LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb19 October ts. 7
  • O Rata Lefoko la Modimo go le Kanakang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Rata Lefoko la Modimo go le Kanakang?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • William Tyndale—Monna yo o Neng A na Le Temogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Bibela ya ga William Tyndale ya Batho Botlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo 2
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • O ka Bona Thuso
    Tsogang!—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
mwb19 October ts. 7

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O Rata Lefoko la Modimo go le Kanakang?

Baebele e na le dikakanyo le mafoko a Mokwadi wa yone e bong Jehofa Modimo. (2Pe 1:20, 21) Baebele e dira gore batho ba nne le tsholofelo ya gore go ise go ye kae botshelo bo tla nna botoka, mme e dira jalo ka go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa. Gape Baebele e tlhalosa gore Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa, o lorato.—Pes 86:15.

Re na le mabaka a a farologaneng a a dirang gore re rate Lefoko la Modimo. Fa e le gore o rata Lefoko la Modimo, a o le bala letsatsi le letsatsi le go dirisa se o ithutang sone mo botshelong jwa gago? Ditiro tsa rona di tshwanetse go tshwana le tsela e mopesalema a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a re: “A bo ke rata molao wa gago jang ne!”—Pes 119:97.

LEBANG BIDIO YA, BA NE BA ANAANELA BAEBELE—BIDIO E E KHUTSHAFADITSWENG (WILLIAM TYNDALE), LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • William Tyndale; William Tyndale a le kwa a printelang teng; khopi ya ntlha ya ga Tyndale ya Tesetamente e Ntšha

    Goreng William Tyndale a ile a ranola dikarolo dingwe tsa Baebele?

  • Goreng matsapa a gagwe a go ranola Baebele a kgatlha?

  • Dikhopi tsa Baebele ya ga Tyndale di ile tsa fetela jang kwa Engelane mo sephiring?

  • Re ka bontsha jang gore re rata Lefoko la Modimo?

SE O KA AKANYANG KA SONE: Lefoko la Modimo le tshwana jang le . . . 

  • lobone le lesedi?—Pes 119:105

  • metsi?—Bae 5:26

  • tšhaka?—Bae 6:17

  • seipone?—Jak 1:23-25

BALA LEFOKO LA MODIMO LETSATSI LE LETSATSI

Thulaganyo ya Mmalo wa Baebele

A o kile wa dirisa Thulaganyo ya Mmalo wa Baebele e e mo jw.org? Fa o tobetsa ditemana tse di mo kgatisong eno, di tla go isa mo jw.org mo o tla kgonang go bala ditemana tseo. Fa go na le ditemana tse di rekotilweng, le tsone o ka kgona go di reetsa mo jw.org.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela