Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Dinkgwe le Sebediso
BOIDIIDI jo bogolo bo phuthegetse kwa go Jesu mo Dikapolise. Ba le bantsi ba tswa kgakala go tla mo karolong eno e e tletseng Baditshaba go mo reetsa le gore ba fodisiwe malwetsi a bone. Ba tlile le diroto tse dikgolo, kana ditlatlana, tseo kafa mokgweng ba di dirisang go tsenya mefago fa ba tsamaya ba raletse mafelo a Baditshaba
Lefa go ntse jalo, kwa bofelong Jesu o bitsa barutwa ba gagwe a bo a re: “Ke tlhomogèla batho ba bantsi ba pelo, ka gonne go hetile malatsi a le mararo ba nntse ba tlhotse le nna, me ba sena se ba se yañ? Me e tla re ha ke ba tsamaisetsa kwa magaeñ a bōnè ka tlala, ba tla dimèlèla mo tseleñ: ka ba bañwe ba bile ba cwa kgakala.”
“Ana dinkgwè tse di ka lekanañ go kgorisa batho ba di tla bo di cwa kae hano mo gare ga naga hèla?” Barutwa ba botsa jalo.
Jesu o botsa gore: “Lo na le dinkgwè di le kaee?”
“Di shupa,” ba araba jalo, “le ditlhapi di se kaee.”
Jesu o laela batho gore ba nne fa fatshe, o tsaya dinkgwe le ditlhapi, o rapela Modimo, oa di nathoganya, mme a bo a simolola go di neela barutwa ba gagwe. Bao, le bone, ba di neelang batho, bao ba jang go fitlhelela ba kgora. Moragonyana ga moo, fa go selwa mafofora, a tlala mo dirotong di supa, lemororo mo e ka nnang banna ba le 4 000, gammogo le basadi le bana, ba jele!
Jesu o phatlalatsa boidiidi joo jwa batho, o palama mokoro le barutwa ba gagwe, mme ba kgabaganyetsa ka kwa lotshitshing lo lo kwa bophirima jwa Lewatle la Galilea. Fano Bafarasai, ka nako eno ba patilwe ke maloko a lekoko lengwe la bodumedi la Basadukai, ba leka go raela Jesu ka go mo kopa gore a ba bontshe sesupo se se tswang kwa legodimong. Ka go lemoga maiteko a bone a go mo raela, Jesu o araba ka go re:
“Ea re ha go le maitsiboea, loa tlo lo re, go tla coga go sele; ka legodimo le le lehibidu. Me e re ka moshō, lo re, Go tla tlhōla go le letlōlōlō: ka legodimo le le lehibidu le boncho. Lo itse go lemoga pōnalō ea legodimo; me lo palèlwa ke go re, metlha e kaèla kae?”
Ka gone moo, Jesu o ba bitsa ba ba boikepo le ba ba tletseng boaka mme a ba tlhagisa gore, jaaka a boleletse Bafarasai pelenyana ga moo, ga go na sesupo sepe se ba tla se neelwang kwantle ga sesupo sa ga Jona fela. Fa a tsamaya, ene le barutwa ba gagwe ba tsena mo mokorong mme ba leba kwa Bethesaida mo bokone-botlhaba jwa lotshitshi lwa Lewatle la Galilea. Mo tseleng barutwa ba lemoga gore ba lebetse go tla le dinkgwe, go na le senkgwe se le sengwe fela mo go bone.
Ereka a akantse ka fa a ne a rakane le Bafarasai le ba ema-nokeng ba ga Herode ba Basadukai, Jesu o tlhagisa jaana: “Lo tlhōkōmèlè, lo itisè mo sebedishoñ sa Bafarasai, le mo sebedishoñ sa ga Herode.” Ereka barutwa ba dumela gore Jesu o bua ka go lebala dinkgwe ga bone, ka phepafalo gore sebediso se ba akantsha senkgwe mo megopolong ya bone, ba simolola go ganetsana ka kgang eo. Ereka Jesu a lemoga ka moo ba sa tlhaloganyeng ka gone, a re: “Lo tseisanyeditseñ kgañ ka go bo lo sena dinkgwè?”
Bosheng jaana, Jesu o ne a sa tswa go fa dikete tsa batho dinkgwe ka dikgakgamatso, kgakgamatso eno ya bofelo gongwe o ne a e dira mo e ka nnang letsatsi le le lengwe kana a mabedi a a fetileng. Ba tshwanetse go itse gore gaa amega ka go tlhokafala ga dinkgwe tsa mmatota. “A ga lo gakologelwe?” o a ba gakolola, “E rile ke ñathoganyetsa ba ba makgolo a mashomè matlhano dinkgwè tse tlhano, lo [ne] loa tlatsa diroto di le kaee ka dikabetla tse lo di setseñ?”
“Di le shomè le bobedi,” ba fetola yalo.
“Me ea re mo dinkgweñ di shupa tsa ba ba makgolo a mashomè manè, lo no loa tlatsa diroto di le kae ka dikabetla tse lo di setseñ?”
“Di shupa,” ba araba jalo.
“A lo sa nntse lo e se lo tlhaloganye?” Jesu o botsa jalo. “Ana go nntse yañ lo sa lemoge ha ke ne ke sa bue le lona kaga dinkgwè? Me e le gore lo itisè mo sebedishoñ sa Bafarasai le Basadukai.”
Kwa bofelong barutwa ba a tlhaloganya. Sebediso, selo se se bedisang e le go dira gore borotho bo gogomoge. e ne e le lefoko le gantsi le neng le dirisediwa go tlhalosa go bola. Ka gone jaanong barutwa ba tlhaloganya gore Jesu o dirisa tshwantshiso, gore o ba tlhagisa gore ba itise kgatlhanong le “thutō ea Bafarasai le Basadukai,” thuto e e nang le matswela a a bodisang. Mareko 8:1-21; Mathaio 15:32–16:12.
◆ Ke eng fa batho ba tlile ka diroto tse dikgolo tsa mofago?
◆ Morago ga go tloga mo Dikapolise, Jesu o tsaya maeto afe ka mokoro?
◆ Barutwa ba ne ba seka ba tlhaloganya eng mabapi le kakgelo ya ga Jesu kaga sebediso?
◆ Jesu o ne a rayang kaga “sebedishō sa Bafarasai le Basadukai”?