Dintlha tsa Bibela Diane 1:1–31:31
Boifa Jehofa Mme o Tla ltumela
“Go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale.” (Diane 9:10) A bo seno se bontshiwa sentle jang ne mo go Diane! Buka eno ya Bibela, e e weditsweng go kwalwa mo e ka nnang ka 716 B.C.E., e re thusa go supa botlhale, re dirisa kitso sentle. Dirisa dipolelo tseno tse di botlhale mme o tla itumela.
Reetsa Botlhale
Bala Diane 1:1–2:22. “Go boiha Yehofa” ke yone tota tshupo ya kitso. Fa re amogela kotlhao. ga re kake ra kopanela le baleofi mo go direng phoso. Jehofa o neela bao ba mmoifang botlhale jo bo ba sireletsang mo badira-phosong
◆ 1:7—“Go boiha Yehofa” ke eng?
Ke therego, tshisimogo e kgolo, le tshabo e e phepa ya go mo itumolola ka gonne re anaanela bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato le molemo. “Go boiha Yehofa” go raya go bolela gore ke Moatlhodi yo Mogolo le Mothatayotlhe, yo o nang le tshwanelo le maatla a go otlhaya kana go bolaya bao ba sa mo utlweng. Gape go raya go direla Modimo ka boikanyego, go mo tshepa ka botlalo, le go ila se se bosula mo ponong ya gagwe.—Pesalema 2:11; 115:11; Diane 8:13.
◆ 2:7—Bothokgami ke eng?
Mafoko a Sehebera a lebisitseng mo bothokgaming a thaegile a raya se se “tletseng” kana se se ”feletseng.” Gantsi a tlhalosa go siama ga boitsholo le go itekanela ‘Ba ba tsamayang ka bothokgami’ ga ba reketle mo boineelong jwa bone go Jehofa. Ke “thèbè” e e sireletsang mo go ba ba ‘itekanetseng’ bao ka gonne ba bontsha botlhale jwa boammaaruri ba bile ba inaakanya le ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo.
Thuto mo go Rona: Fa re boifa Jehota. re tla amogela kotlhao e a e neelang ka Lefoko la gagwe le phuthego. Go retelelwa ke go dira jalo go tla re baya mo setlhopheng sa “masilo,” baleofi ba ba senang bomodimo. Jalo a re amogeleng kotlhao ya gagwe e e lorato.—Diane 1:7; Bahebera 12:6.
Tuelo ya Botlhale
Bala Diane 3:1–4:27. Go bona tlhaloganyo e e siameng, “ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago.” Ba ba bonang botlhale bo le botlhokwa fela thata ba ipelela boitumelo. Tsela ya bone e tshwana le lesedi je le ntseng le golela pele, mme ba tshwanetse go dibela pelo ya bone.
◆ 4:18—‘Tselana ya mosiami e phatsimela pele’ jang?
Lesedi ja letsatsi le nna le oketsega gotswa mosong go ya “motshegariñ o mogolo.” Ka go tshwana, lesedi ja semoya le phatsimela pele mo bathong ba ga Jehofa jaaka nako e ntse e tsamaya. Jaaka re ntse re atamela ditiragalo thata, kutlwisiso ya rona ya go diragala ga maikaelelo a ga Jehofa e a phepafala. Re tlhaloganya dipolelelo-pele tsa bomodimo botoka jaaka moya o o boitshepo wa Modimo o di senola, le jaaka di diragadiwa mo ditiragalong tsa lefatshe kana mo maitemogelong a batho ba ga Jehofa. Ka gone ‘tselana ya bone e nna e phatsimela pele.’
Thuto mo go Rona: Go bontsha botlhalejwa boammaaruri le go dira tumalanong le ditaolo tsa bomodimo go tla re sireletsa mo go lateleng tsela ya boeleele eo e ka re gogelang kwa losong pele ga nako. Ka motlhala, bao ba tlhokomologang ditaolo tsa ga Jehofa kgatlhanong le boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong ba ka nna ba tsenwa ke malwetsi a a tshelanwang a dikobo mo go ka felelang ka go re ba swe pele ga nako. Jalo a re itshwareng tumalanong le dipatlafalo tsa Modimo. ka gonne fa re dira jalo botlhale e tla nna “setlhare sa botshelō” mo go rona.—Diane 3:18.
Ditsela tsa go Bontsha Botlhale
Bala Diane 5:1–9:18. Ke go supa botlhale go tila boitsholo jo bo maswe le go ‘itumela mo mosading wa bokau jwa gago.’ Go tsopotswe dilo di supa tse di ilwang ke Jehofa, gape go tlhagisitswe kgatlhanong le diphepiso tsa mosadi wa seaka. Botlhale jo go buiwang ka jone jaaka motho ke ‘tlhogo ya tiro’ ya Modimo. Gape “go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale.”
◆ 6:1-5—A kgakololo eno e kgatlhanong le moya wa bopelotshweu?
Seane seno ga se kgothaletse go sa nneng pelotshweu, lemororo se kgothaletsa go sa itshunye nko mo ditirong tsa kgwebo tsa ba bangwe, bogolo jang baeti. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go thusa mokaulengwe wa bone yo o ‘humanegileng.’ (Lefitiko 25:35-38) Mme ba bangwe ba ne ba tsenelela mo mefuteng ya kgwebo e e sa tlhomamisegang mme ba bona dithuso tsa madi ka go ja ba bangwe ka loleme gore ba nne ‘baemedi’ ba bone, gore ba ba solofetse go ba duelela ba ba ba kolotang fa go tlhokafala Fa motho a ne a tsenelela mo boemong jo bo ntseng jalo. gongwe e le ka go itumisa, kgakololo e e botlhale e ne e le go intsha mo go jone kwantle ga tiego.—Diane 11:15.
◆ 8:22-31—A seno ke tlhaloso fela ya botlhale?
Nnyaa, ka gonne botlhale e ntse e le botho jwa Modimo wa bosakhutleng. (Yobe 12:13) Lefa go le jalo, mono go bolelwa gore botlhale bo ne jwa ‘diriwa’ le gore bo ne bo le “ha go [Jehofa], yaka motho eo o leñ tlhōgō ea tihō” fa go bopiwa lefatshe. Go lemoga fa botlhale jo go buiwang ka jone jaaka motho e le Morwa Modimo go dumalana le ntlha ya gore ‘lehumo lotlhe la botlhale le la kitso le fitlhilwe mo go ene.’—Bakolosa 1:15, 16; 2:3.
Thuto mo go Rona: Ka go umaka “ditlhabèlō tsa chupèlō tsa kagishō” le “maikanō” a gagwe, mosadi wa boitsholo jo bo maswe wa ga Diane kgaolo 7 o kabo a ne a lemotsha gore ga a tlhaele mo semoyeng. Ditlhabelo tsa tshupelo tsa kagiso di akareletsa nama, bopi, lookwane, le beine. (Lefitiko 19:5, 6; 22:21; Dipalo 15:8-10) Jalo o ne a lemotsha gore kwa tlung ya gagwe go ne go na le dijo le dino tse dintsi, mme “motho moñwe oa lekau eo o senañ tlhaloganyō” o ne a tla iketla koo. Seno se supa kafa motho wa boikutlo jo bo phoso a gogelwang mo boitsholong jo bo maswe ka teng. Abo go le botlhokwa jang ne go elatlhoko tlhagiso eno le go tila go leofela Modimo ka tsela e e ntseng jalo!—Genesise 39:7-12.
Dipharologano tse di Akantshang
Bala Diane 10:1–15:33. Diane tsa ga Solomone gantsi di simolola ka dipharologano tse dikgolo. “Go boiha Yehofa” go a gatelelwa.—10:27; 14:26, 27; 15:16, 33.
◆ 10:25—Ke ka ntlha yang fa go buiwa ka “secuacue”?
Ka go bo ba sa thaega mo melao-metheong ya tshiamo, baikepi ba tshwana le dikago tse di reketlang tseo di digwang ke matsubutsubu. Mme basiami ba nitame ka gonne go akanya ga bone go thaegile ka botlalo mo melao-metheong ya bomodimo. Jaaka kago e e nang le motheo o o siameng, ga ba ineele mo kgatelelong.—Mathaio 7:24-27.
◆ 11:22—Mosadi o ka nna jaaka lenyena la gouda mo nkong ya kolobe jang?
Lenyena la gouda le le tsenngwang fa thoko ga nko kana lehihiri le le kgaoganyang maroba a nko le ne le supa gore molerwadi ke motho wa botho jo bontle. Mme Baiseraele ba ne ba leba dikolobe di se phepa di bile di ferosa sebete. Jalo mosadi yo montle mme a sena tlhaloganyo o tshwana le lenyena la gouda le le sa tshwanelang go nna mo nkong ya kolobe.
◆ 14:14—Motenegi o kgotsofala jang?
“Motenegi mo peduñ” o kgotsofadiwa ke botshelo jwa gagwe jwa dilo tse di bonalang. (Pesalema 144:11-15a) Go dira se se siameng mo matlhong a Modimo ga se selo sa botlhokwa mo go ene, ebile ga a bone gore o tla tshwanelwa ke go ikarabelela mo go Jehofa. (1 Petere 4:3-5) Mme “motho eo o molemō” o gana ditlwaelo tsa ba ba sa ikanyegeng ebile o kgotsofadiwa ‘ke matswela a ditiro tsa gagwe.’ O baya dikgatlhego tsa semoya kwa pele, o elatlhoko ditekanyetso tsa Modimo, o na le boitumelo jo bogolo jwa go Mo direla, gape o kgotsofadiwa ke masego a bomodimo.—Pesalema 144:15b.
◆ 15:23—Re ka ‘itumela mo go fetoleng ga melomo ya rona’ jang?
Seno se ka diragala fa kgakololo ya rona e dirisiwa e bo e nna le diphelelo tse di molemo. Mme go thusa mongwe, re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko, re bone bogolo jwa mabaka a oketsang bothata jwa gagwe, re bo re thae kgakololo ya rona mo Bibeleng. “Me lehoko [le le ntseng jalo], ha le buiwa mo lobakeñ lo e leñ lōna, le molemō yañ!”
Thuto mo go Rona: “Lesilo” le tenegela go tlhapadiwa kana “ditlhoñ” ka pela, “ka bonako.” Mme “motho eo o ikgapañ”—motho yo o kelotlhoko—o rapelela moya wa Modimo e le gore a tle a dirise boikgapo le go latela Lefoko la Gagwe. (Diane 12:16) Ka go dira jaana, re ka tila go ngala go feta selekanyo mo go ka felelang ka go ikgobatsa kana go gobatsa maikutlo a ba bangwe kana mmele.
Diane tse di Tshwantshang
Bala Diane 16:1–24:34. Mafoko ano a botlhale a ga Solomone gantsi a kaela ka go tshwantsha. Gape go santse go gatelelwa “go boiha Yehofa.”—16:6; 19:23; 22:4; 23:17; 24:21.
◆ 17:19—Ke eng se se phoso ka setswalo se se kwa godimo?
Bao ba neng ba sa dire ditswalo tsa matlo kana tsa digotlo tsa bone di le kwa tlase ba ne ba itsenya mo bothateng jwa gore bapalami ba dipitse ba tlolele mo teng ba bo ba ba tseele dilwana. Seane seno se ka nna sa tshwantsha molomo le setswalo se se tsholeleditsweng kwa godimo ka puo e e bogwata le go ikgantsha. Puo e e ntseng jalo e tsosa kgang mme labofelo e gogela kwa tshenyegong.
◆ 19:17—Ke ka ntlha yang fa go thusa bahumanegi go tshwana le go adima Jehofa?
Bahumanegi ke ba Modimo, mme se re se ba direlang se tsewa jaaka se se direlwang ene. (Diane 14:31) Fa lorato le bopelotshweu di re kgoromeletsa go amogela bahumanegi kana go abela batlhoki dimpho, re sa solofele go bona sepe go tswa kwa go bone, Jehofa o tsaya dineo tse di ntseng jalo jaaka dilo tse a di adimilweng tseo a tla di busang ka kamogelo le masego.—Luke 14:12-14.
◆ 20:1—Bojalwa jwa mofine ke “moshotli” jang?
Bojalwa jwa mofine bo ka dira gore yo o bo nwang thata a sotle le go nna bogale. Ereka go nwa thata go na le matswela a ntseng jalo a bosula, Bakeresete ba tswanetse go go tila.—1 Timotheo 3:2, 3, 8; 1 Bakorintha 6:9, 10; Diane 23:20, 21.
◆ 23:27—Seaka ke “mosèlè” le ‘sediba’ jang?
Jaaka diphologolo di ne di tshwarelwa mo ‘meseleng e e boteng’ e e neng e epiwa ke batsomi, jalo ba ba dirisanang le diaka ba tshwarega mo boitsholong jo bo maswe. “Mosadi eo e leñ o sele” go raya seaka, kwantle ga pelaelo ka gonne bontsi jwa diaka mo Iseraele e ne e le batswakwa. Go ga metsi mo ‘sedibeng se se molomo monnye’ go ne go le thata ka gonne dinkgo tsa letsopa di ne di thubega motlhofo mo ditlhakoreng tsa sone. Ka go tshwana, bao ba dirisanang le diaka ba ka itemogelela ditlalelo tsa maikutlo le tsa mmele.—Diane 7:21-27.
Thuto mo go Rona: “Moshupi eo o tsietsañ” o tlontlolola Modimo mme o ka nna a bolawa go ya ka Molao. Ka gone, o ka ‘nyelediwa’ ke batho kana ke Jehofa. (Diane 21:28; Duteronome 5:20; 19:16-21; bapisa Ditihō 5:1-11.) Mme ‘motho yo o reetsang’ ka tlhoafalo o ne a bua fela fa a tlhomamisa seo a se utlwileng. Bosupi jwa gagwe ga bo a ka jwa “ganediwa,” jwa seka jwa ganwa kwa morago gore ke maaka. Go feta moo, ga ka a bolawa jaaka mosupi wa maaka. Bao ba neelang bosupi kwa ditshekong tsa katlholelo tsa Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse ba bo ba reeditse ka kelotlhoko e le gore ba tle ba kgone go neela boikitsiso jo bo tlhomameng, ka gonne bosupi jo bo sa tlhomamang kana jwa maaka bo ka senya semoyeng.
Dipapiso tse di Thusang
Bala Diane 25:1–29:27. Diane tsa ga Solomone tse di kwadilweng ke banna ba ga Kgosi Hesekia di ruta thata ka papiso. Gareng ga dilo tse dingwe, go kgothalediwa go ikaega ka Jehofa.
◆ 26:6—Ke ka ntlha yang fa go dirwa papiso ka go “ikgaola dinaō”?
Motho yo o ikgaolang dinao o ka ikgolafatsa, fela jaaka motho yo o thapang “seeleele” a tla bong a ikgolafatsa fela thata ka boene. Tiro e e neetsweng seeleele e tla retela. Go botlhale jang he, go ‘leka banna’ pele ga go ba hakela maikarabelo a phuthego!—1 Timotheo 3:10.
◆ 27:17—Sehatlhego se ‘loodiwa’ jang?
Jaaka tshipi e ka dirisiwa go lootsa bogale jwa tshipi e nngwe, motho o ka atlega mo go lootsang tlhaloganyo le boemo jwa semoya jwa yo mongwe. Fa go swaba le go kopana le batho ba ba sa tshwanelang go re hutsafatsa, tebo ya modumedi-ka-rona le kgothatso ya Dikwalo di ka re tsosolosa fela thata. Sefatlhego sa rona se se hutsafetseng se ka tokafala, mme re tlhabolwe ke tsholofelo e ntšha ya go boela re tlhagafala gape.—Diane 13:12.
◆ 28:5—“Dilō cotlhe” di kopanyeletsang?
Bao ba itlwaeditseng go dira bosula ba foufetse semoyeng. (Diane 4:14-17; 2 Bakorintha 4:4) Ga ba “tlhaloganye tshiamishō” kana se se siameng go ya ka ditekanyetso tsa Modimo. Ka gone ga ba kgone go atlhola dilo sentle le go dira diphetso tse di tshwanetseng. Mme bao ba “batlañ Yehofa” ka thapelo le thuto ya Lefoko la gagwe ba “tlhaloganya dilō cotlhe” tse di tlhokafalang go mo direla ka mo go amogelesegang.—Baefesia 5:15-17.
◆ 29:8—Ba ba buang ka boikgogomoso ba ‘tutumisa molelo mo motseng’ jang?
Baikgogomosi ba ba nyatsang bolaodi ba bua ba gagolaka fela. Ka gone ba tutumisa molemo wa ditlhoka-kutlwano ba bo ba futswela molelo mo e eleng gore banni botlhe ba motse ba felela ba tuka. Mme batho ba ba botlhale ba “thibosa bogale,” ba bua ka bonolo le ka tlhaloganyo. ba kokobetsa dikgabo tsa molelo wa bogale le go rotloetsa kagiso.—Diane 15:1.
Thuto mo go Rona: Fa re le mabela, boikgodiso bo tla dira gore re felele re kokobeditswe. (Diane 29:23) Motho yo o boikgodiso go motlhofo gore a nne boitaletso, mme seno se ka gogela kwa ditlhonnyeng, go kgopisega, le tshenyego. (Diane 11:2; 16:18; 18:12) Modimo o ka nna wa dira gore motho yo o mabela a kokobediwe, a isiwe kwa tlase ka tsela nngwe, gongwe le go ya ntlheng ya go senngwa. Motho yo o ntseng jalo o meletsa kgalalelo mathe, mme batho ba bona fa di tsela tsa gagwe di ferosa sebete. Lefa go ntse jalo, motho yo o “mōea o kgōbaletseñ [labofelo] o tla bōna tlotlō.”
‘Polelo ya Boitseanape’
Bala Diane 30:1–31:31. ‘Polelo ya boitseanape’ ya ga Agure e bolela gore “lehoko leñwe le leñwe ya Modimo le lekilwe.” Gape go tsopotswe dilo tse di gakgamatsang thata go ka tlhaloganngwa, jalo le jalo. (30:1-33) “Polelo ea boitseyoanape” e Lemuele a neng a e amogetse mo go mmaagwe e tlhagisa gore go nwa dino tsa tagi go ka sokamisa katlholo, e kgothaletsa motho go atlhola ka tshiamo, ebile e tlhalosa mosadi yo o molemo..—31:1-31.
◆ 30:15, 16—Ke eng se se kaiwang ke dikai tseno?
Di bontsha go sa kgotsofaleng ga bopelotshetlha. Menopi e tlatsa dimpa tsa yone ka madi, fela jaaka batho ba ba pelotshetlha ba nnang ba batla madi a oketsegileng kana thata. Ka go tshwana, Lebitla ga le ke le kgotsofala mme le nna le atlhametse go amogela baswi. Sebopelo se se sa tsholeng se ‘lelela’ bana. (Genesise 30:1) Lefatshe le le mo komelelong le nwa metsi a pula ka bonako mme le boe le omelele gape. Mme molelo o o fisitseng dilo tse di latlhetsweng mo go one o tuka ka kgabo e kgolo e e fisang dilo tse dingwe tse di gaufi le one. Mme go ntse fela jalo ka batho ba ba pelotshetlha. Mme bao ba kaelwang ke botlhale jwa bomodimo ga ba nnele go kgoromediwa ke bogagapa jo bo ntseng jalo.
◆ 31:6, 7—Ke ka ntlha yang fa ba ba “mōea o galakègañ” ba sielwa bojalwa jwa mofine?
Bojalwa jo bo tagang le jwa mofine bo rema ditokololo. Jalo bo ka sielwa “eo o gauhi le go shwa,” kana go nyelela, kana ‘ba ba moya o galakegang’ gore ba seka ba utlwa botlhoko le tlhokofatso ya bone. Mokgwa wa bogologolo wa go siela magolegwa bojalwa jwa mofine jo bo tagang go kokobetsa botlhoko jwa go bolawa e ka bo e le lebaka la go bo masole a Roma a ne a bo siela Jesu Keresete fa a ne a bapolwa. O ne a gana bojalwa joo jwa mofine ka gonne o ne a batla gore a bo a tlhabogile sentle mo nakong eo e e lekang mme ka gone a kgone go tshegetsa bothokgami jwa gagwe go Modimo.—Mareko 15:22-24.
◆ 31:15—“Barweetsana” bano ke bomang?
Fano go tewa basetsana ba ba berekang mo matlong. Ba ne ba sena lebaka la go ngongoregela dijo kana tiro e ba e abetsweng Mosadi yo o senatla o ne a neela bantlo ya gagwe dijo a bile a elatlhoko gore basadi bano ba ne ba na le se ba se jang le ditiro tse ba tshwanetseng go di dira.
Thuto mo go Rona: Ka go bo re sa itekanela, ka dinako tse dingwe re ka nna ra ‘ikisa kwa godimo,’ re dira maiteko a go itlotlomatsa. Fa re dira jalo kana re bua ka bogale, re tshwanetse go ‘ipaya seatla mo molomong,’ re itshwara go sa bue mafoko a a oketsegileng ao a tla tenelang pele yo re mo tenneng. Jaaka mashi a tshwanetse go tlhotlhiwa go dira botoro le go ntsha madi mo nkong go tlhoka gore e tamolwe, komano e simologa fa batho ba gakala. (Diane 30:32, 33) Mo mabakeng a a ntseng jalo, abo go le botlhale jang ne go didimala le go thibela bothata jo bo oketsegileng!
Abo go na le melemo e megolo jang ne e re ka e bonang mo bukeng ya ga Diane! A re rateng mafoko ano a a botlhale a a tlotlomatsang go boifa Jehofa ka tlotlo. Go a dirisa ruri go tla re itumedisa.