Go Nna Gaufi le Phuthego ya ga Jehofa
Jaaka go Boletse John Barr
KE NE ke le mo karolong ya bofelo ya loeto lwa me lwa go ya gae ngogola ka June, ke palame sefofane go tswa kwa Glasgow go ya Aberdeen. Jaaka sefofane sa rona se palamelela kwa godimo mo godimo ga naga e talana ya Scotland le mo godimo ga noka e e elelang ka bonya ya Clyde, ke ne ka gakologelwa bogologolo ka ngwaga wa 1906 le legae le le botlana la Bishopton, le le ikgarileng golo gongwe kwa tlase koo kafa borweng jwa noka eo.
Kana, oo e ne e le ngwaga le lefelo leo mmemogolo, ebong Emily Jewell, a neng a simolola go bala buka ya ga Charles T. Russell, e e bidiwang The Divine Plan of the Ages ka lone. Ka bonako fela a lemoga boammaaruri jwa gore Bibela ga e rute thuto ya molelo wa dihele. Go ise go ye kae barwadie ba babedi ba meroba ebong Bessie le Emily (yo a neng a tloga a nna mmè) le bone ba ne ba simolola go bona lesedi la boammaaruri le phatsima mo gare ga letobo la dithuto tsa maaka tse di neng di rutwa ke United Free Church of Scotland. Ka 1908 Mmemogolo o ne a supa boineelo jwa gagwe jwa go dira thato ya Modimo ka go kolobediwa, mme bomorwadie ba ne ba kolobediwa ka bokhutshwane fela morago ga moo.
Rre e ne e le mokwaledi wa phuthego gone mo kerekeng eo ya United Free Church mo Bishopton. O ne a sa bolo go nna a ketefalelwa ke go dumela thuto ya Tharo-nngwe, jalo moruti wa kereke o ne a ithaopela go rera thero e e kgethegileng mo Sontageng mongwe go mo thusa. Go ne go lekane! Fa rre a reeditse boiteko joo jwa go tlhalosa, a tlhatswega pelo gore thuto ya Tharo-nngwe e ne e le ya maaka. O ne a tlogela kereke eo mme a kolobediwa ka 1912 a supa boineelo jwa gagwe mo go Jehofa. Ka bokhutshwane morago ga moo batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa bokone jwa Aberdeen le bana ba bone ba babedi, Louie le James, mme ke ne ka tsholelwa koo ka 1913.
Ke ne ka nna ke akantse kaga dingwaga tseo tsa ntlha le kaga boiteko jwa batsadi ba me jwa go godisetsa rona bana ba bararo mo ‘ko- tlhaong le mo taong ya ga Jehofa’ jaaka sefofane se simolola go welela ka dithota, dinoka, le mekgatšha tseo ke sa bolong go di itse ke santse ke le ngwana. (Baefesia 6:4) Mo mosong ono o montle wa letsatsi le le tlhabileng sentle, a bo ke ne ka lebogela Jehofa kgodiso eo ya batsadi jang ne! Ke ne ke itse gore e nthusitse go nna gaufi le phuthego ya ga Jehofa ka metlha.
Botlhokwa jwa Thapiso ya Bonyana
Lelapa la rona le ne le nna le itumetse ebile le utlwana. Fa ka nako nngwe Rre le Mmè ba ne ba sa dumalane mo sengweng, ba ne ba leka gore le ka motlha ba seka ba go supa fa pele ga rona bana. Seno se ne sa dira gore re seka ra tlotla fela batsadi ba rona mme re tlotle gape le kagiso ya mmatota le polokesego e e neng e rena mo legaeng la rona.
Dingwe tsa dilo tse ke di ratang tse ke gakologelwang ke tsa meletlonyana ya rona ya lelapa ya maitseboa. Re ne re ithulaganyetsa boitloso-bodutu ka borona, re dira dilo tse di tshwanang le go opela le diletswa tsa rona le go tshameka mmogo metshameko e e tshamekelwang mo lomating e e tshwanang le Mhele. Gape, go sa kgathalesege gore Rre o ne a tshwaregile go le kana kang, o ne a seke a tlhoka go senya nako e e rileng le rona mo e ka nnang letsatsi lengwe le lengwe, a re balela Bibela le dikgatiso tsa Watch Tower kwa godimo, gammogo le dibuka tse dingwe fela tse di seng thata le tse di rutang. Dilo tse tsotlhe di ne tsa thusa mo go bolokeng lelapa la rona le kitlane jaaka re ntse re gola.
E ne e le rona fela ba lelapa le le “mo boammaaruring” mo karolong eo ya bokone jwa Scotland mo dingwageng tseo tsa pele. Ka baka leo, legae la rona le ne la itsiwe thata ke baemedi ba bantsi ba ba etang ba Watch Tower Society (ba ba neng ba bidiwa baeti ka nako eo), ba ba tshwanang le Albert Lloyd, Herbert Senior, le Fred Scott. Bangwe ebile ba ne ba tswa kwa ntlong-kgolo ya Mokgatlho kwa Brooklyn, New York, go akareletsa le W. E. Van Amburgh le A. H. Macmillan. Maeto ano a ne a le botlhokwa thata mo dingwageng tseo tsa me tsa ntlha.
Le gompieno ke santse ke ikutlwa ke lebogela batsadi ba me moya wa go amogela baeng ka pelo yotlhe o ba neng ba o bontsha. Seno se ne sa nonotsha botshelo jwa lelapa la rona, mme lemororo ke ne ke santse ke le mosha ke ne ka simolola go oketsa go anaanela ga me bakaulengwe botlhe. Ao, ana batsadi ba ka dira mo go golo jang ne mo go tlhagoleleng sebofo sa lorato lo lo bothito gareng ga bana ba bone le bakaulengwe ba bone ba ba mo lefatsheng ka bophara!
Go Dirisana le Bothata jwa Botho
Fa ke simolola dingwaga tsa me tsa bolesome, ke ne ka nna mosimane yo o ditlhong le yo o ratang go nnela kwa thoko. Fa ke ntse ke gola, bothata jwa go kopana le batho le go tlotla le bone le jone bo ne jwa oketsega. Go nna ditlhong mo go ne ga nna sekgoreletsi se segolo ka ditsela tse dintsi mme bogolo jang fa go tla mo go reng ke supe tumelo ya me ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi.
Ka bokhutshwane morago ga Ntwa ya Lefatshe I, mmemogolo le mmè ba ne ba nna Basupi ba ntlha mo Aberdeen go tsaya karolo mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. Rona bana re ne re arola mo go abeng dipampitshana, mme jaanong gore nna ke buisanye le batho mo magaeng a bone—ruri, seo e ne e le selo se se farologaneng E ne e le kgwetlho tota! Mme labofelo ke ne ka e kgona. Ga ke kitla ke lebala maitseboa ao a Sontaga ka November 1927 fa ke ne ke bolelela rre gore ke ne ke tla mo pata mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. E ne e le santlha ke bona dikeledi di elela mo marameng a ga rre dikeledi tse di neng di supa gore o itumetse!
Masetlapelo a Lelapa a ne a Nkama
Go ritibala ga botshelo jwa lelapa la rona ka kagiso go ne ga senyega mo phirimaneng ya letsatsi la June 25, 1929, fa ke ne ke na le dingwaga di le 16. Morago ga fa mmè le kgaitsadiake, ba sena go tlhola letsatsi lotlhe mo bodiheding, ba ne ba itlhaganeletse kwa gae go ya go baakanyetsa Rre dijo tsa maitseboa. Ka tshoganetso, Mmè o ne a thulwa ke sethuuthuu se se neng se siane thata, sa mo tswatswaila mo mmileng dimetara di ka nna 37. Dikgobalo tsa gagwe tsa mo tlhogong di ne di le maswe mo go neng go sa solofelwa gore o tla tshela. Mme ka baka la tlhokomelo e e lorato ya ga kgaitsadiake Louie ya dikgwedi tse dintsi, o ne a tshela. Fa nako e ntse e ya, Mmè o ne a kgona go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng ka selekanyo se se rileng go fitlhelela a swa ka 1952.
Boitemogelo joo jo bo tshikinyang maikutlo bo ne jwa ntirela sengwe se se botlhokwa thata—bo ne jwa dira gore ke tsee botshelo jwa me le seo ke neng ke se dira ka jone ka masisi. Mo selemong seo ke ne ka simolola go ithuta Bibela ka tlhoafalo go feta pele—ke ne ka dira boammaaruri selo sa me. Seno e ne ya nna phetogo e kgolo mo go nna; mme ke ne ka ineela mo go Jehofa go mo direla botshelo jotlhe jwa me. Lefa go ntse jalo, ke ne ka seka ka nna le sebaka sa go supa boineelo jwa me ka go kolobediwa mo metsing go fitlhela dingwaga di sekae morago.
Go Tsenelela Tirelo ya Nako e e Tletseng
Fa ke tlogela sekolo ka 1932, ke ne ka simolola go ithuta boinjiniere jwa go baakanya dikoloi le jwa motlakase Mo metlheng eo mo Britain, go ne go sa kgothalediwa jaaka gompieno gore basha ba tsenelele tiro ya nako e e tletseng ya go rera jaaka babulatsela Lefa go le jalo, jaaka dingwaga di ntse di tswelela, ke ne ka itse kwa ke tshwanetseng ka bo ke senya maatla a me teng—eleng mo bodiheding jwa nako e e tletseng.
Ke gakologelwa sentle thata sengwe se re neng ra se ithuta mo tshimologong ya 1938 seo se neng sa gatelela mo go nna melemo ya go nna gaufl le phuthego ya ga Jehofa le go dirisa ditao tsa yone ka bonna. E ne e le ditokololo tsa makasine wa Tora ya Tebelo tse di neng di bua ka Jona di tlhalosa boitemogelo jo a neng a nna le jone fa a ne a tshaba go dira kabelo ya gagwe ya tirelo. Ke ne ka tsenya thuto eno mo pelong ya me, ka fetsa mogopolo wa me gore ke seka ka ba ka gana kabelo epe fela e ke ka e neelwang ke phuthego ya ga Jehofa. Ke ne ke sa lemoge gotlhelele gore ke ne ke letetswe ke dikabelo tse dintsi tsa bolegodimo tse di neng di tla leka tshwetso ya me.
Ke ne ka rapelela kaelo, mme karabo e ne ya tla ka lekwalo le ke neng ke sa le solofela le le neng le tswa ntlong-kgolo ya Mokgatlho kwa London, le nkopa gore ke akanyetse go nna leloko la lelapa la Bethele. Ka tlhoafalo ke ne ka tsaya sebaka seo go tsena ka kgoro e kgolo e e isang ditshiamelong tse dikgolo tsa tirelo. Ka gone, ka April 1939 ke ne ka iphitlhela ke bereka le Harold King, yo kwa morago a neng a direla jaaka morongwa mo China mme, ka baka la tiro ya gagwe ya go rera, a neng a nna dingwaga di le dintsi mo kgolegelong ya puso ya sekomanisi. Re ne re dira tiro ya go tlhama metšhine e e gatisang mantswe gammogo le ditshwantsho e e neng e dirisediwa go gasa dithero tse di gatisitsweng mo magaeng a batho.
Nna le Harold re ne re etle re akanye ka mefuta yotlhe e e farologaneng ya batho bao labofelo ba neng ba tla reetsa molaetsa wa Bogosi ka sedirisiwa se re neng re se dira. Ka tsela eno re ne re seke re lebala matswela a tiro ya rona. Fa e sale go tloga ka nako eo, mo dikabelong tsotlhe tse di farologaneng tse ke di abetsweng kwa Bethele, ke lekile ka bojotlhe go boloka pono eno. Seno se dirile gore tiro ya me e nne e e ipedisang eleruri le gore ka metlha e bo e solegela molemo tiro ya go rera kaga Bogosi.
Ditshiamelo tsa Tirelo
Ka bokhutshwane morago ga ke sena go goroga kwa Bethele ya London, ke ne ka tlhophiwa jaaka motlhanka wa setlhopha (yo jaanong a bidiwang molebedi yo o okamelang) wa phuthego e e neng e na le baboledi ba feta 200. Pele ga moo, ke ne ke le molebedi wa phuthego e e neng e na le baboledi ba le lesome fela! Go tswa foo ke ne ka abelwa go tlhokomela Lephatala Dibuela-godimo la kopano e kgolo ya naga eo yotlhe e e neng ya tshwarelwa mo Leioester ka 1941. Ka nako eno, ke ne ke na le boitemogelo jo bo seng kalo jwa dibuela-godimo.
Morago ke ne ka abelwa tiro ya go eta jaaka motlhanka wa bakaulengwe, yo jaanong a bidiwang molebedi wa potologo. Go ne go na le batlhanka ba le barataro fela ba mofuta oo mo Britain fa tiro eo e ne e simololwa ka January 1943. Kabelo eo ya me e ne e tshwanetse go nna ya kgwedi fela, mme go ne ga felela ke etela diphuthego dingwaga tse di fetang tse tharo. Mo go tsone dingwaga tse di boima tseo tsa Ntwa ya Lefatshe II, ke ne ka okamela dikopano tse tharo tse dikgolo-selo se ke neng ke ise ke ko ke se dire pele.
Tiro ya go eta mo metlheng eo e ne e farologane fela thata le jaaka e ntse gompieno. Re ne re le mo tseleng nako le nako, mme go tsamaya o ralala Britain yotlhe mo dingwageng tseo tsa ntwa ka dinako tse dingwe e ne e nna selo se se boima tota. Mo makgetlong a a fetang le le lengwe ke ne ka tshwanelwa ke go tsamaya karolo e nngwe ya loeto lwa me ka baesekele go tswa kwa phuthegong e nngwe go ya kwa go e nngwe. Go na le go etela phuthego e le nngwefela ka beke, jaaka balebedi ba ba etang ba dira gompieno, fa diphuthego e ne e le tse dipotlana, re ne re etela tsa bontsi jo bo ka nnang thataro mo bekeng e le nngwefela!
Thulaganyo ya letsatsi la rona e ne e ntse jaana: Re ne re tsoga ka halofo morago ga oura ya botlhano phakela; mme morago ga go fitlhola, re etele phuthego e nngwe e le gore re tle re simolole go tlhatlhoba dipego tsa phuthego ka oura ya borobedi. Gantsi re ne re senya thapama re dira bodihedi jwa tshimo, go bo go latela pokano ya oura e le nngwefela le batlhanka ba phuthego mo phirimaneng mme go tswa foo go latele puo e e neelwang phuthego. E ne e nna ka sewelo fela gore ke robale pele ga 11, wa bosigo kana le e leng morago fa ke ne ke kwala pego ya letsatsi leo ya phuthego mo phirimaneng yone eo. Mantaga mongwe le mongwe re ne re mo dirisa mo go kwaleng dipego tsa beke eo, thuto ya botho, le tiro nngwe fela ya go baakanyetsa beke e e latelang.
‘A thulaganyo ya beke ya tiro e ntsi ruri,’ a wa rialo? Ee, go ne go ntse jalo, mme, ao, abo go ne go itumedisa jang ne go ikutlwa gore re nonotsha bakaulengwe mo dingwageng tseo tsa ntwa fa go atamalana le phuthego ka metlha go ne go sa kgonege ka dinako tsotlhe! Ka boammaaruri tota, re ne re na le kgotsofalo ya go ikutlwa gore re thusa diphuthego go “kgothala mo tumeloñ.”—Ditihō 16:5.
Go Boela Tirelong ya Bethele
Ke ne ka kopiwa go boela tirelong ya Bethele ka April 1946. Ke ne ka itumelela go dira jalo, mme ke ne ka bona gore botshelo jwa me bo ne bo nonotshitswe semoyeng ke tiro ya go eta e ke neng ke e dirile dingwaga tse tharo le sephatlo. Jaanong phuthego e ne e le botlhokwa fela thata mo go nna, mme ke ne ke ikutlwa jaaka ekete ke ne ke ntse ke dira se se tlhalosiwang mo go Pesalema 48:12, 13: “Tlalatlalañ le Siona, lo bo lo o potonogè; balañ dikagō tsa phemèlō tsa ōna. . . . lo akanyè matlo a ōna a dikgosi.” Go etela batho ba Modimo ba bantsi thata go ne go dirile gore lorato lwa me lo gole mo ‘bakaulengweng botlhe.’—1 Petere 2:17.
Fa ke sena go boela kwa Bethele, ke ne ka nna le tshiamelo ya go tlhokomela tiro e ntsi ya go gatisa e e neng e dirwa kwa magatisetsong a rona a a kwa London mme morago ka nna le seabe mo tirong ya go dira dipolata tse di gatisetsang. Go tloga foo, ka September 1977 ke ne ka neelwa le tshiamelo e e sa tlwaelegang ya go nna leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, se se nnang mo Brooklyn, kwa New York, U.S.A.
Ruri ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke ikutlwe ke batla go ‘tshaba’ dikabelo tse dingwe tse di bokete thata tse ke neng ke di neelwa. Mme ke tloge ke gakologelwe Jona le phoso e a neng a e dira, mme ke boeletse mo mogopolong wa me tsholofetso e ntle e e iitlhelwang mo go Pesalema 55:22 e e reng: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa: ga a ketla a leseletsa mosiami gopè go tshikiñwa.” Abo ke bone fa mafoko ano a le boammaaruri jang ne!
Jehofa ga a ke a kopa ope wa rona go dira sengwe se a itseng gore ga re kake ra se kgona. Lefa go ntse jalo, ke ka thata ya gagwe fela re kgonang go dira se a se kopang. Mme selo se sengwe gape—fa tota o rata bakaulengwe ba gago ba o dirisanang le bone, ba tla go tshegetsa le go go ema nokeng, ba dirisana le wena “ka tumalanō e le ñwe hèla” gore ba go thuse go sikara morwalo wa tiro eo o e abetsweng.—Sefania 3:9.
Botsalano jo bo Kgethegileng
Legale, ka metlha go nna le bakaulengwe bangwe ba Bakeresete ba o ikutlwang o atamalane nabo ka tsela e e kgethegileng Mongwe wa bano e ne e le Alfred Pryce Hughes, yo o neng a tlhokafala ka 1978. Polelo ya botshelo jwa gagwe e ne e le mo tokololong ya April 1, 1963, ya The Watchtower. O ne a diretse ka dingwaga tse dintsi jaaka motlhanka wa lekala, mme moragonyana ga moo ka fetoga leloko la Komiti ya Lekala. O ne a ratwa thata ke bakaulengwe ba Britain ka ntlha ya go tlotla ga gagwe phuthego ya ga Jehofa mo go golo le go ikanyega mo go yone le go bo a ne a rata bakaulengwe botlhe. Selo se sengwe e ne e le go rata ga gagwe bodihedi jwa tshimo. Seno ga se ise se ko se fokotsege mo botshelong jotlhe jwa gagwe, go sa kgathalesege boikarabelo bope jo a neng a tshwanelwa ke go bo sikara. Go dira mmogo le bakaulengwe ba ba ikanyegang ba ba tshwanang le Pryce e nnile selo se se nthusitseng tota, sa nonotsha boikemisetso jwa me jwa go nna gaufi le phuthego ya ga Jehofa le go nna ke tlhagafetse mo bodiheding
Ka October 29, 1960, ke ne ka simolola botsalano jo bo kgethegileng fela thata le mmulatsela mongwe wa nako e telele yo o tlhagafetseng ebile e le morongwa wa setlhopha sa bo-11 sa Gilead, yo ka nako eo a neng a direla mo Ireland. Mo letsatsing leo ke ne ka nyalana le Mildred Willett, mme fa e sale go tloga nako eo o nnile motshegetsi wa me yo o ikanyegang mo tirelong ya Bethele.
