LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 9/1 ts. 29
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Bomang ba Maina a Bone a Kwadilweng mo “Bukeng ya Botshelo”?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Leina la Gago le Kwadilwe mo “Bukeng ya Botshelo”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • A o Mo ‘Bukeng ya Kgakologelo’ ya Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Letsatsi la Modimo la Katlholo—Phelelo ya Lone e e Itumedisang!
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 9/1 ts. 29

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ ‘Lokwalo lwa botshelo’ la Modimo ke eng, mme leina la me le ka kwalwa jang mo go lone la ba la nnela ruri moo?

Ditemana tse di farologaneng tsa Bibela di supa gore Jehofa Modimo o na le “lokwalō,” kana ‘momeno,’ mo go one go kwadilweng batho ba ba ikanyegang ba batla amogelang botshelo jo bo sa khutleng. e ka ne e le kwa legodimong kana mo lefatsheng.

Modimo wa boamaaruri’ o lemoga batho ba ba bont nang tumelo a le kwa legodimong, o go ba dirang gore ba amogelwe le go gakologelwa ke ene. Re bala jaana malebana le Bajuda bangwe ba motlha wa ga Malaki: “Hoñ ba ba boihañ Yehofa ba tloga ba buisanya mmōgō: me Yehofa a reetsa, me a utlwa, me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwe, loa kwalelwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.”​—Malaki 3:16.

Ka mo go bonalang, go simologa mo motlheng wa ga Abele go ya pele. Modimo o ntse o lemoga, jaaka ekete o kwala mo lokwalong. setho se se tshwanetseng poloko se se mo lefatsheng ba ba tshwanetseng go gakologelwa mo botshelong jo bosakhutleng (Mathaio 23:35; Luke 11:50, 51) Bakeresete ba ba tloditsweng, le bone, “maina a bōnè a mo lokwaloñ loa botshelō, kana lokwalo lwa kgakologelo la go amogela botshelo jo bosakhutleng mme mo go bone seo e tla bo e le botshelo jwa selegodimo (Bafilipi 3:14, 20; 4:3) Phapaanong le seo, Tshenolō 17:8 e bolela jaana ka bao ba ‘tla gakgamalang fa ba bona sebatana’: “Bonè ba e sa leñ ka lehatshe le thaiwa maina a bonè a se kañ a kwalwa mo lokwaloñ loa botshelō.”

Go gakologelwa ga motho le go amogelwa ga gagwe (ka gore leina la gagwe ‘le nne mo lokwalong lwa botshelo’) ga go reye gore go ikannwe gore o tla bona botshelo jo bo sa feleng, jaaka ekete seno se ne se rulagantswe go sa le pele kana se sa kake sa fetolwa Malebana le Baiseraele. Moshe o ne a kopa Jehofa jaana: “Leha go nntse yalo, ha yana u ka ba ichwarèla boleo​—me ha go sa nna yalo, a u ko u phimolè nna mo lokwaloñ loa gago lo u lo kwadileñ.” Modimo wa araba jaana: “Leha e le mañ eo o nteohetseñ, ke èna ke tla mo phimolañ mo lokwaloñ loa me.” (Ekesodo 32:32, 33) Ee, le eleng morago ga Modimo o sena go kwala motho mo “lokwaloñ” lwa gagwe ka kamogelo. motho mo n ka nna a tlhoka kutlo kana a tlogele tumelo. Fa seo se diragala Modimo o tla ‘phimola leina la gagwe mo lokwalong lwa botshelo.’​—Tshenolō 3:5.

Mo letlhakoreng je lengwe, fa maina a rona a setse a le mo “lokwaloñ loa botshelo” lwa Modimo, kana mo lokwalong lwa segopodiso,’ re tshwanetse go tswelela re bontsha tumelo. Ka tsela eo re tla boloka maina a rona a le moo. Ka go tshwana, jaaka batho ba tsosediwa ‘tsogelo ya tshimo’ e e tlang, ba tla nna le sebaka sa go bontsha tumelo mme ka gone ba tshwanelegele gore maina a bone a kwalwe mo lokwalong loo. (Ditihō 24:15) Kwa bokhutlong, batho ba ba kwadilweng moo ba tla kgona go boloka maina a bone a le moo nako tsotlhe. Seo se boammaaruri ka batlodiwa jaaka ba itshupa ba le “boikañō hèla le go ea kwa loshuñ.” (Tshenolō 2:10; 3:5) Fa e le ka bao ba nang le ditebelelo tsa selefatshe fa ba itshupa ba ikanyega jaanong. go kgabaganya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete, mme go tswa foo go kgabaganya teko ya makgaolakgang e e tla latelang, maina a bone a tla kwalelwa ruri mo “lokwaloñ loa botshelō.”​—Tshenolō 20:5-15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela