LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 6/1 ts. 13-18
  • Go Supa Poifomodimo Mo Batsading ba ba Godileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Supa Poifomodimo Mo Batsading ba ba Godileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Rwala Morwalo wa Gago’ wa Tlhokomelo
  • Tirisano-Mmogo ya Lelapa
  • Ke “Botlhale” “Tlhaloganyo” fa Batsadi ba Tlisiwa mo Gae
  • Legae la Tlhokomelo
  • Baabi ba ba Itumetseng, Baamogedi ba ba Itumetseng
  • Go Tlhokomela Bagodi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Go Tseela Batsadi ba Rona ba Batsofe Kwa Godimo
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Baebele e a Reng ka go Tlhokomela Batsadi ba ba Godileng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Anaanela Ditshiamelo Tsa Tirelo e e Boitshepo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 6/1 ts. 13-18

Go Supa Poifomodimo Mo Batsading ba ba Godileng

“A bauō [bana kana ditlogolwana] ba ithutè o ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne mo, go Iebosè a mo matlhoñ a Modimo.”​—1 TIMOTHEO 5:4.

1, 2. (a) Bibela e lebisa boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi ba ba godileng mo go mang? (b) Ke eng fa e tla bo e le kgang e e masisi mo Mokereseteng go tlhokomologa boikarabelo Jwa gagwe?

JAAKA ngwana, o ne wa otlwa le go sirelediwa ke bone. Jaaka mogodi, o ne wa batla kgakololo ya bone le tshegetso ya bone. Mme jaanong fa ba tsofetse mme ba tlhoka mongwe go ba tshegetsa. Moaposetoloi Paulo a re: “Me ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo. . . . Me ha moñwe a sa tlamele ba ga gabō, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.”​—1 Timotheo 5:4, 8.

2 Dikete tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tlhokomela batsadi ba ba godileng. Ga ba dire jalo fela ka ntlha ya “bopelonomi” (The Living Bible) kana “boikarabelo” (The Jerusalem Bible) me e leng ka ntlha ya “poihomodimo,” ke gore, go tlotla Modimo. Ba lemoga gore motho go tlogela batsadi ka nako e ba mo tlhokang ka yone e tla bo e le go ‘latola tumelo [ya Bokeresete].’​—Bapisa Tito 1:16.

‘Rwala Morwalo wa Gago’ wa Tlhokomelo

3. Ke eng fa go tlhokomela motsadi wa motho e ka nna kgwetlho e e boima?

3 Go tlhokomela batsadi ba ba godileng e ile ya nna kgwetlho ya boammaaruri, segolo-bogolo mo mafatsheng a Bophirima. Gantsi malapa a phatlaletse. Ditlhwatlhwa di ile kwa godimo thata-thata. Gantsi bommalelapa ba a bereka. Ka gone go tlhokomela motsadi yo o godileng e ka nna tiro e kgolo thata, segolobogolo fa e le gore motho yo o tlhokomelang a sa tlhole a le mosha ene ka boene. “Jaanong re setse re le mo dingwageng tsa bo 50, re na le bana ba ba godileng le bana-ba-bana ba le bone ba tlhokang thuso,” ga rialo kgaitsadi mongwe yo o kgaratlhang go tlhokomela batsadi ba gagwe.

4, 5. (a) Bibela e supa gore mokgweleo wa go tlhokomela o ka nna wa tshwaraganelwa le mang? (b) Bangwe ba ile ba tila boikarabelo jwa batsadi ba bone jang mo motlheng wa ga Jesu?

4 Paulo o ne a bontsha gore boikarabelo bo ka tlhakanelwa ke “bana, kgotsa ditlogolo.” (1 Timotheo 5:4) Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe bana-ba-bana ga ba ikaelele go ‘rwala morwalo o e leng wa bone’ wa go tlhokomela (Bapisa Bagalatia 6:5.) “Kgaitsadiake yo mogolwane o sa tswa go tlhapa diatla mabapi le kgang eno,” go ngongorega jalo mogolwane mongwe. A mme mokgwa o o ntseng jalo o ka itumedisa Jehofa? Gakologelwa se Jesu a neng a se bolelela Bafarasai nako nngwe: “Gonne Moshe o rile, Tlotla rrago le mmago; . . . Me lona loa tlo loa re, Ha motho a raea rragwè kgotsa mmagwè, a re, Se u ka boñ u thusiwa ke nna ka shōna e bile ke Korebana, ke go re, Se abecwe Modimo; Lo bo lo sa tlhole lo mo leseletsa go dihèla rragwè kgotsa mmagwè sepè; Me lo diha lehoko ya Modimo lolea hèla ka mekgwa ea lona.”​—Mareko 7:10-13.

5 Fa Mojuda a ne a sa kgathalele go thusa batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, o ne a tlhoka fela go bolela gore dilwana tsa gagwe ke “Korebana”​—mpho e e abetsweng go dirisiwa ke tempele. (Bapisa Lefitiko 27:1-24.) Lefa go ntse jalo, o ne a sa patelediwe go isa mpho eo ya maaka ka bofefo. Ka gone o ne a ka boloka (mme kwantle ga pelaelo a dirisa) dilwana tsa gagwe ka lobaka lo loleele fela thata. Mme fa aatsadi ba gagwe ba ne ba tlhoka thuso ya madi, o ne a ka falola boikarabelo jwa gagwe sa boitimokanyi a bolela gore gotlhe mo a nang le gone e ne e le “Korebana.” Jesu o ne i kgala tsietso eno.

6. Ke eng se se ka tlhotlheletsang bangwe gompieno gore ba tile boikarabelo jwa bone mo natsading, mme a seno se itumedisa Modimo?

6 Ka gone Mokeresete mongwe yo o dirisang maipato a a lolea go tila boikarabelo jwa gagwe ga a tsietse Modimo. (Yeremia 17:9, 10) Ke boammaaruri gore, mathata a madi, go sa tsogeng sentle, kana maemo a tshwanang di ka nna tsa kgoreletsa thata ka mo motho a ka lirelang motsadi wa gagwe ka gone. Mme bangwe ba ka nna ba bona go le mosola go tlotla dithoto, nako, le bokwathoko go gaisa botshelo jwa batsadi ba bone. Lefa go le jalo, ibo go ne go tla bo e le boitimokanyi jang ne go rera Lefoko la Modimo mme o le dira “lolea hèla” ka go sa tlhokomeleng batsadi ga rona!

Tirisano-Mmogo ya Lelapa

7. Malapa a ka dirisana jang mo go tlamelang ka lhokomelo mo motsading yo o godileng?

7 Bangwe ba ba nang le maitemogelo ba bona go le molemo gore fa mathata a a kopanyeletsang motsadi yo o godileng a tsoga, go bidiwe phuthego ya lelapa. Leloko lengwe la elapa le ka nna la tshwanelwa ke go sikara bogolo jwa boikarabelo jwa lelapa. Mme ka go asenelela mo kgakololong ka go wela maikutlo e go seka-seka mabaka mo ‘maikaelelong,’ gantsi malapa a ka dira ditsela tsa go tshwaaganela bokete jwa tiro. (Diane 15:22) Baigwe ba ba nnang kgakala ba ka nna ba kgona go neelana ka madi le go eta ka dinako tse di -ileng. Ba bangwe ba ka kgona go dira ditiro .sa lelapa kana go tlamela ka sepalangwa Bbu, ka go dumelana fela go etela batsadi ka netlha e ka nna ya nna neelano e e botlhokwa. Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo-80 a riana mabapi le diketelo tsa bana ba gagwe, “go molemo ruri!”

8. (a) A maloko a lelapa a a mo tirelong e e tletseng ga a tshwanela go tlhakanela mo go tlhokomeleng motsadi? (b) Ke go ya bokgakaleng bofe jo bangwe ba ba mo tirelong e e tletseng ba ileng ba dira tiro ya bone mo batsading ba bone?

8 Lefa go le jalo, malapa a ka nna a lebagana le bothata jo bogolo fa leloko lengwe le le mo tirelong ya nako e e tletseng. Badihedi ba nako e e tletseng ga ba ikgogone mo maikarabelong ao, mme ba le bantsi ba ile ba dira maiteko a a sa tlwaelesegang a go tlhokomela batsadi ba bone. Molebedi wa potologo o ne a riana: “Ga re ise re ke re akanye ka mo go gwetlhang ka gone mo mmeleng le mo maikutlong go tlhokomela batsadi go neng go ka nna ka gone, segolo jang fa ka nako e e tshwanang a leka go fitlhelela dipatlafalo tsa bodihedi jwa nako e e tletseng. Ruri, re ile ra felelwa ke boitshoko jwa rona mme ra ikutlwa re tlhoka ‘nonofo e kgolo thata.’” (2 Bakorintha 4:7) Ekare Jehofa a ka tswelela go tshegetsa ba ba ntseng jalo.

9. Ke kgothatso efe e e ka neelwang bao ba ileng ba tlhoka ka moo ba ka dirang ka gone fa e se go tlogela tirelo e e tletseng go tlhokomela batsadi?

9 Lefa go le jalo, dinako tse dingwe, morago ga go hukutsa maano otlhe, leloko la lelapa ga le na ka mo le ka dirang ka gone fa e se go tlogela tirelo ya nako e e tletseng. Ke boammaaruri gore, wa go nna jalo a ka nna le maikutlo a mantsi mabapi le go latlhegelwa ke ditshiamelo tsa bodihedi jwa gagwe. ‘Re itse gore ke boikarabelo jwa rona jwa Bokeresete go tlhokomela mmè yo o godileng ebile a lwala,’ ga rialo mongwe yo o kileng a bo a le morongwa. ‘Mme ka dinako dingwe go utlwala go gakgamatsa.’ Lefa go le jalo, gakologelwa, gore ‘go bontsha poifomodimo kwa lwapeng go a amogelesega mo matlhong a Modimo.’ (1 Timotheo 5:4) Gape, gakologelwa gore “Modimo ga o tshiamololō ea go re, o ka lebala tihō ea lona, le go rata leina ya ōna mo lo go bonyweñ, ka lo nntse lo dihèla baitshepi, me lo sa nntse lo ba dihèla le gompiyeno.” (Bahebera 6:10) Banyalani bangwe ba ba diretseng ka dingwaga tse dintsi mo tirelong ya nako e e tletseng ba re: “Re bona go le botlhokwa ka mo go tshwanang mo go rona jaanong go tlhokomela batsadi ba rona jaaka go ne go ntse fa re le mo bodiheding jwa nako e e tletseng.”

10. (a) Ke eng fa bangwe ba ka tswa ba ile ba tlogela tirelo e e tletseng pele ga nako? (b) Malapa a tshwanetse go leba tirelo e e tletseng jang?

10 Lefa go le jalo, gongwe bangwe ba tlogetse tirelo ya nako e e tletseng pele ga nako kana go sa tlhokafale ka gore batsadi ba ne ba ntsha mabaka jaana: “Ga o a tshwarwa ke tiro le lelapa. Ke eng fa o sa tlhokomele mmaago le rraago?” Lefa go ntse jalo, a tiro ya go rera ga se yone e e potlakileng go feta gompieno? (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ka gone bao ba leng mo bodiheding jwa nako e e tletseng ba dira tiro e e botlhokwa thata. (1 Timotheo 4:16) Gape, Jesu o ne a bontsha gore, mo mabakeng mangwe, tirelo ya Modimo e tla pele ga dikgang tsa lelapa.

11, 12. (a) Ke eng fa Jesu a ne a gakolola monna mongwe go “lesa bashwi ba hitlhè bashwi ba bōnè”? (b) Ke dithulaganyo dife tse malapa mangwe a ileng a di dira fa leloko le lengwe le le mo tirelong e e tletseng?

11 Ka motlhala, fa monna mongwe a ne a etsaetsega go nna molatedi wa ga Jesu, a re: “ntesa pele, ke eè go hitlha rrè,” desu o ne a fetola jaana: “Lesa bashwi [semoyeng] ba hitlhè bashwi ba bōnè; me wèna, tsamaea u utlwatsè bogosi yoa Modimo.” (Luke 9:59, 60) Ereka Bajuda ba ne ba fitlha baswi ba bone mo letsatsing le ba suleng ka lone, ga se boammaaruri gore rraagwe monna yoo o ne a sule tota. Boammaaruri ke gore monna yoo o ne a batla go nna le rraagwe yo o tsofetseng go fitlhelela rraagwe a swa. Lefa go ntse jalo, ereka go bonala gore bangwe ba losika ba ne ba le teng go mo tlhokomela, Jesu o ne a kgothaletsa monna yoo gore a “utlwatsè bogosi yoa Modimo.”

12 Ka mo go tshwanang malapa mangwe a ile a fitlhela gore fa maloko otlhe a dirisana mmogo, gantsi go ka rulaganngwa gore yo o mo tirelong ya nako e e tletseng a tlhakanele mo go tlhokomeleng batsadi ba gagwe kwantle ga go tlogela tirelo ya nako e e tletseng. Ka sekai, badihedi bangwe ba nako e e tletseng ba thusa batsadi ba bone mo mafelong a beke kana mo malatsing a maitapoloso. Se se kgatlhisang ke gore, batsadi ba ba godileng ba bantsi ba ile ba leka bojotlhe gore bana ba bone ba nne mo tirelong ya nako e e tletseng, le e leng ka go intsha setlhabelo go batsadi. Jehofa o segofatsa thata bao ba bayang dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele.​—Mathaio 6:33.

Ke “Botlhale” “Tlhaloganyo” fa Batsadi ba Tlisiwa mo Gae

13. Ke mathata afe a a ka nnang teng fa motsadi a lalediwa go tla go nna le bana ba gagwe?

13 desu o ne a rulaganyetsa gore mmaagwe wa motlholagadi a nne le balosika ba ba dumelang. (Yohane 19:25-27) Ka tsela e e tshwanang Basupi ba bantsi ba ile ba laletsa batsadi ba bone go tla go nna le bone​—mme ba ile ba itemogela dipaka tse di ipedisang le masego ka ntlha ya gone moo. Lefa go ntse jalo, mofuta o o sa tlwaelesegang wa botshelo, bokwathoko jo bo lekanyeditsweng, le kgatelelo ya go tlamela ka tlhokomelo letsatsi le letsatsi gantsi go dira gore go tsisiwa ga motsadi mo legaeng la motho go sulafatse mo go botlhe ba ba amegang. “Go tlhokomela mmè go ne ga ntira gore ke nne ke sa iketla,” ga rialo Ann, yo matsalaagwe a bolawang ke bolwetsi jwa Aleheimer. “Ka nako tse dingwe ke a tle ke be ke fele pelo mme ke bue le mmè ka bogale​—mme seo se dira gore ke ikutlwe ke le molato ruri.”

14, 15. “Botlhale” le “tlhaloganyo” di ka thusa jang go ‘aga’ lelapa kafa tlase ga maemo a ntseng jaana?

14 Solomone o ne a re “ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyō.” (Diane 24:3) Ka sekai, Ann, o ne a leka go nna yo o tlhaloganyang thata mabapi le bothata jwa ga matsalaagwe. “Ke gakologelwa ka metlha gore o a lwala mme ga a itire ka boomo.” Lefa go le jalo, “re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi. Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ.” (Yakobe 3:2) Mme fa dikgogakgogano di tsoga, supa botlhale ka go gana go letlelela kgakalo le go fela pelo go gola. (Baefesia 4:31, 32) Buisanang ka mathata jaaka lelapa, mme le batle ditsela tsa go dumalana ka tsa dipaakanyo.

15 Tlhaloganyo le yone e thusa motho go buisana mo go nang le matswela. (Diane 20:5) Gongwe motsadi o na le bothata jwa go tlwaela botshelo jwa legae le lesha. Kana gongwe ka ntlha ya go nna le mogopolo o o phoso, o nna yo o sa dirisaneng sentle. Mo tlase ga maemo mangwe, go ka nna ga tswa go sena ka moo go ka dirwang ka teng fa e se fela go bua ka go nitama. (Bapisa Genesise 43:6-11.) “Fa ke ne ke sa reye mmè ke re se dire jalo,” go bolela kgaitsadi mongwe, “o ne a tla dirisa madi a gagwe otlhe fela.” Lefa go le jalo, mogolwane mongwe o fitlhela gore ka dinako tse dingwe o kgona go ikaega ka lorato lwa ga mmaagwe mo go ene. “Gantsi fa go mmotsha mabaka go gana, ke a tle ke re, ‘mmè, a o ka seke o dire fela jalo ka ntlha ya me?’ A bo a reetsa.”

16. Ke eng fa monna yo o lorato a tshwanetse go bontsha “tlhaloganyo” mo mosading wa gagwe? O ka dira seno jang?

16 Ereka gantsi mosadi e le ene o rwalang bontsi jwa bokete jwa go tlhokomela, monna yo o nang le tlhaloganyo o tla lebelela gore a seka a koafala​—mo maikutlong, mo mmeleng kana mo semoyeng. Diane 24:10 ya riana: “Ha u idibala mo motlheñ oa pitlaganō, nonohō ea gago e be e le pōtlana.” Monna o ka dira eng go thusa go tlhotlheletsa mosadi wa gagwe? “Monna wa me o ne a tla a tle gae,” ga rialo kgaitsadi mongwe, “mme a beye mabogo a gagwe mo godimo ga me a bo a mpolelela ka moo a nkanaanelang ka teng. Ke ne ke ka seke ke dire sepe kwantle ga gagwe!” (Baefesia 5:25, 28, 29) Gape a ka ithuta Bibela le molekane wa gagwe a bo a rapela le ene ka metlha. Ee, le e leng kafa tlase ga maemo a bokete ano, lelapa le ka ‘agiwa.’

Legae la Tlhokomelo

17, 18. (a) Ke kgato efe e malapa mangwe a ileng a patelesega go e tsaya? (b) Mo seemong se se ntseng jalo, bana ba ba godileng ba ka thusa batsadi ba bone jang go wela dibete?

17 Radikitso mongwe wa motsofe a re: “Go a tle go tle nako eo lelapa le senang kitso kana le e leng madi a go tlhokomelela [motsadi] kwa lapeng.” Jaaka monna mongwe a ne a bolela: “Go tla mo go reng botsogo jwa mosadi wa me bo koafale ka go leka go neela mmè tlhokomelo ya dioura tse 24 ka letsatsi. Re ne re sena ka moo re ka dirang ka gone fa e se go isa mmè kwa legaeng la tlhokomelo. Mme go ne ga re tshwenya mo pelong fa re ne re tshwanelwa ke go dira jalo.”

18 Legae la tlhokomelo le ka nna la tswa e le lone fela tlhokomelo e e botoka thata e e leng teng kafa tlase ga maemo. Lefa go le jalo, batho ba ba godileng ba ba beilweng mo ditlamelong tseo gantsi ba ikutlwa ba latlhegile ebile ba sa itumele, ba ikutlwa gore ba latlhilwe. “Re ne ra tlhalosetsa mmè ka kelotlhoko gore ke ka ntlhayang fa re ne re tshwanelwa ke go dira jalo” go bolela kgaitsadi mongwe yo re tla mmitsang Greta. “O ne a ithuta go tlwaela mme jaanong o le leba jaaka legae.” Go etela motsadi ka metlha le gone go mo thusa go tlwaela ebile go supa lorato lwa boammaaruri mo go bone. (Bapisa 2 Bakorintha 8:8.) Fa go le kgakala, dirisa founu, makwalo, le maeto a nako le nako. (Bapisa 2 Yohane 12.) Lefa go le jalo, go tshela fa gare ga batho ba lefatshe kwantle ga pelaelo go na le mathata. O ‘tshwenyege ka ditlhokafalo tsa semoya tsa bone.’ (Mathaio 5:3) “Re tlela mmè dibuka go bala,mme re bo re leka go tlotla ka dilo tsa semoya ka moo re ka kgonang ka gone,” ga bolela Greta.

19. (a) Ke kelotlhoko efe e e tshwanetseng go dirwa mo go tlhopheng le go tlhokomela legae la tlhokomelo? (b) Mokeresete o solegelwa molemo jang fa a dira mo a ka go kgonang go tlhokomela motsadi wa gagwe?

19 The Wall Street Journal e ne ya bega ka thuto ya magae a tlhokomelo a le 406 a U.S. ao mo go one “mo e ka nnang le le lengwe mo go a le matlhano a neng a le borai thata-thata mo banning ba one mme mo e ka nnang sephatlo sa one a kgona go bona ditlamelo tse di kwa tlase.” Se se sulafatsang pelo, dipego tse di ntseng jalo ke tse di tlwaelesegileng mo go nyemisang moko. Ka gone fa legae la tlhokomelo le tlhokafala, o nne kelotlhoko fa o le tlhopha. O le etele ka sebele go bona fa le le phepa, le tlhokomelwa sentle, le na le badiri ba ba rutetsweng tiro ya bone, le na le moya wa legae, ebile le na le dijo tse di siameng. Tlhokomela thata ka mo go ka kgonagalang ka gone tlhokomelo e e neelwang batsadi ba gago. O nne kgomotso ya bone, o ba thusa go tila maemo a sa siamang a ka nnang a nna gone, gongwe e le mabapi le malatsi a boikhutso a lefatshe kana boitlosobodutu. Ka boiteko jwa gago jo bogolo go neela batsadi ba gago tlhokomelo e e molemo kafa tlase ga seemo, o ka ikimolola boikutlo jwa go ipona molato jo bo ka go tshwenyang.​—Bapisa 2 Bakorintha 1:12.

Baabi ba ba Itumetseng, Baamogedi ba ba Itumetseng

20. Ke eng fa go le botlhokwa gore bana ba nne baabi ba ba itumetseng?

20 “Go ne go le bokete,” ga bolela mosadi mongwe wa Mokeresete mabapi le go tlhokomela batsadi ba gagwe. “Ke ne ke tshwanetse go ba apeela, go ba tlhatswetsa, go dirisana le dingongorego tsa bone, go fetola dishiti tsa bone fa di sa siama.” “Mme go sa kgathalesege seo re ba diretseng sone,” ga bolela monna wa gagwe, “re dirile ka boipelo​—ka boitumelo. Re ne ra leka ka thata go sa dire gore batsadi ba rona ba ikutlwe gore re tenwa ke go ba tlhokomela.” (2 Bakorintha 9:7) Gantsi ba ba godileng ga ba batle go amogela thuso ebile ga ba batle go nna morwalo mo go ba bangwe. Ka gone boikutlo jo o bo bontshang bo botlhokwa fela thata.

21. (a) Batsadi ba ka nna baamogedi ba ba itu- metseng jang? (b) Ke eng fa go le botlhale gore motsadi a rulaganyetse botsofe jwa gagwe go sa le gale?

21 Ka nako e e tshwanang, boikutlo jo batsadi ba bo bontshang le jone bo botlhokwa. Kgaitsadi mongwe o gakologelwa jaana: “Go sa kgathalesege se ke se direlang mmè o ne a seke a kgotsofala.” Ka gone, batsadi, tilang go nna ba ba sa tlhaloganyeng kana ba ba batlang go le gontsi. Tota ebile, Bibela ya re “bana ga baa chwanèla go beèla batsadi ba bōnè, ha e se batsadi go beèla bana.” (2 Bakorintha 12:14) Batsadi bangwe ba fetsa madi a bone mme ba nne morwalo o o sa tlhokafaleng mo baneng ba bone. Lefa go ntse jalo, Diane 13:22 ya re: “Motho eo o molemō o tlogèlèla bana ba gagwè boshwa.” Ka gone go ya bokgakaleng jo bo ka kgonagalang, batsadi ba ka rulaganyetsa botsofe jwa bone pele, ba beela fa thoko madi le go dira dithulaganyo tse di rileng tsa tlhokomelo ya bone ka namana.​—Diane 21:5.

22. Motho o tshwanetse go leba jang maiteko a gagwe a go tlhokomela batsadi ba gagwe ba ba godileng?

22 Paulo o ne a bua sentle fa a ne a re go tlhokomela batsadi ga motho ke go direla “go leboga.” (1 Timotheo 5:4) Jaaka mokaulengwe mongwe a bolela: “Mmè o ne a ntlhokomela ka dingwaga di le 20. Mme ke dirile eng se se tshwanang le seo?” Ekare Bakeresete botlhe ba ba nang le batsadi ba ba godileng ba ka tlhotlheletsega go ‘bontsha poifomodimo kwa gae,’ ba itse gore ba tla duelwa thata ke Modimo yo o solofetsang bao ba tlotlang batsadi ba bone jaana: “Gore u [tle u] tshelè ka bolele mo lehatshiñ.”​—Baefesia 6:3.

Dintlha tse di Tshwanetseng go Gakologelwa

◻ Bangwe mo montlheng wa ga Jesu ba ne ba batla go tila boikarabelo mo batsading ba bone jang?

◻ Ke mang yo o tshwanetseng go tlhokomela batsadi, mme ka ntlhayang?

◻ Malapa a ka itemogelela mathata afe fa motsadi a fudugela mo go one, mme a ka fenngwa jang?

◻ Go ka nna ga tlhokafala legae la tlhokomelo ka ntlhayang, mme batsadi ba ka thusiwa jang go kgona botshelo jwa koo?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Lelapa le ka nna phuthega go sekaseka ka moo tlhokomelo ya motsadi e ka tshwaraganelwang ka gone

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa legae le tlhokomelo le tlhokafala diketelo tsa ka metlha di e tlhokafala mabapi le pholo ya boikutlo le bomoya jwa ba ba godileng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela