Basha Lo Tla Dirang Ka Botshelo Jwa Lona?
“Gore ba ba tshelañ ba se tlhole ba itshèlèla, me ba tshelèlè èna eo o shuleñ . . . ka ntlha ea bōnè.”—2 BAKORINTHA 5:15.
1. Ke tlhaloso efe ya tebogo e batho ba e dirileng, mme ka ntlhayang?
‘KE A GO LEBOGA! Ga ke itse gore tota ke ka go duela ka eng!’ Batho ba ba ileng ba falodisiwa mo ntlong e e shang kana ba inolwa ba betwa ba ile ba bolelela bafalosi ba bone jalo. Mme basha ba Bakeresete ba ba nang le kanaanelo ba ile ba direla batsadi ba bone tlhaloso eo. Ba ne ba sa lebisa fela mo botshelo jo bo bonalang jo bo amogelwang mo batsading ba bone mme segolo-bogolo mo tlhokomelong e e lorato le tao e e tsentseng basha mo tseleng ya go amogela “polèlō e o re sholoheditseñ ka eōna, eboñ botshelō yo bo sa khutleñ.”—1 Yohane 2:25.
2. Ke ka tshedimosetso ya boikitsiso bofe o tshwanetseng go akanyetsa potso e e reng, o tla dirang ka botshelo jwa gago?
2 E ne e le lorato lo lo tlhotlheleditseng Jehofa go dira gore botshelo jo bo sa khutleng, “botshelō yo e leñ botshelō rure,” bo bulegele mongwe le mongwe wa rona. “O ratile rona, me oa roma Morwa ōna go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona.” (1 Timotheo 6:19; 1 Yohane 4:10) Akanya gape, ka lorato lo Morwawe Jesu a le bontshitseng ka go swa loso lo lo botlhoko e le gore re tle re amogele botshelo jo bo sa khutleng! (Yohane 15:13) Ka ntlha ya gotlhe mo, lo tla dira eng ka botshelo jwa lona?
3. Ke eng se gantsi se laolang gore batho ba tla dirang ka matshelo a bone?
3 Gantsi basha ba bodiwa potso eno, ka ditsela di le dintsi, ke bagakolodi ba barutwana kwa sekolong kana ke bangwe ba ba kgatlhegelang isagwe ya bone. Karabo ya gago e tla ikaega ka eng? A e tla ikaega fela ka thato ya botho? A segolo mo go direng phetso ya gago e tla nna kgakololo ya bao ba batlang gore o nne le maemo mo lefatsheng la nako eno? Kana seo o se dirang ka botshelo jwa gago se tla ikaega ka go akanya mo go golwane? Mogakolodi yo o tlhotlheleditsweng a re: “A shwèla botlhe, gore ba ba tshelañ ba se tlhole ba itshèlèla, me ba tshelèlè èna eo o shuleñ a ba a coga ka ntlha ea bōnè.” (2 Bakorintha 5:15) Ee, abo go le molemo jang ne fa tsela e re dirisang matshelo a rona ka yone e bontsha tebogo mo go se Jesu Keresete le Rraagwe wa selegodimo ba re diretseng sone!
Dikao tse di Tumileng tsa Boemo
4. Ke dikao dife tsa boemo tse di itsegeng thata gompieno?
4 Lefa go le jalo, ke bomang ba ba tumileng thata gompieno, bao batho ba basha ka kakaretso ba ba tsayang jaaka dikao tsa boemo? A ga se bahumi le batho ba ba itsegeng mo lefatsheng, go sa kgathalesege ditekanyetso tsa boitsholo tsa bone? Fa o lebelela mo dikamoreng tsa bontsi jwa basha, o bona ditshwantsho tsa bomang di kgwageditswe mo mabotaneng? Gantsi ke tsa bone baopedi, batshameki ba dibaesekopo, le batabogi. Gantsi basha ba eletsa gore letsatsi lengwe ba fitlhelele katlego ya selefatshe e e tshwanang kana gongwe ba nyale mongwe yo o nang le dikgono tsa batho bano. Gotweng ka wena? O batla eng mo botshelong?
5, 6. (a) Ke eng fa go ka twe katlego ya lefatshe e palelwa ke go tlisa boitumelo jwa boammaaruri? (b) Motswedi wa boitumelo jwa boammaaruri ke eng?
5 Fa o ne o ka amogela katlego ya selefatshe ya batho ba ba kgatlhisang, a ruri o ne o tla itumela le go kgotsofala? Mongwe wa batshameki ba ba atlegileng thata wa sesadi wa Hollywood o ne a riana: “Ke ile ka lekeletsa dikhumo le dilo tsotlhe tse di bonalang. Ga di na mosola. Go na le malwetsi a tlhaloganyo a mantsi mono, go sa buiwe ka ditlhalo le bana ba ba tlhoileng batsadi ba bone.”—Moreri 5:10; 1 Timotheo 6:10.
6 Motabogi wa seithuti yo o tlhomologileng, mofenyi wa 1981 wa karolo ya basadi ya lobelo la dikilometara di le 10 mo New York, o ne a swaba mo go golo mo e leng gore o ne a leka go ipolaya. “Ke ithutile boammaaruri bo le bontsi kaga botshelo mo dikgweding di sekae tse di fetileng,” o ne a kwala jalo moragonyana “Jo bongwe ke gore boipelo jwa boammaaruri ga bo bonwe ka ditsela tse batho ba le bantsi ba di lekelang tsa boitekanelo le go fitlhelela sengwe. Mo go nna boitumelo ga bo a tla ka go nna moithuti yo o utlwang, mmampodi wa naga wa motabogi kana go nna le mmele o montle.” Ee, batho ba tlhoka go ithuta gore boitumelo jwa boammaaruri bo tla fela ka go nna le kamano ya botho le Modimo, yo eleng ene fela a ka tlamelang ka kagiso ya boammaaruri le boitumelo.—Pesalema 23:1, 6; 16:11.
7. Ka go lemoga kgotsofalo ya boammaaruri, thuto ya kholetšhe le katlego ya selefatshe e botlhokwa go le kana-kang?
7 Ka gone go phepafetse, gore ga o a tshwanela go etsa bao ba kgaratlhelang fela go fitlhelela go itsege le dikhumo. Le eleng bakwadi ba gompieno ba lemoga go palelwa ga katlego ya selefatshe go tlisa kgotsofalo ya boammaaruri Moakgedi ebong Bill Reel o ne a kwala jaana: “O aloga mo kholetšheng ka ditoro tsa isagwe. Ka maswabi, bontsi jwa ditlhotlheletsego tsa gago di tla felela mo phefong. Ga ke batle go le kgoba marapo, mme le tshwanetse gape la utlwa boammaaruri: Fa o bona dithoto tse o di batlang, fa o di bona, mme o bona dikatlego mo boitekong jwa gago, fa o atlega, ga di kitla di go kgotsofatsa. Mo boemong jwa moo, tota mo go tsone dinako tseo fa o tla bo o lebeletse go itumelela phenyo, o tla ikutlwa o latlhegetswe go na le go amogela sepe, o gateletswe mo boemong jwa go bo o le motlotlo, o shakgetse mo boemong jwa go bo o le mo kagisong.”—New York Daily News, May 26, 1983.
8. Ke lebaka lefe le le nonofileng le le leng gone la go sa latelele tiro ya selefatshe?
8 Mme fa e le ka rona ba re leng podimatseba ka bokao jwa ditiragalo tsa lefatshe re ikaegile ka boperofeti jwa Bibela, go na le mabaka a a nonofileng thata a go sa beeng tiro ya lefatshe kwa pele mo botshelong (Mathaio 24:3-14) Re ka nna ra tshwantshanngwa le motho yo o lebeletseng kago nngwe e e nang le sesupo se se reng: “Kompone Eno e a Wa.” A re ne re ka senka tiro koo? Le ka motlha! Fa re ne re berekela kompone eo, ka botlhale re ne re ka batla tiro go sele. Legale, sesupo se phepafetse gongwe le gongwe mo dikagong tsa lefatshe leno, “Di a Wa—Bokhutlo bo Gaufi!” Ee, “lehatshe lea heta,” Bibela e a re tlhomamisetsa (1 Yohane 2:17) Ka gone, ka botlhale, ga re kitla re tsaya sekao sa boemo sa bao ba tseneletseng kwa teng mo go lone.
Re ka Latela Kgakololo ya ga Mang
9. Ke kgakololo efe ya selefatshe e bao ba lebe- gang ba go batlela se se molemo ba ka go neelang yone?
9 Botshelo jwa gago ga bo bopiwe fela ke bao o ba tlotlang thata mme gape gantsi ke bamasika le ditsala bao, jaaka ba bua, ‘ba go ba tlelang molemo.’ ‘O tshwanetse go itirela botshelo,’ ba ka nna ba bua jalo. Ka gone ba ka nna ba go gakolola gore o nne le thuto ya kholetšhe kana ya unibesithi go ipaakanyetsa tiro e e duelang thata. ‘Mokwadi wa Bibela ebong Luke e ne e le ngaka,’ ba ka nna ba bua jalo, ‘le moaposetoloi Paulo o ne a rutilwe ke morutisi wa Molao ebong Gamaliele.’ (Bakolosa 4:14; Ditihō 5:34; 22:3) Lefa go le jalo, o akanyetse kgakololo eo ka kelotlhoko.
10. Luke le Paulo ba ile ba neela kgakololo efe, mme go ka tweng ka tiro ya bone pele ga ba nna Bakeresete?
10 Ngaka Luke gaa ise a ke a kgothaletse Bakeresete go latela sekao sa tiro ya gagwe ya ntlha sa go nna ngaka; mo boemong jwa moo Luke o ne a tsaya sekao sa matshelo a ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe. Go bonala gore Luke o ne a nna ngaka pele ga a ithuta kaga Keresete mme moragonyana o ne a baya bodihedi jwa Bokeresete kwa pele mo botshelong. Seemo e ne e le se se tshwanang kaga Paulo. Mo boemo jwa go kgothaletsa ba bangwe go mo etsa jaaka a ne a editse Gamaliele, Paulo o ne a kwala jaana: “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete.” Paulo o ne a tseela kwa godimo kitso ya ga Keresete mo e leng gore o ne a re fa e bapisiwa le ditelekiso tsa gagwe tsa pele o ne a di leba e le “malele hèla”—1 Bakorintha 11:1; Bafilipi 3:8.
11. (a) Petere o ile a bolelela Jean eng, mme ka ntlhayang? (b) Jesu o ile a arabela jang?
11 Gakologelwa, kamego e e boteng e ka nna ya dira gore ba ba go ratang ba go neele kgakololo e e sa siamang. Ka sekai, fa Jesu a ne a bua ka se se neng se tla mo diragalela mo bodiheding jwa gagwe kwa Jerusalema, moaposetoloi Petere o na a araba jaana: ‘Se ipogise Morena, mo ga go kitla go go diragalela gope.’ Petere o ne a rata Jesu mme o ne a sa batle gore a boge. Lefa go le jalo Jesu o ne a kgalemela Petere ka ntlha ya gore o ne a lemoga gore go diragatsa go rata ga Modimo go ne go tla kopanyeletsa go bogisiwa le go bolaiwa ke baganetsi.—Mathaio 16:21-23.
12. Ke kgakololo efe eo batho ba ba kamego ba ka e neelang basha, mme ka ntlhayang?
12 Ka mo go tshwanang, batsadi bangwe kana ditsala ba ka nna ba go kgoba marapo go tsaya tsela ya go intsha setlhabelo. Ka ntlha ya go sa elengtlhoko kamego e e boteng ba ka nna ba etsaetsega go go kgothaletsa go tsaya kabelo mo tirelong ya nako e e tletseng ya bodihedi jwa bobulatsela, go direla jaaka morongwa, kana go dira tiro ya boithaopo kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Ba ka nna ba re: ‘Ke eng fa bogolo, mo boemong jwa moo, o sa nyale mme wa nna gaufi le rona?’ Kana, ‘O a itse gore, tiro e bokete kwa Bethele. Gongwe go tla bo go le botoka go nna le rona.’ Ka mantswe a mangwe, jaaka Petere a ne a bua, ‘O seka wa ipogisa.’
13. (a) Petere o ile a ntsha ponelo-pele efe e e baakantsweng? (b) Go nna Moketesete wa boa- mmaaruri go kopanyeletsa eng?
13 Le eleng batlhanka ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe ba tlhoka go dira dipaakanyo mo go akanyeng ga bone. Petere o ne a tlhoka go dira jalo, mme ka pono e e baakantsweng, o ne a kwala jaana: “Gonne lo biledicwe gōna mouō: gonne Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.” (1 Petere 2:21) Go tshela botshelo jwa Bokeresete jwa boammaaruri go kopanyeletsa go intsha setlhabelo, ee, le eleng go bogisega. Ga se tsela e e bonolo, mme ke eo re e biledi- tsweng go nna Bakeresete. Go e amogela go kopanyeletsa ‘gore re se tlhole re itshelela, mme re tshelele ena yo o re swetseng.’ (2 Bakorintha 5:15) Fa re etse tlhoko dikao tsa boemo tse di molemo go tla re thusa go dirisa matshelo a rona mo tseleng eno ya go intsha setlhabelo.
Dikao tsa Boemo tse re Tshwanetseng go di Elatlhoko
14. Jesu o ile a neela sekao sefe?
14 Sekao seo o tlhokang go se elatlhoko ka mo go kgethegileng ke seo se se neetsweng ke Jesu. J aaka motho yo o itekanetseng, o ka bo a ile a nna motabogi yo mogolo, seopedi, ngaka, kana agente e lefatshe le iseng le ke le e itse. Mme o ne a ikaeletse go itumedisa Rraagwe wa selegodimo, le eleng fa Jesu a santse a le mosha. (Luke 2:42-49) Moragonyana o ile a re: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.” (Luke 4:43) Mo selemong se se fetileng lekwalo lengwe mo Makasineng wa kereke o o bidiwang Ministry le ne la tlhalosa jaana: “Minoloki wa rona o ne a rata thata go tswa mo boidiiding jwa batho, mme a ye ka ntlo le ntlo-a senka batho. Motho a le mogwefela yo o reetsang o ne a Mo ipedisa. Go tswa foo O ne a ka mo tshololela boammaaruri—lorato lwa Modimo.”—Luke 10:1-16.
15. (a) Ke eng fa go rera ga ntlo le ntlo e le kgwetlho? (b) Ke eng se se bontshang gore bodi- hedi jwa basha jwa ntlo le ntlo bo na le matswela?
15 Ke boammaaruri, go rera ga ntlo le ntlo ga go motlhofo. Go batla thuto e e tlhagafetseng go utlwisisa mafoko a a molemo a Bogosi le tiro e ntsi ya go baakanyetsa dineelano. Gape, tirelo eno e batla bopelokgale Ereka bontsi jwa beng ba matlo ba sa kgatlhege, mme bangwe e le ba ba bogale. Lefa go le jalo, bodihedi jwa ntlo le ntlo jwa lona ba basha bo nna le matswela a a itumedisang, jaaka go ile ga tlhokomelwa ke makasine mongwe wa kereke ya Italy o o bidiwang La Voce. Mokwadi o ne a re: “Ka bo nna, ke rata Basupi ba ga Jehofa,” bao, o ne a tlhalosa, “ba tlang le go go etela kwa legaeng.” O ne a akgela: “Bao ke ba itseng ba na le maitseo a mantle, ba bua ka bonolo; ebile ke batho ba bantle gantsi e le batho ba basha. Bontle le bosha di gogela thata fa di supiwa.”
16. (a) Basha ba tshwanelwa ke go akgolelwa tiro efe? (b) Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e bapisiwa jang le dikereke mo go direng tiro e e botlhokwa thata mo lefatsheng?
16 Ruri, lona ba basha bao lo amogelang Keresete jaaka sekao lo tshwanetse go akgolwa! Basha ba ba fetang 12 000, ba ba dingwaga di 25 le kwa tlase, ba mo tirong ya bobulatsela kwa United States, mme ba bangwe ba ba masome a dikete ba bulatsela gongwe le gongwe. (Pesalema 110:3) Tlhomamisegang gore ga go na tiro epe e e mosola e lo ka e dirang go feta eno! Le eleng mokwadi yo o umakilweng fa godimo mo makasineng wa kereke o ne a re: “Modimo wa re tiro e e botlhokwa-tlhokwa ke maeto a ntlo le ntlo—go senka batho,” fa a santse a tswelela o ne a re, “lwa reng ka seno? Nna le lona re dira maeto a le kae? Ga ke ise ke bone go umakiwa thata kaga tiro ya mofuta ono mo go MINISTRY.” A re ka seke re lebogele go bo re kopanela le phuthego e e otlelelang patlafalo ya go etsa sekao sa ga Jesu sa go rera?
17. Gongwe fa a santse a le mmotlana, Timotheo o ile a fitlhelela eng, mme ke eng se se bontshang gore o ka ne a ne a le mmotlana mo go kalo ka nako eo?
17 Ereka seo o tla se dirang ka botshelo jwa gago segolo-bogolo se tla bo se tlhotlhelediwa ke bao o ba tlotlang, tlhagolela tlotlo gape mo sekaong se se neetsweng ke Timotheo yo mmotlana. Yo o tshotsweng moragonyana fela ga loso lwa ga Jesu, jaaka monana Timotheo o ne a tlogela lelapa la gagabo mme a tsamaya le moaposetoloi Paulo mo loetong lwa gagwe lwa borongwa lwa bobedi. Dikgwedi di sekae moragonyana segopa sengwe se ne sa pateletsa Paulo le Silase go tshaba mo Thesalonia, mme ba seka ba dira jalo go fitlhela ba dira barutwa ba le mmalwa. (Ditihō 16:1-3; 17:1-10, 13-15) Ka bofefo moragonyana fela Paulo o ne a romela Timotheo mo tshimong e e borai eo go gomotsa barutwa bano mo ditekong tsa bone. (1 Bathesalonia 3:1-3) Timotheo o ka tswa a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome le metso ka nako eo, ereka dingwaga di ka nna 12 go ya go 14 moragonyana Paulo a ne a santse a bua ka “bosha” jwa gagwe. (1 Timotheo 4:12) A ga o kgatlhwe ke bopelokgale, jwa go intsha setlhabelo ga mosha yo o ntseng jalo?
18. Ke eng fa Paulo a ne a tla romela Timotheo kwa Bakorintheng?
18 Dingwaga di le tlhano morago ga kabelo ya ga Timotheo go nonotsha bakaulengwe mo Thesalonia, Paulo o ne a kwalela Bakorintha a le kwa Efeso jaana: “Lo nnè baetsi ba me. Ke gōna ka mouō ke romileñ Timotheo kwa go lona, . . . eo o tla lo gopodisañ mekgwa ea me e e mo go Keresete, hèla yaka ke ruta gotlhe mo diphuthegoñ cotlhe hèla.” (1 Bakorintha 4:16, 17) Timotheo yo mmotlana, yo o neng a setse a berekile ka dingwaga di le tlhano le Paulo, o ne a setse a tlwaelane thata le mekgwa ya go ruta ya ga Paulo. O ne a itse ka moo Paulo a neng a fetisetsa molaetsa kwa go Baefesia, go akareletsa le ka moo a ba rutileng ka teng “mo ponoñ, le ka go nna [a] tsamaea le matlo.” (Ditihō 20:20, 21) Ka go bo a ne a katisitswe sentle mo mekgweng eo ya go ruta, abo Timotheo a ne a ka nna thuso e e molemo jang ne mo diphuthegong!
19. Paulo o ile a reng kaga Timotheo go feta dingwaga di le lesome morago ga ba simolola go direla mmoeo?
19 Go feta dingwaga tse dingwe tse tlhano kana tse thataro, mme Paulo o mo kgolegelong kwa Roma. Timotheo, yo ka boene bogautshwaneng a golotsweng mo kgolegelong, o na le ene. (Bahebera 13:23) A ke o akanye ka pono eo: Gongwe a dirisa Timotheo jaaka mokwaledi wa gagwe, o mmiletsa lekwalo le le yang kwa go Bafilipi. Fa a bua ka‘tlhaloganyo, Paulo o tswelela-pele jaana: “Me ke sholohetse mo go Morèna Yesu ha ke tla akoha ke roma Timotheo kwa go lona, . . . Gonne ga ke na opè eo o pelo e chwanañ le ea gagwè, eo o tla tlhōkōmèlañ ka tlhōmamō kaha lo tshelañ ka gōna. . . . Lo itse go lekèga ga gagwè, go re, yaka ñwana a tla a dihèle rragwè, le èna o dihile le nna yalo mo go cwedisetseñ Mahoko a a Molemō kwa pele.”—Bafilipi 1:1; 2:19-22.
20. Ke eng se se dirang gore Timotheo e nne sekao sa boemo se se kgatlhisang jalo sa basha?
20 Ruri, Timotheo yo mmotlana ke sekao se se kgatlhisangl O ne a ikanyega mo go kalo, e le modiri-mmogo yo o boikanngo wa ga Paulo, a mo ema nokeng gongwe le gongwe le ka ditsela tsotlhe, a mo thusa mo tirong ya go rera, ebile a iketleeleditse go direla gongwe le gongwe kwa a isiwang teng. O ne a ntsha setlhabelo se se bidiwang botshelo jo bo tlwaelegileng jwa legae, mme abo botshelo jwa gagwe mo go direleng Modimo bo ile jwa mo tlisetsa kgotsofalo jang ne! Ruri Timotheo ‘o ne a sa tlhole a itshelela, mme o ne a tshelela Keresete yo a mo swetseng.’ (2 Bakorintha 5:15) A lo tlhotlheletsega go etsa sekao sa gagwe?
Tshelela Lefatshe je Lesha la Modimo
21. Ke eng fa re ka re Timotheo o ne a baya dilo tsa semoya kwa pele?
21 Tota ebile, Timotheo, o ne a tshelela lefatshe je lesha la Modimo. O ne a sa akanye fela ka botshelo jwa gompieno mme o ne a akanya ka go dirisa botshelo jwa gagwe go nna le mesola e e nnetseng ruri. (Mathaio 6:19-21) Ereka rraagwe Timotheo e ne e le Mogerika mme go bonala fa a ne a sa dumele, o ka nna a tswa a ile a kgothaletsa Timotheo go latelela thuto e e kwa godimo le tiro ya lefatshe. Mme ka ntlha ya tao ya bomodimo e e tswang mo go mmaagwe le mmaagwemogolo, botshelo jwa ga Timotheo bo ne bo itshetlegile ka phuthego ya Bokeresete. O ne a latelela dikgatlhego tsa semoya, ebile go bonala a ile a nna a sa nyala bobotlana jwa nako e e rileng, mme a tshwanelegela go direla le moaposetoloi Paulo.—2 Timotheo 1:5.
22. Bukana ya Sekolo e papamaletsa basha jang tsela ya botshelo e e tshwanang le ya ga Timo- theo gompieno?
22 Gotweng ka wena? A o tla dirisa bosha jwa gago ka tsela e Timotheo a neng a dira ka yone? Bukana ya Sekolo le Basupi ba ga Jehofa e ne e lebisa mo tseleng e e ntseng jalo ya botshelo fa e ne e tlhalosa jaana mabapi le basha ba Basupi: “Mokgele wa bone o mogolo mo botshelong ke go direla ka moo go atlegileng jaaka badihedi ba Modimo, mme ebile ba lemoga gore go tsena sekole ke thuso ya go fitlhelela seo. Jalo gantsi ba tlhopha dithuto tseo di nang le mosola go itlamela mo lefatsheng la segompieno. Ka gone, ba le bantsi ba ka tsaya dithuto tsa tiro wa diatla kana ba ye kwa sekolong sa tiro ya diatla. Fa ba fetsa sekolo ba eletsa gore ba bone tiro eo e tla ba dumelelang go tsenya mogopolo mo tiro-kgolong ya bone, bodihedi jwa Bokeresete.”
23. Ke eng fa go sa tshwanela go nna bokete mo basheng ba Bakeresete go araba potso eno, Ke tla dirang ka botshelo jwa me?
23 Mo go lona bao ka boammaaruri lo anaanelang seo Jehofa Modimo le Morwawe ba se lo diretseng, ga e a tshwanela go nna selo se se thata go araba potso eno, Ke tla dirang ka botshelo jwa me? Mo boemong jwa go itshelela le go iitumedisa, lo tla dirisa botshelo jwa lona go dira go rata ga Modimo. O tla tshela, jaaka Timotheo a ne a dira, jaaka motho wa semoya.
Dipotso tse di Boeletsang
◻Ke eng fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa tshwanela go baya tiro a lefatshe kwa pele mo botshelong.
◻Ke kgakololo efe e e sa siamang e bangwe ba ileng ba e neelwa, lefa go le jalo re ka ithutang mo karabong ya ga Jesu go Petere?
◻Jesu le Timotheo ba ile ba neela basha dikao tsa boemo tse di molemo jang?
◻Ke eng se se kopanyelediwang mo go beyeng dilo tsa semoya kwa pele?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Luke, lemororo e ne e le ngaka e e katisitsweng, o ne a baya ditelekiso tsa Bokeresete kwa pele mo botshelong