Ke Bone fa Jehofa a le Molemo
Jaaka go boletse Lennart Johnson
KA SONTAGA, July 26, 1931, mookamedi wa bobedi wa Watch Tower Bible and Tract Society, ebong J. F. Rutherford, o ne a neela puo e e neng e re “Bogosi, Tsholofelo ya Lefatshe” kwa lefelong la metshameko la Columbus, kwa Ohio. Balelapa la rona mo Rockford, kwa Illinois, ba ne ba e reetsa mo seromamoweng. Ke ne ke na le dingwaga di le 14 fela, mme thulaganyo e e ne ya bodulola matlho a me, jaaka go ka tualo.
Lemororo rre a ne a kgatlhegela molaetsa wa Bogosi, mme morago morwarre le ene a ne a kgatlhega, gantsi mmè ene o ne a ntse tsididi fela. Rre o ne a tlhokafala mo ngwageng e e latelang, ka 1932. Dikgaso tse dingwe tsa Watch Tower di ne tsa nna tsa mphepa semoyeng, ke ne ka seka ka bona lefelo leo Basupi ba ga Jehofa ba kopanelang kwa go lone, go fitlhelela ka April 1933, e leng sekgala se seleele go pota noka mo ntlheng e nngwe.
Abo e ne e le kgakgamatso mo setlhopheng se se botlana se se neng se le koo go bona mosha yo mosesane a tla pokanong ya thuto ya Buka ya Bobedi ya Vindication a pagame baesekele! Mo pokanong nngwe le nngwe, ke ne ka nna ka ithuta mo go oketsegileng mme ke ne ka itumelela go bo dikgwedi di le pedi moragonyana ke ne ka simolola go tsamaya ka ntlo le ntlo ke isa molaetsa wa Bogosi. Ke ne ka kolobediwa kwa kopanong ya tikologo (e jaanong e bidiwang ya potologo) mo ngwageng one oo.
Letsatsi lengwe le lengwe morago ga sekolo, ke ne ke senya oura kana go feta ke etela baagelani mo lefelong le le dikologileng legae la rona ke ba isetsa molaetsa wa Bogosi. Gape ke ne ka nna le sebaka sa go rera kwa sekolong. Ka sekai, thuto e nngwe e ne e gatelela dihele tsa molelo le thuto ya tlhokofatso Seno se ne sa mpateletsa go neela bosupi jwa Dikwalo jwa gore baswi ga ba boge, mme, go na le moo, ga ba ikutlwe le gore ba mo mabitleng a bone ka tebelelo ya go tsosiwa. Morutabana o ne a ntetlelela go bala polelo ya me e e atolositsweng fa pele ga setlhopha sotlhe.
Bodihedi jwa Nako e e Tletseng
Ka May 1935, ke ne ke ya kopanong ya kgaolo kwa Washington, D.C., koo go neng ga gatelelwa bobulatsela (bodihedi jwa nako e e tletseng) teng. Fa ke boela gae, ke ne ka kwalela Watch Tower Society, mme ba ne ba seka ba nthomelela lenaneo la mafelo a a tshwanetseng go rerelwa fela mme gape, se se neng sa nkgakgamatsa, ba ne ba romela le dikakantsho di le mmalwa tsa go dira kolotsana ya borobalo. Mo metlheng eo bobulatsela gantsi bo ne bo tlhoka gore go iwe kwa mafelong a masha, mme kolotsana e ne e thusa motho ka go nna lefelo la bonno. Jalo ke ne ka dira phetso ya gore ke berekele go reka kara le kolotsana e le gore ke tle ke tsweledise bodihedi jwa nako e e tletseng.
Fa dilo di eme jalo, ke ne ka simolola go dirisa kara ya go gasa molaetsa eo phuthego ya rona e neng e e rekile go itsise molaetsa wa Bogosi. Fa mokaulengwe yo mongwe le nna re ne re lalediwa go ya kwa Monroe, mo Wisconsin, go e dirisa, ke ne ka kopana le Virginia Ellis yo ke neng ka mo nyala morago. Jaanong re ne re ka tshwaraganela go dirisa kara eo le kolotsana mo tirong ya bobulatsela!
Boaphelong jwa 1938 mmè o ne a tlhokafala, mme mo e ka nnang ka yone nako eo Harold Woodworth o ne a re kwalela go tswa kwa New Mexico a re: “Kgabaganyetsang kwano; tlhokafalo e kgolo.” Jalo re ne ra emelela go ya kwa New Mexico, mo e neng e le loeto lwa sekgala sa dikilometara di le 1 600. Kwa lefelong lengwe fa re ntse re tsamaya, re ne ra amogela thelekerama. E ne ya kgothatsa ka gore, “Boelang gae.” Ke ne ka lalelediwa tiro ya madi a a kwa godimo e e neng e na le ditsholofetso tse dikgolo tsa botswelelo. Ke ne ka gagola thelekerama eo. Fa e le gore Jehofa o ne a re thusitse go baakanyetsa bobulatsela, ke ne ke sena go letlelela sepe go re kgoreletsa!
Ka March 1939 re ne ra simolola tirelo ya rona ya bobulatsela mo tikologong ya Hobbs, kwa New Mexico. Eno e ne e le naga ya meraka; gape go ne go na le metsana e mentsi eo go epiwang loukwane mo go yone e e neng e tshwanetse go etelwa mo lefelong leno. Phuthego e potlana eo e ne e nna le dipokano ka Labotlhano le Sontaga, jalo re ne re rwala dibuka, metsi, dijo, setofo se se botlana, bolao jo bo neng bo kgona go menwa mme re rera go simologa ka Mosupologo go ya go fitlha Labotlhano maitseboa re rera mo mafelong ao a selegae. Fa go ne go nna bosigo, re ne re robala mo dikgweng legodimo e le borulelo jwa ntlo ya rona mme “lobone” lwa moepo wa loukwane o o gaufi le rona le re tshosetsa dinoga tsa lefelo leo. Re ne re senya mafelo-beke re dira kwa toropong le phuthego.
Morago ga dikgwedi di le mmalwa tsa thulaganyo eno, mokgatlho o ne wa re romela kwa Roswell mme morago kwa Albuquerque, mo New Mexico. Mono le gone re ne ra dirisa kara ya go gasa molaetsa, eo ebileng e ne e na le matswela mo go rereleng ba metse ya Ma-India mo lefelong leo. Fa tiro e ntšha ya go rera mo mmileng go tshotswe dimakasine e ne e simologa ka 1940, re ne ra itumelela go tlhakanela le bakaulengwe ba Albuquerque mo go yone.
Kganetso ka Nako ya Tlhaka-tlhakano ya Ntwa
Ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne e simologile mo Yuropa mo kgwading e e fetileng ya Lwetse, mme go ne ga latela nako ya kganetso e e maswe ka baka la boemo jwa rona jwa boitlhaodi malebana le go tsaya karolo mo ntweng. Nako nngwe hempe ya me e ne ya gagolwa tota kafa morago fa ke le mo bodiheding.
Mo selemong sa 1940, bakaulengwe ba ne ba bereka ba tshotse dimakasine gaufi le El Paso, kwa Texas, mme ba le mmalwa ba bone ba ne ba tshwarwa. Mosupologo o o latelang, nna le Harold Woodworth re ne ra ya go ba thusa fa ba ne ba sekisiwa. Ke ne ka kgona go ntsha dintlha tse di utlwalang fa ke ne ke ba buelela, ka go botsolotsa bakaulengwe pele ga tsheko. Morago ga botlhe ba sena go bolelwa ba sena molato, mmegi wa pampiri ya dikgang o ne a bua ka nna a re ke “agente yo o saleng mosha yo o solofetsang yo o tswang kwa Albuquerque.” Mme tota, e ne e le Jehofa yo o neng a neela batlhanka ba gagwe phenyo mo letsatsing leo!
Ka go tshwana, bakaulengwe ba rona ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka baka la go rera mo motseng o mongwe. Morago ga ke sena go ba buelelela mo kgotla-tshekelong, Mokaulengwe David Gray le nna re ne ra kwalela mosimegi wa toropo nngwe le nngwe. Lekwalo leo le ne le lemotsha tshwanelo ya kafa molaong ya Basupi ba ga Jehofa go dira tiro ya bone, mme le ne la tlhagisa gore fa Basupi ba ne ba ka tswelela ba tshwenngwa, basimegi ba ne ba tla bo ba le molato wa tshenyo epe fela e e neng e ka diragala.
Ratoropo o ne a amogela lekwalo mme a le bala kwantle ga kakgelo, mme mogolwane wa mapodise o ne a re raya a re: ‘Mono mo Bophirima, batho ba tsaya loeto go tswa mo toropong, mme . . . legale . . . e re morago ba bangwe ba ba batla, ba seke ba ba bone.’ Lefa go ntse jalo matshosetsi ao a ne a seka a diragadiwa; go na le moo, dilo di ne tsa ya meriting, mme kgang ya go sekisa bakaulengwe e ne ya lesiwa.
Mo e ka nnang ka yone nako e ke ne ka tlhophiwa ke Watch Tower Society jaaka motlhanka wa tikologo (yo jaanong a bidiwang molebedi wa potologo). Kabelo ya me e ne e akaretsa bontsi jwa New Mexico le karolo ya Texas.
Gilead le Kabelo ya Lefatshe le Sele
Ka 1948 nna le Virginia re ne ra amogela taletso ya go tla go nna ba setlhopha sa bobedi sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gilead. La ntlha re ne ra abelwa go ya go bereka le phuthego ya Flatbush mo Brooklyn, kwa New York, morago ga kaloso ka January 1944. Re ne re nna kafa morago ga madirelo a Mokgatlho mo kagong ya bogologolo eo kwa morago e neng ya thubiwa gore go atolosiwe didirisiwa tsa madirelo a a kwa Adams Street.
Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, re ne ra amogela kabelo ya rona ya go ya kwa Dominican Republic, koo Rafael Leōnidas Trujillo Molina e neng e le mmusa-esi yo mogolo. Fa re ne re goroga ka Sontaga, April 1, 1945, nna le Virginia e ne e le rona fela Basupi mo nageng eo yotlhe. Re ne ra ya kwa oteleng ya Victoria mme ra batla marobalo—a e neng e le $5 ka letsatsi mo go rona roo-babedi, go kopanyeletsa le dijo. One maitseboa ao re ne ra simolola thuto ya Bibela ya legae ya rona ya ntlha.
Go ne ga diragala jaana: Basadi ba babedi ba Dominican bao re neng ra ithuta le bone Bibela mo Brooklyn ba ne ba re neetse maina a balosika lwa bone le batho ba ba tlwaelaneng nabo, mongwe wa bao a neng a bidiwa Dr. Green. Fa re ne re mo etela, re ne ra kopana gape le moagelani wa gagwe ebong Moses Rollins. Morago ga re sena go ba bolelela kafa re boneng maina a bone le diaterese ka teng, ba ne ba reetsa molaetsa wa Bogosi ka tlhoafalo mme ba dumela go ithuta Bibela. Ka bokhutshwane Moses o ne a nna mmoledi wa ntlha wa Bogosi wa lefelo leo.
Yone phirimaneng eo Dr. Green o ne a tsamaya le rona go batla ntlo ya borobalo re palame mo karolong e e kwa godimo ya bese ya matlhatlaganyane a mabedi. Re ne ra felela re nna mo ntlong e e duelelwang e potlana mo toropo-kgolong eo, ya Ciudad Trujillo (e jaanong e bidiwang Santo Domingo). Ka June barongwa ba le bane ba bangwe ba ne ba re pata. Go ne ga nna le lefelo la barongwa la bobedi, mme morago go ne ga goroga barongwa ba ba oketsegileng. Ka August 1946 re ne ra nna le tlhora ya baboledi ba le 28. Ka bokhutshwane barongwa ba bangwe ba bantsi ba ne ba goroga, mme le bone ba ne ba batlelwa magae. Koketsego e ne e tsweletse!
Go Direla Tlase ga Thibelo
Ka 1950 re ne re oketsegile go fitlha palong ya baboledi ba le 200. Lefa go ntse jalo, ka go bo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna ba itlhaotse ka botlalo, puso ya ga Trujillo e ne ya simolola go tsenya bakaulengwe ba rona ba basha mo kgolegelong Go tswa foo, mo godimo ga seo sotlhe, tiro yotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa ka June 21, 1950.
Bakaulengwe ka go bo ba ne ba sa kgone go kopanela mo Diholong tsa Bogosi, ba ne ba simolola go kopanela ka go iphitlha ka ditlhopha tse di potlana mo magaeng a bone. Koo re ne ra ithuta ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tseo di neng di gatisiwa ka motšhine o o dirang dikaelo. Botlhe ba ba ikanyegang ba ne ba rata thata nonotsho ya semoya eo Jehofa a neng a tswelela a ba e neela mo ditlhopheng tseno tse di potlana tsa thuto.
Letsatsi la rona la go etela bakaulengwe ba bantsi ba Dominican ba ba mo dikgolegelong tsa ga Trujillo e ne e le Sontaga. Re ne re tlhotlhomisiwa ka botlalo fa re tsena, go elwatlhoko thata gore re lebega jang. Fa gongwe masole a ne a ema go re dikologa fa re ne re na le bakaulengwe bano, ba re etsetlhoko ka botlalo. Nako nngwe re ne ra patiwa ke Stanley Aniol go tswa kwa Chicago, yo o neng a etetse morwadie wa morongwa ebong Mary (yo jaanong a leng Mary Adams, yo o direlang kwa Bethele ya Brooklyn). Mokaulengwe Aniol, a kgatlhwa thata ke bothokgami jwa bakaulengwe ba ba botlana ba Dominioan, o ne a ba atla ka lorato botlhe fa pele ga matlho a masole a a neng a lebeletse.
Kwa bokhutlong jwa loeto loo jaaka re ne re tsamaya mo mmileng o mogolo wa madirelo, re ne ra salwa morago ke kara e e neng e tletse banna ba ga Trujillo e tsamaya ka bonya. Ono e ne e le mongwe wa mekgwa e e itsegeng thata ya ga Trujillo ya go leka go tshosa batho. Fa re ne re bolelela Mokaulengwe Aniol gore ba ne ba ikaeletse go dirang, go ne ga seka ga mo tshosa lefa e le go le gonnye. Tota, go ne go tlhokega go itlhokomolosa maiteko a ga Trujillo a go tshosa le go tshepha Jehofa ka botlalo.
Fa gongwe maferefere ao, ditlhola tsa ga Trujillo, ba ne ba tla kwa magaeng a rona, ba ipolela fa e le bakaulengwe Jalo re ne re tshwanelwa ke go nna “botlhale yaka dinōga, le buri yaka maphoi.” (Mathaio 10:16) Re ne re leka batho bano ka dipotso tse di tlhatlhobisang re batla go itse gore a tota e ne e le bakaulengwe ba rona kana nnyaa.
Ka nako ya thibelo dibui di le mmalwa mongwe le mongwe wa bone o ne a neela dipuo tsa Segopotso mo ditlhopheng di le tharo tse di farologaneng tsa thuto, ba tsamaya ka botlhale jo bo ka kgonegang go tswa lefelong le lengwe go ya go je lengwe. Gantsi pula e ne e na mo gogolo mo bosigong jwa Segopotso, mme e re ka masole a ga Trujillo a ditlhola ba ne ba tshaba pula e kgolo jaaka batho mo mafelong a mangwe ba tshaba phefo e e nang le kapoko, e ne e le lesego mo go rona.
E re ka go boela re tsena gape mo nageng eo go ne go tla ganwa ke ba puso ya ga Trujillo, bontsi jwa barongwa re ne ra seka ra ya dikopanong tsa merafeyotlhe kwa New York City ka 1950 le 1953. Re ne ra tshwanelwa ke go kgotsofalela kakaretso ya kopano eo e e go The New York Times, e e neng e tshwantshitse ditshwantsho tse dintle tsa kopano eo ebile e neela ditlhaloso tsa tsatsi le letsatsi tsa thulaganyo eo. Gape, lefelo la dibaesekopo la naga eo le ne la bontsha ka nako e telele palo e kgolo ya bakolobediwa ba kwa kopanong eo ya 1953.
Ka 1956 nna le Roy Brandt re ne ra bidiwa go tla go botsolotsiwa kafa molaong. Basimegi ba puso ya ga Trujillo e ne e rile go le pele ba bitsa Mokaulengwe Manuel Hierrezuelo go tla go ba bona. Mme moragonyana, Manuel o ne a busediwa kwa go balelapa la gagwe e le setopo. Jalo jaanong, dilo di ne di tla felela jang ka rona?
Fa re goroga, re ne ra botsolotsiwa re farologantswe, dikarabo tsa rona di gatisiwa jaaka go ne go bonala. Go ne ga seka ga diragala sepe se sengwe ka nako eo, mme dikgwedi di le pedi moragonyana dipampiri tsa dikgang di ne tsa anamisa gore puso ya ga Trujillo e ne e tlosolosa thibelo ya Basupi ba ga Jehofa le gore re ne re ka simolola go dira tiro ya rona phatlalatsa. Go ne ga simololwa gape ga batlwa Diholo tsa Bogosi, mme tiro ya ga Jehofa e ne ya nna ya tswelela.
Lefa go ntse jalo, ka June 1957 go ne ga simologa pogiso e e botlhoko ya mofuta o mosha, mme barongwa botlhe ba ne ba kobiwa mo nageng eo. Letsatsi la rona la go tsamaya ruri e ne e le le le hutsafatsang mo go rona. Nna le Virginia re ne re diretse dingwaga di le 12 re le mo Dominican Republic mme re ne re bone palo ya Basupi e gola go tswa go bobeding jwa rona fela go ya go go feta 600. Ka 1960 thibelo ya bobedi e ne ya tlosolosiwa, mme palo ya baboledi e ne ya gola go fitlhelela mo jaanong eleng 10 000!
Go Direla kwa Puerto Rico
Fa re ne re goroga mo Puerto Rico ka August 1957, bakaulengwe ba rona ba Bakeresete gammogo le babegi ba dipampiri tsa dikgang ba ne ba re emetse go re amogela. Morago dipego tsa dipampiri tsa dikgang di ne tsa neela bosupi jo bogolo. Ka nako eo, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ba sa feteng 1 200 mo Puerto Rico; mme jaanong go na le ba ba ka nnang 22 000!
Ka 1958 Mokgatlho o ne wa ntaleletsa go nna molebedi yo o etang. Ka gone, fa dingwaga di ntse di feta re ne ra itse le go bereka le bakaulengwe ba bantsi baba ikanyegang go tswa dikarolong tsotlhe tsa Puerto Rico le Virgin Islands. Morago ga nako, nna le mosadi wa me re ne ra nna maloko a lelapa la Bethele ya lefelo leo. Mme fa e sale go tlhomiwa Komiti ya Lekala mono, Jehofa o ntetleletse ka lorato go nna leloko la yone.
Go intumedisa eleruri go bo ke amogetse ka bonna go tswa go Jehofa ‘ga lekgolo le jaana mo lobakeng lono, . . .bomorwarre, bokgaitsadiake le bommè, le bana,’ ba go boleletsweng-pele ka bone. (Mareko 10:30) Le ka motlha ga ke a ka ka batla go dirisa botshelo jwa me ka tsela epe fela go na le mo tirelong ya gagwe. Mme jalo, jaaka ke leba kwa morago mo dingwageng tse 48 fa e sale ke simolola go bulatsela, ke itumelela go bua ke re, ruri, ke bone fa Jehofa a le molemo!—Pesalema 34:8.
Fa polelo e e fa godimo ya botshelo jwa ga Lennart Johnson e ne e feleleiliwa go baakanngwa, Virginia Johnson o ne a tlhokafala ka kagiso a robetse ka January 31, 1987
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
E ne e le Jehofa yo o neng a neela batlhanka ba gagwe phenyo!
[Mafoko a a mo go tsebe 28]
Botlhe ba ba ikanyegang ba ne ba rata thata nonotsho ya semoya e Jehofa a neng a nna a e ba naya
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Nna le Virginia re ne ra dira le bakaulengwe ba bantsi ba ba ikanyegang ba ba tswang dikarolong tsotlhe tsa Puerto Rico