‘Senwelo Sa Me se Ntse se Tletse’
Jaaka go boletse Tarissa P. Gott
“KE ENG fa seno se ne se tshwanetse go diragala?” Nna le monna wa me re ne ra botsa potso eno fa re ne re ntse mo karaking ya dipitse re tshotse lekesinyana mo mabogong a rona. Losea lwa me lwa mosimanyana le ne la lwala bolwetse jwa go sokega mala mme la swa mo lobakeng lwa dibeke di se kae. Bogologolo ka 1914, go ne go sa itsiwe thata ka kalafi ya bolwetse joo. E ne e le selo se se maswe thata go rata losea mo dikgweding tse thataro fela, go bona monyenyo wa gagwe, mme loso lo bo lo mo phamola mo diatleng tsa gago. Ke ne ka hutsafala thatathata.
Mmè o ne a re etela mo nakong eno ya khutsafalo mme a simolola go re gomotsa ka molaetsa wa Bibela wa tsogo ya baswi. O ne wa re gomotsa thata. Abo e ile ya nna kgomotso jang ne mo monneng wa me Walter le nna go utlwa gore go tla kgonega go bona Stanley yo monnyennyane gape.
E ne e se sa ntlha ke kopana le boammaaruri jwa Bibela. Nako nngwe pele, rremogolo o ne a kile a nna le dibolumo tsa ntlha tse tharo tsa Studies in the Scriptures, tse di kwadilweng ke Charles Taze Russell. Se Rremogolo a neng a se badile mo go tsone, gammogo le thuto ya Bibela ya gagwe, di ne tsa mo tlhotlheletsa go ya go rera. Seno se ne sa gakatsa baruti ba lefelo leo thata, bao ba neng ba mo koba mo dikerekeng tsa Providence, Rhode Island. Mmè le ene ga ise a ke a ye kwa kerekeng morago ga moo. Ene le Rremogolo jaanong ba ne ba kopanela mo dipokanong tsa Diithuti tsa Bibela, mme ga ke a ka ka tsaya boammaaruri tsia thata ka nako eo.
Fa ke ne ke le dingwaga di le 16, ke ne ka nyalwa ke lekawana lengwe, Walter Skillings, mme ra aga mo Providence. Ka bobedi re ne re batla thata go kopanela le batho ba ba ratang Lefoko la Modimo. Lemororo ka 1914 re ne re na le morwadiarona yo o dingwaga di le thataro, Lillian, e ne ya nna go fitlhelela fa ngwana wa rona wa mosimane a swa fa se mmè a ileng a re bolelela sone se ileng sa nwela mo go rona. Ngwaga e e latelang, ya 1915, nna le monna wa me re ne ra kolobediwa ke Diithuti tsa Bibela. Kolobetso ya rona e ne ya nna ka nako ya selemo fa lotshitshing lwa lewatle le le gautshwane. Ke ne ke apere mosese o montsho o moleele o o nang le molala o moleele ebile o na le mabogo a maleele, o o farologanang thata le diaparo tse di thumang tse di aparwang gompieno. Legale, seno e ne e se seaparo se se tshwanetseng go thuma mo lotshitshing ka malatsi ao e ne e le sa kolobetso fela.
Morago ga re kolobediwa, matshelo a rona a ne a fetoga. Walter o ne a bereka mo Lynn Gas and Electric Company, mme mo malatsing a a tsididi a mariga, ka dinako tse dingwe o ne a romelwa mo dikerekeng tse di farologaneng go ntsha segagane mo dipompong tsa metse. O ne a e tle a tseye sebaka sa go kwala ditemana tsa Dikwalo mo lomating lo lo kwalelang lwa kereke, dikwalo tse di bontshang se Bibela e neng e se bua mabapi le go sa sweng, Tharo-nngwe, dihele, jalo le jalo.—Esekiele 18:4; Yohane 14:28; Moreri 9:5, 10.
Re Ne re Tshwanetse Go Ya Kae?
Ka 1916 Mokaulengwe Russell, mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society, o ne a swa, mme go ne go lebega jaaka ekete sengwe le sengwe se ne se phatlaletse. Jaanong bontsi jwa bao ba neng ba lebega ba tlhagafetse, ba ineetse thata mo Moreneng, ba ne ba simolola go hulara. Go ne ga supega sentle gore ba we ba ne ba ntse ba latetse motho go na le ehofa le Keresete Jesu.
Bagolwane ba babedi ba ba neng ba okametse phuthego ya rona ba ne ba tsamaya le setlhopha se se ganetsang mme ka gone ba nna maloko a setlhopha sa “tnotlhanka . . . eo o boshula.” (Mathaio 24:48) Gotlhe mo go ne go sa lebege go siame lefa go le jalo go ne go diragala, mme go ne ga re sulafatsa dipelo. Mme ke ne ka ipotsa jaana: ‘A phuthego eno ga se yone e Jehofa a e dirisitseng go re golola mo dikgoleng tsa bodumedi jwa maaka? A ga re a ka ra itemogelela tshiamo ya yone? Fa jaanong re ka tsamaya, re ne re ka ya kae? A re ne re tla seke re felele re latetse motho?’ Re ne ra seka ra bona go tlhokega go tsamaya le batenegi, ka gone ra nna.—Yohane 6:68; Bahebera 6:4-6.
Matlhotlhapelo a Mangwe Gape
Monna wa me o ne a tshwarwa ke letshoroma, mme ka kgwedi ya January e le 9, 1919, o ne a swa fa le nna, ke ne ke robaditswe mo bolaong ke lwala jone bolwetse joo. Ke ne ka fola, mme ke ne ka tlhoafalela Walter thata thata.
Ereka Walter a ne a seyo, ke ne ka tshwanelwa ke go ya go bereka, ka gone ke ne ka rekisa legae la me mme ka ya go nna le kgaitsadi mongwe wa semoya. Ke ne ka isa dilwana tsa me mo legaeng la kgaitsadi yo mongwe kwa Saugus, Massachusetts. Morwawe, ebong Fred A. Gott, moragonyana o neng a nna monna wa me wa bobedi. Re ne ra nyalana ka 1921, mme mo dingwageng tse di latelang tse tharo, re ne ra nna batsadi ba ga Fred le Shirley.
Kgang ya go Obamela Folaga
Moragonyana ga moo, fa Fred le Shirley ba ne ba le mo sekoleng sa botlhe, kgang ya go obamela fologa e ne ya tsoga. Kgang e ne e ikepetse mo dithutong tsa Bibela kaga gore “tshabañ kōbamèlō ea medimo ea disètwa.” (1 Bakorintha 10:14) Mokaulengwe mongwe yo mmotlana wa Phuthego ya Lynn o ne a ganne go obamela le go supa boikanyegi mo folageng. Mo lobakeng lo lo sa feteng kgwedi bana ba supa mo phuthegong ba ne ba kobiwa kwa sekoleng, mo go bone go na le Fred le Shirley.
Ke tshwanetse go dumela gore tota go ne ga re gakgamatsa go bo bana ba rona ba ne ba tsaya boemo joo kwa sekoleng jaaka ba dirile. Legale, re ne re ba rutile go tlotla lefatshe le folaga, gape re ne re ba rutile ditaolo tsa Modimo kaga go ikobela ditshwantsho le medimo ya disetwa. Jaaka batsadi, re ne re sa batle bana ba rona ba kobiwa mo sekoleng. Mme jaanong ka kgang e ne e setse e le gone, go ne go lebega fela go tshwanetse gore ba tseye letlhakore la Bogosi jwa Modimo. Ka gone ka go tlhatlhoba mabaka, re ne ra tlhaloganya gore bana ba rona ba ne ba dira se se siameng le gore fa re ikanya Jehofa dilo tsotlhe di ne di tla direla go neela leina la gagwe bosupi.
Go Rulaganngwa ga Sekole sa Bogosi
Jaanong potso e ne e le gore, Bana ba ne ba tla bona thuto jang? Ka lobakanyana re ne re leka go ba ruta kwa magaeng ka dibuka dingwe le dingwe tse re neng re ka kgona go di bona. Mme nna le monna wa me re ne ra nna le bothata mo ngwageng eo ya ntlha ya sekole jaaka re leka go ruta bana ba rona ba babedi. Monna wa me o ne a bereka ka nako e e tletseng, mme ke ne ke dira tiro ya go tlhatswa le go gatisa go oketsa madi mo lapeng. Mo godimo ga moo, ke ne ke na le ngwana yo o nang le dingwaga di le tlhano wa mosimane, ebong Robert yo ke neng ke tshwanetse go mo tlhokomela.
Mo e ka nnang ka nako eo, ka dikgakologo tsa 1936, Cora Foster, kgaitsadi mongwe mo phuthegong ebile a nnile morutabana mo dikoleng tsa botlhe tsa Lynn ka dingwaga tse 40, o ne a kobiwa mo tirong ya gagwe ka ntlha ya go sa obamele folaga le go sa tseyeng maikano a borutabana a a neng a le teng ka nako eo. Ka gone ga rulaganngwa gore Cora o tla ruta bana ba ba neng ba kobilwe kwa sekoleng le gore legae la rona le ne le tla dirisiwa jaaka Sekole sa Bogosi. Cora o ne a dira gore piano ya gagwe e romelwe ka sekepe e isiwe kwa legaeng la rona gammogo le dibuka dingwe go dirisiwa ke bana, mme bangwe ba basimane ba ba godileng ba ne ba dira ditafole ka dibokose tsa dinamune le ka dipolanka. Re ne ra simolola sekole mo dikgakologong tse di latelang ka bana ba le lesome.
Morwaake yo mmotlana, Robert, o ne a simolola thuto ya gagwe ka go nna mo mophatong wa ntlha kwa Sekoleng sa Bogosi. “Pele ga re simolola tiro ya tlelase ya ka metlha,” go ne ga gakologelwa jalo Robert, “Sekole saBogosi se ne se simolola ka pina ya Bogosi letsatsi lengwe le lengwe, mme go tswa foo mo sephatlong sa oura re ne re ithuta thuto ya Tora ya Tebelo ya beke e e latelang.” Mo malatsing ao Mokgatlho o ne o sa kwale dipotso tsa dirapa tsa setlhogo se se ithutiwang, ka gone e ne e le boikarabelo jwa bana go ntsha dipotso tsa dirapa tse di neng di tla dirisiwa kwa pokanong ya phuthego.
Cora e ne e le morutabana yo o ineetseng. “Fa ke ne ke na le mongannganyego,” Robert o a gakologelwa, mme sekole se tswetswe go fitlhelela bolwetse jo bo tshelanwang joo bo nyelela, “kgaitsadi Foster o ne a etela ntlo nngwe le nngwe ya ngwana wa sekole go ba fa tiro ya kwa lapeng.” Lefa a ne a ineetse, o tshwanetse a ba a ne a etle a sulafalelwe ka dinako tse dingwe, ereka a ne a tshwanetse go ruta bana botlhe mo mephatong e e 12 mo kamoreng e le nngwe. Kwa bokhutlong jwa sebaka sa dingwaga tse tlhano tse re neng ra nna le Sekole sa Bogosi mo legaeng la rona ka tsone, go ne go na le bana ba le 22 ba ba neng ba tsena sekole seo.
Tlhaolele le Bopelonomi
Kgang ya go obamela folaga ga e a ka ya tlisa fela nako ya diteko le dikgatelelo mme gape e ne ya tlisa kanamiso e ntsi ka lokwalo-dikgang le radio. E ne e le selo se se tlwaelesegileng thata go bona batsaya-ditshwantsho fa pele ga legae la rona ba tsaya ditshwantsho tsa bana jaaka ba ne ba goroga kwa Sekoleng sa Bogosi. Bontsi jwa baagelani ba rona, ba ba neng pele ba le botsalano, jaanong ba ne ba simolola go nna baganetsi. Ba ne ba akanya gore ke selo se se maswe thata mo baneng ba rona go gana go obamela folaga ya Amerika. ‘Tota ebile,’ ba ne ba etle ba rialo, ‘a ga se lefatshe leno le le lo neelang borotho le botoro?’ Ba ne ba sa tlhaloganye gore kwantle ga tlhokomelo ya ga Jehofa, go ne go ka seke go nne le borotho kana botoro.
Mo letlhakoreng le lengwe, go ne go na le ba bangwe ba ba neng ba tlhaloganya kgang e e neng e kopanyelediwa mme ba ne ba re ema nokeng. Fa batho ba ba mo boagelaning ba ne ba tsogologela lebenkele la dijo kwa molebedi wa phuthego ya rona a neng a direla jaaka mookamedi teng, motho mongwe yo o ratang kagiso yo o kgatlhegelang kgololesego ya setho o ne a tlisa bontsi jwa dijo kwa lebenkeleng mme a di anamisa kwantle ga tlhwatlhwa mo bakaulengweng mo phuthegong.
Morwaake Robert o ne a seka a letlelelwa go tsena mo sekoleng sa botlhe go iitlhelela ka 1943, fa Kgotla-Kgolo ya United States e fetola boemo jwa yone mo kgannyeng ya go obamela folaga.
‘Senwelo Sa Me se Ntse se Tletse’
Abo ke ile ka ipela jang ne go bona Robert a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa a bo a kolobediwa kwa kopanong kwa St. Louis ka 1941. E ne e le kwa kopanong eo gape, kwa bana ba me botlhe ka boraro jwa bone ba neng ba nna le tshiamelo gareng ga bana ba bangwe ba bantsi ya go amogela sekaelo sa botho sa mahala sa buka ya Children mo go mokaulengwe Rutherford, yo ka nako eo a neng a le mookamedi wa Watch Tower Society.
Ka 1943 morwaake yo mogolo ebong Fred o ne a tsaya bodihedi jwa bobulatsela jwa nako e e tletseng. Lefa go ntse jalo, seno se ne sa tsaya dikgwedi di sekaenyana fela, ereka Ntwa ya Lefatshe II e ne e phagetse, mme o ne a le mo ngwageng ya go hakelwa bosole. Fa lephata le le hakang la lefelo leo le gana go lemoga maiphako a gagwe a go lesiwa jaaka modihedi, o ne a atlholelwa dingwaga tse tharo mo kgolegelong ya puso kwa Danbury, Connecticut. Ka 1946 o ne a gololwa, mme kwa bokhutlong jwa ngwaga eo, o ne a direla jaaka modiri wa nako e e tletseng kwa ntlong-kgolo ya lefatshe lotlhe ya Watch Tower Society mo Brooklyn, New York, kwa a ileng a ipelela dingwaga di le mmalwa tsa tirelo teng. Jaanong ke molebedi, o direla le lelapa la gagwe mo Providence, Rhode Island.
Ka 1951, Robert, le ene, o ne a lalelediwa kwa Bethele, o santse a le koo go fitlhelela gompieno le mosadi wa gagwe Alice. Ene le ene ke molebedi mo phuthegong nngwe ya New York City.
Mme go bo go nna le morwadiake yo o rategang thata ebong Shirley, yo o neng a sala kwa gae. O ne a re tlhokomela le monna wa me go fitlhelela monna wa me a swa ka 1972; fa e sale ka nako eo o ntse a le kgomotso e kgolo mo go nna. Tota ga ke itse gore dilo di ka bo di tsamaile jang fa a ne a seo, mme ke motlotlo mo go Jehofa ka ntlha ya lorato lwa gagwe le boineelo.
Jaanong ke na le dingwaga di le 95, mme lefa go le jalo tsholofelo ya tsamaiso e ntšha ya ga Jehofa e phatsima le e leng go feta pele. Ka dinako tse dingwe ke iphitlhela ke re, “o ka re ke ka bo ke na le maatla a ke neng ke na le one dingwaga tse di fetileng.” Ga ke sa tlhole ke kgona go tsamaya ka ntlo le ntlo, mme fela fa ke santse ke na le loleme, ke tla tswelela-pele go galaletsa Jehofa. Ke anaanela tshiamelo eno thata gompieno go gaisa pele mo botshelong jotlhe jwa me. Ee, ‘senwelo sa me se ntse se tletse.’—Pesalema 23:5.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Sekole sa Bogosi se tshwaretswe mo legaeng la rona mo dingwageng tsa bo-1930
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Tarissa Gott le Robert, Shirley, le Fred