LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp17 no. 5 ts. 4-5
  • Boammaaruri ka Baengele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boammaaruri ka Baengele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baengele ke Eng Kgotsa ke Bomang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Baengele—“Meya e e Direlang Botlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baengele—Kafa ba re Amang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Baengele
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
wp17 no. 5 ts. 4-5
Moengele yo mogolo le dimiriate tsa baengele

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO NA LE BAENGELE? GORENG O TSHWANETSE GO ITSE?

Boammaaruri ka Baengele

A o ka rata go itse boammaaruri ka baengele—gore ke bomang, ba tswa ka e le gore ba dira eng? Re ka bona dikarabo tse di boammaaruri fela mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele. (2 Timotheo 3:16) Baebele ya reng?

  • E re ka Modimo e le Moya, baengele le bone ke meya e e senang “nama le marapo.” Baengele ba ba ikanyegang ba nna kwa legodimong e bile ba kgona go tsena mo lefelong la Modimo la selegodimo.—Luke 24:39; Mathaio 18:10; Johane 4:24.

  • Ka dinako dingwe baengele ba kile ba iphetola batho gore ba kgone go dira tiro e Modimo a neng a ba neile yone mo lefatsheng, go tswa foo ba bo ba boela mo sebopegong sa bone fa ba sena go wetsa tiro eo.—Baatlhodi 6:11-23; 13:15-20.

  • Le fa gone Baebele e re baengele ke banna e bile ka metlha e ne e nna banna fa ba iphetola go nna batho, ga go na baengele ba banna kgotsa ba basadi. Ga ba nyale e bile ga ba nne le bana. Mo godimo ga moo, ga ba a tsholwa mo lefatsheng e le batho. Jehofa ke ene a bopileng baengele; ke ka moo Baebele e reng ke “bomorwa Modimo wa boammaaruri.”—Jobe 1:6; Pesalema 148:2, 5.

  • Fa Baebele e bua ka “diteme tsa batho le tsa baengele,” e bontsha gore dibopiwa tsa moya le tsone di na le puo ya tsone. Le fa Modimo a ne a dirisa baengele go bua le batho, ga a re letle go ba obamela kgotsa go ba rapela.—1 Bakorintha 13:1; Tshenolo 22:8, 9.

  • Go na le dimiriate di le dimiriate tsa baengele, gongwe ba le dibilione.a—Daniele 7:10; Tshenolo 5:11.

  • Baengele “ba maatla,” ba na le maatla a magolo go gaisa batho e bile ba botlhale go gaisa batho. Ba lobelo thata go gaisa sengwe le sengwe se se lobelo mo lefatsheng.—Pesalema 103:20; Daniele 9:20-23.

  • Le fa baengele ba le botlhale thata e bile ba le maatla, go na le mo ba felelang gone e bile go na le dilo dingwe tse ba sa di itseng.—Mathaio 24:36; 1 Petere 1:12.

  • Baengele ba na le botho jo bo sa tshwaneng, ba na le dinonofo tsa bomodimo le kgololesego ya go itlhophela. Fela jaaka batho, baengele ba kgona go itlhophela gore a ba dira se se siameng kgotsa se se sa siamang. Ka maswabi, baengele bangwe ba ne ba tlhopha go tlhanogela Modimo.—Jude 6.

a Miriate e le nngwe ke 10 000. Miriate e le nngwe e menagane ga miriate e le nngwe ke dimilione di le 100. Le fa go ntse jalo, buka ya Tshenolo e bua ka “dimiriate tsa dimiriate” tsa baengele. Go raya gore go na le dibopiwa tsa moya di le dimilione di le makgolokgolo, gongwe dibilione!

Baengele Ba Modimo Ba Rulagantswe Jang?

Moengele yo mogolo e bong Mikaele, ke ene yo mogolo mo go bone botlhe ka maatla le bolaodi. Baebele e bontsha gore Mikaele ke leina le lengwe la ga Jesu Keresete.—1 Bathesalonika 4:16; Jude 9.

Boserafe ba na le maemo a a kwa godimo go gaisa baengele ba bangwe e bile ke badiredi ba ba dikologileng setulo sa Bogosi sa Modimo.—Isaia 6:1-3.

Ditšheruba le tsone di na le maemo a a kwa godimo e bile di na le maikarabelo a a kgethegileng a a amanang le go galalediwa ga Mothatayotlhe. Gantsi le bone ba tlhalosiwa e le badiredi ba Modimo.—Genesise 3:24; Esekiele 9:3; 11:22.

Dimiriate tse dingwe tsa barongwa ba baengele ke baemedi le babueledi ba Mogodimodimo ba ba dirang gore thato ya Modimo e diragadiwe.b—Bahebera 1:7, 14.

b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka baengele, bona kgaolo 10 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa le dintlha tse di oketsegileng tse di tsamaisanang le yone mo setlhogong se se reng “Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?” Gape e gone mo www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela