LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 4/1 ts. 30
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bana ba Motho ba ba Gwebang ka Mmele
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Jehofa O Somola Tšhaka ya Gagwe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • A Basupi ba ga Jehofa ke Baporotesetanta?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Lekhubu le Legolo la Bodumedi Makgaola-kgang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 4/1 ts. 30

Dipotso tse di Tswang go Babadi

▪ Ke ka ntlhayang fa Tora ya Tebelo ya September 15, 1988, a ne ya bontsha gore Boporotesetanta bo itshekologile go gaisa Boroma Katoliki?

Seno se ne sa bolelwa ka go bo se dumalana le boperofeti le dintlha. Mo bukeng ya ga Esekiele mo kgaolong ya 23, Ohola le Oholiba ba ne ba tlhalosiwa jaaka bomorwadia motho ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang. Bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele di ne di emelwa ke Ohola, fa Oholiba ene a ne a emela bogosi jwa ditso tse pedi jwa Juda. Fa a tlotla ka basadi bano ba tshwantshetso, Tora ya Tebelo ya September 15, 1988, a ne ya bua jaana mo tsebeng ya 21:

“Ka baka la go bo a ne a leofile go feta mogolowe [Ohola, kana, Iseraele] Oholiba (Juda) o ne a tihokofadiwa fa morafe oo otlhe o ne o lerediwe matlhotlhapelo ke Babelona ka 607 B.C. E. Bana ba gagwe ba ne ba kgemethiwa ka tshaka kana ba isiwa botshwarwa, mme o ne a tlhabisiwa ditlhong mo merafeng yotlhe. Fela jaaka Ohola le Oholiba, La-Bodumedi o dira boaka jwa semoya, seo a leng sebe fa pele ga Modimo oo a iphakang fa a o obamela. Boporotesetanta, ka dikereke tsotlhe tsa gagwe di itshekolotse ka babusi ba kgwebo le ba bopolotiki ba lefatshe le eleng go feta mogolowe wa mosetsana, ebong Boroma Katoliki. Ka gone, Jehofa o tla tlhomamisa gore La-Bodumedi a senngwe otlhe.”

Fa a ne a simolola Council of Nicaea ka 325 C.E., Mmusi-mogolo Constantine o ne a tshwaraganya thuto ya Seroma ya Seheitane le botenegi jwa Bokeresete mme a nna tlhogo ya Kereke a ntsha eo ya Katoliki. Ka jalo Kereke ya Roma Katoliki a simologile ka lekgolo la bone la dingwaga la motlha wa rona o o tlwaelegileng. Boporotesetanta bo simologile mo lekgolong la bo-16 la dingwaga ka Tlhabololo ya Kereke. Ka gone, ka Ohola (Iseraele) a ne a le mogolo mo go Oholiba (Juda), ka tshwanelo Tora ya Tebelo a ne ya bitsa Roma Katoliki mogoloa Boporotesetanta.

Lefa go le jalo, ke ka ntlhayang fa go ka twe, “Boporotesetanta . . . [bo] itshekolotse ka babusi ba kgwebo le ba bopolotiki ba lefatshe le eleng go feta mogolwe wa mosetsana, ebong Boroma Katoliki”? Ka go bo dintlha di dumalana le boperofeti joo bo bolelang jaana: “Me Oholiba monnawe a bona mo, me leha go nntse yalo a nna sebodu bogolo go ena mo dithaton tsa gagwe, le mo maakahalon a gagwe a a bileri a heta a ga mogoloe.”—Esekiele 23:11.

Jaaka dikarolo tsa Babelona o Mogolo eleng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, Bokatoliki gammogo le Boporotesetanta bo ile jwa itshunya thata mo kgwebong le mo dikarolong tsa bopolotiki tsa lefatshe leno. (Tshenolō 17:1-6; 18:1-19) Ka boammaaruri, karolo a le nngwe ya Boporotesetanta a ka nna ya bo a sena tlhotlheletso e e kalo jaaka Kereke e e maatla ya Katoliki. Mme dikereke tse dintsi tsa Boporotesetanta fa di kopanngwa di ka fekeetsa maatla le tlhotlheletso ya Kereke ya Roma Katoliki. Ka motlhala, Boporotesetanta bo tlhotlheletsa kgwebo thata mo mafatsheng mangwe a a kwa godimo mo go tsa itsholelo, ebile baruti bangwe ba Baporotesetanta ba batla maemo a a kwa godimo mo dipolotiking. Ka jalo eno ke tsela a nngwe eo Boporotesetanta, ka dikarolo tsa jone tse dintsi, bo ileng jwa itshekologa ka yone le eleng go feta Bokatoliki.

Lefa go ntse jalo, ka tsela e nngwe gape, Boporotesetanta bo ile jwa ‘nna sebodu mo dithatong tsa jone go feta’ mme ebile bo makgapha go gaisa Bokatoliki. Bo ntse jalo fang? Ebu, Tlhabololo ya Kereke e ne ya naya Boporotesetanta tsholofelo ya go lebelela tshedimosetso e kgolwane ya semoya. Ebile tota, batlhabolodi ba bangwe ba He ba dira dilo dingwe tse di bonalang ka tlhagafalo mabapi le seno. Mme fa sotlhe se setse se builwe se bile se dirilwe, Baporotesetanta ga ba a ka ba fetola dithuto tse a seng tsa Dikwalo tse di tshwanang le Tharonngwe, go sa sweng ga moya wa motho, le molelo wa dihele. Fela jaaka Bakatoliki, ba He ba nna le molato wa go tsenelela mo kobamelong ya ditshwantsho le ya go ikobela dingwao tsa batho go na le boammaaruri jwa Bibela.—Mathaio 15:1-9; 23:9, 10.

Se se kgatlhisang mabapi le seno ke seo se ileng sa bolelwa go Book One ya Vindication, bogologolo ka 1931. Mo tsebeng ya 309, kgatiso eno ya Watch Tower (e jaanong e seong mo setokong) a ne ya bua jaana mabapi le Esekiele 23:11-13: “‘Bodumedi jo bo rulagantsweng jwa Boporotesetanta’ bo ne jwa bona ka moo Roma Katoliki a neng a itirile makgapha ka gone ka kgwebo le dipuso tsa lefatshe leno tsa bopolotiki, mme ka gone ba ne ba bua kgatlhanong le Bakatoliki, mme Baporotesetanta ba ne ba tswelela ba dira fela ka tsela e e tshwanang, le eleng go feta. . . . Botlhe ba ne ba tsere tsela a le nngwe; mme Boporotesetanta bo ne bo na le kitso e e fetang ya Boroma, mme ka jalo ke jone jo bo nang le mokgobo go gaisa.”

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Constantine o ne a tlhakanya botenegi jwa Bokeresete le kobamelo ya mmuso wa Roma ya boheitane, ka jalo a nna tlhogo ya kereke a nt§ha ya Katoliki

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Metropolitan Museum of Art, Bequest of Mrs. F. F. Thompson, 1926. (26. 229)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela