Go Baakanya Dilo Fa Gare ga Gago le Modimo
“Leha dibe tsa lona di hubitse bohibidu yo bo Ietlōlōlō, di tla nna dichweu yaka kapōkō.”—ISAIA 1:18.
1, 2. (a) O ka nna wa akanya eng fa mongwe a ne a re: “Tla jaanong, mme re buisanye mmogo”? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go lebelela go amogana le Modimo?
FA KA NTLHA ya molato wa bogologolo kana bopelo-e-thata, go sena dikamano tse di molemo fa gare ga gago le yo mongwe, o ne o ka arabela jang mo mafokong ano: “Tla jaanong, mme a re buisane mmogo”? Seo e ka nna taletso ya gore go nniwe fa fatshe go amoganwe, matlhakore oo-mabedi a dumela phoso le go ineela. Mongwe le mongwe a ka ntsha pono ya gagwe, mme mongwe le mongwe a ka nna a dumela phoso nngwe kana tlhoka-kutlwisisano.
2 A mme o ne o ka akanya gore mo mogopolong oo Mmopi o ne a ka kopa ka gore, “Tla jaanong, a re buisane mmogo,” jaaka Isaia 1:18 e balega mo Dibibeleng di le dintsi? Legoka. Ga go na ope wa rona yo o ka lebelelang go “ganetsanya kaga gone” (The New English Bible) kana go amogana le Jehofa, jaaka ekete a ka nna a tshwanelwa ke go dumela molato le go ineela. Lefa go le jalo, fa e le gore re batla kagiso le Modimo, Isaia 1:18 e batlang?
3. Boikutlo jo bo siameng jwa lefoko la Sehebera leo fa gongwe le ranolwang ka “go buisana” mo go Isaia 1:18 ke eng?
3 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go “buisanya” tota le raya “go dira phetso, go atlhola, go supa.” Le na le moutlwalo wa bolaodi, le kopanyeletsa batho ba ba fetang ba babedi ba ba buisanang mmogo. Phetso e ne e kopanyelediwa.a (Genesise 31:37, 42; Yobe 9:33; Pesalema 50:21; Isaia 2:4) Wilson’s Old Testament Word Studies e neela bokao jono “go siama; go buisana, go bontsha se se siameng le se se boammaaruri.” Modimo o ne wa laola jaana: “Tlaa jaanong, a re siamise dilo” (The New American Bible) kana, “A re ganetsanyeñ mmōgō.”
4-6. Isaia e ne e le mang, mme o ne a direla leng jaaka moperofeti?
4 Jehofa Modimo o ne a dirisa moperofeti Isaia go fetisa molaetsa wa gagwe o o maatla. Isaia e ne e le mang, mme ke eng fa molaetsa wa gagwe o ne o tshwanetse mo motlheng wa gagwe? Mo godimo ga moo, o ka re solegelwa molemo jang?
5 Fa go umakiwa “moperofeti,” ba le bantsi gompieno ba ka nna ba akanya mo megopolong ya bone ka monnana yo o ithontshang boipelo yo o neng a bolela pono e e sokameng kaga se se leng sone. Ba bangwe ba ka nna ba akanya ka mongwe yo o mogologolo yo o neng a sa tsamaye kafa mekgweng ya batho mme a itira moatlhodi wa maemo a a neng a le teng. Abo go ne go farologane jang ne le monna yo o leka-lekanyeng ebile a le botlhale ebong Isaia, yo Jehofa Modimo a neng a mo dirisa go kwala buka ya Bibela e e tshotseng leina la gagwe!
6 “Isaia, morwa Amose” o ne a nna kwa Juda mme a direla Jehofa ka tlhagafalo “mo metlheñ ea ga Usia, le Yothame, le Ahase, le Hesekia, dikgosi tsa Yuda”—go feta dingwaga di le 40. Ka ntlha ya boikokobetso, Isaia gaa a ka a ntsha boikitsiso jo bontsi kaga gagwe. Hisitori e bolela gore o ne a le mo losikeng lwa lelapa lwa segosi lwa Juda. Re itse ka go tlhomamisega gore o ne a le ralelapa yo mosadi wa gagwe a neng a mo tsholela barwa ba le babedi. A ka nna a tswa a ile a nyala gape fa yoo a sena go swa, moragonyana mme o ne a nyala gape, a nna le morwa yo mongwe, yo ka boperofeti a neng a bidiwa Imanuele.—Isaia 1:1; 7:3, 14; 8:3, 18.
7. Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela boperofeti jwa ga Isaia?
7 Metlha ya ga Isaia e tshwana le ya rona. O bone gore re tshela mo nakong eo go nang le seemo se se maswe sa lefatshe lotlhe, sa dintwa gammogo le matshosetsi a tsone. Lefa baeteledi-pele ba bodumedi le ba dipolotiki bao ba iphakang ba obamela Modimo ba itira dikao tse di tshwanetseng go latelwa, ka metlha re bona dipego tsa boferefere mo tirisong ya bone ya madi le boitsholo jwa bone jo bo sa siamang. Modimo o leba baeteledi-pele bao jang, segolobogolo bao ba golaganeng le La-Bodumedi? Ke eng se se ba emetseng gammogo le bao ba ba latelang? Mo bukeng ya ga Isaia, re fitlhela dikakgelo tsa bomodimo tse di malebana le dikgang tse di ntseng jalo ka boammaaruri. Gape re fitlhela thuto go mongwe le mongwe wa rona jaaka motho ka bongwe re leka go direla Modimo.
Moperofeti go Morafe o o Molato
8. Buka ya ga Isaia e tshotseng, mme e kwadilwe ka mokgwa o o ntseng jang?
8 Ka go bala buka ya ga Isaia, o tla fitlhela melaetsa kaga molato wa Juda le Jerusalema, dipego ka botlalo tsa hisitori ya ditlhaselo tsa baba, polelelo-pele ya go senngwa ga merafe e e mo tikologong, le dipolelelo-pele tse di kgothatsang tsa tsosoloso le poloko ya Iseraela. Seno se kwadilwe ka mokgwa o o tlhaloganyesegang motlhofo, le o o gapang pelo. Dr. I. Slotki a re: “Baithuti ba leboga Isaia go tswa pelong ka ntlha ya kakanyo ya gagwe le go tshwantsha le tlhaloso e e phepafetseng, go kgona go dirisa matshwantshi ga gagwe ka maatla, go rulaganya mafoko, go dirisa mafoko a a tshwanang ka modumo, le teka-tekanyo e ntle ya go elela ga diele tsa gagwe tsa modumo o o tshwanang.” A re eletlhoko bogolo jang one molaetsa wa ntlha wa ga Isaia—oo o fitlhelwang go Isa kgaolo 1.
9. Re itse eng kaga motlha le maemo a go kwalwa ga Isaia kgaolo 1?
9 Moperofeti ga a tlhalose tota gore o kwadile kgaolo eno leng. Isaia 6:1-13 e kwadilwe go tswa ka ngwaga o Kgosi Usia a neng a swa ka one. Ka gone fa e le gore e ne e le pele ga moo fa Isaia a kwala dikgaolo tsa ntlha, di ka nna tsa bontsha boemo jo bo tlileng pele ga bogosi jwa ga Usia. Jaaka motheo, Usia (829-777 B.C.E.) “a diha se se siameñ mo matlhoñ a ga Yehofa,” ka gone Modimo wa segofatsa puso ya gagwe ka katlego. Lefa go le jalo, re itse gore go ne go sena sepe se se siameng, ereka “batho ba ne ba sa nntse ba isa ditlhabèlō, ba hisa mashwalō mo maheloñ a a tlotlometseñ” pele ga Modimo o itaya Usia (kana, Asaria) ka lepero ka ntlha ea go hisa maswalo ka boikgodiso mo tempeleng. (2 Ditihalō 26:1-5, 16-23; 2 Dikgosi 15:1-5) Bosula jwa motlha wa ga Usia bo ka nna jwa tswa bo ile jwa gogela kwa go goleng ga boikepo jo re balang ka jone jo bo kopanyeletsang setlogolwana sa ga Kgosi Ahase (762-745 B.C.E.), joo Isaia a ka tswang a ne a bo tlhalosa. Mme se se mosola thata go na le motlha o o tlhomameng wa Isa kgaolo 1 ke se se ileng sa tlhotlheletsa Modimo go re: “A re ganetsanyeñ mmōgō.”
10. Mo motlheng wa bogosi jwa ga Kgosi Ahase, go ne go na le seemo sefe mo Juda, segolo-bogolo mo baeteleding-pele?
10 Isaia o ne a bolela ka tlhamalalo a re: “A morahe oa boleo! A chaba e e koegeoweñ ke mekgweleō ea boikèpō! a losika loa badiha boshula! a bana ba ba dihañ ka mokgwa o o bodileñ! ba latlhile Yehofa, ba nyaditse Moitshepi oa Iseraela, ba itshemile dilalo, ba boetse kwa moragō. . . . tlhōgō eotlhe e botlhoko, le pelo eotlhe ea idibala. Go simologa ka patō ea lonaō go ea le kwa tlhogoñ, ga go na boitekanèlō bopè mo go ōna.” (Isaia 1:4-6) Puso ya ga Kgosi Ahase ya dingwaga tse 16 e ne e tletse kobamelo ya medimo ya disetwa mo gogolo. O ne a hisa ‘bana ba gagwe [jaaka ditlhabelo] mo molelong, go ya ka dilo tse di bosula tsa Baditšhaba, . . . me ka metlha . . . a fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng mo dithabeng le kafa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se se tshelang sentle.’ (2 Ditihalō 28:1-4; 2 Dikgosi 16:3, 4) Tshiamololo, go rekwa ka madi, le boitsholo jo bo sa siamang di ne di le dikgolo gareng ga magosana, bao tota ba neng ba tshwanetse go nna babusi mo Sodoma wa bogologolo. (Isaia 1:10, 21-23; Genesise 18:20, 21) Ruri, Modimo o ne o ka seke o ba amogele. Mme ka baeteledipele ba ba ntseng jalo, batho ba ne ba ka dira jang?
11. Re tshwanetse go utlwisisa Isaia 1:29, 30 jang?
11 Moperofeti Isaia o ne a tshwantsha seemo se se maswe sa batho ka go umaka ditlhare tse di itshekileng le ditshingwana koo ba neng ba isa ditlhabelo tsa medimo ya disetwa gone le go tshuba maswalo ba di direla medimo ya boheitane. “Maoka” ano a ne a tla ba swabisa. (Isaia 1:29; 65:3) Ka go fetisetsa tshwantshetso mo baobameding ba medimo ya disetwa ka bobone, Isaia o ne a kwala jaana: “Lo tla nna yaka mooka o lekakaba ya ōna le shwabañ, le yaka tshimo e e senañ metse.” (Isaia 1:30) Ee, batho ba ba tlogelang Jehofa ba ne ba tla “nyelediwa.” Ba ne ba tla tshwana le leudi (karolo e e shang ya leloba), mme medimo ya bone ya disetwa e ne e tla nna yone e e tlhotlheletsang—ka bobedi yone le bone ba ne ba tla senngwa.—Isaia 1:28, 31.
12, 13. Motlha wa rona le wa ga Isaia e tshwana jang?
12 Jaanong bapisa seo le seemo gompieno. Mo kgweding e le nngwefela, makwalo-dikgang a kwa United States a ne a bega jaana: Moemela-ditlhopho tsa botautona yo mogolo o ne a boela morago ka ntlha ya dikgang tse di bosula tsa dipego tsa “go inaakanya le basadi” ga gagwe; moruti yo o itsegeng thata o ne a tseelwa maemo morago ga go dumela go bo a dirile boaka le go bonwa molato ka bosodoma, go fapaanela basadi, le go senya madi ka go reka batho. (“Go bolelwa a ile a ntsha madi a a boitshegang a diranta tsa dimilione tse [9,2] go duela fa e sale ka 1984.” Time, ya May 11, 1987) Ngwaga e e fetileng kwa Austria, Moruti mongwe wa maemo a a kwa godimo ‘o ne a kobiwa le go bonwa molato ka ntlha ya go utswa madi a R12 ya dimilione le go a dirisa mo matlong a letsomo le meletlo e a neng a e diretse maloko a malapa a a kileng a busa le basadi ba babotlana ba eseng ba losika lwa bogosi.’ Kwantle ga pelaelo o ka neela dikai tse dingwe tsa baeteledi-pele ba ba ntseng jalo. O akanya gore pono ya Modimo kaga bone ke efe?
13 Fa e le kaga batho ka kakaretso, go na le go fetoga mo go oketsegang kaga bodumedi Bangwe ba tlogela bodumedi ka ntlha ya go fela pelo kana go latlhegelwa ke kgatlhego. Ka motlhala, mo e ka nnang 3 mo lekgolong fela ya batho ba Ennyelane ba ya kwa dikerekeng tse di kwadisitsweng Mo letlhakoreng le lengwe, re fitlhela bodumedi jo bo feteletseng Seno se supiwa ke go gola ga dikereke tsa semoya, ka go ikuela ga boikutlo jo bo mo go tsone jwa “go bolokwa,” go bua ka diteme, kana go bona balwetsi “ba hodisiwa.” Boidiidi bo thelesegela kwa mafelong a kobamelo ba solofetse dikgakgamatso. Ba bangwe ba isa ditlhabelo jaaka ditiro tsa “tumelo,” jaaka go gogoba ka mangole a a tswang madi go ya go bona Lekgarebe la Guadalupe [Mexico City]. Koranta nngwe e ne ya re: “Fa mo go ba ba ka kwantle go nna gone ga gagwe le kutlwelo-botlhoko tseo a obamelwang ka tsone di ka lebega e le go tlhakanya Bokeresete le boheitane mo go phepafetseng Lekgarebe leo ke motho yo o tlotlegang thata kwantle ga pelaelo mo Bokatoliking jwa Mexico.”
O ka Bona Kamogelo ya Gagwe Jang?
14. Jehofa o ile a phepafatsa jang ka Isaia gore Ga a amogele botlhe ba ba iphakang gore ba a mo obamela?
14 Jehofa Modimo ga a tlogele ketsaetsego epe kaga pono ya gagwe ya bao ba iphakang ba le mo letlhakoreng la gagwe mme bao ba se kitlang ba ‘obamela Rara ka moya le ka boammaaruri.’ (Yohane 4:23) Fa morafe, kana setlhopha sa bodumedi, kana motho a sa dire tumalanong le ditekanyetso tse di senotsweng tsa Modimo, ditshupo dipe tsa bodumedi ga di thuse sepe. Ka motlhala, mokete ya bodumedi le ditlhabelo e ne e le karolo e e batlegang ya bodumedi jwa boammaaruri mo lseraele wa bogologolo. (Lefitiko, dikgaolo 1-7, 23) Lefa go le jalo, Isaia o bontsha pono ya Modimo—go sa itumeleng ga gagwe kaga Bajuda ba oa sa ikanyegeng ba ba neng ba boloka meletlo eo. Modimo o ne wa re: “Me e tla re lo huporolola diatla tsa lona ke tla lo ipipèla matlhō; E, e tla re lo diha merapèlō e le mentsi, ga nketla ke utlwa.” (Isaia 1:11-15) Seo se boammaaruri le gompieno. Mo boemong jwa meletlo ya bodumedi fela kana ditaolo tse di ithutilweng tsa bodumedi le dithapelo, Modimo o batla dithapelo le ditiro tse di siameng tse di tswang pelong.
15. Ke eng fa Isaia 1:18 e re neela lebaka la tsholofelo, mme mafoko ano a kayang ‘Tlaang mme re baakanyeng dilo’ ke eng?
15 Go itse seo go neela motheo wa tsholofelo. Batho ba ka gapa kamogelo ya Modimo. Jang? Isaia o kgothatsa ka go re: “Tlhapañ, lo intlahatsè: tlosañ boshula yoa ditihō tsa lona ha pele ga matlhō a me; bakèlañ go diha boshula: ithuteñ go diha sentlè; batlañ katlholō.” Mo sebakeng seno Isaia o ne a ntsha taolo ya Modimo ka go re: “Ntloñ yana, a re ganetsanyeñ mmōgō.” Ka gone Jehofa o ne a sa kope tirisano fa gare ga balekane ba ba neng ba tla nna fa fatshe gore ba amogane. Modimo o ne o itse se se siameng, kana se se tlhamaletseng. Katlholo ya gagwe e ne e le go re: Diphetogo dipe tse di tlhokafalang di tshwanetse go nna mo letlhakoreng la batho, ba ba tshwanetseng go dumalana le ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamiso le tse di siameng. Go ntse fela jalo le gompieno. Phetogo e a kgonega, mo go felelang ka kamogelo. Le eleng mongwe yo tsela ya gagwe e kileng ya bo e le maswe kwantle ga pelaelo o ka fetoga. Isaia o ne a kwala ka go re: “Leha dibe tsa lona di hubitse bohibidu yo bo letlōlōlō, di tla nna dichweu yaka kapōkō.”—Isaia 1:16-18.
16. Bangwe ba ile ba arabela jang mo kgakololong e e theilweng mo Bibeleng mabapi le go dira molato?
16 Lefa go ntse jalo, go na le tshekamelo ya go elatlhoko kgakololo ya go nna jalo le go akanya gore e dira mo go ba bangwe. Go lebega ba le bantsi mo motlheng wa ga Isaia ba ne ba dira jalo. Tota, mongwe le mongwe o tshwanetse go itlhatlhoba. Fa Mokeresete mongwe a le molato ka boleo jo bo masisi, e ka tswa e le maaka, boferefere, boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong, kana melato e mengwe e megolo, go sokologa le ditiro tse di bontshang go sokologa di botlhokwa thata. (Ditihō 26:20) Se se akgolelwang ke gore, bangwe ba ile ba tsaya kgato go ‘baakanya dilo fa gare ga bone le Jehofa.’ Ka sekai, Tora ya Tebelo ya April 15, 1985, e ne ya tlotla kgang e e malebana le go baakanya melato e e ka tswang e le ya sephiri mo bathong ba bangwe mme e bonwa ke Modimo. (Mathaio 6:6; Bafilipi 4:13) Go ne ga umakiwa dintlha di le tharo gore di tlhokomelwe: Eleng go dumela go tshelwa madi mo sephiring, go iphahamisa dirwe tsa bonna le bosadi, le go fetisa dino tsa tagi. Morago ga go tlhatlhoba kgang eo, palo e kgolwane ya babadi ba ne ba kwala makwalo a kanaanelo; ba ne ba dumela gore ba kile ba bo ba na le diphoso tse di ntseng jalo, mme ba ile ba tlhotlhelediwa go sokologa le go fetoga.
17. Le eleng fa re sa dire melato e e masisi, Isaia 1:18 e ka dira jang mo go rona le go re thusa?
17 Legale, bontsi jwa Bakeresete ba ba balang kgang eno ga ba na molato wa go sa itshwareng sentle mo go masisi. Lefa go le jalo, molaetsa wa ga Isaia o santse o tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re itlhatlhobe dipelo. A re ka tswa re tshwanetse go baakanya kgang nngwe le Modimo? Selo sa botlhokwa mo molaetseng wa ga Isaia e ne e le boikutlo jo bo molemo jwa pelo. Mabapi le thapelo, mongwe a ka nna a ipotsa ka go re: ‘A dithapelo tsa me di tswa pelong, le gore go ya ka boiteko jotlhe jwa me, a ditiro tsa me di dumalana le dithapelo tsa me?’ Bangwe ba ba dirang tlhatlhobo eo ba ile ba bona sebaka sa go tokafatsa. Ba ne ba ntse ba rapelela go nna le kitso e e oketsegileng ya go rata ga Modimo, mme gone ba senya nako ele nnye fela ya go ithuta Bibela le dikgatiso tsa Bokeresete. Bangwe ba ne ba rapelela go nna le sebaka se se oketsegileng mo bodiheding, mme ba tshela mofuta wa botshelo o o ka sekeng o letlelele go fokodiwa ga tiriso ya madi ka go fokotsa tiro ya bone ya boitshediso. Kana a o ile wa rapelela gore Modimo o segofatse tiro ya gago ya go dira barutwa? Mme he, ke go ya bokgakaleng jo bo kana kang o berekelang mo go nneng morutisi yo o nang le matswela? Go ya ka segakolodi sa gago a o okeditse go dira maeto a go boela mme o ikemiseditse go senya nako go kgweetsa thuto ya Bibela ka metlha le mongwe? Go dira boiteko tumalanong le dithapelo tsa gago go tla bontsha gore o batla ka bopeloephepa gore Modimo o reetse.
18. Ke eng fa re tshwanetse go tlhokomela gore re baakanye dikgang fa gare ga rona le Modimo?
18 Go siame tota gore mongwe le mongwe wa rona a lekele go dira gore dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe di ‘baakangwe’ le Modimo, Mmopi wa rona. Elatlhoko ka mo Isaia a ileng a lemotsha ka gone mo ntlheng eno: “Kgomo eōna e itse morui oa eōna, le esela e itse golō mo e hèlwañ ke muñ oa eōna gōna: me Iseraela èna ga a itse, batho ba me ga ba gopole.” (Isaia 1:3) Ga go na ope wa rona yo o ka batlang go tshwantshanngwa le kgomo kana esela e e sa itseng sepe le e e senang kanaanelo Lefa go le jalo, tlhaloso eo e ne e tla tshwanela fa re ikutlwa gore ga re tlhoke go berekela mo go ithuteng kaga Monei-Botshelo wa rona le dipatlafalo tsa gagwe mme re be re leka ka bojotlhe go tshela ka mo go tshwanetseng.
19. Isaia o ile a ntsha dintlha tsa tebelelo efe mo go bao ba baakanyang dikgang le Modimo, mme seno se na le bokao bofe mo go rona?
19 Isaia o ne a neela batho ba gagwe lebaka la go nna le tsholofelo. O ne a re boemo jwa bone fa pele ga ga Jehofa bo ne bo ka fetolelwa go nna jo bo phepa. Bo ne bo ka tswa bo tshwana le letsela le le bohibidu jo bo mokgona le le neng le tla nna lesweu jaaka boboa jwa nku kana kapoko e e apesitseng setlhoa sa Thaba ya Heremona. (Isaia 1:18; Pesalema 51:7; Daniele 7:9; Tshenolō 19:8) Le eleng fa bontsi ba ne ba sa arabele, mme ka gone morafe o ne wa bolaiwa ka tšhaka le go isiwa botshwarong, masalela a a ikanyegang a ne a ka boa. Ka mo go tshwanang, re ka bona kamogelo ya ga Jehofa, gongwe ka thuso ya balebedi ba ba nang le digakolodi, ba ba direlang mo phuthegong jaaka ‘baatlhodi le bagakolodi’ ba ba lorato. (Isaia 1:20, 24-27; 1 Petere 5:2-4; Bagalatia 6:1, 2) Ka gone tlhomamisega gore, o ka baakanya dikgang fa gare ga gago le Modimo. Kana, fa o setse o na le kamogelo ya Modimo, o ka nonotsha kamano ya gago le ene. Seno ruri se tshwanela boiteko jotlhe jwa gago.
[Dintlha tsa kwa tlase]
a Dr. E. H. Plumptre o tlhalosa jaana: “[Tlhaloso e e mo go King James Version] e akantsha mogopolo wa puisanyo fa gare ga balekane. Lefa go ntse jalo Sehebera se neela mogopolo wa mongwe yo o neelang taolo e e sa fetolweng jaaka go tswa mo moatlhoding go ya mo go yo o bonweng molato.”
Dintlha tsa Poeletso
◻ Taolo ya ‘go tla go buisana’ le Modimo e ne e raya eng‘?
◻ Motlha Wa ga Isaia o ne o tshwana le wa rona Jang?
◻ Isaia o ne a bontsha gore ke eng se se neng se tlhokega gore batho ba bone kamogelo ya Modimo?
◻ Kwantle ga sebe se se masisi. re ka nna ra tlhoka go baakanya dikgang fa gare ga rona le Modimo mo dikarolong dife?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Matlhakore a a apesitsweng ke kapoko a Thaba ya Hermona, fa go lebelelwa ka kwa borwa-bophirima go kgabaganya bogodimo jwa Mogogoro wa Joredane go ya kwa dithabeng tsa Galelia
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Photos, pages 10, 31: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Isaia o ne a re ‘esela e itse lefelo le e felwang ko mong wa yone mo go lone.’ Go na le thuto efe mo go seno?