Pele ga mmaagwe Mildred a tlhokafala ka 1965, o ne a gakolotse morwadie gore a seka a “boulelela Jehofa.” Ka metlha Mildred o ne a gakologelwa mafoko a ga mmaagwe, mme seno se mo thusitse gore a seka a ngongorega fa nako nngwe ke tshwanelwa ke go bereka go feta nako e e tlwaelegileng Seno se nthusitse fela thata go dira tiro nngwe fela e e oketsegileng e ke e abelwang ka boitumelo. Roo-babedi re itumeletse segolo bogolo go abalana maiteanogelo a mantsi a a itumedisang mo bodiheing.
Ka sekai, banyalani bangwe ba basha ba re neng ra ithuta Bibela le bone, ba ne ba tswelela ka bofefo go ya bokgakaleng jwa go ineela le go kolobediwa le go kopanela ka metlha mo bodiheding. Re ne ra itumela total Go tswa foo, ka tshoganetso, kwantle ga lebaka lepe le le utlwalang, ba ne ba emisa go kopanela. Nna le Mildred re ne ra swaba, mme re ne ra nna ra ipotsa gore re ne re fositse fa kae fa re ntse re ba tutintsha. Re ne re rapela Jehofa gangwe le gape gore a bule dipelo tsa bone gape gore ba supe go rata boammaaruri ga bone. Akanya boitumelo jwa rona fa re ne re amogela lekwalo le le tswang kwa banyalaning bano morago ga dingwaga tse di lesome ba re bolelela gore ba ne ba boetse ba kopanela ka tlhoafalo le gore legae la bone jaanong e ne e le bokopanelo jwa Thuto ya Buka?
Monna ebong Will o ne a kwala jaana: “Ke batla go lo lebogela thuso yotlhe le kakanyetso e e lorato e lo re e bontshitseng . . . Go koafala ga me e ne e le molato wa me, kanaanelo ya pelo ya me e ne e sa siama . . . Re iponetse boipelo jo bogolo jwa go boela mo phuthegong ya ga Jehofa . . . Ke ka ntlha ya go bo ke lo gakologelwa ka lorato go bo ke lo kwalela bosigong jono, ekete Jehofa o ka tswelela a lo segofatsa loo-babedi mo go mo direleng ga lona.”
Mo lekwalong le lengwe, mmè mongwe o ne a re kwalela jaana kaga morwawe yo o bidiwang Mike: “Ke itumelela go bo baengele ba ne ba dira gore a nne gaufi le lona.” O ne a raya jang? Tota, Mike o ne a tlile le mmaagwe kwa kopanong gammogo le monnawe wa mosimane, mme tota ene o ne a sa kgatlhegele boammaaruri Mildred o ne a bona lekawana le le neng le ntse go bapa le ene mme a tlotla le ene. Go tswa foo re ne ra mo laletsa le monnawe roo-babedi go tla kwa London Bethel le go bona tiro e re e dirang.
Moragonyana, Mike o ne a tla, mme se a neng a se bona se ne sa tsosa kgatlhego ya gagwe mo a neng a kgona go tsweledisa thuto ya Bibela. Phelelo e ne ya nna efe? Jaanong ke mogolwane mo phuthegong, mme mosadi wa gagwe le bomorwawe ba babedi botlhe ba tlhagafetse mo bodiheding Nako nngwe e e fetileng mosadi wa ga Mike o ne a re kwalela jaana: “[Mike] o bua gangwe le gape kafa a neng a kopana le lona loo-babedi ka teng . . . Kafa a neng a kgatlhwa ka teng ke bopelonomi jwa lona le go mo kgatlhegela ga lona.”
Fa nna le mosadi wa me re amogela dipolelo tsa kanaanelo go tswa go mongwe yo o etsang Will kana Mike ba re neng ra nna le lesego la go ba thusa, dipelo tsa rona di penologa ka ditebogo go Jehofa tota! Abo “dikwalō tse di re hakañ” tseno tse di tshelang e le dituelo tse di tlhwatlhwa-kgolo jang ne-gotlhe e le karolo ya boitumelo jo re nnang najo ka go nna gaufi le phuthego ya ga Jehofa.—2 Bakorintha 3:1-3.
Go Direla kwa Ntlo-kgolong ya Lefatshe Lotlhe
“Morafe ka bo one.” Ke kafa morulaganyi wa pampiri ya dikgang ya Brooklyn Heights a neng a tlhalosa ka teng lelapa le legolo la Basupi ba ba fetang 3 500 ba ba nnang kwa Ntlong-kgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa mo Brooklyn, New York, le kwa Watchtower Farms, e e bokgakala jwa dikilometara di le 160 kwa bokone jwa New York. Ruri, batlodiwa ba ga Jehofa ke morafe wa semoya mo matlhong a ga Jehofa! Gompieno, matshutitshuti a batho a a tswang mo merafeng e e farologaneng ya lefatshe baa ikatametsa mme ba raya ba morafe o ba re: “Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.”—Sekaria 8:23; 1 Petere 2:9.
A o lemoga, he, kafa go neng ga itumedisa nna le mosadi wa me ka teng go nna karolo ya go ya go ile ya lelapa leno le legolo la Bethele? Kwantle ga tikatiko ke ka bolela gore dingwaga tse di fetileng tse di robang-bobedi tsa botshelo jwa me e nnile tse di tlhomologileng fela thata mo boitemogelong jotlhe jwa me jwa bolegodimo. Mono o bona sekao sa phuthego e e bonalang ya ga Jehofa; mono ke mo go baakanyediwang dijo tsa semoya teng di bo di romelwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe; mono o bona moya wa ga Jehofa o dira mo go gogeng le go kaela diphetso tsa botlhokwa tseo di tshwanetseng go dirwa; gape mono o ikutlwela go feta lefa e le kae go sele bosupi jo bo oketsegileng jwa tshegofatso ya ga Jehofa mo tirong ya go rera kaga Bogosi le go dira barutwa. Maitemogelo ano otlhe a bosheng le dilo tse di nkgatlhileng di ntlhotlheleditse ka mo go oketsegileng go nna gauñ le batho ba ga Jehofa go feta le e leng pele.
Ke boletse fela maitemogelo a se kae a boitemogelo jwa botshelo jwa me. Lefa go ntse jalo, a ka go thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang, fa erile sefofane se ke neng ke se palame labofelo se kotama kwa Boemela-difofaneng jwa Aberdeen mo mosong oo wa letsatsi le le tlhabileng sentle la June, ke ne ka ikutlwa ke lebogela Jehofa go bo ke santse ke le karolo ya bokaulengwe jwa rona jo bo ratanang jwa lefatshe ka bophara. Ke ne ke sentse nako ya loeto lwa sefofane ke ikgakolola dilo tse di diragetseng mo dingwageng tsa fa ke le mo boammaaruring, mme seno se ne sa nkgakolola gape kafa go leng mosola ka gone gore nako le nako re bo re ntse re bolela masego a mantsi a re a filweng ke Jehofa.—Pesalema 40:5.
Kgaitsadiake ebong Louie o ne a nkemetse go tla go ntumedisa—a santse a ikanyegile, a le tlhaga, a bile a na le kutlo morago ga dingwaga tse 60 a ntse a ineetse mo tirelong ya ga Jehofa. Ke ne ka lebogela Jehofa lesego leo le lengwe, ka gonne a moaposetoloi Paulo ga ka a re Jehofa o batla boikanyegi mo ‘balebalebing’ botlhe ba gagwe? (1 Bakorintha 4:2) Abo leloko le lengwe laflelapa le ka kgothatsa le lengwe thata jang ne ka go nna le ikanyegile!
Nako nngwe Moshe o ne a rapela a re: “Yalo u re rutè go bala malatsi a rona, gore re tlè re itseele pelo ea botlhale.” (Pesalema 90:12) Jaaka nna le Mildred re tsofala, re lemoga tlhokafalo ya go ikaega ka metlha ka botlhale jwa ga Jehofa gore re tle re kgone go dirisa botshelo jwa rona ka tsela eo e supang go mo rata ga rona le go rata bakaulengwe ba rona. Jehofa ka lorato o re bontsha tsela eo fa re nna gaufi le phuthego ya gagwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
John Barr (o fa pele kafa molemeng) mo e ka nnang ka ngwaga wa 1930 a na le morwa-rragwe, kgaitsedie, le batsadi ba gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
John Barr gompieno le mosadi wa gagwe Mildred