Karolo 1—Egepeto wa Bogologolo—Mmuso wa Ntlha mo Mebusong e Megolo ya Lefatshe
EGEPETO—eleng lefatshe la bogologolo la bo-Faro le la noka ya Nile—e ne e le lengwe la mafelo ao ditlhabologo tse dikgolo tsa lefatshe di neng di le gone. Botswerere jwa lone bo kgabisitse mo dimusiamong tse dikgolo. Ditiragalo tsa lone di kwadilwe mo dibukeng tse di ithutiwang kwa sekolong. Dihikantswe tsa lone tse dikgolo di tshwarisa bajanala kgakge. Go feta moo, ditiragalo di le dintsi tsa Bibela di ne tsa diragala mo lefatsheng leno kana tsa le kopanyeletsa. Go buiwa ka Egepeto le batho ba gagwe makgetlo a feta 700 mo Bibeleng.
Lefa go le jalo, tota o itse eng kaga Egepeto wa bogologolo? Go ithuta mo go oketsegileng kaga gagwe go tla go thusa go tlhaloganya dilo di le dintsi tse di umakiwang mo Bibeleng.
Mo Egepeto, bafatolodi ba dilo tsa bogologolo ba bone dilo di le dintsi tseo di tlhomamisang rekoto ya Bibela. Ka sekai, elatlhoko polelo ya ga Josefa. Maina, direto, boemo jwa ga Josefa jaaka motlhokomedi wa ntlo, boemo jo a neng a bo neetswe jaaka mothusa-mmusi wa lefatshe leo le jaaka molaodi wa dijo, ditlwaelo tsa phitlho tsa Egepeto, le eleng tlwaelo ya go rwala diroto tsa dinkgwe mo tlhogong ga baapei—dilo tseno tsotlhe go fitlhetswe fa di nyalana le dingwao tsa Egepeto tsa motlha oo.—Genesise, dikgaolo 39–47; 50:1-3.
Lefatshe Leo le Batho ba Jone
Egepeto o ikaegile ka noka ya Nile. Mokgatšha wa noka eo wa mmu o o nonneng, o o ka nnang bophara jwa dikilometara tse 19 go tswa kwa Aswân go ya kwa Cairo, o tsamaela ntlheng ya bokone jaaka ekete thapo e tshesane e e botala jwa ditlhare go kgabaganya sekaka se se kgakgabetseng sa Afrika. Mo nakong e e fetileng, merwalela ya yone ya ngwaga le ngwaga e ne e tle e gogole mmu o o nonneng o o neng o dira gore Egepeto e nne morekisi wa dijo le lefelo la botshabelo mo motlheng wa leuba. (Genesise 12:10) Matlhaka a papyrus, a a neng a fitlhelwa mo matshitshing a yone, a ne a dira dipampiri tsa bogologolo.
Maanwane a magolo, ao metsi a Nile a neng a anamela mo go one pele ga a elelela mo lewatleng la Mediterranean, le le botala jwa legodimo a bidiwa Egepeto o o Kwa Tlase. Go bonala fa fano, go ne go le ‘lefatshe la Goshena,’ koo Baiseraele ba neng ba nna teng mo nakong e telele ya bojaki jwa bone mo Egepeto.—Genesise 47:27.
Bodumedi Jwa Egepeto
Baegepeto ba bogologolo ba ne ba dumela fa Faro wa bone e ne e le Modimo. Ntlha eno e tlhalosa lebaka la gore ke eng fa Faro a ne a botsa Moshe potso ya lonyatso e e reng: “Yehofa e be e le mañ, ha ke ka reetsa lencwe ya gagwè?” (Ekesodo 5:2) Gape Baegepeto ba ne ba na le medimo e mengwe e mentsi. Maina a e e 740 ya eno a ne a fitlhelwa mo lenaaneng le le neng la bonwa mo phupung ya ga Thutmose III. Baegepeto ba ne ba obamela medimo ka boraro, kana ditharo-nngwe, mme nngwe ya e e neng e itsege thata mo go eno e ne e le boraro jwa Osiris, Isis, le Horus.
Bontsi jwa medimo e e kwa godimo ya Egepeto e ne e tshwantshiwa e na le mebele ya batho le ditlhogo tsa diphologolo. Baegepeto ba ne ba tshwantsha Horus a na le tlhogo ya segodi mme Thoth a na le tlhogo ya kokolohute kana kgabo. Dikatse, bophokoje, dikwena, ditshwene, le dinonyane tse di farologaneng di ne di tsewa di le boitshepo ka baka la go amana ga tsone le medimo mengwe. Poo Apis, e e neng e tsewa e le modimo Osiris yo o neng a fetogetse mo senameng, e ne ya bewa mo tempeleng kwa Memphis, morago ya direlwa phitlho e kgolo ya ba ya omelediwa fa e ne ee swa. Dikhukhwane tse di itsegeng tsa Egepeto, tse di neng di aparwa jaaka dibaga tse go tsewang gore ke dipheko tse di sireletsang, di ne di tshwana le dikhukhwane tsa boloko—tseo go neng go tsewa gore di ne di emela modimo mmopi.
Go sa kgathalesege go nna lobaka lo lo leele mo Egepeto le go atamalana thata le batho ba lefatshe leo, Baiseraele ba ne ba na le Modimo o le mongwe fela fela, ebong Jehofa, ebile ba ne ba direla ene fela. Ba ne ba tlhagisiwa gore ba seka ba dira setshwantsho sepe sa bodumedi—ekane e le sa Modimo ka boene kana sa nonyane, sebatana, tlhapi, kana sengwe fela se sele. Go obamela ga bone namane ya gouda ka bokhutshwane fela morago ga go fuduga ga bone kwa Egepeto go ka tswa go ne go bakilwe ke tlhotlheletso ya Baegepeto.—Ekesodo 32:1-28; Duteronome 4:15-20.
Go Dumela mo go sa Sweng ga Moya
Baegepeto ba ne ba dumela thata mo go sa sweng ga moya. Ka gone, babusi ba Egepeto ba ne ba itirela dikesi tse dintle thata, ba di tladitse ka dilo tse di tlhokegang tsa botshelo le tsa maitlhapediso, ba solofela go ya go tshela ka boitumelo ka bosakhutleng mo botshelong jwa morago ga loso. Dipiramiti ke sekai se segolo thata sa tlwaelo eno.
Majana a a tlhokegang a gouda, diaparo, difenitšhara, bojalwa jwa mofine, dijo, dilo tsa letsopa, dibokoso tse di tletseng dilo tse di dirilweng ka dinaka tsa tlou, le eleng ditshilwana tsa go sila ditlolo tse di kgabisang sefatlhego di ne di bewa ka kelotlhoko mo teng ga dikesi tsa Baegepeto. Go ne go dumelwa gore dilo tseno di ne di ka dirisiwa mo botshelong jwa morago ga loso. Mo metlheng ya pele, makgoba a ne a bolawa a ba a fitlhiwa go bapa le beng ba bone, go ya go ba direla morago ga loso. Dipheko di le dintsinyana tseo di neng di bidiwa “Buka ya Baswi” di fitlhetswe mo dikesing di le dintsintsi tsa Baegepeto. Go ne go solofelwa gore dipheko tseno di ne di tla thusa motho yo o suleng go fenya mathata a a farologaneng a botshelo jwa morago.
Abo pono ya Baiseraele e ne e farologane jang ne! Ba ne ba itse, jaaka Bibela e ne ya bolela morago, gore “bashwi ga ba itse sepè.” Mme fa motho a a swa, “ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè [a a nyelela].”a Tsholofelo ya bone ya botshelo jwa nako e e tlang e ne e le ya tsogo.—Moreri 9:5, 10; Pesalema 146:4; Jobe 14:13-15.
Botlhe ba Tshedile ka Dipaka Dife?
Thuto kaga Baegepeto e supa “magosi” a le 31 a dikgosi tsa Egepeto e bile e bua kaga Bogosi jwa Bogologolo (Magosi a 3-6), Bogosi jwa Bogare (Magosi a 11, 12), le Bogosi jo Bosha (Magosi a 18-20). Mme go akanya ga mofuta ono ga se ga boammaaruri gotlhelele. Go kopanyeletsa mekwalo e e belaesegang le e e sa felelang ebile go ka nna ga akareletsa go busa ga dikgosi di le mmalwa mo dikgaolong tse di farologanyeng ka nako e le nngwe fela, go na le go latelelana ga bone yo mongwe a busa morago ga yo mongwe.b
Fa Moshe a ne a simolola go kwala dibuka tsa ntlha tsa Bibela, o ne a sala morago seo go bonalang e ne e le ngwao ya Baegepeto ya go bitsa kgosi ya bone “Farwe,” kwantle ga go dirisa leina la gagwe. Ka gone, ga re itse leina la bo-Faro ba Aberahame le Josefa ba neng ba ba itse kana yo o neng a busa ka nako ya fa Baiseraele ba fuduga mo Egepeto. Lefa go ntse jalo, sereto “Farwe” kwa morago se ne sa dirisiwa se patagantswe le leina la kgosi, mo go tlhofofatsang go nyalanngwa ga ditiragalo tsa Bibela le lenaneo la dikgosi tsa Egepeto. Bo-Faro bangwe ke bano, bao ba kgatlhisang segolo bogolo go motlhatlhobisi wa Bibela:
Akhenaton (wa se go tweng ke Bogosi jwa bo-18) e ne e le moobamedi yo o tlhagafetseng wa leseka la letsatsi la Aton. Ka 1887 go ne ga bonwa palonyana ya dimatla tsa letsopa di le 377 kwa Tel el-Amarna, dikilometara di ka nna 320 kwa borwa jwa Cairo. Dimatla tseno tse di kgatlhisang e ne e le dikwalelano tsa semmuso tseo di neng tsa amogelwa ke Akhenaton le rraagwe Amenhotep III. Mo go tsone go ne go na le dikwalo tse di tswang kwa babusing ba Jerusalema, Megido, Hasora, Shekema, Lakisha, Heberona, Gasa, le mafatshe-se-ka-metse a mangwe mo Palasetine. Dikwalo tseno, tse gongwe di kwadilweng ka bokhutshwane pele ga go tsena ga Baiseraele mo Kanana, di supa fa go ne go na le dikgotlhang le bobaba. Gape di bontsha gore motse mongwe le mongwe o ne o na le kgosi ya one, jaaka buka ya Bibela ya Yoshue e supa.
Tutankhamen, mogwe wa ga Akhenaton, ke “Kgosi Tut” yo o neng a itsege thata yo mekgabiso e mentle thata ya phupu ya gagwe ya gouda e neng ya epololwa ke bafatolodi ba dilo tsa bogologolo ebileng gape e beilwe mo dimusiamong tse di farologaneng. Mekgabiso eno ke bosupi jo bogolo jwa kafa bo-Faro ba neng ba humile ka teng. Ke yone khumo eno eo Moshe a neng a e huralela fa a ne a “gana go bidiwa morwa morwadia Farwe; A itshenkèla go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ya monate wa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka.”—Bahebera 11:24, 25.
Merneptah e ne e le wa “Bogosi jwa bo-19.” Mo sehikantsweng sa segopotso sa phenyo se se fitlhetsweng mo tempeleng ya Thebesa, Faro yono o ne a kwala gore “Iseraele o sentswe, mme losika lwa gagwe ga lo a senngwa.” Fano ke gone fela go umakiwang Iseraele ka tlhamalalo jaaka morafe moo le gone go fitlhelwang mo direkotong tsa bogologolo tsa Egepeto. Lefa ka phepafalo e ne e le boikgantsho jo bo senang mosola, boipolelo jono bo lebega bo supa gore Baiseraele ba ne ba setse ba fentse Kanana. Ka gone, phenyo eo ya 1473 B.C.E. e tshwanetse ya bo e diragetse gareng ga nako ya fa Akhenaton a ne a amogela makwalo a a tswang kwa Tel el-Amarna le metlha ya ga Merneptah.
Shishake (Sheshonk I, wa “Bogosi jwa bo-22”) ke Faro wa ntlha go umakiwa ka leina mo Bibeleng. O ne a tlhasela Juda ka matsholo a magolo a dikara tsa ntwa le bapalami ba dipitse, a bololela Jerusalema, a ba “a tsaea a tlosa dikhumō tsa ntlo ea ga Yehofa, le dikhumō tsa ntlo ea kgosi; a tsaea gotlhe hèla.” (2 Ditihalō 12:9) Tiragalo eno e tlhomamisiwa ke setshwantsho se se mo loboteng le le kafa borwa la tempele ya Amona kwa Karnak (Thebesa wa bogologolo). Se supa magolegwa a a golegilweng mo mabogong a le 156, lengwe le lengwe le emela toropo e e gapilweng kana motse, go akareletsa le Megido, Shunema, le Gibeona. Gareng ga mafelo a a neng a gapilwe, Shishake o kwadile le eleng “Tshimo ya ga Aberame”—eleng kafa Aberahame a neng a bidiwa ka teng pele mo direkotong tsa Egepeto.
Go Tlhagoga Mebuso e Mengwe ya Lefatshe
Kwa bokhutlong, Egepeto o ne a tseelwa sebaka ke Asiria jaaka mmuso o mogolo wa lefatshe. Mme lefa go le jalo o ne a nna a ntse a le maatla a magolo a sepolotiki. Hoshee, kgosi ya bofelo ya bogosi jwa ditso tse some jwa bokone jwa Iseraele, o ne a dira morero le Kgosi So wa Egepeto mo boitekong jwa bone jo bo neng jwa seka jwa atlega jwa go thankgola mmuso wa Asiria. (2 Dikgosi 17:3, 4) Dingwaga di le dintsi morago ga moo, ka nako ya puso ya ga Kgosi Hesekia wa Juda, Kgosi Tirehake wa Ethiopia (gongwe yo o neng a le mmusi wa Egepeto wa Moethiopia, Faro Taharqa) ba ne ba tsena mo Kanana ka masole a bone mme ka nakwana ba faposa tlhaselo ya kgosi ya Asiria Senakeribe. (2 Dikgosi 19:8-10) Ditiragalo tsa ngwaga le ngwaga tsa ga Senakeribe, tseo di fitlhetsweng mo Asiria, go lebega di lebisitse mo go seno fa di re: “Ke gapile ka bonna . . . bakgweetsi ba dikara tsa ntwa ba kgosi ya Ethiopia ba tshela.”—Oriental Institute Prism of Sennacherib, University of Chicago.
Moperofeti wa ga Jehofa Isaia o ne a boleletse pele gore Egepeto o ne a tla tsenngwa “mo seatleñ sa morèna eo o bolau” le gore kgosi e e “logala” e ne e tla busa Baegepeto. (Isaia 19:4) Boammaaruri jwa polelelo pele eno bo tlhomamisiwa ke mekwalo ya Baasiria eo mo go yone morwa Senakeribe Esar-haddon a ikgantshang ka go fenya Egepeto ga gagwe, ka go re: “Kgosi ya yone, Tirehake, ke mo tlhabile ga tlhano ka bora ka ba ka busa naga ya gagwe yotlhe.”
Faro Neko o ne a gwantela kwa bokone mo e ka nnang ka 629 B.C.E. go ya go emisa masole a mmuso wa lefatshe wa boraro o o neng o tloga o busa, ebong Babelona. Bibela e bolela gore Josia wa Jerusalema ka go tlhoka botlhale o ne a leka go emisa matsholo a Egepeto kwa Megido mme a fenngwa a ba a bolawa.c (2 Ditihalō 35:20-24) Dingwaga di ka nna nne morago ga moo, ka 625 B.C.E., Faro Neko ka boene o ne a fenngwa ke Bababelona kwa Karakemisha. Bibela gammogo le Ditiragalo tsa Bababelona di bua ka tiragalo eno, eo e neng ya dira gore Bababelona ba buse bophirima jwa Asia.
Ka 525 B.C.E. Egepeto o ne a busiwa ke mmuso wa bone wa lefatshe, ebong Medo-Persia. Makgolo a dingwaga a ka nna mabedi moragonyana, ka 332 B.C.E., go ne ga tlhaga Alexander yo Mogolo a ba a dira gore Egepeto a busiwe ke mmuso wa botlhano wa lefatshe, ebong Greece. Alexander o ne a tlhoma motse wa Alexandria mo lefelong la maanwane a noka ya Egepeto ya Nile, koo, mo e ka nnang ka 280 B.C.E., go ranolwa ga ntlha ga Bibela go tswa mo Sehebereng go ya mo Segerikeng go neng ga simololelwa teng. Thanolo eno, eo e neng ya itsiwe jaaka Septuagint, e ne e le Bibela e e neng e dirisiwa ke balatedi ba ga Jesu mo mafatsheng a Segerika.
Mo motlheng wa Roma, mmuso wa borataro wa lefatshe, Jesu o ne a leriwe mo Egepeto a le losea a falodisiwa mo go Herode yo o neng a le lefufa. (Mathaio 2:13-15) Baegepeto ba ne ba le teng mo Jerusalema ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. ba ba ba utlwa thero e e gakgamatsang ya mafoko a a molemo a Bokeresete. Mme Mokeresete yo o neng a le setswerere sa puo wa lekgolo la ntlha la dingwaga ebong Apolose o ne a tlholega koo.—Ditihō 2:10; 18:24.
Ee, Egepeto le Baegepeto ba tlhagile gantsi mo ditiragalong tsa Bibela, mme dilo di le dintsi tse di bonweng ke bafatolodi ba dilo tsa bogologolo di tlhomamisa seo Dikwalo di se bolelang kaga lefatshe leno la bogologolo. Tota, Egepeto o ne a itsege thata mo eleng gore mo mafokong mangwe a dipolelelo pele, o tshwantshetsa lefatshe lotlhe le le busiwang ke Satane. (Esekiele 31:2; Tshenolō 11:8) Mme Egepeto wa bogologolo, go sa kgathalesege go nonofa ga gagwe jaaka mmuso wa lefatshe, ga a ise a ko a kgone go kgoreletsa tiragatso ya maikaelelo a ga Jehofa. Mme gape seno se ne se le boammaaruri ka mmuso wa bobedi wa lefatshe go ya ka ditiragalo tsa Bibela, ebong Asiria, jaaka re tla bona mo tokololong e e latelang ya makasine wa Tora ya Tebelo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The Jewish Encyclopedia ya re: “Tumelo ya gore moya o tswelela o ntse o tshela morago ga go swa ga mmele ga . . . e rutiwe gope mo Dikwalong tse di Boitshepo.”
b Go bona kgang e e kgatlhisang kaga mathata ao a amanang le mananeo ano, bona buka ya Aid to Bible Understanding, ditsebe 324-5, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
c Eno e ne e le nngwe ya ditlhabano tsa makgaola-kgang tseo di neng tsa lwelwa kwa Megido, eo e neng ya dira gore e dirisiwe jaaka tshwantshetso ya ntwa ya makgaola-kgang ya bofelo e Modimo a tla e lwang le merafe e e tsuologileng ya batho kwa Hara-Magedona, kana Aramagedona.—Tshenolō 16:16.
[Mmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
Lewatle la Mediterranean
Karakamisha
Euferatese
Megiddo
Jerusalema
Alekanderia
GOSHENA
Memefisa
Nile
EGEPETO KWA TLASE
Thebisa
[Motswedi wa Setshwantsho]
Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Modimo wa Egepeto o tshwantshitswe a na le mmele wa motho le tlhogo ya segodi
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the British Museum, London
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Karolo ya “Buka ya Baswi” e e fitlhetsweng mo teng ga kesi ya Moegepeto
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the Superintendence of the Museo Egizio, Turin
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the Superintendence of the Museo Egizio, Turin
Kesi ya Moegepeto le senno sa modimako
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Kgosi Tutankhamen o bapile le modimo Amon yo o ntseng fa fatshe
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the Superintendence of the Museo Egizio, Turin