LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 5/15 ts. 10-15
  • Kagiso ya bo ya Tsamaya ya Nna Teng!—Fa Modimo O Bua

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kagiso ya bo ya Tsamaya ya Nna Teng!—Fa Modimo O Bua
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Baeti go Tswa Loaping’
  • “Mahoko a a Molemō a a sa Khutleñ”
  • Masole a Selegodimo a mo Tirong
  • Baengele—A Ba Ama Botshelo jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Boammaaruri ka Baengele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Kafa Baengele Ba ka Go Thusang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 5/15 ts. 10-15

Kagiso ya bo ya Tsamaya ya Nna Teng!​—Fa Modimo O Bua

“Ga go tota ga pushō ea gagwe, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”​—ISAIA 9:1.

1. Lefa baeteledi-pele ba lefatshe ba bua ka kagiso gangwe le gape, go diragetseng go kgabaganya ditiragalo tsa setho?

BAETELEDI-PELE ba lefatshe ba bua ka kagiso gangwe le gape, mme batho ka kakaretso le bone ba bolela fa ba e eletsa. Lefa go le jalo, boemo jwa gompieno bo re gakolola se moperofeti Jeremia a kileng a se bua a re: “Ra lebèlèla kagishō, me go se ka ga tla molemō opè; ra lebèlèla motlha oa go hōla, me bōnañ, ga nna tseanō hèla!” (Yeremia 8:15) Tota-tota, fa esale Kaene a bolaya Abele, lefatshe ga le ise le ko le nne le kagiso ya mmannete mme le nnile mo sebetsong sa bothubaki. Mme motlha wa rona wa lekgolo la bo-20 la dingwaga o nnile motlha o o tletseng ka thubakanyo go e feta yotlhe, motlha o mo go one dintwa di bolaileng batho ba ka nna dimilione di le lekgolo. Mo motlheng wa rona, 97 lekgolong ya batho ba lefatshe e kopanyeleditswe mo bobotlaneng jwa ntwa e le nngwefela. Jalo lemororo baeteledi-pele ba lefatshe ba bua ka kagiso, ba gogetse batho ba bone mo kodumeding e nngwe morago ga e nngwe.

2. Ke go gola gofe ga bothubaki jo bongwe goo go begiwang mo merafeng yotlhe?

2 Mo godimo ga thubakanyo eo yotlhe go tshwanetswe ga okediwa ka go gola ga thubakanyo ya bokebekwa ga letsatsi le letsatsi. Ka sekai, ngwaga le ngwaga go bolawa batho ba ba ka nnang 20 000, mo United States. Basadi ba feta 80 000 ba a betelelwa, go ntse go na le dipetelelo tse dingwe tse dintsi tse di sa begwang. Basadi ba ba ka nnang dimilione tse pedi ba bediwa mo go setlhogo ke banna ba ba nnang le bone. Mo e ka nnang sephatlo sa bone sa malapa otlhe se tlhasetswe ke mofuta mongwe wa bokebekwa. Pego nngwe e ne ya konela ka gore: “Jaanong re morafe o o tletseng bothubaki fela thata.” Seemo se tshwana fela mo mafatsheng a mangwe ka bontsi.

3. Ke bothubaki bofe jo bo bileng bo le bogolo thata jo bo ka dirwang mo lelapeng la setho gompieno?

3 Lefa go ntse jalo, moo gotlhe ga se sepe fa go bapisiwa le thubakanyo e e ka dirwang ke dibetsa tsa segompieno tsa nuklea. Tsotlhe di lekanye go bolaya moagi mongwe le mongwe wa lefatshe ga 12! Ngaka nngwe e ne ya re: “Bongaka jwa segompieno bo ka se thuse bagobadi ba kgotlhang ya nuklea ka sepe.” Ka ntlha yang? E nngwe e ne ya araba ka go re: “Bontsi jwa dingaka, baoki le bora-maranyane ba tla bo ba bolailwe . . . Dikokelo di tla bo di sentswe. Jalo go tla bo go setse ba sekae fela ba ba nang le kitso e e lekaneng le didirisiwa tsa go boloka ope fela.”

4, 5. (a) Kgatiso nngwe e ne ya akgela jang kaga letlhoko la kagiso mo motlheng wa rona? (b) Mongwe yo o kileng ya bo e le modirela-puso o ne a akgela jang ka go tshwana?

4 Mabapi le letlhoko la kagiso mo motlheng wa rona, setlhogo se segolo sa buka ya ngwaga ya bosheng ya Encyclopædia Britannica se ne se re: “Lefatshe la rona le le Kgaoganang​—Matshosetsi a Tlhakatlhakano ya Kgolokwe Yotlhe.” E ne ya bolela gore: “Morago ga 1945 go ne ga akanngwa gore go ne go bonala ‘kgatelopele’ ka tsela nngwe le gore lefatshe la segompieno le ne le tla bopagana le go tshwaragana.” Mme e ne ya bolela gore, dikakanyo tseo “di itshupile di sena lepele le morago gotlhelele,” ya oketsa ka go re: “Se se diragetseng mo boemong jwa seo . . . ke gore lefatshe le tsweletse ka tidimalo le kwantle ga go boela morago go kgaogana ka iketlo. Bontsi jwa dinaga tseo popagano ya tsone ya loago le ya semoya e neng e tsewa motlhofo fela di ntse di kgaogana . . . [ka] ditso, makoko, [ditlhopha tsa] bodumedi, . . . diingaodi tsa motse, matsholo a babolai, mekgatlho ya dirukutlhi, mekgatlho ya balwela-kgololesego, le ditlhopha tsa batho ba ba pelo-dithata ba ba bogale le ba ba bogagapa.”

5 Ka go tshwana, modirela-puso mongwe wa nako e e fetileng wa maemo a kwa godimo mo United States o ne a bolela jaana: “Dilo tse di bakang kgaakgego ya lefatshe lotlhe di dintsi thata mo ditiragalong go feta maatla a lekelang tirisano-mmogo e e rulagantsweng botoka. Phetso e e sa kakeng ya tilwa ya tlhatlhobo epe fela e e seng ya letlhakore lepe ya ditshekamelo tsa lefatshe lotlhe ke gore khuduego ya selegae, ditsogologelano tsa sepolotiki, mathata a tsa itsholelo, le dikgotlhang tsa merafe yotlhe di ka nna tsa anama thata mo bofelong jwa lekgolo leno la dingwaga.” O ne a feletsa ka go re: “Ka bokhutshwane, matshosetsi a setho se lebaganeng le one, ke . . . tlhakatlhakano ya kgolokwe yotlhe.”

‘Baeti go Tswa Loaping’

6. Morulaganyi mongwe wa pampiri a dikgang o ne a tlhalosa jang se se neng se ka e watlhoko ke baeti ba ba tswang loaping kaga lefatshe gompieno?

6 Mo ponong ya seno sotlhe, morulaganyi mongwe o ne a kwala jaana mo pampiring ya dikgang ya Oleyeland: “Fa baeti bangwe ba ne ba ka goroga beke e e tlang ba tswa lobopong longwe lo lo kgakala, a re ne re ka ba bolelela gore re ne ra tshwanelwa ke go ipolaya gore re tle re tlhome puso ya sekomanisi kana ya batho-ka-batho? A re ne re ka tlhalosa gore re lotso lo lo ikgaogantseng ka merafe, le gore merafe eo e ikanetse go bolaana nako le nako fa e ikutlwa e nyoretswe madi fela thata? Re ne re ka tlhalosa jang gore re letla ditso tse dingwe tsa rona di bolawa ke tlala fa tse dingwe di tseneletse ka botlalo mo boitsholong jo bo maswe le go tlhoka kitso ka gonne go lemoga tsela ya go bolaya batho ba le bantsi thata ke selo sa botlhokwa-tlhokwa mo go rona? Baeti ba ba tswang kwa lobopong leo le le kgakala e ne e tla re ba boela ga bone ba re tlhalose jaaka baji-ba-batho. . . . Re ka nna ra supa gore gape re dirile dilo tsa boitseanape tse dikgolo le gore re dumela mo tshiamisong. Ba ne ba tla nyenya ka go hutsafala ba bo ba tsamaya go ise go thunye.”

7, 8. (a) Ke baeti bafe ba ba maatla ba ba tlhatlhobang setho gone jaanong? (b) Ke ka ntlha yang fa ba le mono?

7 Bangwe ba ka nna ba re, ‘legale, ga gona “baeti ba ba tswang loaping” ba ba tlileng go dira tlhatlhobo e e ntseng jalo.’ Nnyaa, eseng go tswa loaping lwa sebele. Mme mo dingwageng di sekae jaanong, baeti ba ba maatla thata, ba ba botlhale thata ba ntse ba tlhatlhoba ka botlalo seo setho se ntseng se se itirela le go se direla lefatshe. Mo godimo ga moo, ba tlhokometse gore go neelwa molaetsa o o phepafetseng “go ise go thunye.”

8 Baeti ba ba maatla bao ba ba ntseng ba tlhatlhoba setho ke bomang? Lefoko la Modimo le re bolelela gore ke baemedi ba Modimo mo sebakeng sa moya, baengele ba ba ikanyegang, ba a ba romileng mo lefatsheng go tla go le tlhatlhoba. Pesalema 103:20 e bua jaana ka ditshedi tseno tsa semoya: “Bakañ Yehofa, lona baengela ba gagwè: lona dinatla mo nonohoñ, ba lo dihahatsañ lehoko ya gagwè, lo nntse lo reeditse lencwe ya lehoko ya gagwè.” Baengele bano ba ba maatla ba umakiwa gantsi mo Bibeleng. Ka sekai, mo go Mathaio kgaolo 25 boperofeti jwa motlha wa rona bo bolela jaana mo Mat 25 temaneng ya 31 le 32: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.”

9. Keresete desu o dira karolo efe mo nakong e ya go tlhatlhobiwa ga setho?

9 “Morwa Motho” yono ke moemedi yo mogolo wa Modimo, Jesu Keresete. Morago ga a sena go tsosediwa go ya legodimong, o ne a letela Jehofa gore a mo neele kabelo eno e e kgethegileng. Jaaka Pesalema 110:1 e tlhalosa, Jehofa o ne a mo raya a re: “Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gagō sebèō sa gago sa dinaō.” Tiragatso ya boperofeti jwa Bibela e bontsha gore nako ya go romela ga Modimo sebopiwa seno se se maatla sa semoya go tla go tsaya kgato e ne ya tla ka ngwaga wa 1914.

10. Ke baengele ba le kae ba ba ka tswang ba na le Keresete jaaka ba thusa mo tirong ya go kgaoganya?

10 Mme o ne a sa kake a tla a le nosi, ka gonne Mathaio 25:31 e ne ya bolela gore “baengele botlhe” ba ne ba tlaa bo ba na le ene. Ba ka tswa ba le kae? Tshenolō 5:11 ya re: “Me ka leba, me ka utlwa lencwe ya baengele ba le bantsi ba ba mo tikologoñ ea setulō sa bogosi [sa Modimo], . . . me palō ea bōnè e ne e le makgolo a makgolo.” Makgolo ke 10 000. Makgolo a a ntsifaditsweng ka makgolo ke 10 000 a ntsifaditswe ka 10 000, mo e leng baengele ba le dimilione di le 100 gotlhe! Lefa go le jalo, Tshenolō e bua ka bontsi, jwa “makgolo a makgolo” a baengele ba ba direlang Modimo. Seo ke makgolokgolo a dimilione, gongwe dimilione tse di diketekete kana go feta. Dibopiwa tseno tsa semoya di thusa baemedi ba Modimo mo lefatsheng mo go kgaoganyang setho ka ditlhopha tse pedi, ba kaelwa ke Keresete, se sengwe se ya “pecoñ e e sa khutleñ,” se sengwe se ya “botsheloñ yo bo sa khutleñ.”​—Mathaio 25:46; bona le Mathaio 13:41, 42.

“Mahoko a a Molemō a a sa Khutleñ”

11. “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ” ke afe a matsholo a seengele a a emeng nokeng mo motlheng ono?

11 Ke molaetsa ofe o mogolo o baeti bano ba seengele ba o emeng nokeng mo lefatsheng mo motlheng ono? Tshenolō 14:6 e re itsise jaana: “Me ka bōna moengele eo moñwe a hoha gare ga legodimo, a na le Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ go a bolèlèla ba ba agileñ mo lehatshiñ, le chaba ñwe le ñwe, le loeō, le puō, le batho.” “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ” ano ke afe? A amana le se Jesu a rileng e tla nna sengwe sa bosupi jo bontsi jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Mo go Mathaio 24:14 o ne a bolela jaana: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”

12, 13. (a) Puso ya Bogosi ke eng? (b) Ke ka ntlha yang fa molaetsa wa Bogosi e e mafoko a a molemo fela thata?

12 Bogosi jwa Modimo ke puso ya selegodimo eo e tla busang lefatshe lotlhe morago ga go sena go fedisiwa puso ya gompieno ya batho. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Kgosi ya jone ke Keresete Jesu, mme o na le babusi-mmogo le ene. (Tshenolō 14:1-4; 20:4) Bogosi joo ke jo go buiwang ka jone mo go Daniele 7:14 ka mafoko a a reng: “A nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pushō ea gagwè ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.”

13 Ke ka ntlha yang fa molaetsa wa puso ya Bogosi e le mafoko a a molemo ka tsela eo, mafoko a molemo go gaisa otlhe? Ke ka gonne e tla lere lefatshe je lesha, mofuta o mosha wa batho. Tlase ga Bogosi jwa Modimo setho se tla amogela masego a molemo thata mo ebileng Pesalema 37:11 e bua jaana ka bao ba tla tshelang ka nako eo: “Bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inalehisa mo letlotloñ ya kagishō.” Ee, “Yehofa o tla segōhatsa batho ba gagwè ka kagishō.” (Pesalema 29:11) Gompieno, pele ga Bogosi bo laola merero yotlhe ya lefatshe ka botlalo, mafoko a molemo kaga puso ya jone e e tla nnelang ruri, ya kagiso ka “Kgōsana ea Kagishō” a rerelwa merafe yotlhe. Seno se dirwa ke batlhanka ba Modimo ba selefatshe ba kaelwa ke Keresete le baengele.​—Isaia 9:6, 7.

14. (a) Re ka lemoga batlhanka ba Modimo ba selefatshe ka tlhomamo ka tsela efe e nngwe? (b) Modimo o ba segofaditse jang ka mo go bonalang?

14 Batlhanka bano ba Modimo ba selefatshe ke bomang? Ebu, ke bomang fela ba ba etelang batho ka metlha ka mafoko a molemo a Bogosi? Le e leng baganetsi ba ba itse jaaka Basupi ba ga Jehofa. Matsholo a baboledi bano ba Bogosi, a jaanong a fetang dimilione tse tharo, a oketsega ka bofefo. Ngogola, go ne ga tlhomamisiwa badihedi ba basha ba mafoko a a molemo ba le 225 868. Mme mo ngwageng o mongwefela oo, go ne ga tlhomiwa diphuthego di le 2 461 tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara, palo-gare ya di le 6 ka letsatsi, di dira palo-kakaretso ya diphuthego di le 52 177 mo mafatsheng a le 208. Ka boammaaruri, boperofeti jwa ga Isaia 60:22 bo a diragadiwa: Jehofa o akofisa tito ya gagwe ya go rera le go phutha “mo motlheñ oa gōna.” Mme ono ke one motlha oo!

15. Motheo wa go atlhola batho gompieno ke ofe?

15 Kafa batho ba itshwarang ka teng tebang le mafoko a puso ya Bogosi go atlhola gore a ba tla kgaoganngwa go ya “pecoñ e e sa khutleñ” kana go ya “botsheloñ yo bo sa khutleñ” mo lefatsheng je lesha. Bontsi bo arabela jaaka go ne ga dira bao ba tlhalosiwang jaana mo go 2 Ditihalō 36:15, 16: ‘Jehofa . . . a nna a roma kwa go bone ka barongwa ba gagwe, aroma kgapetsa-kgapetsa, ka gonne o ne a ba utlwela botlhoko . . . mme ba sotla barongwa ba Modimo, ba nyatsa mafoko a gagwe, ba tshega baperofeti ba gagwe, ga tsamaya bogale jwa ga Jehofa jwa ba tsogela.’ Mme ba bangwe ba arabela sentle ba bo ba sirelediwa ke Jehofa. “Me eo o ntheetsañ [botlhale jwa boammaaruri] o tla aga ka polokègō, o tla nna hèla a sa boihe boshula.”​—Diane 1:20, 33; Mathaio 25:34-46.

Masole a Selegodimo a mo Tirong

16. Modimo o tloga o bua jang le setho se se sa utlweng?

16 Go ise go ye kae, tiro ya go rera ya batlhanka ba ga Jehofa e tla wediwa go ya bokgakaleng jo a bo ikaeletseng Bopelotelele jwa Modimo mo sethong se se sa utlweng bo tla fela. Molaetsa wa kagiso o a ntseng a o bolelela setho mo kokomaneng eno o tla fetoga. Go na le moo, “ke gōna hoñ o tla buañ nabō ka bogale yoa gagwè yo bogolo, o tla ba rèma marapō ka bogale yoa gagwè yo bo tukañ.” (Pesalema 2:5) Fela jaaka Jehofa ka boene a ne a bua a re: “Ke buile mo lehuheñ ya me, le mo moleloñ oa bogale yoa me.” (Esekiele 38:19) Go tswa foo o tla sutela Jesu Keresete go simolodisa masole a gagwe a selegodimo go lwantsha lefatshe leno le le tsuololang le le sa laolesegeng.

17. Maatla a moengele a le mongwefela fela a ne a supiwa jang?

17 Se se tla fitlhelelwang ke masole ao se ka bonwa mo go se se neng sa diragalela Asiria fa nako ya Modimo e tla ya go lwa le ene. Dikgosi tsa Bobedi 19:35 ya re: “Ga dihala ea re bosigo youō, moengele oa ga Yehofa a ewa, me a tsèna bothibeleloñ yoa Baasiria, a gaila batho ba le bothousanda ba ba lekgolo, le ba mashomè a a hèrañ mebedi le ba botlhano: . . . ba bo ba le ditoto botlhe hèla.” Seo ke se se dirilweng ke moengele a le mongwefela fela! Seo se tla dirwang ke ba le makgolo a makgolo ka bokhutshwane se tla bo se boifisa.

18. Tshenyo e tla bo e le e kgolo go le kana kang kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno?

18 Yeremia 25:31-33 e tlhalosa seo se tla diragalang ka mafoko ano: “Yehofa o na le kgañ le merahe, o tla sèka le batho botlhe; me kaga baikepi, o tla ba neèla chaka, go bua Yehofa. Yehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, Bōnañ, boshula bo tla tsamaea bo tlhomagantse merahe, me go tla cosiwa ledimo ye legolo ye le cwañ kwa dikhutloñ tsa lehatshe. Me babolaiwa ba ga Yehofa ba tla hitlhèlwa mo motlheñ ouō mo sekhutloñ se señwe sa lehatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe: ga ba ketla ba lelèlwa, leha e le go phuthwa, leha e le go hitlhwa: ba tla nna lechotèlō hèla mo godimo ga mbu.”

19. Tshenolō kgaolo 19 e oketsa ka dintlha dife tse dingwe?

19 Tshenolō kgaolo 19 e tlhalosa kafa Jehofa a tla fitlhelelang seno sotlhe ka teng. Ke ka go emeletsa Kgosi ya gagwe Jesu Keresete go tsaya kgato go etelelapele “dintwa tse di mo legodimoñ,” jaaka Ts 19 temana ya 14 e bolela. Go tswa foo Ts 19 temana ya 17 le ya 18 di bua jaana: “Me ka bōna moengele moñwe a eme mo letsatsiñ; me a kua ka lencwe ye legolo, a raea dinōnyane cotlhe tse di hohañ ha gare ga loapi loa legodimo, a re, Tlaañ lo phuthègèlè selalèlō se segolo sa Modimo; Gore lo yè nama ea dikgosi, le nama ea beñ ba mephatō, le nama ea banna ba ba thata, le nama ea dipitse, le ea ba ba di pagameñ, le nama ea batho botlhe, ba e leñ bana ba motse le batlhanka, bannye le bagolo.” Mme Ts 19 temana ya 19 go ya go ya 21 e tlhalosa go senngwa ga mekgatlho yotlhe ya batho ka go bo ba ganne go reetsa fa Modimo o bua ka barongwa ba gagwe ba selefatshe.

20. Ke ka ntlha yang fa lefatshe leno le ka seka la khutla ka tshenyego ya nuklea?

20 Ka gone, nako e tloga e tla ya gore Modimo o fedise tsamaiso eno e e tletseng thubakanyo, le e e kgaoganeng ya lefatshe. Mme phediso eo ga e na go nna go iphedisa ga merafe ka ntwa ya nuklea. Fa seo se ne se ka diragala, basiami ba ne ba tla fedisiwa gammogo le baikepi. Lefa go ntse jalo, ‘go thuntsha’ lefatshe leno ga Modimo ga go na go nna jalo mme go tla bo go tlhaola. Go tla nna le ba ba falolelang mo lefatsheng je lesha. Jaaka Diane 2:21, 22 e bolela: “Bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le baba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.”

21. Ke dipotso dife gape tse di tla sekasekiwang mo setlhogong sa rona se se latelang?

21 Ke ka ntlha yang fa lefatshe leno le tlile mo seemong se le tlogang le diragalelwa ke tshenyego ya lefatshe lotlhe e e ntseng jalo? A ga go kake ga kgonega gore maiteko a gompieno a kagiso a baeteledi-pele ba lefatshe a atlega, gore tsamaiso eno e bolokwe? Mme fa re batla go nna gareng ga “bathōkgami” le “baitekanedi” bao ba tla falolelang mo lefatsheng je lesha mme ba tswelela ba tshela, re tshwanetse go itshwara jang mo motlheng ono o o botlhokwa-tlhokwa mo ditiragalong tsotlhe tsa setho? Setlhogo sa rona se se latelang se tla seka-seka dipotso tseno.

O Araba Jang?

◻ Letlhoko la kagiso le lemotshegile jang, bogolo jang mo motlheng wa rona?

◻ Matsholo a seengele a kopanyelediwa jang mo go kgaoganyeng setho gompieno‘?

◻ Ke ka ntlha yang fa molaetsa wa Bogosi e le “Mafoko a a Molemō a a sa khutleñ”?

◻ Batho ba tla atlholelwa loso kana botshelo mo motheong ofe?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e tshegeditswe ke matsholo a seengele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela