Tsheko ya Lobopo Lotlhe E e Go Kopanyeletsang
“Shupañ kgañ ea lona, go bua Yehofa: ntshañ mahoko a a thata.”—ISAIA 41:21.
1, 2. (a) Ke bomang ba ba kopanyelediwang mo tshekong e e masisi thata go di feta tsotlhe e e sekwang? (b) Kganetsanyo ke kaga eng?
GO RALALA ditiragalo tsotlhe go ile ga nna le bontsintsi jwa ditsheko tsa kgotla. Mo go tseno, go ile ga tlisiwa basupi mme ga ntshiwa bosupi go emela letlhakore je lengwe mo go je lengwe. Bontsi jwa ditsheko tseno e ne e le tse di kopanyeletsang batho ka bongwe, lemororo tse dingwe di ile tsa ama palo e kgolwane ya batho. Mme ditsheko tse di ntseng jalo tsotlhe di nna jaaka tse eseng tsa sepe fa di bapisiwa le tsheko ya lobopo lotlhe e jaanong jaana e ntseng e sekwa. Ke tsheko e e masisi thata go di gaisa tsotlhe mo ditiragalong. Matswela a yone a tla ama motho mongwe le mongwe mo lefatsheng, e ka ne a ikgethela go kopanyelediwa kana nnyaa.
2 Yo o kwa tlhogong mo tshekong eno ke motho yo o kwa godimo-dimo go feta botlhe mo lobopong lotlhe, ebong Jehofa Modimo, “eo o tlhodileñ magodimo, a a phutholola; eo o ritibaditseñ lehatshe le se se tlhogañ mo go yeōna; eo o naeañ batho ba ba mo go yeōna go hèma.” (Isaia 42:5) Kganetsano e kaga eng? Bomodimo jwa gagwe ke jona bo leng mo kgannyeng—tshiamo ya puso ya gagwe ya lobopo lotlhe, go akareletsa lefatshe lotlhe le baagi ba lone. Seno se ka bidiwa kganetsano ya bolaodi jwa lobopo lotlhe.
3. Ke dipotso dife tse eleng motheo wa kganetsanyo ya bolaodi jwa lobopo lotlhe?
3 Mo kganetsanong eno go na le dipotso tseno di le tharo tsa kono-kono: Ke efe mo medimong yotlhe e e obamelwang eo e ileng ya itshupa e le boikanngo mo eleng gore o ka tshegetsa botshelo jwa gago ka yone le isagwe ya gago? Ke efe e tota-tota e ileng ya nna gone, mme ebile ke efe e e ileng ya itirelwa fela ke batho? A go na le Modimo wa boammaaruri, yo o tshedileng, yo o kwa godimo-dimo yo o ka gololang setho mo seemong se se tlhomolang pelo sa jaanong mme a tlise mofuta o o tshwanetseng wa puso eo e tla dirang gore go nne le kagiso ya mmannete, polokesego, letlotlo le botsogo jo bo molemo?
4. Ke eng se se ka bolelwang kaga bao ba ikutlwang gore ga go na kganetsanyo epe, ereka ba re ba setse ba dumela mo Modimong?
4 Batho ba le bantsi ba ikutlwa gore ga go na sepe se ba se ganetsang, gonne ba re ba setse ba dumela mo Modimong. A mme ba ka ntsha bosupi jwa gore ene modimo oo ba o obamelang ruri-ruri ke Modimo wa boammaaruri, gore ditsholofetso tsa gagwe di ka ikanngwa, le gore maikaelelo a gagwe le melao di ka laola matshelo a bone? Fa batho bao ba ka araba ka go re ee, he ba tshwanetse gape ba kgona go araba dipotso tseno: Tota ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore go na le Modimo wa boammaaruri yoo ditsholofetso tsa gagwe di ikanyegang? Modimo o ikaeletseng ka losika lwa motho le ka lefatshe? Re eme fa kae mo thulaganyong ya nako ya Modimo, mme ke eng se isagwe e e fa gautshwane e se tshotseng? Ke eng se a batlang gore rona motho ka bongwe re se dire fa re batla go ema le ene?
5. Fa batho ba sa ntshe bosupi jwa gore ba tshegetsa tumelo ya bone mo Modimong ba ka tshwantshiwa le bomang?
5 Batho ba le bantsi ba ba bolelang gore ba dumela mo Modimong ga ba kgone go araba dipotso tseno ka tsepamo. Batho bao ba ka tshwantshiwa fela le bao ba neng ba ipolela gore ba dumela mo Modimong mo lekgolong la ntlha la dingwaga mme ba ditiro tsa bone di neng di latola maiphako a bone. Ka bone Lefoko la Modimo le tlhalosa ka go re: “Ba re, ba itse Modimo; me ba o itatole ka ditihō tsa bōnè.” Ee, “tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.” (Tito 1:16; Yakobe 2:26) Jalo he, bao ba reng ba dumela mo Modimong mme ba sa ntshe bosupi jo bo kwenneng jwa go tshegetsa seo ga ba farologane ka gope le batho ba makgolo a dingwaga a a fetileng ba ba neng ba dumela mo medimong ya maaka eo e saleng e nyelela jaaka dilo tse di obamelwang.
Ditsheko tsa Tekeletso
6, 7. (a) Tlhalosa kafa bodumedi jwa Baegepeto ba bogologolo bo neng bo ntse ka teng. (b) Baiseraele ba ne ba kopanyelediwa jang mo kganetsanong e e magareng ga Jehofa le medimo ya Egepeto?
6 Sekai sa tseno e ne e le tsheko e e neng ya sekwa kgatlhanong le medimo ya Egepeto wa bogologolo mo e ka nnang dingwaga tse 1 500 pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelesegileng. Baegepeto ba ne ba obamela bontsintsi jwa medimo, go akareletsa le ya diphologolo jaaka poo, katse, kgomo e namagadi, kwena, segodi, segogwane, phokoje, tau, noga, lenong, phiri. Bontsi jwa diphologolo tseno di ne di tsewa e le medimo kana medimogadi e e tsetsweng ka mebele e mesha, mme fa motho a ne a ka di bolaya ka boomo fela o ne a ka atlholelwa loso. Diphologolo tse di boitshepo di ne di omelediwa mebele di bo di fitlhwa ka matsetseleko.
7 Yo o neng a ganetsana le medimo eno yotlhe e ne e le Modimo o o neng o obamelwa ke Baiseraele ba bogologolo, Jehofa. Moemedi wa gagwe, ebong Moshe, o ne a romelwa kwa go Faro gore a golole batho ba ga Jehofa, bao ka nako eo ba neng ba le mo bokgobeng, ereka Jehofa a ne a ba solofeditse gore ba tla gololesega. (Ekesodo 3:6-10) Mme Faro o ne a bua a re: “Yehofa e be e le mañ, ha ke ka reetsa lencwe ya gagwè ka lesa Baiseraela ba tsamaea? ga ke itse Yehofa, gapè ga nketla ke lesa Baiseraela ba tsamaea.” (Ekesodo 5:2) Faro o ne a tlhomamisa gore medimo ya Egepeto e ne e feta Jehofa kgakala.
8, 9. (a) Jehofa o ne a itshupa jang fa a le kwa godimo ga medimo ya Egepeto? (b) Go ya ka se se diragetseng, ke eng se se ka bolelwang kaga medimo ya Egepeto?
8 Ke mang yo o neng a tla itshupa e le Modimo wa boammaaruri yo o neng a tla boloka ditsholofetso tsa gagwe mme a kgone go sireletsa batho ba gagwe? Karabo e ne e tla akofa e tla. Jehofa o ne a bolelela pele a re: “Medimo eotlhe ea Egepeto ke tla e dihèla ditshekishō.” (Ekesodo 12:12) A o ne a diragatsa polelelo pele eo? Ee! Jehofa o ne a tlisa dipetso tse di senyang di le lesome tseo di neng di baakanyeditswe go tlontlolola medimo ya Egepeto. Go ne go se ope wa medimo eo yo o neng a ka sireletsa Baegepeto. Mme petso ya lesome e ne e le botlhokwa jo bo kgethegileng, ka go bo e ne ya bolaya batsalwa-pele ba Baegepeto, go akareletsa le wa ga Faro. Seno e ne e le sebetso se se lebaganyeng ka tlhamalalo le modimo wa bone o mogolo Ra (Amon-Ra), ereka jaana babusi ba Egepeto ba ne ba itsaya gore ke medimo ka bobone, bomorwa Ra. Mo Baegepetong, loso lwa motsalwa-pele wa ga Faro lo no lo raya gore go sule modimo.
9 Lefa go ntse jalo, ga go ope wa batsalwa-pele ba Baiseraele yo o neng a swa, ka go bo ba ne ba sireleditswe ke Jehofa. Mme gape, Modimo o ne wa fa batho ba gagwe kgololesego eo a neng a e ba solofeditse. Mme jaaka sebetso sa bofelo mo medimong ya maaka ya Egepeto, Faro le masole a gagwe—mongwe le mongwe wa bone—ba ne ba senngwa mo Lewatleng je Lehibidu. Ka jalo, Jehofa o ne a itshupa e le Modimo wa boammaaruri. Ditsholofetso tsa gagwe ke tsone tse di neng tsa diragadiwa, mme baobamedi ba gagwe ke bone ba ba neng ba sireletsega. (Ekesodo 14:21-31) Mo letlhakoreng je lengwe, medimo ya Egepeto e ne e sena maatla a go thusa baobamedi ba yone. Medimo eo, tota e ne e ise e ko e nne gone mme e ne e itiretswe fela ke batho.
10. Ke kgang efe e e neng ya lebana le baobamedi ba ga Jehofa le Asiria?
10 Kgang e nngwe e e neng e kopanyeletsa bomodimo e ne ya tlhaga makgolo a dingwaga moragonyana, mo motlheng wa ga Kgosi Hesekia.a Baobamedi ba ga Jehofa ba ne ba tshosediwa ke Mmuso o o Maatla o o setlhogo wa Asiria o o neng o fentse merafe yotlhe e o neng o e tlhasela. Mme jaanong e ne ya batla gore Jerusalema a ineele, motse o o neng o na le ‘setilo sa bogosi sa ga Jehofa,’ seo se neng se emela kobamelo ya gagwe mo lefatsheng. (1 Ditihalō 29:23) Kgosi ya Juda, Hesekia, o ne a dumalana gore Baasiria ba ne ba ‘kgakgabaditse merahe yotlhe, le mahatshe a yona, ba latlhetse medimo ya yona mo molelong: ka go bo e ne e se medimo ya sepe, ha e se tiro ya diatla tsa batho hela.’—Isaia 37:18, 19.
11. Jehofa o ne a falotsa baobamedi ba gagwe jang, mme seno se ne sa bontsha eng?
11 Hesekia yo o ikanyegang o ne a rapela Jehofa, a mo kopa gore a mo sireletse. Jehofa o ne a mo solofetsa gore go ne go se sebetsa sepe sa Baasiria se se neng se tla itaya Jerusalema. (Isaia 37:33) Go ya kafa boperofeting joo, ga go sepe se se neng sa dira jalo. Go na le moo, “moengele oa ga Yehofa, a cwa a ea a gaila batho ba bothousanda ba le lekgolo le ba le mashomè a bohèra mebedi le botlhano mo bothibeleloñ yoa Baasiria.” Morago ga phenyo eo e e boitshegang, kgosi ya Asiria, Senakeribe, o ne a boela morago. Moragonyana, fa a ntse a obametse modimo wa gagwe Niseroke, bana ba gagwe ba ne ba mmolaya. (Isaia 37:36-38) Ka jalo Jehofa o ne a supa gape gore ke Modimo wa polelelo-pele ya boammaaruri yo o ka gololang baobamedi ba gagwe. Medimo ya Asiria le merafe e e neng e le mo tikologong e ne ya itshupa e le ya maaka, e le e e seyong gotlhelele, e e sa kgoneng go sireletsa balatedi ba yone.
12. Beleshasare o ne a tlhapatsa Jehofa ka tsela efe?
12 Mo e ka nnang makgolo a mabedi a dingwaga moragonyana, Modimo o ne a dira gore batho ba gagwe, bao ba neng ba tlhokile boikanyego, ba tsewe e le ditshwarwa ke mmuso o o latelang wa lefatshe, Babelona. O o ne o tlhomologile ka bontsintsi jwa medimo, medimogadi, le ditempele tsa kobamelo. Mme ka tsela ya boikgogomoso jwa boikgodiso, kgosi ya Babelona Beleshasare o ne a tlhapatsa Jehofa. Mo moketeng o mogolo, o ne a laela gore go tlisiwe dijana tse di boitshepo tse di neng di gapilwe kwa tempeleng ya Jerusalema. Mme “kgosi le bagolwane ba eōna, le basadi ba eōna, le bagadiñwana ba eōna, ba nwèla mo go cōna. Ba nwa boyalwa yoa mofine, me ba baka medimo ea gouda, le ea selefera, le ea kgōtlhō, le ea tshipi, le ea logoñ, le ea lencwè.”—Daniele 5:1-4.
13. Ke eng se Jehofa a neng a raya Daniele a re a se bolelele Beleshasare?
13 Seno e ne e le tlhaselo e e lebaganyeng le Jehofa, e e mo gwetlhang mo leineng la medimo ya Babelona. Mme he Jehofa o ne a dira gore moperofeti wa gagwe Daniele ka bopelokgale a neele bosupi mo go Kgosi Beleshasare le botlhe ba ba neng ba le teng mo moketeng. Daniele o ne a tshegetsa bomodimo jwa ga Jehofa mme a raya Kgosi Beleshasare a re: “Ga ua ikokobetsa pelo, . . . u bakile medimo ea selefera, le ea gouda, le ea kgōtlhō, le ea tshipi, le ea logoñ, le ea lencwè, e e sa boneñ, e e sa utlweñ, e e sa itseñ: me Modimo o go hema ga gago go leñ mo seatleñ sa ōna, le o ditsela cotlhe tsa gago di leñ tsa ōna, ua o galaletsa.”—Daniele 5:22, 23.
14. Jehofa o ne a bontsha jang gore o ne a le Modimo wa boammaaruri?
14 Daniele o ne a fetisa molaetsa wa ga Jehofa, ebong ono: Kgosi Beleshasare yo o boikgogomoso le Babelona di ne di tla fenngwa ke Bameda le Baperesia mo go jone bosigo joo! (Daniele 5:24-27) A polelelo pele eno e ne ya nna jalo? Ee. “E rile mo bosigoñ youō hèla Beleshasare kgosi ea Sekaladea a bolawa. Me Dario oa Momeda a tsaea bogosi.” (Daniele 5:30, 31) Mme gape, fela jaaka Egepeto le Asiria, Jehofa o ne a itshupa a le Modimo wa boammaaruri, Modimo yo o diragatsang ditsholofetso tsa gagwe. Batlhanka ba Modimo ba ne ba solegelwa molemo, ereka ba ne ba gololwa mo botshwarong le go busediwa kwa naga-gaeng ya bone. Bao ba neng ba ganelela mo go saleng morago medimo ya maaka ba ne ba tlelwa ke tshenyego.
Dipolelelo Pele tsa Motlha wa Rona
15. (a) Ke karolo efe eo dipolelelo pele di le dintsi tsa Bibela di nang le yone? (b) Fa re dirisa lefoko “modimo” re a bo gape re lebisitse go eng?
15 Moperofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go kwala dipolelelo pele tseo di neng tsa diragala mo metlheng ya bogologolo. Mme gantsi mo polelelo peleng ya Bibela, go a bo go na le tiragatso e nngwe e kgolwane e e amanang le nako ya rona. Go ne go ntse jalo ka dilo di le dintsi tse Isaia a ileng a di kwala. Karolo e nngwe ya molaetsa wa gagwe e ne e na le dipolelelo pele kaga kgwetlho ya motlha wa segompieno ya ga Jehofa mo merafeng yotlhe le mo medimong ya yone. Mme ka lefoko “medimo” re a bo re lebisitse eseng fela mo medimakong e e obamelwang ka tlhamalalo ke batho mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, go akareletsa le merafe e go tweng ke ya boheitane ya gompieno, mme gape mo dilong tseo di tshwanelang tlhaloso ya lefoko leo. Buka-mantswe nngwe e tlhalosa lefoko “modimo” jaana: “Motho yo o laolang seemo se se rileng kana karolo nngwe ya bommannete; motho kana sengwe sa boleng jo bo kwa godimo.’’
16. Ke medimo efe e batho ba merafe, go akareletsa le La-Bodumedi ba e obamelang gompieno?
16 Eo e tsewang jaaka medimo gompieno ke didikadike tsa medimo e e obamelwang ke Bahindu, gammogo le e e obamelwang ke Babuda, Bashinto, baanaphologolo, le badumedi ba bangwe. E akareletsa gape le modimo wa dilo tse di bonalang, e leng selo se se botlhokwatlhokwa mo bathong ba le bantsi mo lefatsheng, tlhotlheletso e kgolo mo matshelong a bone. Go akarelediwa gape le medimo ya maatla a sesole le a boitseanape ao merafe e lebang go one go bona polokesego le poloko. Mme gape, batho ba le bantsi le e leng go La-Bodumedi bao ba ipolelang gore ba dumela mo Modimong tota tota ga ba mo ikanye kana go mo direla ka boikanyegi, mme go na le moo ba ikantse le go direla batho kana dilo tseo ba di neelang boikanyegi jwa bone jo bo feletseng.
17. Tiragatso e kgolwane ya molaetsa wa ga Isaia e lebisa go eng?
17 Tiragatso e kgolwane ya molaetsa wa ga Isaia e lebisitswe go medimo yotlhe e e ntseng jalo ya mo motlheng wa rona. Jehofa o bolelela merafe go iphutha gore e ‘‘buè.” O e gwetlha ka go re: “A re atamalaneñ re tlè tshekoñ.” (Isaia 41:1) Gompieno, re tshela mo motlheng wa ‘tsheko’ ya lefatshe leno. E mo “metlheñ ea bohèlō” ya yone jaaka go boleletswe pele go 2 Timotheo 3:1-5 le Mathaio 24:1-14. Mo nakong eno Jehofa o gwetlha medimo ya merafe go bolelela pele ka tlhomamo kaga isagwe mme he e itshupe gore ke medimo. Gape o e gwetlha gore e sireletse baobamedi ba yone fa e le gore e ka kgona. “Shupañ kgañ ea lona,” o a tlhalosa. “Ntshañ mahoko a a thata . . . re kakanyetse[ng] se se tla dihahalañ.”—Isaia 41:21, 22.
18. Modimo mothatayotlhe o itlhalosa jang, mme ke eng se a se solofetsang baobamedi ba gagwe?
18 Modimo mothatayotlhe o itlhaola gore ke mang: “Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.” (Isaia 42:8) Mme o raya bao ba mo tlotlang a re: “U se ka ua boiha, gonne ke na nau: u se ka ua kgaoga pelo, gonne ke Modimo oa gago: ke tla gu thatahatsa; E, ke tla gu thusa.” O ba solofetsa ka go re: “Botlhe ba ba gu gakaletseñ ba tla tlhaywa ke ditlhoñ ba shoshobagañwa: ba ba lwañ nau ba tla nna yaka boseñsepè, me ba tla nyèlèla.” “Ga go na sebolaō sepè se se thudilweñ kaga gago se se tla segōhalañ . . . Selō se, ke boshwa yoa batlhanka ba ga Yehofa.”—Isaia 41:10, 11; 54:17.
19, 20. (a) Isaia o bontsha jang gore go na le nako e Jehofa a e beileng go fedisa dikgang? (b) Ke bomang bao Jehofa a ba tlhagisang mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ mme ba mo emela jang?
19 Ka lobaka lo loleele ka makgolo a dingwaga, Jehofa o ile a dumelela merafe go itsamaela mo ditseleng tsa yone. Lefa go ntse jalo, nako ya gagwe e e tlhomilweng ya gore a siamise dikgang mo lefatsheng e gorogile. Jalo o bolela jaana: “Ga ke bolo go nna ke didimetse hèla; ke nntse ke tuuletse hèla ke ikganetse.” Mme jaanong, “Yehofa o tla bolola yaka monna eo segañka; o tla cosa tlhotlheleco yaka monna a ea dira: o tla goèlèla, E, o tla goa ka thata; o tla diha ka nonohō mo babeñ ba gagwè.” (Isaia 42:13, 14) Mo dipolelelong pele tsa ga Isaia le bakwadi ba bangwe ba Bibela, gammogo le tsa ga Jesu, Jehofa o bolelela pele gore o tla tsosa batho mo ‘metlheng eno ya bofelo’ bao ba tla neelang bosupi ka ene ka tlhoafalo, jaaka ekete e ne e le basupi mo kgetsing nngwe ya tsheko.
20 Batho bao Jehofa a ba tsosang gore ba mo direle ba ntsha bosupi jwa gore ke Modimo wa boammaaruri, Mmoloki wa baobamedi ba gagwe, le Mosenyi wa medimo ya maaka le baobamedi ba yone. Batho ba ga Jehofa gompieno ba ‘opela dipako tsa gagwe go tswa bokhutlong jwa lefatshe, go tswa merafeng yotlhe le ditlhake, go tswa kwa godimo ga dithaba.’ (Isaia 42:10-12) Seno se diragatsa polelelo-pele e nngwe gape ya ga Isaia e e neng ya bolelela pele ya re: “Mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele [mo motlheng wa rona] . . . thaba ea ntlo ea ga Yehofa [kobamelo ya gagwe ya boammaaruri] e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna.” Mme ba kgothaletsa ba bangwe go dirang? Ba lopa batho ba ba pelo di ikanyegang ba re: “Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, . . . me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.”—Isaia 2:2-4.
21. Ke dipotso dife tse di tsosiwang ke kgwetlho ya ga Jehofa mo medimong ya merafe?
21 Ka jalo, jaaka ekete o bua le batho ba ba mo kgotla-tshekelo, Jehofa a re: “A merahe eotlhe e phuthwè, a dichaba di kokwañwè; . . . ba tlisè bashupi ba bōnè, gorè ba tlè ba siamisiwè: kgotsa a ba utlwè, me a ba re, Ke boamarure.” (Isaia 43:9) Eno ke kgwetlho e e tlhamaletseng mo medimong ya merafe. A go na le ope mo go yone o o ka bolelelang pele isagwe? A ba ile ba kgona go dira seno mo lobakeng lo lo fetileng? A ba ka bona mongwe yo o ka ba ntshetsang bosupi jo bo nonofileng jwa gore medimo e e ntseng jalo e itshupile e le boammaaruri, e tshwanela gore re ikanyege mo go yone? Ke motlhala ofe o o tlhomilweng ke medimo ya merafe, le balatedi ba yone, mo motlheng wa rona? A e ile ya gaisa ka gope medimo ya Baegepeto ba bogologolo, Baasiria, le Bababelona? Mo letlhakoreng je lengwe, a bao ba supileng kaga Jehofa ba ile ba ntsha bosupi jo bo nonofileng jwa gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, Ene fela yo o tshwanelang kobamelo ya rona? Setlhogo se se latelang se tla bua ka dikgang tseno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo tokololong ya January 15 ya Tora ya Tebelo, e ne ya tlotla kafa Jehofa a neng a duela Hesekia ka gone ka ntlha ya go Mo ikanya. Ditiragalo tseo tse dikgolo le tsone di ne di kopanyeletsa bomodimo.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Kganetsanyo ya bolaodi jwa lobopo lotlhe ke eng?
◻ Ke “medimo” efe ya merafe e e kopanyelediwang mo kganetsanyong gompieno?
◻ Ke matswela afe a ditsheko tse tharo tsa tekeletso tse di bontshang gore Jehofa o kwa godimo ga medimo ya maaka?
◻ Isaia o bontsha jang gore Jehofa o tla fedisa dikgang mo motlheng wa rona?
◻ Ke dipotso dife tse di tshwanetseng go arabiwa kaga baobamedi ba ditumelo tsotlhe gompieno?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Medimo ya Egepeto e ne e sena maatla fa pele ga Modimo wa boammaaruri, Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Medimo ya Baasiria le baobamedi ba yona di ne tsa phatlakanngwa ke Modimo wa boammaaruri
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Daniele o ne a neela baobamedi ba medimo ya maaka ya Babelona molaetsa wa ga Jehofa