Mebuso e Megolo ya Lefatshe go ya ka Ditiragalo Tsa Bibela e Gwantela Bokhutlong Jwa Yone!
AO KA akanya ka ditiragalo tse di kwadilweng pele ga di diragala? ‘Ga go kake ga diragala,’ a wa rialo? Lefa go le jalo, go na le buka eo tota e bolelang ditiragalo pele ga di diragala—makgolokgolo, fa gongwe le eleng diketekete tsa dingwaga pele ga ditiragalo tseo di diragala! Buka eo ke Bibela.
Bibela ga e bege fela ditiragalo tsa bogologolo ka go opa kgomo lonaka mme ka tsela e e gakgamatsang fela thata e bolelela pele le eleng dintlha tse dikgolo tsa ditiragalo tsa lefatshe ka go bo e tla ama batho ba Modimo, go tswa motlheng wa Babelona wa bogologolo, dingwaga tse di fetang 2 500 tse di fetileng, go tla go fitlha le eleng morago ga motlha wa gompieno.
Daniele, moperofeti yo o neng a tshela mo lekgolong la borataro la dingwaga pele ga Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng, o ne a neelwa ditshenolo di le nne tse di farologaneng tseo di neng di le mabapi le ditiragalo tsa nako e e tlang tsa lefatshe. O ne a tsaya boikitsiso jwa gagwe kae? Daniele a re: “Go na le Modimo kwa legodimoñ o o senolañ tse di sa itsiweñ.” (Daniele 2:28) Bafatolodi ba dilo tsa bogologolo, fa ba ne ba epolola marope a mebuso ya lefatshe ya bogologolo, ba ne ba bona bosupi jo bo gakgamatsang jwa boammaaruri jwa ditiragalo le polelelo pele e e fitlhelwang mo Bibeleng ka bobedi.
Mebuso e mebedi e megolo ya lefatshe mo ditiragalong tsa Bibela, ebong Egepeto le Asiria, e ne e le teng bogologolo pele ga motlha wa ga Daniele. Babelona e ne e busa mo motlheng wa ga Daniele, mme maina a mebuso e mebedi ya lefatshe e e neng ya latela e ne ya senolelwa moperofeti yoo. (Daniele 2:47, 48; 8:20, 21) E mengwe e le mebedi e ne e tla latela eno, e e neng e tla re lere mo motlheng wa gompieno.
E le Kae?
Go ya ka Bibela, mebuso eno ya lefatshe e ne e tla nna kae? Karabo e ne ya neelwa moaposetoloi Johane yo o neng a tsofetse mme e bontsha fa re leng teng mo tatelanong ya nako. Moengele o ne a bolelela Johane jaana: “E bile ke dikgosi di shupa; tse tlhano di setse di ole, e ñwe e sa le gōna, e ñwe ga e se e tle.”—Tshenolō 17:10.
Ke mebuso efe e metlhano ya lefatshe e e neng e setse e nnile teng ya ba ya feta mo motlheng wa ga Johane? Ke Egepeto, Asiria, Babelona, Medo-Persia, le Greece. Ke ofe o o neng o santse o le teng? Ke Roma. Mme ke mmuso ofe o o neng o ‘ise o tle’? Ke Mmuso wa Lefatshe wa Ennyelane le Amerika wa motlha wa rona. Eno ke mebuso ya lefatshe eo batho ba Modimo, ba bogologolo le ba segompieno, ba ntseng ba tshwenyegile thata ka yone.
Ntlha e e bileng e le botlhokwa bogolo ke e: Go ne go tshwanetse ga latelelana mebuso eo ya lefatshe e le supa fela! Mmuso wa mmati wa yone wa borobabobedi, o o neng o tla akareletsa masalela a wa bosupa, go ne ga bolelelwa pele fa o ne o tla nna teng ka nako e khutshwane fela mo metlheng ya wa bosupa. (Tshenolō 17:10, 11) Seno se raya gore re tshela mo nakong ya mmuso wa bofelo wa mebuso e megolo ya lefatshe eo go busang batho mo go yone. Ga go kitla go nna o mongwe gape!
Go ise go ye kae jaanong, mebuso ya lefatshe e tla bo e feletswe ke nako. Daniele o ne a bolelela pele gore ditsamaiso tseno tsa batho di ne di tla thubaganngwa di ba di ‘kgopholelwa ke phefo kgakala.’ (Daniele 2:35) Di ne di tla emisediwa ke eng? Sengwe se se botoka go di feta tsotlhe! Daniele o bega jaana: “E tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, . . . bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ,” ka bosaenkae. (Daniele 2:44) Jalo ga se sepe se se tla tseelang mebuso ya lefatshe sebaka fa e se Bogosi jwa Modimo. A tokafatso e kgolo jang ne mo pusong ya lefatshe!
Kwantle ga pelaelo o itse sengwe kaga mebuso ya lefatshe. Mme a kitso e e oketsegileng kaga dingwao tsa yone, bodumedi jwa yone, le kamano ya yone le batho ba Modimo le dipolelelo pele tsa Bibela di ka go thusa go tlhaloganya mo go oketsegileng kaga ditiragalo tsa setho jaaka dikwalo di tlhalosa?
Ee tota. Jalo re itumelela go gatisa, go simolola ka tokololo eno, tatelelano ya ditlhogo di robabobedi tseo di buang ka mebuso ya lefatshe. Ditlhogo tseno di tshwanetse go thusa go go tlhatswa pelo gore ditiragalo tse di kwadilweng mo Bibeleng di a ikanyega ebile di tlhomame. Gape di tshwanetse go nonotsha tumelo ya gago mo ntlheng ya gore dipolelelo pele tsa Bibela di boikanngo di bile di boammaaruri!