Letsatsi la ga Jehofa le Gaufi
1 Bakeresete ba eletsa ka tlhoafalo gore letsatsi la ga Jehofa le tle, le ka lone a tlileng go senya tsamaiso ya gone jaanong ya dilo a bo a tlisa lefatshe le lesha la tshiamo. (2 Pet. 3:12, 13) E re ka re sa itse gore tota letsatsi leo le tla tla leng, re tshwanetse go nna re ntse re disitse mme re thuse le ba bangwe gore ba dire jalo. (Esek. 33:7-9 Math. 24:42-44) Go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo la boporofeti go dira gore re tlhatswege pelo le go feta gore “letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi.”—Sefa. 1:14.
2 Go Tlhatlhamana ga Mebuso ya Lefatshe: Jaaka go kwadilwe mo go Tshenolo 17:9-11, moaposetoloi Johane o umaka “dikgosi di le supa,” tse di emelang go tlhatlhamana ga mebuso e le supa ya lefatshe. Gape, Johane o umaka “kgosi ya borobedi,” e gone jaanong e emelang Ditšhaba Tse di Kopaneng. A re lebeletse gore go tlhage mebuso e mengwe gape ya lefatshe? Nnyaa, boporofeti bo bontsha gore kgosi eno ya borobedi “e ya tshenyegong,” mme morago ga moo, ga go umakiwe dikgosi dipe tse dingwe gape tsa lefatshe. A boporofeti jono bo go thusa go bona gore motlha o re tshelang mo go one o tsamaya fa kae?
3 Daniele 2:31-45 e re thusa gore re tlhaloganye go tla ga letsatsi la ga Jehofa. Mo boporofeting joo, setshwantsho se se boitshegang se Nebukadenesare a se boneng mo torong se emela go tlhatlhamana ga mebuso ya lefatshe. Mongwe le mongwe wa mebuso eno o setse o kile wa busa. Ke ofe wa yone o o busang gone jaanong? Go busa o o tshwantshediwang ke dinao tsa setshwantsho seo. Boporofeti bo bontsha sentle gore go tla direga eng morago ga moo. Dipuso tsa batho di tla senngwa gotlhelele gore di thibogele “bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha.” A o kgona go bona kafa seno se bontshang ka gone gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi?
4 Bosupi jo Bongwe: Re basupi ba ba iponelang ka matlho bosupi jo bongwe jwa gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi. Re bona go diragadiwa ga se moaposetoloi Paulo a ileng a se bolelela pele fa a ne a bua ka mekgwa e batho ba tla nnang le yone mo “metlheng ya bofelo.” (2 Tim. 3:1-5) Gape, re nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi mo lefatsheng lotlhe, e leng bosupi jo bo tshwanetseng go rerwa pele bokhutlo bo tla. (Math. 24:14) E kete bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa bo ka tswelela go bontsha kafa molaetsa wa baengele o potlakileng ka gone, o o reng: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile.”—Tshen. 14:6, 7.