Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Didimatsa Setsuatsue se se Tshosang
JESU o tlhotse mo tirong letsatsi lotlhe, gammogo le go ruta boidiidi mo lotshitshing mme moragonyana o tlhalosetsa barutwa ba gagwe ditshwantsho kwa thoko. Fa bosigo bo atamela. a re: “A re tsheleleñ kwa moseya.”
Kwa moseja mo lotshitshing lwa botlhaba lwa Lewatle la Galilea go na le kgaolo e e bidiwang Dikapolise, go tswa mo lefokong Ia Segerika deʹka, le le rayang “lesome,” le poʹlis, le le rayang “motsemogolo.” Metsemegolo ya Dikapolise ke boremelelo jwa mokgwa wa botshelo jwa Segerika, lemororo kwantle ga pelaelo gape e le legae la Bajuda ba le bantsi. Lefa go ntse jalo, tiro ya ga Jesu mo kgaolong eno e lekanyeditswe thata. Le eleng mo loetong Ieno, jaaka re tla bona moragonyana, o kgoreletsega go nna lobaka lo loleele.
Fa Jesu a kopa gore ba tswe ba ye kwa lotshitshing lo longwe, barutwa ba mo isa mo mokorong. Lefa go ntse jalo, go tsamaya ga bone go a lemogiwa. Ka bofefo fela ba bangwe ba palama mekoro ya bone go ba pata. Ga ba ise ba tsamaele kgakala go kgabaganya. Tota, Lewatle la Galilea ke letsha fela le legolo le le ka nnang boleele jwa dikilometara di le 21 le bophara jwa dikilometara di le 12 fa le leng sephara thata teng.
Go tlhaloganyesega sentle gore Jesu o lapile. Jalo, ka bofefo fela morago ga mokoro o sena go emelela, o sekama kwa morago ga one, o baya tlhogo ya gagwe mo mosamong, mme a bo a thulamela. Bontsi jwa baaposetoloi ke bakgweetsi ba dikepe ba ba nang le maitemogelo, ba ba sa bolong go tshwara ditlhapi thata mo Lewatleng la Galilea. Jalo ba tsaya boikarabelo jwa go kgweetsa mokoro.
Mme seno ga e kitla e nna mosepele o o motlhofo. Ka ntlha ya seemo se se bothitho sa metsi a letsha, le le ka nnang dimetara di le 210 kwa tlase ga selekanyo sa lewatle. le phefo e tsiditsana mo dithabeng tse di gautshwane, diphefo tse di maatla ka dinako tse dingwe di a tsubutla mme di dire gore go nne le matsubutsubu a tshoganyetso a a nonofileng mo letsheng. Seno ke se jaanong se diragaIang. Ka bofefo fela makhubu a itaagana mo mokorong le go phatšhegela mo go one, mo e leng gore o gaufi le go tlala metlsi. Lefa go le jalo, Jesu o ntse o robetse!
Banna ba lewatle ba ba nang le maitemogelo ba tshwere bothata jwa go laola mekoro. Kwantle ga pelaelo ba kile ba ralala matsubutsubu pele. Mme gompieno ba feletswe. Ka go tshogela matshelo a bone, ba tsosa Jesu. ‘Morena, a ga o re sepe? Re a nwela!’ ba goa. ‘Re boloke, re tlile go betwa!’
Fa a tsoga, Jesu o laola phefo le lewatle jaana: “Kgaotsa, u sisibalè.” Mme phefo e e gaketseng e a ema le lewatle le a ritibala. Fa a retologela kwa barutweng ba gagwe, o a botsa: “Ana lo boihèlañ? A ga lo e se lo nne le tumèlō?”
Ka ntlha ya moo, barutwa ba tsenwa ke poifo e kgolo. “Ana motho eo ea bo e le mañ‘?” Ba a botsanya. ‘Gonne o laola le eleng diphefo le metsi, mme di a mo utlwa.’
Abo Jesu a bontsha thata jang ne! Abo go nametsa jang ne go itse gore Kgosi ya rona e na le thata mo dilong tsa tlholego le gore fa tlhokomelo e e tletseng ya gagwe e lebisiwa mo lefatsheng la rona mo pusong ya Bogosi jwa gagwe, botlhe ba tla nna ba bolokesegile mo masuleng a tshosang a tlholego!
Moragonyana ga setsuatsue se sena go kokobela, Jesu le barutwa ba gagwe ba goroga ba bolokesegile mo lotshitshing le le kafa botlhaba. Gongwe mekoro e mengwe e ne ya falodiwa mo setsuatsueng se se nonofileng mme ya boela morago e bolokesegile. Mareko 4:35-5:2; Mathaio 8:18, 23-28; Luke 8:22-27.
◆ Dikapolise ke eng, mme e agilwe fa kae?
◆ Ka dipopo dife tse di dirang gore go nne le ditsuatsue tse di maatla mo Lewatleng la Galilea?
◆ Fa bokgoni jwa bone jwa go kgweetsa bo sa ba boloke, barutwa ba dira eng?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 8]