Bibela ya ga William Tyndale ya Batho Botlhe
ENE E LE letsatsi lengwe la May ka ngwaga wa 1530.a Tikologo ya kereke ya St. Paul kwa London e ne e tlhanasela ka batho. Mo boemong jwa go farakanela fa lefelong la barekisi ba dibuka le go amogana dikgang le go seba jaaka e le tlwaelo, boidiidi bo ne bo lebega bo kgoberegile dipelo. Molelo o ne o peperetla fa gare ga lefelo la borekisetso Mme e ne e se molelo o o tlwaelegileng fela o mogolo. Dibuka tse di tletseng mo mebanking di ne di olelelwa mo molelong lete banna bangwe Dibuka di ne di jewa ka molelo!
Le gone dibuka tseo e ne e se tse di tlwaelegileng. E ne e le Dibibela—“Tesetamente e Ntšha” le dikwalo tsa ntlha tse tlhano tsa Bibela tsa ga William Tyndale—tsa ntlha tse di kileng tsa gatisiwa ka Seesemane. Se se gakgamatsang ke gore, Dibibela tseo di ne di tshubiwa ka taolo ya Bishopo wa London, Cuthbert Tunstall. Tota ebile, o ne a sentse madi a mantsi a reka dikaelo tsotlhe tseo a neng a ka di bona. Se se neng se ka tswa se sa siama ka Dibibela tseo e ne e le eng? Ke eng fa Tyndale a ne a di kwala? Ke eng fa babusi ba ne ba ya bokgakaleng jo bo kalo go di fedisa?
Bibela—Buka e e Tswetsweng
Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe gompieno, ke selo se se motlhofo fela thata go reka Bibela. Mme go ne go sa nna jalo pele. Le e leng ka lekgolo la bo-15 le pelenyana ga la bo-16 kwa Ennyelane, Bibela e ne e tsewa jaaka selwana sa kereke, buka e e tshwanetseng go balwa fela kwa ditirelong tsa phatlalatsa gammogo le go tlhalosiwa ke baruti fela. Lefa go ntse jalo, se se neng se balwa e ne e le Bibela ya Selatine, eo batho fela ba neng ba sa e tlhaloganye kana go kgona go e reka. Ka gone, se ba neng ba se itse fela kaga Bibela e ne e le dipolelo fela le dithuto tsa boitsholo jo bo siameng tse di tswang mo baruting.
Mme batho fela e ne e se bone ba le bosi ba ba neng ba sa itse sepe ka Bibela. Go begwa gore, mo motlheng wa puso ya ga King Edward VI (1547-53) bishopo mongwe wa Glouocester o ne a fitlhela gore mo gare ga baruti ba le 311, bale 168 ba ne ba ka seke ba boeletse Melao e e Lesome mme bale 31 ba ne ba sa itse fa e fitlhelwang teng mo Bibeleng. Ba le masome a mane ba ne ba ka seke ba boeletse Thapelo ya Morena mme ba ka nna 40 ba ne ba sa itse yo o e simolotseng. Ke boammaaruri gore, John Wycliffe o ne a dirile Bibela ya Seesemane ka 1384, gammogo le dikakaretso tsa dikarolo tse di farologaneng tsa Dikwalo, jaaka tsa Efangele le Dipesalema, tse di neng di le teng ka loleme leo. Lefa go le jalo, Bibela tota e ne e ntse e le buka e e tswetsweng.
Maemo a a ntseng jaana a ne a tlhotlheletsa Tyndale go dira gore Bibela e fitlhe kwa bathong ba ba buang Seesemane. “Ke ne ka bona ka moo go seng motlhofo ka teng go dira gore batho fela ba bone boammaaruri,” o ne a kwala jalo, “fa e se gore Dikwalo di ranolelwe mo puong e ba kgonang go e bala le e e leng ya bone.”
Mme ka go ranolela Bibela mo Seesemaneng, Tyndale o ne a tsosa bogale jwa babusi. Ka ntlhayang? Ka ntlha ya gore pelenyana ka 1408 lekgotla la baruti le ne la kopana kwa Oxford, kwa Ennyelane, go dira phetso ya gore a batho fela ba ka letlelelwa go nna le dikaelo tsa Bibela tsa botho mo lolemeng le ba le dirisang Bontlhanngwe jwa phetso eo e balega jaana: “Ka gone re a laola le go tlhomamisa, gore go tewa jaanong go ya pele ga go na motho ope yo o senang tetla yo o tla ranoleleng karolo epe ya Dikwalo tse di boitshepo mo Seesemaneng kana loleme lepe fela . . . go ya ka molao o mogolo wa go kgaola, go fitlhelela thanolo eo e amogelwa ke bishopo wa lefelo, kana balaodi ba naga go ya ka seemo.”
Mo e ka nnang go feta lekgolo la dingwaga moragonyana, Bishopo Tunstall. Go ne a dirisa molao ono ka go tshuba Bibela ya ga Tyndale, lemororo Tyndale a ne a kopile tetlelelo mo go Tunstall.b Go ya ka pono ya ga Tunstall, thanolo ya ga Tyndale e ne e na le diphoso di ka nna 2 000 mme ka gone e ne e “senya batho, e le maaka, ebile e tsietsa batho ba ba aa rutegang.” A mme seno e ne e le maipato a a neng a neela bishopo tshwanelo ya go e fisa? A mme Tyndale e ne e le moranodi yo o senang kitso, yo o tlhaelang kitso ya Sehebera, Segerika, le Seesemane? Tyndale o ne aitse boranodi go le kana-kang?
Tyndale—A e Ne e le Moranodi yo o Senang Kitso?
Lemororo go tlhaloganngwa ga Sehebera le Segerika ka nako eo go ne go aa nna jaaka gompieno, goitse dipuo tseno ga ga Tyndale go ka tshwantshiwa sentle le bontsi jwa batho ba ba neng ba di ithutile ka nako ya gagwe. Se ee dirang gore dibuka tsa ga Tyndale di tlhomologe ke gore o ne a ea dirise fela phetolelo ya Vulgate ya Selatine gammogo le thanolo ya Sejeremane ya ga Luther. O ne a hukutsa foo dibukeng tsa Segerika tsa ntlha tse di gatisitsweng lantlha ka 1516 ke Erasmus. Gape Tyndale o ne a ea lebale boikaelelo jwa gagwe: go dira gore Dikwalo di nne motlhofo mo go mongwe le mongwe go di bala, go fitlha le kwa “mothong fela wa masimo.” Ka gone mokgwa le tiriso di ne di le motlhofo ebile di utlwala, mme di nonofile. Mme tiriso ya gagwe e e tshelang kwantle ga pelaelo e ne e bontsha boipelo jo a neng a bo itemogelela ka go dira tiro eo.
Ka gone go boammaaruri gore “Tyndale e ne e le moranodi yo go atlhola ga gagwe go neng go tlhomame ka mo go gakgamatsang A direla kafa tlase ga maemo a a maswe ka mo go sa tlwaelegang, a thusiwa ke kitso ya gagwe e kgolo ya motlha wa gagwe ya dipuo tsa Bibela, o ne a dira dithanolo tse di neng tsa kaela dithanolo tsotlhe tsa Seesemane tse di neng tsa latela.—The Making of the English Bible, e e kwadilweng ke Gerald Hammond, ditsebe 42, 43.
Thanolo e e Tlhomameng
Mo dikgannyeng tsa tlhomamo Tyndale gape o ne a bontsha tekanyetso e e kwa godimo. Ka sekai, fa a ne a ranola go tswa mo Sehebereng, o ne a leka go tlhamalala ka moo a ka kgonang ka gone, a ntse a bolokile mokgwa wa Seesemane o o motlhofo le o o lomaganang sentle. O ne a elatlhoko le e leng go tlhalosa ka botlalo jaaka Sehebera se dira ka go boeletsa lefoko “mme” le le kopanyang mafoko mo seeleng. (Bona Genesise kgaolo 33 mo go King James Version, e e bolokileng mo e ka nnang gotlhe mokgwa wa go kwala wa ga Tyndale.) O ne a elatlhoko thata bokao jwa kgang le go tila go oketsa kana go tlogela sepe mo bukeng ya ntlha, lemororo go akaretsa go ne go dirisiwa ke baranodi ba le bantsi mo motlheng wa gagwe.
Tlhopho ya mafoko ya ga Tyndale le yone e ne e le e e kelotlhoko ebile e tlhomame. Ka sekai, o ne a dirisa “lorato” mo boemong jwa “pelontle,” a dirisa “phuthego” mo boemong jwa “kereke,” le “mogolwane” go na le “moperesiti” fa go neng go tlhokafala. Seno se ne ea gakatsa thata bakgadi ba ba tshwanang le Sir Thomas More ka gore e ne e fetola mafoko a a neng a tsentswe mo ngwaong. Fa Dikwalo tsa pele di ne di batla go boaboelelwa ga lefoko, Tyndale o ne a le kelotlhoko go dira jalo. Go tshwantsha: Mo go Genesise 3:15, thanolo ya gagwe gabedi e bua ka ‘go gataka’ mo go dirwang ke losika lwa mosadi le ke noga.c
Gape Tyndale e ne e le ene yo o neng a simolola go dirisa leina la botho la Modimo, Jehofa, mo Bibeleng ya Seesemane. Jaaka mokwadi J. F. Mozley a ile a elatlhoko, Tyndale o ne a le dirisa “go feta makgetlo a le masome a mabedi [mo dithanolong] tsa gagwe tsa Tesetamente e Kgologolo.”
Fa go lebelelwa kwa morago mo diphelelong tsa maiteko a ga Tyndale le go nnela ruri ga dinonofo tsa one, tlhatlhobo eno ya segompieno e sobokanya sentle tiro ya gagwe jaana: “Boikanyegi jwa ga Tyndale, bopeloephepa bothokgami jo bo feletseng, go tlhamalala ga gagwe mo go motlhofo, mokgwa wa gagwe wa go kwala o o gakgamatsang, molodi, di mo neetse tlotlo mo go kwalang ga gagwe mo go ileng ga nna le matswela mo mekwalong ya morago. Selekanyo sa boroba-bongwe mo lesomeng sa Authorised New Testament [King James Version] e santse e le ya ga Tyndale, mme e e botoka thata e santse e le ya gagwe.”—The Bible in Its Ancient and English Versions, tsebe 160.
Mokwalo wa ga Tyndale e Ne e Se wa Lefela
Go falola pogiso ya babusi, Tyndale o ne a tshabela kwa bogareng jwa naga ya Yuropa go tsweledisa tiro ya gagwe. Mme kwa bofelong o ne a tshwarwa Ka go bonwa molato wa go tlatsa maaka. go ne a kgamiwa le go fisediwa mo koteng ka October 1536. Thapelo ya gagwe ya bofelo e ne e le eno: “Morena, bula matlho a Kgosi-kgolo ya Ennyelane.” O ne a sa itse gore mo bogautshwaneng seemo se ne se tla fetoga. Ka August 1537, e leng kwa tlase ga ngwaga fela morago ga loso la ga Tyndale, King Henry VIII o ne a golola Bibela e e neng e itsiwe ka kakaretso jaaka Matthew’s Bible. O ne a laola gore e rekisiwe ka tshosologo le go balwa mo pusong ya gagwe.
Matthew’s Bible e ne e le eng? Moperofesa F. F. Bruce o tlhalosa jaana: “Fa e tlhatlhobi- wa go fitlhelwa gore tota-tota ke Dikwalo tsa ntlha tse tlhano tsa Bibela tsa ga Tyndale, mokwalo wa ga Tyndale wa hisitori ya Tasetamente e Kgblogolo go ya go fitlha kwa go 2 Ditihalō . . . Thanolo ya ga Coverdale ya dibuka tse dingwe tsa Tasetamente e Kgolo-golo le ya ga Apocrypha, le Tasetamente e Ntšha ya ga Tyndale ya 1535.” Ka gone, mokwadi o a tswelela, “e ne e le sesupo sa tiro ya tshiamiso . . . gore Bibela ya ntlha ya Seesemane go gatisiwa kafa tlase ga teseletso ya segosi e nne Bibela ya ga Tyndale (ereka thanolo ya ga Tyndale e ne e santse e le teng), lefa gone go ne go ise go tshwanele go dirisa leina la ga Tyndale phatlalatsa.”
Mo dingwageng di sekae, dithibelo tsotlhe di ne di tla tlosiwa. Fa thanolo ya Bibela e e neng e itsege jaaka Great Bible—e leng poeletso ya Matthew’s Bible—e ne e ntshiwa ka 1541 go bo go laelwa gore e bewe mo kerekeng nngwe le nngwe mo Ennyelane, tsebe ya setlhogo e ne e akareletsa tlhaloso eno: “E okametswe le go tlhatlhobiwa ka taelo ya kgosi e e tlotlegang, ke baruti mo Moreneng ebong Cuthbert bishopo wa Duresme, le Nicholas bishopo wa Rochester.” Ee, ‘bishopo ono wa Durham’ e ne e se ope fela fa e se Cuthbert Tunstall, yo pele a neng a le bishopo wa London. E ne yo o neng a ganetsa ka maatla dibuka tsa ga Tyndale jaanong o ne a neela tetla ya gore Great Bible e ntshiwe, e e santseng tota e le buka ya ga Tyndale.
Tetlelelo ya Bofelo
Go hala ka dikgaruru tseo mabapi le Bibela le letlhoo la baranodi ba yone go ka nna ga gakgamatsa gompieno. Mme gongwe se se gakgamatsang thata ke lebaka la gore, go sa kgathalesege maiteko a bone, baganetsi ga ba ise ba ke ba kgone go dira gore Lefoko la Modimo le seka la ntlha kwa bathong fela. “Boyañ bo tlo bo omèlèle, sethunya se shwabe,” go ne ga rialo moperofeti lsaia, “me lehoko ya Modimo oa rona le tla ema ka bosakhutleñ.”—Isaia 40:8.
Tyndale le ba bangwe ba ne ba bereka kafa tlase ga matshosetsi a go bolaiwa. Mme ka go dira gore Bibela e nne gone mo bathong ba le bantsi mo lolemeng la bone, ba ne ba ba bulela tsholofelo, eseng ya loso, mme e leng ya botshelo jo bosakhutleng el aaka Jesu Keresete a ne a bolela: “Me botshelō yo bo ea khutleñ ke yo, gore ba gu itse. wena, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Ka gone, ekete re ka ngomaela le go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo.
[Dintlha tsa kwa tlase]
a Ditiragalo tse di tshwanang le tse di tlhalositsweng fano di ile tsa nna gone ka 1526 le ka dinako tse dingwe.
b Go bona mo go oketsegang ka botshelo le tiro ya ga Tyndale, bona The Watchtower ya January 1, 1982, ditsebe 10-14.
c Bontsi jwa baranodi ba gompieno ba palelwa ke go lemoga lediri la Sehebera le le boeleditsweng fano le le nang le lefoko le le tshwanelelane ka bokao. Ka gone mo boemong jwa “gobatsa. . . . gobatsa“ (New World Translation; Revised Standard Version), ba dirisa “tshwetla . . . senya” (The Jerusalem Bible; New International Version), “tshwetla. . . loma” (Today’s English Version), “gataka . . . senya” (Lamsa), kana “tshwetla . . . lalela” (Knox).
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ke sa setshwantsho sa bogologolo se se go Bibliothèque Nationale