Babelona o Mogolo—Go Bolawa Ga Gagwe
“Mo phatleñ ea gagwè ga bo go kwadilwe leina, go twe, boteñ, Babelona o Mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.” “Dipecō tsa gagwè di tla [tla] ka letsatsi le le leñwe hèla, eboñ losho, le selelō, le popamō; me o tla hisediwa rure ka molelō; gonne go thata Morèna Modimo o o mo atlhotseñ.”—Tshenolō 17:5; 18:8.
RE NA le tshwanelo ya go ipotsa ka mafoko ao a a kwadilweng ke moaposetoloi Johane mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. “Mma diaka” yono ke mang? O ile a kgopisa Modimo go le kana kang mo a mo atlholang mo go botlhoko jalo? Ga go belaetse gore dikatlholo tsa Modimo kgatlhanong le seaka seno se se sa itsiweng Babelona o Mogolo ke tse di senyang. Mme eleruri seno se re naya lebaka la go batlisisa gore seaka seno ke mang le gore bokhutlo jwa Bone bo tla re ama jang.—Tshenolo 18:21.
Ke mang kana ke eng seo Babelona o Mogolo o se tshwantshetsang? Bibela a bolela gore dikgosi tsa lefatshe di akafetse nae le gore babapatsi ba gwebisantse nae. (Tshenolō 18:3) Ka gone, ga a kake a emela dipolotiki kana kgwebo a kgolo. Mme seno se re tlogela fela ka karolo ya boraro e e nonofileng ya lefatshe eo e ka tshwanelwang ke leina “mma diaka.” Ga se ope fela fa a se mmuso wa lefatshe wa ga Satane wa bodumedi jwa maaka!a
Jaanong go sala dipotso tseno: Ke ka ntlhayang fa Babelona o Mogolo a tla bolawa, o tla bolawa jang le gone leng? Kana fa re bua kgang ka tlhamalalo: Ke ka ntlhayang fa bodumedi jwa maaka bo tla fedisiwa mo lefatsheng, bo tla fedisiwa jang le gone leng?
Rekoto E E Seng ya Bokeresete ya La-Bodumedi
Fa re tlhokomela rekoto ya bodumedi jwa maaka, re ka nna ra gakologelwa sentle ka boperofeti jono jwa bogologolo: “Ba yala phehō, me ba tla rōba secuacue.” (Hosea 8:7) Seno se dumalana le molao-motheo ono o o boletsweng ke moaposetoloi wa Mokeresete Paulo: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.” (Bagalatia 6:7) Jalo, ke eng seo bodumedi jwa maaka bo se jadileng mo lefatsheng lotlhe? Mme bo tla roba eng?
Jesu Keresete o ne a ruta gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go rata eseng fela baagelani ba bone mme gape le baba ba bone. (Mathaio 5:43, 44) Fa a tsopola go tswa Dikwalong tsa Sehebera, Paulo o ne a bolela ka moo Bakeresete ba tshwanetseng go tshwara baba ba bone ka gone. O ne a re: “Ha mmaba oa gago a bolailwe ke tlala, a mo hè diyō; ha a le lenyōra, u mo nosè; gonne ka go diha yalo, u tla bo u tlhatlaganya magala a molelō mo tlhogoñ ea gagwè. Lo se ka loa heñwa ke boshula, me henyañ boshula ka molemō.”—Baroma 12:20, 21.
Lefa go le jalo, hisitori ya ditumelo tsa La-Bodumedi ke ya letlhoo le tshololo ya madi. Botlhabanela-tumelo jwa bogologolo le jwa segompieno jo bo kopanyeletsang go gapa dithoto, go betelela, le go bolaya bo ile jwa segofadiwa jwa ba jwa mpampediwa. Ka sekai, go tlhasela ga Mo-Fascist wa Italy Abyssinia (1935) le “botlhabanela-tumelo” jwa ga Franco mo Spanish Civil War (1936-39) di ne tsa segofadiwa ke baeteledipele ba maemo a a kwa godimo ba Kereke ya Katoliki.
Dipharologano tsa bodumedi di ile tsa rarabololwa ka go fisetsa batho mo dikoteng. Moranodi wa Bibela William Tyndale o ne a bolaelwa mo koteng mme mmele wa gagwe wa fisiwa ka 1536, morago ga gore a gatise thanolo ya “Tesetamente ya gagwe a Ntšha” ka Seesemane. Pele ga moo, ka tetlelelo ya Mopapa Martin V, balaodi ba bodumedi, ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya wa boipusolosetso, ba ne ba epolola marapo a moranodi wa Bibela Wycliffe dingwaga tse 44 morago ga loso lwa gagwe a le fela gore ba ijese monate ka go a tshuba. Ka nako ya Potsiso ya Katoliki, diketekete tsa Bajuda le “bagana-Bokatoliki” ba ne ba tseelwa dithoto tsa bone, ba bogisiwa, mme ba tshubelwa mo dikoteng—botlhe go twe ke mo leineng la ga Keresete! Moithuta-bodumedi wa Mosepanishe Michael Servetus, yoo a neng a bogisiwa ke Baroma Katoliki le Baporotesetanta ka go tshwana, o ne a tshubelwa mo koteng ka taolo ya ga John Calvin wa Moporotesetanta. Mo dintweng tse pedi tsa lefatshe tsa lekgolo leno la dingwaga, baruti ba “Bakeresete” ba ile ba segofatsa masole, mme baruti ba bone ba ba tletseng bomorafe ba ne ba rotloetsa masole go bolaana.
Abo seno se farologana jang ne le Bokeresete jwa boammaaruri! Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ, le ba ba ratègañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo: Me mo godimo ga dilō cotlhe tse to aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:12-14.
Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. Akanyañ dilō tse di tlotlègañ mo matlhoñ a batho botlhe. Ha go ka nna yalo, to nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona. Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna [Jehofa, NW].” (Baroma 12:17-19) He, go ya ka melaometheo ya Bokeresete, La-Bodumedi a paletswe. E jadile letlhoo le boitimokanyo mme e tla roba tshenyego.
Ditumelo tse Eseng tsa Bokeresete—Rekoto ya Tsone
Mme Babelona o Mogolo o bopiwa eseng fela ke ditumelo tsa La-Bodumedi. Ditumelo tsotlhe tse dikgolo tsa lefatshe leno di na le seabe mo molatong oo wa madi wa seaka seno se se tlhabisang ditlhong. Ka sekai, bodumedi jwa Shinto jwa Japane bo tshwanetse go sikara karolo ya molato oo ka go akanya ka go feteletsa dilo le bosetlhogo tseo di ileng tsa bonala mo masoleng a Japane ka Ntwa ya Lefatshe II. Raditiragalo Paul Johnson o gatelela gore “gore ba inonotshe mo lefatsheng le le seng botsalano, leo go gaisanwang mo go lone” leo le neng le tletse ka ditekanyetso tsa Yuropa tsa boitsholo, ba ne ba fitlhela go le botlhokwa gore ba itirele “bodumedi jwa naga ya bone le mokgwa wa boipuso, oo o neng wa bidiwa Shinto le bushido [“molao wa lesole”] . . . Go ne ga simololwa go obamelwa ga mmusimogolo ka metlha, segolo bogolo mo masoleng a a tlhabanang, mme go tloga ka bo-1920 go ya kwa pele go ne ga rutiwa melawana ya bone ya boitsholo, kokumin dotoku, mo dikolong tsotlhe.” Go ne ga felela jang? Fa Japane a ne e thuntsha Pearl Harbor ka 1941, mme a tsenelela mo Ntweng ya Lefatshe II, “Shinto . . . e ne ya fetolwa go tswa mo kobamelong ya bogologolo, e e sa dirisiweng le e e nyatsegang go ya go ya segompieno, ya naga ya bobusaesi, mme ka jalo ka tsela e e fapaaneng le e e sa rategeng gotlhelele, bodumedi, joo bo neng bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa ganana le ditiro tse di boitshegang tsa motlha oo, bo ne jwa dirisiwa go di segofatsa.”
Mabapi le go kgaoganngwa ga India ka 1947, goo go bakilweng ke dipharologano tsa bodumedi, rraditiragalo Johnson o bua jaana: “Batho ba ba ka nnang dimilione tse 5 go ya go tse 6 ba ne ba tshabela dintlheng tsotlhe go boloka matshelo a bone. . . . Go fopholediwa gore batho bao ba ileng ba swa ka nako eo a ka nna milione o le mongwe go ya go tse pedi. Dipalo tsa segompieno di bontsha gore ba ne ba ka nna fa gare ga 200 000 le 600 000.” Go fitlha gompieno, bodumedi bo ile jwa tlhotlheletsa go bolawa le go bogisiwa goo go leng gone mo Bahindung. Gantsi Ba-Harijan, kana ba ba sa batliweng bao ba neng ba bidiwa ba ba leswefatsang fa ba ka kgomiwa, ba ne ba bolawa ke digopa tseo di neng di rulaganngwa ke bahumi.
Bohindu bo tshwaragane le ditiro tsa tirisabadimo. (Tshenolō 18:23) Mokwadi wa Mo-India Sudhir Kakar o bua ka “go kgatlhiwa le go tlotla bosaitsiweng, le bao ba bo dirang” mme o oketsa jaana: “Balepadinaledi, ba ba bolelelang pele, baitseanape, gammogo le ba-sadhu [banna ba ba “boitshepo” jo bo feteletseng], ba-fakir [Bakopi ba ba dirang ditiro tsa boselamose] le baitseanape ba bangwe ba newa tlotlo a kgolo ka go bo go akanngwa gore ba na le bokopano jo bo gaufi thata le medimo.”—India Today, April 30, 1988.
Mo godimo ga moo, go ntse go na le dintwa tse di sa feleng fa gare ga Bahindu, Basiki, le ditumelo tse dingwe tsa Botlhaba. Mo dintweng tseno, tumelo nngwe le nngwe a oketsa seabe sa yone sa letlhoo, kgang, le polao. Seno ke karolo a nngwe gape ya maungo a Babelona o Mogolo.
Mo godimo ga moo, hisitori ya segompieno ya ntwa, dipolaano, le go gatelela ga a tlotlomatse Bojuda lefa go le gonnye fela. Thubakanyo a fa gongwe a bontshiwang ke maloko a setlhopha sa Bojuda sa Hasid mo balateding ba ditlhopha tse dingwe tsa Bojuda le tseo eseng tsa ditumelo tsa Bojuda ga a itumedise le eseng mo ponong ya Modimo.
Fa re ithuta hisitori ya mmuso ya lefatshe lotlhe ya bodumedi, re kgona go bona sentle gore ke ka ntlhayang fa Moatlhodi yo Mogolo a na le lebaka la go bolaya Babelona o Mogolo. “Me ga hitlhèlwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go ōna, le a botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ.” (Tshenolō 18:24) Go tsaya karolo ga bodumedi jwa maaka mo dintweng tsa kgaolo le tsa lefatshe lotlhe go ile ga bo dira gore bo nne le molato wa madi mo ponong ya Modimo a “botlhe ba ba bolailwen mo lehatshiñ.”
Go ya ka go bonwa molato ga Babelona o Mogolo ke Bibela, o tshwanelwa ke go atlholelwa go senngwa ka go bo rekoto ya gagwe ya hisitori a bontsha ka go akafala ga gagwe ga semoya le dikgosi tsa lefatshe, molato wa gagwe wa madi mo dintweng, le ditiro tsa gagwe tsa tirisabadimo. Ka gone, Jehofa Modimo o tlhomamisitse ka molao gore mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka wa ga Satane o tshwanetse go senngwa.—Tshenolō 18:3, 23, 24.
Ka moo Bodumedi jwa Maaka bo tla Nyelelang ka Gone
Buka ya Tshenolo a tlhalosa go senngwa ga Babelona o Mogolo, ka puo e e kwa godimo ya tshwantshetso. Re bala jaana mo go Tshenolō 17:16: “Dinaka tse shomè tse u di bonyeñ, le shōna sebatana, di tla ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.” “Dinaka tse shomè” di tshwantshetsa mebuso yotlhe ya sepolotiki mo lefatsheng lotlhe gompieno le eo a tshegetsang Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, leo eleng “sebatana señwe se se mmala o bohibidu yo bo letlhōlōlō,” seo ka bosone se tshwantshetsang tsamaiso ya ga Diabolo ya sepolotiki e e kgamathetseng madi.—Tshenolō 16:2; 17:3.b
Go ya ka polelelopele ya Bibela, mebuso ya sepolotiki eo a tsalaneng le Lekgotla la Merafe e e Kopaneng a tla tlhasela mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka mme e o senye. Ditumelo tsotlhe tsa maaka di tla amega. Ditsamaiso dingwe tsa sepolotiki di setse di bontshitse go fedisiwa pelo ke go itlhakatlhakanya ga bodumedi jwa maaka le bopolotiki, le ditsamaiso tsa semorafe. Dinaga dingwe tsa bojammogo di ne tsa tsaya boemo jwa bolatola-Modimo mme di ile tsa dira bodumedi go nna sengwe se a seng sa sepe, jaaka kwa Albania, kana bo tsewa jaaka mosadi wa lekgoba yo o iketleeditseng go reetsa jaaka kwa Russia le China. Kwa mafelong mangwe, dikgosi tsa sepolotiki di bontsha letlhoo le legolo mo thuto-bodumeding ya kgololesego ya baperesiti bangwe ba Bakatoliki mo dinageng tse di humanegileng. Ba bangwe gape ba kgatlhanong le ditumelo tseo di itlhakatlhakanyang le dikgang tsa go kgethololana ga ditso. Le eleng mo dinageng tse go tweng ke tsa kgololesego, boradipolotiki bangwe ga ba rate go itshunya nko ga baruti mo dikgannyeng tsa dipolotiki le tsa loago.
Go santse go tla bonwa gore ke dikgang dife tseo di tla gwetlhang boradipolotiki ba lefatshe go tlhasela bodumedi jwa maaka. Mme sengwe sone se tla diragala—go bolaya Babelona o Mogolo a tla nna eseng fela go rata ga makoko ano mme gape a tla nna go rata ga Modimo. Tshenolō 17:17 a bua jaana: “Gonne Modimo o gakolotse dipelo tsa cōna go tla di diha maikutlō a ōna, le gore di nnè boikutlō bo le boñwe hèla, di bè di neè sebatana bogosi yoa cōna, go tlo go tsamaeè mahoko a Modimo a dihalè.”—Bapisa Yeremia 51:12, 13.
O seka wa dira phoso epe. Go bolawa ga Babelona o Mogolo ga go na go supa fela bobaba jwa bopolotiki kgatlhanong le go ikgogomosa le go itsenyatsenya ga bodumedi mo go jone. Babusi ba bopolotiki ba tla nna didirisiwa tseo Modimo o di pateletsang go senya bodumedi jwa maaka mo lefatsheng ka bophara. Ee, “dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.”—Tshenolō 18:5.
Jehofa o laotse gore bodumedi jwa maaka jo bo ikgogomosang bo tshwanetse go kokobediwa. Boperofeti bo bolela jaana: “Lo mo lekanyetsè tlhokohaco le selelō kaha selekanyoñ sa go ikgalaletsa ga gagwè, le go hoahoèga ga gagwè: gonne o ithaea mo peduñ, a re, Ke dutse ke le kgosi mohumagadi, ga ke motlhōlagadi, me ga nketla ke bōna selelō gopè. Ke gōna ka mouō dipecō tsa gagwè di tla tlañ ka letsatsi le le leñwe hèla, eboñ losho, le selelō, le popamō; me o tla hisediwa rure ka molelō; gonne go thata Morèna Modimo o o mo atlhotseñ.”—Tshenolō 18:7, 8.
O Tla Bolawa Leng?
‘Letsatsi le le lengwe fela,’ leo kana nako eo e khutshwane ya go bolawa ga gagwe ka bofefo, jaanong a atametse. Ebile tota, go senngwa ga Babelona o Mogolo go sutela “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” (Isaia 61:2) Morago ga foo, go tla goroga ntwa ya Modimo ya tshiamo ya Hara-Magedona. Bosupi jotlhe jwa ditiragalo tsa lefatshe fa esale ka 1914 bo bontsha gore nako ya tsamaiso ya ga Satane ya dilo e a fela. Ka gone, puso ya Bogosi jwa Modimo a gaufi.—Luke 21:32-36; Tshenolō 16:14-16.
Baobamedi ba boammaaruri ba tla itshwara jang fa Babelona o Mogolo a senngwa? Tshenolō a bua jaana: “Wèna legodimo, u o yèlè kōma, le lona baitshepi, le lona baaposetoloi, le lona baperofeti; gonne Modimo o o atlhotse kaha to kileñ loa atlholwa ke ōna motse ouō ka gōna.” (Tshenolō 18:20) Go tla nna le boitumelo mo lobopong lotlhe fa boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwa le leina la gagwe le itshepisiwa. Boperofeti bo bolela jaana: “Erile moragō ga dilō tse ka utlwa ekete loshalaba lo logolo loa boidiidi yo bogolo yoa batho mo legodimoñ, le re, Haleloya! Poloka, le kgalalèlō, le thata, ke tsa Modimo oa rona: Gonne dikatlholō tsa ōna di boamarure le tshiamō; gonne o sekisitse seaka se segolo, se se kileñ sa bodisa lehatshe ka kgokahalō ea shōna, me o leheditse madi a batlhanka ba ona mo seatleñ sa shōna.”—Tshenolo 19:1, 2.
Go senngwa ga Babelona o Mogolo, goo go latelwang ke go senngwa ga dikarolo tse dingwe tse di setseng tsa tsamaiso ya ga Satane, go tla raya masego a goyagoile mo baobameding ba boammaaruri ba Modimo, go kopanyeletsa le bontsi jo bo tla bong bo tsositswe mo lefatsheng. Jaaka Jesu a ne a ba solofetsa botlhe: “Ha to nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me ruri; Me to tla itse boamarure, me boamarure bo tla to golola.”—Yohane 8:31, 32; Tshenolō 19:11-21.
Baobamedi ba boammaaruri ba setse ba golotswe mo dithutong tsa bodumedi jwa maaka tseo di ileng tsa tlhapatsa Modimo go ralala dingwaga. Mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng la tshiamo, ba tla tshela ka kgololesego ba sa boife loso, ka go bo “Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo wa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshenolō 21:3, 4) Dilo tseo tsa pele tseo di tla bong di fetetse ruri di tla kopanyeletsa Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa ga Satane wa bodumedi jwa maaka.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona bosupi jo bo atologileng jwa gore Babelona o Mogolo ke mang, bona Tora ya Tebelo ya April 1, 1989.
b Go bona ditlhaloso tsa tseno le ditshwantsho tse dingwe tsa Tshenolō, bona buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo a Atametse!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
“Ka tsela e e fapaaneng le e e sa rategeng gotlhelele, bodumedi, joo bo neng bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa ganana le ditiro tse di boitshegang tsa motlha oo, bo ne jwa dirisiwa go di segofatsa”
[Ditshwantsho mo go tsebe 4]
Wycliffe le Tyndale ba ne ba bogisediwa go ranola Bibela
[Motswedi wa Setshwantsho]
Go tswa kwa tshetong ya bogologolo kwa Bibliothèque Nationale