A O Tla Nna Mosupi wa Modimo wa Boammaaruri?
“Lo . . . bashupi ba me, go bua Yehofa, me ke Nna Modimo.”—ISAIA 43:12.
1. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go tlotla Modimo wa boammaaruri?
KA BOKHUTSHWANE fela pele ga Jesu aa swa, o ne a ‘tsholeletsa matlho a gagwe kwa legodimong’ go rapela. O ne a bitsa Yo a neng a mo rapela “Modimo o o osi, o o boamarure.” (Yohane 17:1, 3) Ka mo go utlwalang, go ka nna le Modimo o le osi fela o o tshelang le wa boammaaruri, Molaodi wa lobopo lotlhe, Mmopi. Ereka re le fano ka baka la Modimo wa boammaaruri, re tshwanetse go mo neela tlotlo eo e mo tshwanetseng. Jaaka Tshenolō 4:11 e e tlhalosa: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne o tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.”
2. (a) Ke eng seo go tla bong go utlwala go se dumela kaga Modimo wa boammaaruri? (b) O buisana jang le bao ba batlang go mo obamela?
2 Go tla bo go utlwala go lebelela gore Modimo wa boammaaruri ga a kitla a letlelela maemo a a bosula a a kgotletseng dibopiwa tsa gagwe tsa selefatshe ka bosakhutleng. Mme gape go tla bo go utlwala go dumela gore o tla nna a itsise baobamedi ba gagwe kaga seo a tla se dirang le seo a batlang gore ba se dire pele ga a diragatsa dikatlholo tsa gagwe. (Amose 3:7) O buisana jang le bao ba senkang boammaaruri? O dirisa batho ba ba iketleeditseng jaaka babueledi ba gagwe. “Lona lo bashupi ba me, go bua Yehofa, . . . e rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo opè, le gōna ga go ketla go nna opè moragō ga me. Nna, e leñ Nna, ke Yehofa; me kwa ntlè ga me ga go na mmoloki opè.” (Isaia 43:10, 11) Mme motho o ka lemoga jang bao Modimo wa boammaaruri o ba dirisang jaaka basupi ba gagwe? Bone, le molaetsa wa bone, ba farologana jang le baobamedi ba medimo e mengwe?
Kgwetlho go Medimo e Mengwe
3. Jehofa o gwetlha medimo yotlhe e mengwe ka kgwetlho efe?
3 Jehofa o ne a tlhotlheletsa Isaia go kwala kgwetlho eno e e gwetlhang medimo yotlhe e mengwe: “Emañ mo go bōnè [medimo ya merafe le batho] eo o ka bolèlañ go mo [polelelo pele e e tla diragalang], a re shupetsa dilō tsa pele [tseo di tla diragalang mo nakong e e tlang]? A [bone jaaka medimo] ba tlisè bashupi ba bōnè, gorè ba tlè [bone jaaka medimo] ba siamisiwè: kgotsa a [batho ba merafe eo] ba utlwè, me a ba re, Ke boamarure.” (Isaia 43:9) Ka gone Jehofa o gwetlha medimo yotlhe eo batho ba e obamelang gore e itshupe gore ke medimo tota. Basupi ba yone ba tshwanetse go ntsha bosupi jwa gore medimo ya bone e a ikanyega ebile e tshwanela go obamelwa.
4. Re itse jang gore medimo ya merafe ya bogologolo e ne e sena mosola?
4 Mme medimo eo le baobamedi ba yone ba dirile eng? A ba re neetse kagiso ya boammaaruri, katlego, botsogo jo bo molemo, le botshelo? Ditiragalo di supa gore medimo e mentsi ya merafe ya bogologolo e itshupile e sena mosola ebile e sena maatla. Ga e a kgona lefa e le go nnela ruri jaaka dilo tse di obamelwang, ereka e seyo gompieno. Medimo e mentsi ya Egepeto wa bogologolo, Asiria, Babelona, Medo-Persia, Greece, Roma, le merafe e mengwe e itshupile e le ya maaka. E bonala fela mo dibukeng tsa hisitori kana mo dimusiamong koo ditshwantsho tse di setilweng tsa yone e leng dilo tse di kgatlhang fela.
5. Re ka botsa eng kaga medimo ya metlha ya segompieno?
5 Lefa go le jalo, a medimo ya segompieno le baobamedi ba yone e botoka go na le ya bogologolo? Bodumedi jwa Sehindu bo le josi bo na le medimo e le dimilione-milione. Babuda, Bakatoliki, Ba-Confucian, Bajuda, Baporosetanta, Bashinto, Ba-Tao, le ba bangwe ba bantsi ba na le medimo ya bone. Mo Afrika, Asia, le mo mafelong a mangwe, maatla a tlholego, diphologolo, le dilo tse dingwe di obamelwa jaaka medimo. Bomorafe le lorato lwa dilo tse di bonalang, le eleng motho ka boene, di fetogile medimo, ka go bo batho ba le bantsi ba ineetse gotlhelele mo go tsone. Ke tsela efe ya kobamelo e tota e emelang yo o bolelang ka go re: “Ke Nna Yehofa, me ga go na opè o sele; kwa ntlè ga me ga go na Modimo opè”?—Isaia 45:5.
“Lo Tla ba Itse ka Mauñō a Bōnè”
6. Re ka farologanya kobamelo ya boammaaruri le kobamelo ya maaka jang?
6 Jesu o ne a supa tsela e e tlhomameng ya go lemoga se eleng boammaaruri kana maaka malebana le bodumedi. O ne a re: “Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè . . . Setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō: me setlhare se se boshula se uñwa louñō lo lo boshula. . . . Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ.” (Mathaio 7:16-19) Ka gone, go tlhaola Modimo wa boammaaruri mo go ya maaka, baobamedi ba boammaaruri mo go ba maaka, re tlhoka go tlhatlhobisa maungo a bone. A loungo lwa bone lo “molemō,” kana lo “boshula”?
7. Ditiragalo tsa lekgolo leno la dingwaga di re bolelela eng kaga ditumelo tsa lefatshe leno?
7 Ka sekai, ke bodumedi bofe mo lefatsheng joo bo nang le kagiso ya mmatota gare ga balatedi ba jone lefatshe ka bophara? Eleruri, maloko a bodumedi jwa boammaaruri, bakaulengwe ba semoya, ga ba tshwanela ba ka bo ba bolaana. Mme batho ba le dimilione di le lekgolo ba bolailwe mo dintweng tsa lekgolo leno la bo-20 la dingwaga, mme dintwa tseo tsotlhe di ne tsa engwa nokeng ke bodumedi jwa lefatshe leno. Ka baka leo, batho ba bodumedi ba bolaile batho ba bangwe ba bodumedi. Gantsi, ba bolaile batho ba bodumedi jwa bone. Bakatoliki ba ile ba bolaya Bakatoliki, Baporosetanta ba bolaile Baporosetanta, Mamoselema a bolaile Mamoselema, mme le ba bodumedi jo bongwe ba ile ba latela tsela e e tshwanang le eo.
8. Baela-dilo-tlhoko ba akgela jang kaga go retelelwa ga bodumedi mo motlheng wa rona?
8 Mo kakgelong ya setlhogo se se reng “Thubakanyo e e Dirilweng mo Leineng la Modimo,” Mike Royko, jaaka ekete o bua le Modimo, o ne a bua jaana ka ditumelo tsa lefatshe leno: “Ba bontsha go ineela mo go wena ka go bolaana ka makgolokgolo. Ke akanya gore ba ithaya ba re fa setlhopha se sengwe se ka fedisa se sengwe gotlhelele, go tla bo go supa gore tsela ya bone ya go go obamela ke yone e e siameng.” O ne a bolela gore lefa mopapa a ipolela a le monna wa tshiamo, “balatedi ba gagwe go tswa kgakala ba itsege ka go tsholola madi a mantsintsi fa ba kukegile maikutlo.” Gape, fa Tautona ya pele ya United States ebong Carter a ne a akgela ka go re: “lefatshe le a tsenwa,” o ne a re: “Tumelo e kgolo ya bodumedi, e e tshwanetseng go bopaganya batho ka lorato, gantsi go lebega e le karolo ya botsenwa jono le polao.”
9. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go obamela “medimo ea disètwa”?
9 Loungo lono lo lo bosula lo fapaane le seo se tshwanetseng go nna loungo lwa bao ba obamelang Modimo wa boammaaruri. (Bagalatia 5:19-23) Ka gone he, bao ba emang nokeng ditumelo le dithuto tseo di letlelelang go ya ntweng ke karolo ya bodumedi jwa maaka fela jaaka go ne go ntse ka Baegepeto ba bogologolo, Baasiria, Bababelona, le ba bangwe bao ba neng ba ikanya “medimo ea disètwa e e sa bueñ.” (Habakuke 2:18) Mme fela jaaka lefoko la polelelo pele la Modimo wa boammaaruri le ne la diragala mo kobamelong ya bogologolo ya maaka, go tla nna fela jalo mo motlheng wa rona: “Medimo ea disètwa e tla hetèla rure e ea koñ.” (Isaia 2:18) Tlhagiso ya gagwe e tlhomame e e reng: “Lo se ka loa hapogèla kwa medimoñ ea disètwa.”—Lefitiko 19:4.
Ke Bomang Bao ba Neelang Bosupi Kaga Jehofa?
10. A balatedi ba ditumelo tsa lefatshe leno ke basupi ba Modimo wa boammaaruri?
10 Mosupi wa Modimo wa boammaaruri e tshwanetse go nna yo o neelang bosupi kaga Gagwe. A balatedi ba ditumelo tsa lefatshe jeno ba neela bosupi joo? Ke ga kae batho ba ditumelo tseno ba buang le wena kaga kobamelo ya bone? Ba tlile leng kwa ga gago go tla go neela bosupi kaga medimo ya bone? Kgwetlho eo Modimo wa boammaaruri a gwetlhileng ya maaka ka yone go ntsha basupi ba yone e ntse ga e tsewe tsia. Batho ba ditumelo tsa lefatshe leno ga ba neele bosupi jwa go nna jalo. Ga ba kake ba kgona go go bolelela gore Modimo wa boammaaruri ke mang kana gore maikaelelo a gagwe ke afe. Baruti ba bone ba paletswe ke go ba ruta boammaaruri. “Ke bagogi ba ba hohuhetseñ. Me ha sehohu se gōga sehohu, di tla wèla mmōgō mo kgatampiñ.”—Mathaio 15:14.
11. Ke bomang fela ba ba neelang bosupi kaga leina la Modimo wa boammaaruri?
11 Ke bomang ba ba iketleeleditseng go dirisa nako ya bone, dithoto tsa bone, le eleng matshelo a bone, mo go neeleng bosupi kaga Modimo wa boammaaruri? Ke bomang ba ba bolelelang batho seo Modimo wa boammaaruri o se itsiseng ka go re: “Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me”? (Isaia 42:8) Ke bomang ba ba rutang gore “wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u . . . Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe”? (Pesalema 83:18) Mo motlheng wa gagwe, Jesu o ne a kgona go raya Modimo wa boammaaruri a re: “Leina ya gago ke le [ba] bontshitse.” (Yohane 17:6) Mo motlheng wa rona, ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba ka buang jalo. Abo leina la bone le tshwanela jang ne—Basupi ba ga Jehofa!
Go Neela Bosupi Kaga Bogosi
12. Ke thuto efe ya botlhokwa e basupi ba boammaaruri ba tshwanetseng ba bo ba e bolelela ba bangwe?
12 Mo godimo ga go itsise leina ja Modimo wa boammaaruri, ke eng se, segolo bogolo, basupi ba gagwe ba tla bong ba se bolela kaga maikaelelo a gagwe? Jesu o ne a baya sekao ka go ruta balatedi ba gagwe go rapela Modimo wa boammaaruri ba re: “Bogosi yoa gago a bo tlè.” (Mathaio 6:10) Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo ke puso eo kgabagare e tla busang lefatshe lotlhe. (Daniele 2:44) E ne e le setlhogo sa thuto ya ga Jesu. (Mathaio 4:23) Ka go bo Bogosi e le jone fela tharabololo ya mathata a setho, o ne a kgothatsa ka go re: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè.”—Mathaio 6:33.
13. (a) Mabaka a bontsha eng kaga go rera ga Basupi ba ga Jehofa mabapi le Bogosi jwa Modimo? (b) Go rerwa ga Bogosi ke bosupi jwa gore Jehofa ke ene Modimo fela wa polelelo pele ya boammaaruri jang?
13 Ke bomang ba gompieno ba neelang bosupi kaga Bogosi jwa Modimo? Moperofesa C. S. Braden, mokanoki yo o tlhoafetseng wa ditumelo tsa lefatshe, o ne a re: “Basupi ba ga Jehofa ba tladitse lefatshe lotlhe tota ka bosupi jwa bone. . . . Go ka buiwa ka boammaaruri ga twe ga go na lefa e le setlhopha se le sengwe fela sa bodumedi mo lefatsheng lotlhe se se bontshitseng tlhagafalo e kgolo le go sa itsapeng mo boitekong jwa go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi go gaisa Basupi ba ga Jehofa.” Mme o ne a kwala seo dingwaga di ka nna 40 tse di fetileng! Gompieno go neetswe bosupi jo bogolo fela thata kaga Bogosi, ka gonne jaanong go na le Basupi ba feta ba nako eo ga lesome! Ba le dimilione di le tharo le sephatlo ba bone, mo diphuthegong tse di ka nnang 54 900 lefatshe ka bophara, ba neela bosupi kaga Bogosi, ebile dipalo tsa bone di oketsega ka bofefo. Loungo lono lo lo molemo lo bontsha gore Jehofa ke Modimo wa polelelo pele ya boammaaruri. Ke ene yo o neng a tlhotlheletsa Morwawe, ebong Jesu, go bolelela pele jaana ka ga motlha wa rona: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14; Yohane 8:28.
Go Etsa Lorato Lwa Modimo
14. Basupi ba Modimo wa boammaaruri ba tshwanetse go etsa nonofo efe, mme go kaya eng fa ba sa dire jalo?
14 Basupi ba boammaaruri ba Modimo ba tshwanetse go etsa nonofo ya gagwe e kgolo—ebong ya lorato. “Eo o sa rateñ ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato.” (1 Yohane 4:8) Tota, “bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō. . . . Re ratanè; Re se ka ra nna yaka Kaine a nna oa eo o boshula, me a bolaea monnawè.”—1 Yohane 3:10-12.
15. Ke ka ntlhayang fa re ka re Basupi ba ga Jehofa ba bontsha lorato lwa mmatota?
15 Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba nang le lorato lwa mofuta oo. Ga ba obamele medimo ya ntwa, bomorafe, le ya bosetso. Ga ba eme nokeng dintwa dipe tsa lefatshe leno mme ka gone ga ba ke ba nna mo seemong seo ba ka emang nokeng go bolawa ga bakaulengwe ba bone ba semoya mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Fela, jaaka Jesu a ne a bolela, ‘ga se ba lefatshe’ mme ba ‘beile ditšhaka tsa bone fa fatshe.’—Yohane 17:14; Mathaio 26:52.
16. Ba bangwe ba thusa go tlhaola Basupi ba boammaaruri ba Modimo jang?
16 Setlhogo sengwe se se reng “Dilo tse Dingwe Kaga go Mpampetsa Thubakanyo” se ne sa re: “Basupi ba ga Jehofa ba tshegeditse boemo jwa bone jwa ‘boitlhaodi jwa Bokeresete’ jo e seng jwa thubakanyo kwantle ga go reketla . . . Boemo jwa bone jo bo gagametseng kgatlhanong le go direla naga ga mofuta ope fela, ga sesole kana e se ga sesole, le go gana ga bone go tlotla ditshwantsho tsa lotshwao lwa semorafe go feletse ka gore fa gongwe ba bogisiwe, fa gongwe ba tsenngwe mo dikgolegelong, le go tlhaselwa ke digopa tsa batho mo dinageng di le dintsi . . . lefa go ntse jalo, Basupi ga ba ise ba ko ba ipusolosetse ka thubakanyo.” Pampiri ya dikgang ya Brazil ebong O Tempo e ne ya bua jaana ka bone: “Lemororo go na le ditumelo di le dintsi tse di ipapatsang ka maaka a tsone mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, ga go na lefa e le nngwe fela mo godimo ga lefatshe gompieno e e bontshang lorato lo lo tshwanang le lwa bone.” Jesu o ne a bolela gore, lorato lono lwa mmatota, lo lemotsha gore ke bafe ba e leng basupi ba boammaaruri ba Modimo. “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:35.
Pogiso e Oketsa go Neelwa ga Bosupi
17, 18. Ke sekai sefe sa bosheng se se bontshang kafa pogiso e ka oketsang go neela bosupi kaga Bogosi ka teng?
17 Pogiso e ka nna ya felela ka go neelwa ga bosupi jo bo oketsegileng kaga Bogosi. Ka sekai, mo India go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 8 000 fela. Lefa go le jalo, bosheng jaana leina la ga Jehofa le maikaelelo a gagwe di ne tsa anamisiwa mo gogolo thata mo lefatsheng leo ke seo bana ba Basupi ba le 11 ba neng ba se dira ba etsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga bao ba neng ba raya basekisi ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 5:29) Bana bao ba Ma-India ba ne ba lelekilwe kwa sekolong ka go bo ba ne ba sa opele pina ya setšhaba. Mme Kgotla-tshekelo e Kgolo ya India e ne ya fetsa ka go re, jaaka go begilwe mo go Deccan Herald ya Bangalore, “go opelwa ga Pina ya Setšhaba ga go patelediwe ka gope mo nageng eno.” Kgotla-tshekelo eo e ne ya lemotsha gore bana bao “ba ne ba bontshitse tlotlo e e tshwanetseng” le gore go sa opeleng ga bone “go ne go sa supe go tlhoka kutlo ka gope.” Kgotla-tshekelo eo e ne ya laola gore bana bao ba amogelwe gape kwa sekolong.
18 Pampiri yone eo ya dikgang e ne ya akgela ka go re: “Bana bano ba ne ba gana go opela Pina ya Setšhaba ka go bo Basupi ba ga Jehofa ba tsaya gore ke Bakeresete le gore ba ineetse ka bojotlhe mo Bogosing jwa Modimo. . . . Ka gone ga ba tsee karolo mo tirong epe ya sepolotiki ya Naga.” Gape, The Telegraph ya Calcutta e ne ya bega ka go re: “Kgato ya bana ba sekolo gape e tumisitse . . . Basupi ba ga Jehofa, bao ba neng ba ntse ba sa itsege thata mo nageng ya rona go fitlha bosheng jaana.” Ee, ‘Mafoko ano a a Molemo a Bogosi a tla rerwa go nna tshupo mo merafeng yotlhe’ pele ga bokhutlo bo tla.—Mathaio 24:14.
Go Phuthela Modimo wa Boammaaruri Basupi
19. Batho ba dipelo tse di ikanyegang ba tshwanetse go dira eng fa ba batla go obamela Modimo wa boammaaruri?
19 Gompieno, Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa, o dira gore batho ba gagwe ba neele bosupi kaga bolaodi jwa gagwe le maikaelelo. Jaaka ba bolela molaetsa wa gagwe ka maatla a a oketsegileng le go feta pele, o phutha batho ba dipelo tse di ikanyegang ka dipalo tse di oketsegang go tswa mo merafeng yotlhe go kopanela le baobamedi ba gagwe. (Isaia 2:2-4) Ba tlogela medimo ya bone ya maaka ba bo ba tla mo kobamelong ya Modimo wa boammaaruri, fela jaaka bao ba neng ba batla go obamela Jehofa ba ne ba gololwa mo botshwarong jwa Babelona wa bogologolo, koo kobamelo ya medimo ya maaka e neng e aname.—Isaia 43:14.
20, 21. Ke ka ntlhayang fa go potlakile go tlogela medimo ya maaka jaanong le go sa nneng baemela-thoko fela?
20 A o tla nna mosupi wa Modimo wa boammaaruri? A o tla emela kobamelo ya boammaaruri o bo o tila go nna le karolo mo molatong wa madi le boitsholo jo bo maswe jwa lefatshe leno le medimo ya lone ya maaka? Lefoko la Modimo le kgothatsa jaana: “Cwañ mo go èna [kobamelo ya maaka ya Sebabelona], lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” (Tshenolō 18:4) Ee, “cwañ,” tsayang kgato go santse go na le nako! Se tshwaneng le monna yoo, e rileng a bodiwa kaga bodumedi joo a bo ratang ke makasine wa Katoliki, a neng a re: “Ke bona gore nna ke Moemela-thoko wa ga Jehofa fela. Ke dumela fela thata se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang—mme ga ke batle go kopanyelediwa.”
21 Lefa go ntse jalo, motho mongwe le mongwe mo lefatsheng o tloga a kopanyelediwa fa Jehofa a senya medimo ya maaka ya lefatshe leno le baobamedi ba yone: “Medimo e e se kañ ea diha magodimo le lehatshe, euō e tla nyèlèla mo lehatshiñ, e ba e cwa ha tlhatse ga legodimo.” (Yeremia 10:11) Ka nako eo go tla bo go sena baemela-thoko. Go tla bo fela go na le bao e leng basupi ba Modimo wa boammaaruri le bao ba seng bone. (Mathaio 24:37-39; 2 Petere 2:5; Tshenolō 7:9-15) A o tla nna mosupi wa Modimo wa boammaaruri? O tshwanetse, ka gonne “Modimo ke Modimo oa dikgololō; me diphalodishō mo loshuñ ke tse e leñ tsa ga YEHOFA, Morèna.”—Pesalema 68:20.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Modimo wa boammaaruri o gwetlha medimo ya maaka ka kgwetlho efe?
◻ Re ka farologanya kobamelo ya boammaaruri mo kobamelong ya maaka ka tsela efe e e tlhomameng?
◻ Ke loungo lofe lo lo supang gore medimo ya lefatshe leno ga e na mosola fela jaaka ya bogologolo?
◻ Ke loungo lofe lo lo molemo loo basupi ba Modimo wa boammaaruri ba tshwanetseng ba bo ba lo ungwa, mme ke bomang ba ba lo bontshang?
◻ Ke ka ntlhayang fa go potlakile go tsaya kgato jaanong go tlogela kobamelo ya maaka?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Medimo ya disetwa ya merafe ya bogologolo ga e sa tlhole e le dilo tsa go obamelwa
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Mo lekgolong la rona la dingwaga batho ba ba ka nnang dimilione tse di lekgolo ba bolailwe mo dintweng tseo di neng di engwa nokeng ke ditumelo tsa lefatshe leno
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. Army photo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Jesu o ne a bolela gore basupi ba boammaaruri ba ne ba tla itsiwe ka lorato lo ba nang nalo gareng ga bone