LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 12/1 ts. 28-31
  • A go Aba ga Gago go Tshwana le go Ntsha Setlhabelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Aba ga Gago go Tshwana le go Ntsha Setlhabelo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matlole a Madi
  • Dipono tse di Farologaneng
  • “Ga Lehuma ya Gagwè”
  • Go Tsweletsa Kobamelo ya Boamaaruri Pele Gompieno
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Yo O Nayang “Nèō Ñwe le Ñwe E E Molemō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Tlotla Jehofa ka Thoto ya Gago”—Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • “Madi a Tswa Kae?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 12/1 ts. 28-31

A go Aba ga Gago go Tshwana le go Ntsha Setlhabelo?

Go leba Meneelo ka Tsela e e Lekalekanang

MORAGO ga go ruta batho dilo tse dintsi mo tempeleng, Jesu “[o ne a] dula bolebana le letlole ya madi a tempela, a bōna kaha batho ba bantsi ba tsenyañ madi mo letlodiñ ka gōna.” (Mareko 12:41) Se se neng sa latela morago ga moo e ne ya nna pego e e itsegeng thata ya ledi la motlholagadi mongwe. Mme ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a dula foo le go lebelela batho ba isa meneelo ya bone? A ga a ka a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ne ba sa tshwanela le eleng go letlelela seatla sa bone sa molema go itse se seatla sa moja se se dirang fa ba dira dimpho tsa bone tsa kutlwelo-botlhoko?​—Mathaio 6:3.

Pelenyana ga moo, Jesu o ne a ile a kgala baeteledipele ba bodumedi ka maatla ka ntlha ya go dirisa mekgwa e e boferefere go metsa ‘matlo a batlholagadi.’ O ne a bolela gore borabodumedi bao “ba tla bōna tshekishō e kgolo bogolo.” (Mareko 12:40) Gore a tle a rute thuto, e ne ya re morago a lebisa tlhokomelo ya gagwe mo go se batho ba neng ba se dira koo mo matloleng a madi. Gompieno, fa re utlwa thata jaana kaga madi a mantsi a a kopanyelediwang mo mekgatlhong ya dikereke, go sa dirisiwe sentle ga madi a a ntseng jalo, le mekgwa e e botlhaswa ya go tshela ya bao ba ikarabelelang, re tla bo re dira sentle go reetsa ka kelotlhoko seo Jesu a neng a se bolela.​—Tswee-tswee bala Mareko 12:41-44.

Matlole a Madi

Pego eo e tlhalosa gore Jesu “[o ne a] dula bolebana le letlole ya madi.” Go phepafetse gore eno e ne e le Phaposi ya Basadi, foo matlole a le mmalwa, kana mabokoso, a neng a beilwe go bapa le mabota gore batho ba latlhele meneelo ya bone mo go one. Ngwao ya Sejuda e re bolelela gore mabokoso otlhe a a neng a le gone a ne a le 13. Ka Sehebera a ne a bidiwa diterompeta, ka gonne a ne a na le melomo mo godimo e e neng e tshwana le molomo wa terompeta. Go bolelwa gore ‘go ne go sena ope yo o neng a tsena mo tempeleng a sa latlhela sengwe mo go one.’

Moperofesa wa Mofora ebong Edmond Stapfer, mo bukeng ya gagwe Palestine in the Time of Christ (1885), o ne a neela tlhaloso e e nang le dintlha ka botlalo ka matlole ano a madi. Tlhaloso ya gagwe e re neela kutlwisiso malebana le botshelo jwa sedumedi jwa batho ba nako eo, segolo-bogolo malebana le meneelo ya bone ya tirelo ya kwa tempeleng.

“Letlole lengwe le lengwe e ne e le la selo se se farologaneng le sa a mangwe, se supiwa ka mokwalo wa loleme wa Sehebera. La ntlha le ne le kwadilwe jaana: Dishekele tse dintšha; ke gore, dishekele tse di beetsweng go duelela ditshenyegelo tsa ngwaga eo fa thoko. La bobedi: Dishekele tse dikgologolo; ke gore, dishekele tse di neetsweng go duelela ditshenyegelo tsa ngwaga e e fetileng. La boraro: Maphoi le maebana; madi a a neng a tsenngwa mo letloleng leno e ne e le tlhotlhwa e e tshwanetseng go duelwa ke bao ba neng ba tshwanela go ntsha maphoi a mabedi kana maebana a mabedi, le lengwe jaaka tshupelo ya phiso, le lengwe jaaka tshupelo ya boleo. Mo godimo ga letlole la bone go ne go kwadilwe jaana: Ditshupelo tsa phiso; madi ano a ne a duelela ditshenyegelo tsa ditshupelo tse dingwe tsa phiso. La botlhano le ne le kwadilwe jaana: Dikgong, mme le ne le tsenya dimpho tsa ba ba ikanyegang gore ba reke dikgong tsa aletara. La botataro: Maswalo (madi a go reka maswalo). La bosupa: La felo ga boitshepo (madi a setulo sa kutlwelo-botlhoko). Matlole a marataro a a setseng a madi a ne a kwadilwe go twe: Dimpho tsa boithatelo.”

Mokwalo o o mo matloleng a ntlha a mabedi o ne o raya sephatlo sa shekele (madi a mabedi a selefera a Gerika) sa lekgetho la ditlhogo leo molao o neng o batla gore monna mongwe le mongwe a le duele gore go tlhokomelwe tempele, a ditirelo tse di neng di dirwa koo, le ditlhabelo tsa letsatsi le letsatsi tse di neng di isiwa mo boemong jwa morafe otlhe. Lekgetho leno gantsi le ne le phuthiwa mo bathong mme le isiwe kwa tempeleng.​—Mathaio 17:24.

Gape Molao o ne o batla gore batho ba itirele ditshupelo tse di farologaneng ka namana. Tse dingwe e ne e le tsa dibe tse ba di dirileng, tse dingwe e tsa mabaka a a tlwaelegileng, mme ebile tse dingwe e le tsa boineelo jwa bone le ditebogo. Mabokoso a a neng a tshwailwe “Maphoi le maebana” le “ditshupelo tsa phiso” e ne e tla bo e le a dilo tse di ntseng jalo. “Mo Terompeteng III,” go rialo buka ya The Temple, Its Ministry and Services, “basadi bao ba ba neng ba tshwanetse go isa maphoi tshupelo ya phiso le ya boleo ba ne ba latlhela madi a a di lekaneng, a a neng a ntshiwa tsatsi le letsatsi go bo go dirwa tshupelo ya maphoi a a lekanang madi ao.” Go lebega e le sone seo batsadi ba ga Jesu wa lesea ba neng ba se dira.​—Bona Luke 2:22-24; Lefitiko 12:6-8.

Jaanong go bo go nna le ditshupelo tsa dikgong le tsa maswalo tse di neng di dirisiwa kwa aletareng le mo ditshupelong tsa boithatelo. Gape, go ya ka Perofesara Stapfer, “fa mongwe a ne a neela madi a dikgong kana a maswalo, go ne go na le selekanyo se se rileng se sebotlana se se neng se tlhomilwe, mme go ne go ka nna ga seka ga ntshiwa moneelo o o kwa tlase ga sone. Go ne go tshwanetse gore bobotlana go ntshiwe tlhotlhwa ya maswalo a ka tlala seatla, kana ya dikgong di le pedi tse di ka nnang boleele jwa kubiki mme e le tse dikima.”

Re ithutang mo go seno sotlhe? Go bonala sentle gore Baiseraele ba ne ba na le maikarabelo a le mantsi mo go tlhokomeleng letlole mme moragonyana ga moo tempele kwa Jerusalema, eleng lefelo la konokono la kobamelo ya boammaaruri. Ditlhabelo le ditshupelo e ne e le karolo e e botlhokwa thata mo kobamelong ya bone. Tota ebile, Molao o ne o laetse gore “ba se ka ba bōnala ha pele ga Yehofa ba iphotlhere hèla.” (Duteronome 16:16) Mme ba ne ba leba maikarabelo ano jang?

Dipono tse di Farologaneng

Pego ya Bibela e bontsha gore batho ba ne baa fa ka bopelotshweu mo motlheng wa ga Moshe le Dafide mme moragonyana ga moo mo pusong ya ga Joashe le Josia. (Ekesodo 36:3-7; 1 Ditihalō 29:1-9; 2 Ditihalō 24:4-14; 34:9, 10) Ba ne ba itumelela go nna le karolo mo go ageng ntlo ya ga Jehofa le mo go e tlhokomeleng gammogo le mo go tsweletseng kobamelo ya boammaaruri pele. Boikutlo jwa bone bo ne jwa tlhalosiwa sentle ke mafoko a ga Dafide fa a ne a re: “E rile ba nthaea, ba re, A re eeñ kwa tluñ ea ga Yehofa, ka itumèla.”​—Pesalema 122:1.

Lefa go ntse jalo ga se botlhe bao ba neng ba na le moya ono wa bopelotshweu. Ka motlhala, re bala gore mo metlheng ya ga Malaki, baperesiti ba ne ba isetsa Jehofa tshupelo ya “se se gapilweñ ka thata, le se se tlhotsañ, le se se bobolañ.” Mo boemong jwa gore ba ipelele tshiamelo ya bone ya tirelo, ba ne ba re: “Bōnañ, ke letsapa ye legolo yañ!”​—Malaki 1:13.

Ka mo go tshwanang, mo motlheng wa ga Jesu bangwe ba ne ba dirisetsa boemo joo go godisa dikgatlhego tsa bone ka namana. Ka sekai, baananyi ba madi ba ba itsegeng ba kwa tempeleng ba ne ba sa ela go ananya fela koo. Mo boemong jwa seo, ba ne ba ikepela mo lebakeng la gore go ne go amogelwa dishekele tsa Sehebera fela jaaka ditshupelo, mme botlhe bao ba neng ba na le madi a Roma kana a Gerika ba ne ba tshwanelwa ke gore ba a ananye. Go ya ka Alfred Edersheim, ebong motswedi mongwe o o malebana le histori ya Sejuda, “bo-radibanka ba ne ba letleletswe gore ba duedisetse meah ya selefera, kana mo e ka nnang nngwe-nneng ya dinara [kana denarius, e leng tuelo ya mmereki ya tiro ya letsatsi lotlhe] mo sephatlong sengwe le sengwe sa shekele.” Fa e le gore seno ke boammaaruri, ga go thata go bona gore seno e tshwanetse ya bo e ne ya nna papadi e kgolo jang le gore ke ka ntlhayang fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba shakgala thata jaana fa Jesu a ne a koba baananyi ba madi.

“Ga Lehuma ya Gagwè”

Seno sotlhe otlelela setshwantsho sa ga Jesu kaga moneelo o monnye wa motlholagadi yole yo o neng a humanegile, oo kwantle ga pelaelo a neng a o latlhela mo go lengwe la mabokoso a a kwadilweng “Dimpho tsa Boithatelo.” Jaaka motlholagadi, go ne go sa batlege gore a ntshe lekgetho la ditlhogo, ebile ka a ne a sena dilo tse dintsi tse di bonalang, go ka diragala gore a bo a ile a seka a kgona go fitlhelela bobotlana jwa dipatlafalo tsa ditshupelo tsa phiso kana meneelo ya dikgong kana ya maswalo. Lefa go le jalo, o ne a batla go dira sengwe go bontsha ka moo a neng a rata Jehofa ka gone. O ne a sa batle gore a seka a palelwa kana gore a go tlogelele bao ba ‘ikgonang.’ Jesu o ne a re: “Èna o tsentse ga lehuma ya gagwè, a tsenya gotlhe mo o nañ nagō, eboñ gotlhe mo o tshelañ ka gōna.”​—Mareko 12:44.

Go na le dithuto tse dintsi tsa botlhokwa tse re ka di ithutang mo pegong eno. Gongwe e e tlhomologileng thata mo go tsone ke gore lemororo rotlhe re na le tshiamelo ya go ema kobamelo ya boammaaruri nokeng ka dilo tsa rona tse di bonalang, se se leng botlhokwa thata mo matlhong a Modimo, ga se go ntsha seo re ka kgonang go tshela lefa re sena sone, mme ke go ntsha se se leng mosola thata mo go rona. Ka mantswe a mangwe, a re ntsha selo se re se kitlang re se tlhoka go le kalo? Kana a go aba ga rona go tshwana le go ntsha setlhabelo eletota?

Go Tsweletsa Kobamelo ya Boamaaruri Pele Gompieno

Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba tsweletsa kobamelo ya boammaaruri pele ka go rera “mahoko a a molemō a, a bogosi . . . mo lehatshiñ yeotlhe” ka tlhoafalo. (Mathaio 24:14) Gore re fitlhelele tiro eno ya lefatshe lotlhe ga go kopanyeletse go dira ka tlhoafalo, nako, le maikatlapelo fela mme gape le ditshenyegelo tse dintsi. Yearbook of Jehovah’s Witnesses ya 1987 e bega gore “ka 1986, go dirisitswe madi otlhe a a kana ka 52 824 003,56 go tlhokomela . . . barongwa bale 2 762, babulatsela ba ba kgethegileng bale 13 351, le balebedi le basadi ba bone mo dipotologong le mo dikgaolong tsa lefatshe lotlhe di le 3 353.” Seno e ne e le mo godimo ga “ditshenyegelo tse dingwe tse dintsi mo go rekeng, mo go ageng, le mo go tlhabololeng meago; mo go tsenyeng didirisiwa mo madirelong le mo diofising tsa kwa ntlo-kgolo le kwa makaleng a Mokgatlho a le 93; le mo go tlameleng baithaopi ba le 8 920 ba ba direlang kwa magaeng a Bethele ka dilo tse di bonalang tse ba di tlhokang.”

‘Madi a go nna jalo a tswa kae?’ ke potso e e bodiwang gantsi. Go farologana le dikereke tsa La-Bodumedi, Basnpi ba ga Jehofa ga ba amogele dikoleke kana ba romela dienfolopo tsa go kopa meneelo. Mo boemong jwa seo, mabokoso a meneelo​—jaaka matlole a madi a mo metlheng ya Bibela—​a bewa mo Diholong tsa bone tsa Bogosi. Ka dinako tse dingwe, mabokoso a mangwe a ka nna a beelwa ditiro tse di rileng, jaaka a kago ya Diholo tsa Bogosi kana a Diholo tsa Kopano kana a go thusa barongwa gore ba nne gone kwa dikopanong tsa kwa magabone. Gape meneelo e ka nna ya romelelwa Watch Tower Society kwa Private Bag 2067, Krugersdorp, 1740, ka tlhamalalo, go tsweletsa tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe pele.

O leba jang ditsela tseno tse dintsi tse di farologaneng tse meneelo e dirwang ka tsone? A le wena, jaaka bangwe ba mo motlheng wa ga Malaki, o di leba jaaka mokgweleo o o lapisang, gongwe o bolela jaana mo pelong ya gago: “Bōnañ, ke letsapa ye legolo yañ!”? Kana, a jaaka “motlhōlagadi oa sehumanegi,” o di leba jaaka sebaka sa go supa tlhoafalo ya gago le ka moo o amegileng ka teng ka kobamelo ya boammaaruri le ka moo o eletsang go tlotla Jehofa ka gone ka dilo tsa gago tse di botlhokwa? O seka wa lebala potso eno e e opang kgomo lonaka: A go aba ga gago go tshwana le go ntsha setlhabelo?

“Lo tlo lo nteke ka gōna, go bua Yehofa oa mashomōshomō, lo bōnè bo ga nketla ke lo bulèla dikgōrō tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesegō ye go se ketlañ go na le bonnō yo bo lekanyeñ go le baea.” (Malaki 3:10) Go atlega semoyeng le kgolo ya lefatshe ka bophara mo bathong ba ga Jehofa di supa gore Jehofa o setse a dira jalo. Ekete re ka tswelela pele go neela Jehofa tshupelo e ruri e leng setlhabelo.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

KA MOO BANGWE BA NTSHETSANG TIRO YA BOGOSI MENEELO KA GONE

◻ DIMPHO: Meneelo ya madi ya boithatelo e ka nna ya romelwa ka tlhamalalo go Watch Tower Bible and Tract Society, Private Bag 2067, Krugersdorp, 1740. Go ka nna ga ntshiwa meneelo ya dilo tse di tshwanang le dilo tse di bonalang, gammogo le majana a a tlhokegang kana gape le dilo tse dingwe tse di botlhokwa. Lekwalo le lekhutshwane le le bolelang gore moneelo oo ke wa boithaopo le tshwanetse la pata meneelo eno.

◻ THULAGANYO YA MENEELO E E IKAEGILENG KA MAEMO A A RILENG: Go ka nna ga neelwa Mokgatlho wa Watch Tower madi gore o a tlhokomele, go ikaegile ka gore mo nakong ya fa mong a a tlhoka, a tla busediwa kwa go yo o a ntshitseng.

◻ INSHORENSE: Go ka nna ga kwalwa leina la Watch Tower Society jaaka yone e e tla jang madi a pholesi ya inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go rola tiro/​penshene. Go tshwanetswe ga itsisiwe Mokgatlho ka dithulaganyo dipe tsa go nna jalo.

◻ DIWILI: Dithoto kana madi di ka neelwa Watch Tower Society ka thulaganyo ya wili e e dirilweng kafa molaong. Sekaelo sa yone se tshwanetse go romelelwa Mokgatlho.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng le kgakololo mabapi le dikgang tse di ntseng jalo, kwalela Treasurer’s Office, Watch Tower Bible and Tract Society, Private Bag 2067, Krugersdorp, 1740.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela