo Tlisang Kagiso ka Teng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgosi e e Boleletsweng Pele
  • “Dikgang Tse di Molemo Tsa Boipelo jo Bogolo”
  • A Moya wa Bokeresete o ka Nna Teng Ngwaga Otlhe?
  • “Yono ke Morwaake”
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • O Ne A Ratwa Thata Ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 12/15 ts. 4-7

Botsalo Jwa ga Jesu—Kafa bo Tlisang Kagiso ka Teng

KITSISO ya “kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang” ga se jone fela boporofeti jo bo neng bo amana le botsalo jwa ga Jesu. Mo godimo ga se baengele ba neng ba se begela badisa ba ba neng ba gakgametse, barongwa bano ba selegodimo ba ne ba bolelela Marea le monna wa gagwe, e bong Josefa, mafoko a a tlhotlheleditsweng ke Modimo ka Jesu yo o sa tswang go tsholwa. Go sekaseka melaetsa eno go tla re thusa go tlhaloganya dintlha tse di amanang le botsalo jwa ga Jesu le go tlhaloganya bokao jwa mmatota jwa tsholofetso e e dirilweng ke moengele ya gore batho ba tla nna le kagiso.

Pelo ga botsalo jwa ga Jesu, le pele ga Marea a nna moimana, o ne a etelwa ke moengele yo Baebele e mmitsang Gabariele. Moengele yono o ne a dumedisa jaana: “Dumela wena yo o ratilweng segolo, Jehofa o na le wena.” O ka akanya fela gore Marea o tshwanetse a bo a ne a tshwentswe thata ke seno e bile gongwe a tshogile. Tumediso eo e ne e kayang?

Gabariele o ne a tlhalosa: “Bona! o tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu. Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” Marea o ne a botsa gore seno se ne se ka direga jang ka gore e ne e le lekgarebana mme a sa tlhakanele dikobo le monna. Gabariele o ne a mo raya a re o ne a tla ithwala ka moya o o boitshepo wa Modimo. Yono e ne e se na go nna ngwana fela yo o tlwaelegileng.—Luke 1:28-35.

Kgosi e e Boleletsweng Pele

Mafoko a ga Gabariele a tshwanetse a bo a ile a thusa Marea go lemoga gore go ne go sa bolo go buiwa ka ngwana yo a neng a tlile go mo tshola mo boporofeting jwa bogologolo. Gore Jehofa o ne a tla naya ngwana wa ga Marea “setulo sa bogosi sa ga Dafide” go ne go tla dira gore Marea—le Mojuda mongwe le mongwe yo o itseng Dikwalo—a akanye ka tsholofetso e Modimo a e neileng Kgosi Dafide wa Iseraele.

Jehofa o ne a bolelela Dafide jaana, a dirisa moporofeti Nathane: “Ntlo ya gago le bogosi jwa gago ruri bo tla nitama ka bosakhutleng fa pele ga gago; setulo sa gago sa bogosi ka bosone e tla nna se se tlhomamisitsweng ka thata ka bosakhutleng.” (2 Samuele 7:4, 16) Jehofa o ne a bua jaana malebana le Dafide: “Ruri ke tla tlhoma losika lwa gagwe ka bosaengkae le setulo sa gagwe sa bogosi jaaka malatsi a legodimo. Losika lwa gagwe lo tla itshupa e le lwa bosakhutleng, le setulo sa gagwe sa bogosi se tla nna jaaka letsatsi fa pele ga me.” (Pesalema 89:20, 29, 35, 36) Ka jalo, go ne go sa itiragalela fela gore Marea le Josefa ba tsalwe mo ntlong ya ga Dafide.

Jono ga se jone fela boporofeti jo bo mo Dikwalong tsa Sehebera jo bo malebana le ngwana wa ga Dafide wa segosi. Marea o tshwanetse a bo gape a ne a itse ka boporofeti jono jwa ga Isaia: “Re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane; mme go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe. Mme o tla tewa leina go twe Mogakolodi yo o Gakgamatsang, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso. Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela, mo setulong sa bogosi sa ga Dafide le mo bogosing jwa gagwe gore bo tlhomamisiwe thata le go bo tshegetsa ka tshiamiso le ka tshiamo, go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.”—Isaia 9:6, 7.

Ka jalo, Gabariele o ne a sa bolelele Marea fela ka botsalo jo bo sa tlwaelegang jwa ngwana wa mosimane. Morwawe e ne e tla nna mojaboswa wa segosi wa ga Kgosi Dafide—mojaboswa yo o neng a tla nnela ruri wa Bogosi jo bo tlhomilweng ke Modimo. Boporofeti jwa ga Gabariele malebana le seabe sa mo isagweng sa ga Jesu bo na le bokao jo bogolo thata mo go rona rotlhe.

Fa Josefa a utlwa gore mosadi yo a neng a tlile go mo nyala o ithwele, o ne a swetsa ka gore ga a tlhole a tlile go mo nyala le fa a ne a setse a mmeeleditse. O ne a itse gore ngwana yo o imilweng yoo ga se wa gagwe ka gonne a ne a ise a tlhakanele dikobo le Marea. Go tshwanetse ga bo go ne go le thata tota gore Josefa a dumele se Marea a neng a se bua fa a tlhalosa gore go tlile jang gore a ithwale. Pego ya Efangele e tlhalosa jaana: “Moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go ene mo torong, a re: ‘Josefa, morwa Dafide, o se ka wa tshaba go isa Marea mosadi wa gago gae, gonne boimana jwa gagwe ke jwa moya o o boitshepo. O tla tshola morwa, mme o tshwanetse go mo raya leina o re Jesu, gonne o tla boloka batho ba gagabo mo maleong a bone.’”—Mathaio 1:20, 21.

Baebele ga e tlhalose gore Josefa o ne a tlhaloganya go ya bokgakaleng bofe kafa ngwana yono a neng a tla “boloka batho ba gagabo mo maleong a bone” ka teng. Le fa go ntse jalo, fa Josefa a ne a utlwa molaetsa ono o ne a tlhomamisega gore Marea yo o neng a ithwele o ne a sa dira phoso epe. O ne a dira jaaka moengele a mo laetse mme a ya le Marea gae, mme go dira jalo go ne go raya gore o a mo nyala.

Ka ntlha ya tshedimosetso e re e boneng mo dikarolong tse dingwe tsa Baebele, re kgona go tlhaloganya se moengele a neng a se kaya. Bogologolo kwa tshimologong ya lotso lwa batho, moengele wa setsuolodi o ne a belaela bolaodi jwa ga Jehofa. Dikwalo tsa Sehebera di bontsha gore, gareng ga dilo tse dingwe, setsuolodi seno se ne se re tsela ya Modimo ya go busa e ne e se na tshiamiso e bile go ne go se na motho yo o neng a ka tswelela a ikanyega mo go Jehofa fa a lebane le teko. (Genesise 3:2-5; Jobe 1:6-12) Adame ene ga a ka a ikanyega. Ka ntlha ya boleo jwa gagwe, batho botlhe ba ruile boleo mme ditlamorago tsa boleo joo ke loso. (Baroma 5:12; 6:23) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tsholwa a se na boleo ka gonne mmaagwe o ne a sa imisiwa ke monna. Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe ka go rata go nna thekololo e e neng e lekana tota le se Adame a neng a se latlhile, mme ka ntlha ya seo o ne a kgona go golola batho mo maleong a bone le go ba naya tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—1 Timotheo 2:3-6; Tito 3:6, 7; 1 Johane 2:25.

Jesu ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng o ne a utlwisa batho gore go tla nna jang mo isagweng fa boleo bo fedisitswe mmogo le diphelelo tsa jone. O ne a fodisa malwetse otlhe a a neng a tshwere batho a bo a tsosa baswi. (Mathaio 4:23; Johane 11:1-44) Dikgakgamatso tseo di ne di bontsha se a tla se dirang mo nakong e e tlang. Jesu ka boene o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [me] ka yone.”—Johane 5:28, 29.

Tsholofetso eo e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa botsalo, mme segolobogolo loso lwa ga Jesu, di le botlhokwa thata jaana mo go rona. Johane 3:17 ya re Modimo o ne a romela Morwawe mo lefatsheng “gore lefatshe le bolokwe ka ene.” Dikgang tseno tse di molemolemo di re gakolola kitsiso e e neng ya newa badisa ba ba neng ba tlhokometse matsomane a bone mo bosigong jo Jesu a tshotsweng ka jone.

“Dikgang Tse di Molemo Tsa Boipelo jo Bogolo”

Eleruri e ne e le “dikgang tse di molemo tsa boipelo jo bogolo” mo bathong fa baengele ba ne ba itsise ka botsalo jwa “Mmoloki, . . . yo e leng Keresete Morena.” (Luke 2:10, 11) Ngwana yono e ne e tlile go nna Mesia, Moporofeti yo mogolo le Mmusi yo batho ba Modimo ba neng ba sa bolo go mo leta. (Duteronome 18:18; Mika 5:2) Botshelo jwa gagwe le loso lwa gagwe mo lefatsheng di ne di tla nna le seabe se segolo mo go tlotlomadiweng ga bolaodi jwa ga Jehofa, mo baengele ba neng ba re: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong jo bo kwa godimo.”—Luke 2:14.

Jesu, yo Baebele e mmitsang “Adame wa bofelo,” o ne a bontsha gore go a kgonega gore motho a ikanyege mo go Jehofa le fa a le mo tekong e kgolo. (1 Bakorintha 15:45) Ka jalo o ne a supa gore Satane ke moaki yo o bosula. Seno se ne sa itumedisa baengele ba ba ikanyegang kwa legodimong.

Le fa go ntse jalo, a re boeleng kwa potsong e e reng, “A go na le lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo ya gore mafoko a moengele a a buileng mo bosigong jo Jesu a tshotsweng ka jone a tla diragala?” Karabo ke gore ee tota a tlile go diragala! Kagiso e tlhokega thata gore maikaelelo a Modimo ka lefatshe a diragadiwe, mme seno se akaretsa go dira lefatshe paradaise gape. Fa seo se dirilwe mo lefatsheng lotlhe, sengwe le sengwe se batho botlhe ba se dirang se tla tlhotlhelediwa ke lorato le boikanyego. Ka jalo, go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa gape go raya go fedisa kganetso yotlhe e e lebisitsweng mo bolaoding jwa gagwe. Tseno ga se dikgang tse di molemo mo bathong botlhe ba ba emeng Satane nokeng ba ba reng melao ya ga Jehofa ga e a siama. Bano ba tlile go fedisiwa.—Pesalema 37:11; Diane 2:21, 22.

Tsweetswee ela tlhoko gore baengele ga ba ka ba bolelela badisa gore batho botlhe ba tla nna le kagiso e bile ba tla amogelwa. Go na le moo, ba ne ba bua ka “kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.” Seo se raya gore, mo bathong ba Modimo a ba amogelang. Batho ba ba bontshang tumelo ya mmatota mo go Jehofa ba nna balatedi ba ba ikanyegang le baetsi ba ga Jesu. Banna bao le basadi ba iketleeleditse go nna pelotshweu le go nna botsalano mo bathong ba bangwe, e seng fela ka malatsi a sekae ka ngwaga, mme seo ba se dira letsatsi le letsatsi.

A Moya wa Bokeresete o ka Nna Teng Ngwaga Otlhe?

Dikgang tse di molemo tse Jesu a neng a di rera di ne di le maatla mo di ileng tsa ama matshelo a batho ba le bantsintsi. Batho ba bantsi ba setse ba dirisa melaometheo ya Bokeresete mo dikarolong tsotlhe tsa matshelo a bone. Batho ba pele ba neng ba le pelotshetlha jaanong ba setse ba ipotsa gore Jesu o ka bo a dirile eng fa a ne a le mo maemong a ba leng mo go one. Bangwe ba matshelo a bone a neng a remeletse mo dikhumong le mo menateng ba simolotse go lemoga gore dilo tsa semoya di botlhokwa e bile ba bolelela baagelani ba bone ka tsone. Batho ba ba dirang seno ba leka ka natla go nna pelotshweu le go nna pelonomi ngwaga otlhe. A seo ga se sone se o lebeletseng gore Bakeresete ba boammaaruri ba se dire?

Fa batho botlhe ba ba dipelo di ikanyegang ba ne ba ka ipha nako ya go akanya ka bokao jwa molaetsa wa baengele wa kagiso mme ba dira dilo go dumalana le one, dilo di ka bo di le botoka thata mo lefatsheng.

Boporofeti jo bo amanang le botsalo jwa ga Jesu bo tlhomamisetsa batho ba Modimo a ba amogelang gore ba ka itumelela kagiso ya mmatota ka bosakhutleng. A seo ga se sone se o se batlang? Re ka tlhomamisega gore kitsiso ya boporofeti e e molemolemo ya kagiso e e neng ya dirwa ke baengele ka nako ya botsalo jwa ga Jesu e tla diragadiwa tota. Go na le gore kagiso e nne lefoko fela le le sa reng sepe le le dirisiwang thata ka nako ya Keresemose, ruri kagiso e tla nna teng ka bosakhutleng.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Moya wa Bokeresete o ka bontshiwa ngwaga yotlhe e bile go tshwanetse ga nna jalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela