Ke ne Ka Bona “yo Mmotlana” a Nna “Morafe o o Thata”
JAAKA GO BOLETSE WILLIAM DINGMAN
Lefelo E Le Salem, Oregon, U.S.A. Ke Ne Ke Le Kwa Pokanong Ya Basupi Ba Ga Jehofa. Go Ne Ga Bodiwa Potso E E Reng: “Matshutitshuti A Magolo A Kae?” (Tshenolo 7:9, King James Version) E Ne E Le Nna Fela Motho Yo Mosha Mo Phuthegong, Ka Jalo Ba Ne Ba Ntshupa Botlhe Mme Ba Re, “Ke Yole!”
MO BOGARENG jwa bo1930, go ne go na le ba sekae fela ba Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba na le tsholofelo ya Baebele ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Pesalema 37:29; Luke 23:43) Dilo di ile tsa fetoga thata fa e sa le ka nako eo. Mme mma ke go bolelele ka ditiragalo tse di ileng tsa dira gore ke nne teng kwa pokanong ya kwa Salem, Oregon.
Rre e ne e le mmeeletsi wa The Golden Age, e leng leina la pele la makasine wa Tsogang! Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ke itumelela go e bala mme ke ne ka tlhatswega pelo gore e na le boammaaruri jo bo botlhokwa jwa Baebele. Ka jalo ka letsatsi lengwe ke ne ka romela setlankana se se neng se tlhaga kafa morago ga Golden Age. Se ne se neela mmadi dibukana di le 20, buka le leina la phuthego e e gaufi ya Basupi ba ga Jehofa. Fa ke amogela dikgatiso tseo, ke ne ka tsamaya ka ntlo le ntlo ka tsamaisa dibukana tsotlhe mmogo le buka.
Ka nako eo go ne go se na ope yo o neng a ithutile Baebele le nna. Tota e bile, ke ne ke ise ke ko ke bue le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mme jaanong, ke tshwere ka seatla aterese ya Holo ya Bogosi e e gaufi, ke ne ka tsamaya ka koloi sekgala sa dikilometara di le 40 go ya kwa Salem, Oregon, go nna teng kwa pokanong. Ke koo, fa ke ne ke sa ntse ke le dingwaga di le 18 fela, ke neng ka tlhaolwa go nna “matshutitshuti a magolo.”
Le mororo ke ne ke sa ipaakanyetsa bodiredi gotlhelele, ke ne ka simolola go rera le Phuthego ya Salem. Ke ne ka kgothalediwa go akaretsa dintlha tse tharo tsa konokono fa ke neela bosupi. Sa ntlha, gore Jehofa ke Modimo; sa bobedi, gore Jesu Keresete ke Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng; mme sa boraro, gore Bogosi ke jone fela tsholofelo e lefatshe le nang le yone. Ke ne ka leka go neela molaetsa oo mo ntlong nngwe le nngwe.
Fa ke sena go kopanela le Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa Salem ka dingwaga di le pedi, ke ne ka kolobediwa ka April 3, 1938. Ditsala kwa Salem di ne tsa itumela go bona ba le mmalwa ba rona ba “matshutitshuti a magolo” re kolobediwa. Ka February 1939, ke ne ka nna mmulatsela kana modiredi wa nako e e tletseng. Ka December wa one ngwaga oo, ke ne ka amogela taletso ya go fudugela kwa Arizona, kwa go neng go na le tlhokego e kgolwane gone ya baboledi ba Bogosi.
Go Bulatsela Kwa Arizona
Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e le ntšha kwa Arizona, mme batho ba le bantsi ba ne ba sa re tlhaloganye, ka jalo fa United States e tsenelela Ntwa ya Lefatshe II, re ne ra bogisiwa thata. Ka sekai, fa ke ne ke sa ntse ke direla kwa Stafford, Arizona, ka 1942, go ne ga nna le magatwe a gore segopa sa Ba-Mormon se ne se tla re tlhasela. Go ne ga direga gore nna le balekane ba me ba babulatsela re bo re nna gaufi le mobishopo wa Mo-Mormon yo o neng a re tlotla mme a bolela jaana: “Fa barongwa ba Ba-Mormon ba ne ba tlhagafetse jaaka Basupi, Kereke ya Mormon e ne e tla atlega.” Ka jalo o ne a re buelela mme a bolela jaana kwa kerekeng: “Ke utlwa go na le magatwe a gore go na le segopa se se bopilweng kgatlhanong le basimane bano ba Basupi. Gone mme, ke nna gaufi le basimane bao, mme fa go na le segopa se se tlhaselang, go pota ka kwa fela ga legora go tla bo go na le sethunya. Sethunya seo se tla dirisiwa—mme e seng go thuntsha Basupi. Se tla dirisiwa go thuntsha segopa seo. Ka jalo fa lo batla go tlhasela lo le segopa, lo a itse gore lo tshwanetse go lebelela eng.” Segopa seo ga se ise se ko se tle.
Ka dingwaga tse tharo tsa fa ke ne ke le kwa Arizona, re ne ra tshwarwa mme ra tsenngwa mo kgolegelong ka makgetlho a le mmalwa. Ka lekgetlho lengwe ke ne ka tshwarwa ka malatsi a le 30. Go lwantshana le go tshwenngwa ke mapodise mo bodireding jwa rona, re ne ra bopa se re neng re se bitsa setlhopha sa batlhasedi. Mosupi yo o neng a eteletse pele o ne a re bolelela jaana: “Fela jaaka leina la rona le kaya, re ntse fela jalo. Re simolola ka ura ya botlhano kana ya borataro mo mosong, re tlogela pampitshana kana bukana mo ntlong nngwe le nngwe mme go tswa foo re bo re dule.” “Setlhopha sa rona sa batlhasedi” se ne sa bereka karolo e kgolo tota ya naga ya Arizona. Le fa go ntse jalo, kgabagare se ne sa fedisiwa ka gonne mofuta oo wa go rera o ne o sa re letle go thusa batho ba ba neng ba kgatlhega.
Sekolo sa Gileate le Tirelo e e Kgethegileng
Ka December 1942, ke ne ke le mongwe wa babulatsela ba le mmalwa kwa Arizona ba ba neng ba bona lekwalo le le ba laletsang go ya kwa sekolong se sesha sa borongwa se se neng se simololwa ke Basupi ba ga Jehofa. Sekolo seo se ne se bidiwa pele go twe ke Kholetšhe ya Baebele ya Watchtower ya Gileate. Moragonyana leina leo le ne la fetolwa go nna Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate. Moago wa sone o ne o le mo e ka nnang bokgakala jwa dikilometara di le 4800 gaufi le toropokgolo ya Ithaca kwa bokone jwa New York.
Morago ga go etela Oregon ka nakonyana e khutshwane, ka January 1943, ba le mmalwa ba rona babulatsela re ne ra tlogela mogote wa Sekaka sa Arizona re tsamaya ka bese ya Greyhound. Malatsi a sekae moragonyana re ne ra fitlha kwa re neng re ya gone mme ra fitlhela kapoko ya mariga a karolo ya bokone jwa New York. Sekolo se ne sa bulwa ka February 1, 1943, fa moporesidente wa sone Nathan H. Knorr, a ne a bolelela baithuti ba le lekgolo jaana mo puong ya go tlhomiwa ga sone: “GA SE boikaelelo jwa kholetšhe eno go lo thusa go nna badiredi ba ba tlhomamisitsweng. Lo setse lo le badiredi mme lo ntse lo tlhagafetse mo bodireding ka dingwaga di le dintsi. . . . Khoso ya go ithuta mo kholetšheng ke fela go lo thapisetsa go nna badiredi ba ba tshwanelegang thata mo tshimong e lo tla yang kwa go yone.”
E re ka ke ne ke sa rutega go le go kalo, kwa tshimologong, ke ne ka ikutlwa ke sa gololesega kwa Gileate. Mme bakaedi ba ne ba ntshwara sentle mme ka simolola go itumelela dithuto tsa me thata. Tlelase ya rona e ne ya aloga dikgwedi di le tlhano morago ga thapiso e e tseneletseng. Morago ga foo, ba le mmalwa ba rona re ne ra romelwa kwa ntlokgolong ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York, koo re neng ra bona thapiso e e oketsegileng gore re siamele go direla mo tirong ya go eta re le balebedi ba potologo. Kabelo ya me ya ntlha e ne e le kwa Bokone le Borwa jwa Carolina.
Mo metlheng eo ya bogologolo, molebedi wa potologo o ne a nna mo tseleng mo e ka nang ka dinako tsotlhe. Re ne re a tle re nne letsatsi le phuthego e nnye kana malatsi a le mabedi fa e ne e le e kgolo. Bontsi jwa diphuthego ka nako eo di ne di le dinnye. Ka jalo fa ke sena go bereka letsatsi lotlhe, gantsi ke sa robale go fitlha go atamela bosigogare ke tlotla le go araba dipotso, ke ne ke tsoga ka ura ya botlhano letsatsi le le latelang go ya kwa phuthegong e e latelang. Ke ne ke le mo tirelong ya potologo mo e ka nnang ngwaga mme morago ga foo ke ne ka bula tsela ka sebakanyana kwa Tennessee le kwa New York.
Go ya Cuba le go Fetela Kwa Puerto Rico
Ka May 1945, nna mmogo le ba bangwe ba le mmalwa, re ne ra romelwa kwa kabelong ya rona ya ntlha e e kwa nageng e sele ya borongwa, kwa Cuba! Mo bosigong joo re neng ra fitlha kwa Havana, e leng motsemoshate wa Cuba, re ne ra ya go dira tiro ya dimakasine. Re ne ra nna kwa Havana go fitlha re kgona go bona legae kwa Santa Clara. Madinyana a re neng re a bona ka kgwedi e ne e le R110 mongwe le mongwe wa rona go bona dilo tse re di tlhokang go akaretsa dijo le rente. Re ne ra betla malao le fanitšhara ka dilo tse di neng di le gone mme ra dirisa mabokose a diapole go nna dilae tsa rona.
Ngwaga o o latelang ke ne ka abelwa tiro ya potologo. Ka nako eo, Cuba yotlhe e ne e le potologo e le nngwe. E re ka molebedi wa potologo yo o neng a potologa pele ga me a ne a na le maoto a maleele mme a rata go tsamaya, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tshwanetse gore ba taboge tota gore a se ka a ba sia. Go bonala ba ne ba akanya gore le nna ke tla tshwana le ene, ka jalo ba ne ba rulaganyetsa loeto lwa me sengwe le sengwe. Ba ne ba sa tswe botlhe mo bodireding ka letsatsi le le lengwe mme ba ne ba ikgaoganya ka ditlhopha mme ba refosana go bereka le nna. Ka letsatsi la ntlha setlhopha sengwe se ne sa nkisa kwa tshimong e e kgakala; letsatsi le le latelang setlhopha se sengwe se ne sa nkisa kwa tshimong e e kgakala fela jalo, jalo le jalo. Ke ne ke lapile thata kwa bofelong jwa ketelo mme ke ne ke go itumeletse. Go na le dilo tse dintle tse ke di gopolang ka phuthego eo.
Ka 1950 re ne re na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 7000 kwa Cuba, mo e ka nnang palo e e tshwanang le kwa Mexico. Ka July ka one ngwaga oo, ke ne ka nna teng kwa kopanong ya kgaolo ya ditšhabatšhaba ya Kgolo ya Puso ya Modimo kwa Yankee Stadium kwa New York City. Morago ga moo, ke ne ka amogela kabelo e ntšha ya borongwa, go ya kwa Puerto Rico. Bangwe ba barongwa ba basha go tswa mo tlelaseng ya bo12 ya Gileate e ne e le Estelle le Thelma Weakley, ba ba neng ba mpata mo sefofaneng se se neng se ya kwa Puerto Rico.
Dingwaga tse robedi moragonyana nna le Estelle re ne ra nyalana ka moletlonyana o o motlhofonyana fela kwa Bayamón, kwa Puerto Rico, o o neng o tshwaretswe mo seraleng ka nako ya boikhutso mo kopanong ya rona ya potologo. Pele le morago ga lenyalo la rona, ke ne ke dira tiro ya potologo. Mo dingwageng tse di fetang lesome tsa fa re ne re le kwa Puerto Rico, nna le Estelle re ne ra bona koketsego e kgolo—go tloga go baboledi ba ba kwa tlase ga 500 go ya go ba ba fetang 2000. Re ne ra kgona go thusa ba le bantsi go ineela le go kolobediwa mme re ne ra nna le seabe mo go tlhomeng diphuthego di le mmalwa tse disha.
Ka December 1960, Milton Henschel go tswa kwa ntlokgolong ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York, o ne a etela Puerto Rico mme a bua le barongwa. O ne a botsa gore a go na le bangwe ba ba neng ba ka rata go ithaopela kabelo e nngwe. Mo go ba ba neng ba ithaopa e ne e le nna le Estelle.
Legae la Rona Kwa Dominican Republic
Kabelo ya rona e ntšha e ne e le Dominican Republic, mme re ne ra tlhoma letlha la June 1, 1961, go nna letsatsi le re tla fudugang ka lone. Ka May 30 mmusaesi Rafael Trujillo, wa Dominican, o ne a bolawa mme difofane tse di yang kwa nageng eo di ne tsa kganelwa. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, difofane di ne tsa tsamaya mme re ne ra kgona go fofela kwa Dominican Republic ka June 1 jaaka re ne re rulagantse.
Naga e ne e tlhakatlhakane fa re fitlha mme masole a ne a tshwaregile thata. Go ne go boifiwa gore go tla nna le menolopuso mme masole a ne a phuruphutsa mongwe le mongwe yo o neng a le mo tseleng e kgolo. Re ne ra emisiwa mo mafelong a le mmalwa a go neng go tlhatlhobiwa mo go one mme mo go lengwe le lengwe dithoto tsa rona di ne di phuruphutsiwa. Go ne go ntshiwa sengwe le sengwe mo disutukheising tsa rona, tota le dilwana tse dinnye thata. Ke tsela eo re neng ra simolola go itse Dominican Republic ka yone.
Re ne ra nna kwa motsemoshateng, kwa Santo Domingo, ka dibeke di le mmalwa pele ga re ya kwa kabelong ya rona ya ntlha kwa La Romana. Ka nako ya bobusaesi jwa ga Trujillo, baagi ba ne ba boleletswe gore Basupi ba ga Jehofa e ne e le Bakomonise mme e ne e le mofuta wa batho o o bosula thata. Ka ntlha ya seo, Basupi ba ne ba bogisiwa ka tsela e e botlhoko. Le fa go ntse jalo, ka bonya ka bonya re ne ra kgona go fedisa letlhoo leo.
Fa re sena go bereka kwa La Romana ka nakwana, re ne ra boa gape re simolola go dira mo tirong ya potologo. Morago ga foo, ka 1964, re ne ra abelwa go nna barongwa kwa motseng wa Santiago. Ngwaga o o latelang, go ne ga nna le menolopuso kwa Dominican Republic mme go ne ga boa go na le tlhakatlhakano teng. Ka nako ya kgotlhang eo re ne ra fudusediwa kwa San Francisco de Macorís, e leng toropo e e neng e itsege ka bopolotiki jwa yone jo bogolo. Le fa go ntse jalo, re ne ra rera ka kgololesego re sa kgorelediwe. Go sa kgathalesege dikhuduego tsa bopolotiki, re bile ra bo ra tlhoma phuthego e ntšha. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, dikabelo tsa rona di ne tsa nna tsa fetolwa pele ga re abelwa gape go ya kwa legaeng le re leng mo go lone gone jaanong mo Santiago.
Tota re bone kafa Jehofa a ileng a segofatsa tiro ka teng mo Dominican Republic. Fa re ne re fitlha ka 1961, go ne go na le Basupi ba ba ka nnang 600 le diphuthego di le 20. Gone jaanong go na le baboledi ba ba rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ba ba ka nnang 20 000 mo diphuthegong tse di fetang 300. Ditebelelo tsa kgolo e e oketsegileng di dikgolo thata, jaaka go supilwe ke palo ya ba ba nnileng teng ba le 69 908 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1996. Ke palo ya baboledi e e menaganeng ka makgetlho a le mararo le sephatlo!
Jaanong ke Morafe o o Thata
Tota le fa seemo sa lefatshe leno se tswelela go fetoga, molaetsa wa Baebele o Basupi ba ga Jehofa ba o rerang o sa ntse o tshwana. (1 Bakorintha 7:31) Jehofa o sa ntse a le Modimo, Keresete e sa ntse e le Kgosi, mme go bonala thata go na le pele gore Bogosi ke jone fela tsholofelo ya lefatshe.
Go ntse go le jalo, go nnile le phetogo e kgolo mo bathong ba ga Jehofa fa e sa le ke nna teng kwa pokanong ele kwa Salem, kwa Oregon, mo e ka nnang dingwaga di le 60 tse di fetileng. Matshutitshuti, kana boidiidi jo bogolo, bo nnile bogolo bo feta dimilione di le tlhano. Go ntse fela jaaka fa Jehofa a ile a bolelela pele jaana ka batho ba gagwe: “Yo monnye o tlaa tla a nna sekete, le yo mmotlana a nna morafe o o thata; nna Jehofa ke tlaa go akofisa mo motlheng wa gone.”—Isaia 60:22.
Morago ga dingwaga tse di ka tshwarang 60 ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng, ke itumelela go tswelela pele go rera le go ruta mo kabelong ya me ya borongwa. A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go nna le seabe mo tirong eo le go bo ke ile ka bona “yo monnye” a nna “morafe o o thata”!
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ke na le mosadi wa me, kwa Dominican Republic