Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Dithuto Kaga Tlhalo le Kaga go Rata Bana
JESU le barutwa ba gagwe ba mo tseleng ba lebile Jerusalema go ya go nna gone kwa Tlolaganong ka 33 C.E. Ba tshela Noka ya Joredane mme ba tsaya tsela e e yang kwa kgaolong ya Perea. Jesu o ne a le kwa Perea dibeke di sekae pelenyana ga moo, mme morago o ne a bilediwa kwa Judea gonne tsala ya gagwe Lasaro o ne a bobola. Fa a le kwa Perea he, Jesu o ne a bua le Bafarasai kaga tlhalo, mme jaanong ba tsosa kgang eo gape.
Mo gare ga Bafarasai go na le ditlhopha tseo di nang le mogopolo o o farologaneng kaga tlhalo. Moshe o ne a bolela gore mosadi a ka tlhalwa ka ntlha ya “señwe mo go èna sa boatla.” Bangwe ba dumela gore seno se lebisitse go go sa itsholeng sentle fela. Mme ba bangwe ba tsaya gore “señwe . . . sa boatla” se kopanyeletsa le diphosonyana fela tse dinnye. Ka jalo, ka maikaelelo a go leka Jesu, Bafarasai ba botsa jaana: “A go letlelecwe monna go tlhala mosadi oa gagwè ka ntlha ya señwe le señwe?” Ba tlhomamisega gore sengwe le sengwe se Jesu a se bolelang se tla mo tsenya mo bothateng kgatlhanong le Bafarasai bao ba nang le mogopolo o o farologaneng ka seo.
Jesu a araba potso eno ka botswerere, a sa ikuele go motho ope gore a ntshe maikutlo a gagwe, mme o umaka tsela e lenyalo le neng le rulagantswe ka yone kwa tshimologong. O botsa jaana, “A ga lo e sè lo ke lo bale ha eo o ba dihileñ mo tshimologoñ a ba dihile nona le tshadi, A ba a re, Ke gōna ka mouo, motho o tla tlogelañ rragwè le mmagwè, a ñaparèla mosadi oa gagwè; me bobedi yo bo tla nna nama e le ñwe hèla? Yalo ba bo ba sa tlhole ba le babedi, me ke nama ñwe hèla. Ke gona se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaoganwè ke motho.
Jesu o bontsha gore maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong, ke gore batho ba ba nyalaneng ba ngaparelane, gore ba seka ba tlhalana. Fa go le jalo, Bafarasai ba arabela jaana, “me e le hoñ Moshe a ba a reñ ha a laola, gore go ntshiwè lokwalō loa tlhalō, me go tlhalwè mosadi?”
Jesu o arabela jaana, “Moshe a lo leseletsa go tlhala basadi ba lona ka ntlha ya bothata yoa dipelo tsa lona: me go cwa kwa tshimologoñ ga goa nna yalo.” Ee, fa Modimo o ne o tlhoma tekanyetso ya mmatota ya lenyalo kwa tshimong ya Edene, ga a ka a dira paakanyetso epe ya tlhalo.
Jesu o tswelela a bolelela Bafarasai jaana: “Le nna ke lo raea, ke re, Leha e le mañ eo o tla tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka [ka Segerika por·neiʹa], me a nyala eo moñwe, o diha boaka.” Ka jalo o bontsha gore por·neiʹa, ebong boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong jo bo masisi, ke jone fela motheo wa go tlhala o o dumeletsweng ke Modimo.
Ereka jaana barutwa ba lemoga gore lenyalo e tshwanetse go nna kamano e e nnelang ruri mme go ka tlhalwa ka ntlha ya lebaka leno fela, ba tlhotlheletsega go bolela jaana: “Ha monna a nntse yalo le mosadi oa gagwè, go bo go se molemō go nyala.” Ga go na pelaelo gore motho yo o akanyang go nyala o tshwanetse gore a akanyetse ka tlhoafalo kafa sebofo sa lenyalo eleng se se nnelang ruri ka gone!
Jesu o tswelela a bua ka go sa nyale. O tlhalosa gore basimane ba bangwe ba tsalwa e le bao ba ka sekeng ba kgone go nyala, ba ntse jalo ka ntlha ya go golafala dirwe tsa bone tsa go tlhakanela dikobo. Ba bangwe ba dirilwe ke batho gore ba seka ba kgona go nyala, ba golafaditswe dirwe tsa bone tsa tlhakanelo dikobo ka tsela e e setlhogo. Labofelo, ba bangwe ba bolaya keletso ya go nyala le ya go ipelela dikamano tsa tlhakanelo-dikobo gore ba tle ba kgone go ineela ka mo go feletseng mo dilong tse di amanang le Bogosi jwa magodimo. Jesu o konela jaana, “Eo o nonohileñ go go chola [go sa nyale] a a go cholè.”
Jaanong batho ba simolola go tlisa bana ba bone ba bannye kwa go Jesu. Lefa go ntse jalo, barutwa ba kgalema bana bao mme ba leka go ba busetsa morago, kwantle ga pelaelo ba batla go sireletsa Jesu gore a seka a nna le tlalelo go sa tlhokafale. Mme Jesu o bolela jaana: “Lesañ banyana ba tlè kwa go nna: lo seka loa ba itsa: gonne bogosi yoa Modimo ke yoa ba ba ntseñ yalo. Amarure ke a lo raea, Leha e le mañ yo o se ketlañ a chola bogosi yoa Modimo yaka ñwanyana, ga a ketla a tsèna mo go yōna gope.”
Abo fano Jesu o neela thuto e e molemo jang ne! Gore re amogele Bogosi jwa Modimo, re tshwanetse ra latela sekao sa boikokobetso le sa go rutega bonolo sa bana ba bannye. Mme gape sekao sa ga Jesu se bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng, segolo-bogolo mo batsading, gore ba senye nako le bana ba bone. Jesu jaanong o bontsha lorato lwa gagwe mo baneng ka go ba tseela mo matsogong a gagwe le go ba segofatsa. Mathaio 19:1-15; Duteronome 24:1; Luke 16:18; Mareko 10:1-16; Luke 18:15-17.
◆ Ke megopolo efe e e farologaneng eo Bafarasai ba nang le yone ka tlhalo, mme ka jalo ba leka jang go leka Jesu?
◆ Jesu o dirisana jang le maiteko a Bafarasai a go mo leka, mme ke eng seo a se neelang e le lone fela lebaka le go ka dirwang tlhalo ka ntlha ya lone?
◆ Ke ka ntlhayang fa barutwa ba ga Jesu ba bolela gore ga go molemo go nyala, mme ke kakantsho efe eo Jesu a e neelang?
◆ Jesu o re ruta eng ka tsela eo a neng a dirisana le bana ba bannye ka yone?