LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 7/15 ts. 4-7
  • Tiro E E Ka go Dirang Gore O Itumele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiro E E Ka go Dirang Gore O Itumele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A O Na le Maitlhomo A A Botlhokwa?
  • Motho O Diretswe Gore A Bereke
  • ‘Ja Monate’ mo go Direng Thato ya Modimo
  • Fa go Bereka Thata e Leng Selo se se Molemo
    Tsogang!—1993
  • Tsela ya go Itumelela Tiro ya Diatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Bona Molemo ka Ntlha ya Tiro ya Gago ya Bonatla
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Gomotsega O bo O Gomotse ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 7/15 ts. 4-7

Tiro E E Ka go Dirang Gore O Itumele

“RURE ke ne ke rata tiro ya me ya go gatisa,” go bolela jalo Antonio kwa Genoa, Italy. “Ke ne ke duelwa sentle, mme seno se ne sa ntira gore ke bereke dioura di le dintsi tsa go tšhaisitswe. Mo dingwageng di sekae fela, go sa kgathalesege go bo ke sale mosha, ke ne ka nna motho yo o ikanngwang thata ke mothapi wa me.” Go ne go lebega Antonio a fitlheletse mekgele eo e tlhotlheletsang ba le bantsi gore ba bereke ka natla: eleng khumo, maemo, le tiro e e monate eo a neng a e ipelela.

A Antonio o ne a ‘ja monate ka letsapa lotlhe la gagwe’? (Moreri 3:13) A mme tiro e e ntseng jalo ruri e ne e mo dira gore a itumele? “Ka ntlha ya go tshwenyega maikutlo goo go neng go bakiwa ke tsela eo re neng re tshela ka yone ekete ga re na tlhaloganyo,” o tswela pele, “re ne ra simolola go nna le mathata mo lelapeng. Seno se ne sa re dira gore re seka ra itumela.” Antonio mmogo le mosadi wa gagwe ba ne ba sa itumela go sa kgathalesege ditiro tsa bone tse di kgotsofatsang. Go tweng ka wena? A o ‘ja monate ka letsapa lotlhe la gago’? A tiro ya gago ruri e go dira gore o itumele?

A O Na le Maitlhomo A A Botlhokwa?

Lebaka le legolo la go bereka ka natla ke gore o ke o kgone go itshedisa. Mo dinageng dingwe, batho ba tshwanelwa ke go bereka dioura tse ditelele e le gore ba ke ba kgone go itshedisa. Ba bangwe ba bereka jaaka makgoba motshegare le bosigo e le gore bana ba bone ba ke ba nne le botshelo jo bo botoka. Mme ba bangwe bone ba ipateletsa go bereka e le gore ba ke ba nne le dikhumo tse dintsi.

Leonida wa kwa Philippines o ne a na le ditiro tse pedi. O ne a bereka kwa bankeng motshegare mme a ruta kwa sekolong-katiso dioura di le tharo kana di le nnè mo maitseboeng. A madi a a oketsegileng ao a ne a tlhokafala? “Ka metlha ke ne ke fela pelo gore e tšhaya leng,” o tlhalosa jalo. “E ne e ntapisa. Ke ne ke e dira ke sa kgotsofale le eseng.”

Nnyaa, go berekela madi fela ga go felele ka go bona kgotsofalo ya boammaaruri le boitumelo. “O seka ua itapisetsa go humisiwa,” Kgosi e e botlhale ebong Solomone o gakolola jalo, “gonne rure dikhumō di tle di itihèlè diphuka, yaka ncwi eo motona eo o hohèlañ kwa legodimoñ.” (Diane 23:4, 5) Go begiwa gore bontswi bangwe ba fofa ka mabelo a a fitlhang go dikilometara di le 130 ka oura. Seno se bontsha sentle kafa dikhumo tseo di bereketsweng ka thata di ka fofang ka bonako ka gone. Le eleng fa motho a na le khumo e ntsi, fa a swa ga a kake a tsamaya le sepe sa yone.—Moreri 5:15; Luke 12:13-21.

Go tshwarega thata mo go direng tiro ya boitshediso ka dinako tse dingwe go tlhagisa dikotsi tse di diphatsa. Go ka nna ga dira gore o rate madi. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le setlhopha sengwe sa borrabodumedi bao ba neng ba bidiwa Bafarasai bao ba neng ba itsege ka go rata madi. (Luke 16:14) Ereka moaposetoloi Paulo wa Mokeresete e ne e le Mofarasai pele, o ne a itse ka botlalo kafa ba neng ba tshela ka gone. (Bafilipi 3:5) “Ba ba eletsañ go huma” Paulo o a tlhagisa, “ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ. Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla . . . ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.” (1 Timotheo 6:9, 10) Ee, “go rata madi,” o dira sengwe le sengwe le fa e ka nna eng gore o a bone, go ka senya botshelo jwa motho. Tsela e e ntseng jalo ga e felele ka boitumelo.

Mo go ba bangwe, boitlhomo jwa bone jwa go bo ba bereka ka natla ke gore ba ke ba tlhatlosediwe kwa godimo mo tirong. Lefa go ntse jalo, e a tle e re kgabagare ba lebane le se eleng boammaaruri jwa seo. Makasine wa Fortune o bolela jaana: “Badiri-potlana bao ba neng ba intsha setlhabelo fa ba na le dingwaga di le 20 le fa ba simolola dingwaga tsa bo-30 gore ba fitlhelele go nna bomenenjara ba bogareng ba simolola go lemoga selo se se bosula mme seo se se kakeng sa tilwa, go sa kgathalesege namane e tona ya tiro e ba e dirileng, ga se mongwe le mongwe yo o kgonang go fitlha kwa godimo. Fa ba etseetsega malebana le go bereka ka natla, ba raelesega go ipotsa gore ke ka ntlhayang fa ba tshwanetse go dira seo sotlhe. Ke ka ntlhayang fa ba tshwaragane le phage ka mangana jalo? Ke mang yo o ba kgathalelang?”

Botshelo jwa monna mongwe wa go nna jalo, ebong Mizumori, bo ne bo tlhomilwe fela mo goreng a gatele pele mo lefatsheng. Ereka a ne a gagamaletse tiro ya maemo a go nna menenjara mo go nngwe ya dibanka tse di kwa godimo go gaisa tsa kwa Japane, o ne a sena nako le lelapa la gagwe. Morago ga a sena go bereka ka natla dingwaga tse di fetang 30, o ne a koafala mo mmeleng, mme eleruri o ne a sa itumela. O bolela jaana: “Ke ne ka lemoga gore go lwela maemo ga batho bao ba lekang gore ba tlhomologe jaaka ba ba tumileng ‘ke boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.’”—Moreri 4:4.

Mme go tweng ka ba ba tshwanang le Antonio, ba ba ipelelang tiro ya bone? Ereka tiro ya gagwe e ne e le monate mo go ene, Antonio o ne a ntsha botshelo jwa lelapa la gagwe setlhabelo mo sebesong sa tiro. Ba bangwe ba ntsha pholo ya bone le eleng matshelo a bone setlhabelo, jaaka seno se bontshiwa ke loso lwa tshoganyetso lwa bomenenjara ba le bantsi ba ba tumileng ba Majapane bao ba berekileng go feta selekanyo. Lephata la bogakolodi la bao ba tlogetsweng ka loso le ne la amogela megala e e gakgamatsang e le 135 mo letsatsing le le lengwe fela.

Bangwe ba dirisetsa matshelo a bone go thusa ba bangwe. Jesu o ne a kgothaletsa moya ono. (Mathaio 7:12; Yohane 15:13) Go tshwarega mo tirong ya botlhokwa ya go thusa ba bangwe eleruri go tlisetsa boitumelo.—Diane 11:25.

Lefa go ntse jalo, go bereka ka natla ka maikutlo a a molemo go go ntseng jalo le gone go na le dirai tsa gone. Ka sekai, kgosi nngwe ya Judea ebong Usia o ne a nna le seabe mo tirong e e seng kana ka sepe ya loago ya go epa ditangwana tse di khurumelwang mo nageng. Usia o tshwanetse a bo a ile a dira seno a se direla gore batho ba gagwe ba solegelwe molemo, ereka a ne “a batla Yehofa” ka nako eo mme kwantle ga pelaelo o ne a reetsa taolo ya Modimo ya gore dikgosi di ne di sa tshwanela go nna bogagapa. (2 Ditihalō 26:5, 10; Duteronome 17:14-20) Seno se ne sa dira gore mophato wa gagwe wa sesole o atlege mme “leina ya gagwè ya tumèla kwa kgakala.” Mme fa a ne a sena go nna thata, o ne a ikgodisa, mme seo sa felela ka go wa ga gagwe. (2 Ditihalō 26:15-20; Diane 16:18) Motho yo o ineetseng go thusa ba bangwe mme a tlhotlhelediwa ke go batla go ikgatlha ka namana le ke boikgodiso le ene a ka felela ka go wa. Jalo he, ke ka ntlhayang fa go na le motho ope yo o batlang go bereka ka natla?

Motho O Diretswe Gore A Bereke

Re ka ithuta go le gontsi ka tiro go tswa mo mothong mongwe yo a ileng a dira molemo o mogolo go gaisa motho ope yo mongwe yo o kileng a nna gone mo lefatsheng. Motho yoo ke Jesu Keresete. (Mathaio 20:28; Yohane 21:25) Fa a ne a swela mo mokgorong wa tlhokofatso, o ne a goa jaana, “Go wedicwe”! (Yohane 19:30) Botshelo jwa gagwe jwa dingwaga di le 331/2 e ne e le jo bo kgotsofatsang.

Botshelo jwa ga Jesu bo re thusa gore re arabe potso eno, “Ke tiro efe e e ka go dirang gore o itumele?” E ne e le go dira thato ya ga Rraagwe wa selegodimo goo go neng ga mo tlisetsa boitumelo jo bo sa tshwaneng le bope. Ka mo go tshwanang, fa re dira thato ya Mmopi wa rona seo se ka re dira gore re ikutlwe gore re fitlheletse sengwe le go re dira gore re itumele. Ka ntlhayang? Ka gonne O itse kafa re bopilweng ka gone ebile o itse dilo tse re di tlhokang le eleng go re feta.

Fa Modimo o ne o bopa motho wa ntlha, ebong Adame, O ne a mo naya tiro ya matsogo mmogo le ya go dirisa tlhaloganyo gore a e dire. (Genesise 2:15, 19) ‘Ereka a ne a laola’ dilo tsotlhe tse di bopilweng mo lefatsheng, Adame o ne a na le tiro ya bomenenjara eo le yone a neng a tshwanetse go e dira. (Genesise 1:28) Fa fela Adame a ne a tsamaisana le thulaganyo eno, tiro ya gagwe e ne e na le bokao ebile e le botlhokwa. Kabelo nngwe le nngwe e potlana ya tiro e ne e le sebaka sa gore a kgatlhe Mogodimodimo.

Lefa go ntse jalo, seno se ne sa seka sa tswela pele se ntse jalo ka Adame. O ne a dira tshwetso ya gore a tlogele thulaganyo eno ya Modimo. Adame o ne a seka a tlhola a ipelela go dira thato ya Modimo mme o ne a batla go itirela boithatelo. O ne a leofela Mmopi. Ka ntlha ya tshwetso eno ya gagwe, Adame, mosadi wa gagwe, le lotsalo lwa gagwe lotlhe ba ne ba ‘bewa mo taolong ya boithamako.’ (Baroma 5:12; 8:20) Mo boemong jwa gore tiro e tlise boitumelo, e ne ya fetoga mokgweleo. Katlholo eo Modimo o neng wa atlhola Adame ka yone e ne e akareletsa mafoko ano: “Go hutsegile mbu ka ntlha ea gago: u tla ya ga ōna ka letsapa ka malatsi aotlhe a botshelō yoa gago; O tla gu cwèla mmitlwa le sitlwasitlwane; me u tla ya merōgō ea naga; U tla ya diyō ka mohuhucō oa sehatlhōgō sa gago, u bo u tle u tsamaee u boèla mo mbuñ.” (Genesise 3:17-19) Tiro, eo e tshwanetseng ya bo e na le seriti fa e dirwa ka ntlha ya gore boikaelelo jwa yone jwa konokono e ne e le go itumedisa Mmopi wa motho, jaanong e ne e bolela letsapa le le botlhoko fela e le gore motho a bone dijo tsa gagwe.

Re ka dira tshwetso efe go tswa mo dintlheng tseno? Eno: Go bereka ka natla go tlisetsa kgotsofalo e e nnelang ruri le boitumelo fela fa e le gore re tlhoma matshelo a rona mo go direng thato ya Modimo.

‘Ja Monate’ mo go Direng Thato ya Modimo

Go dira thato ya Modimo go ne go tshwana le dijo mo go Jesu Keresete—eleng selo seo a neng a ka se ipelela ebile se ne se ka boloka botshelo jwa gagwe jwa semoya. (Yohane 4:34) O ka nna jang le boipelo jo bo ntseng jalo mo tirong?

O tshwanetse go tlhaloganya gore “go rata ga Morèna, . . . ke eñ” ka wena. (Baefesia 5:17) Thato ya gagwe ke gore setho se busediwe mo “kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.” (Baroma 8:21; 2 Petere 3:9) Jaanong go dirwa tiro ya go phutha lefatshe ka bophara ya go fithelela seno. Le wena o ka nna le seabe mo tirong eno e e kgotsofatsang go di gaisa tsotlhe. Tiro e e ntseng jalo eleruri e tla go dira gore o itumele.

Antonio, yo o umakilweng kwa tshimologong, moragonyana o ne a bona kgotsofalo le boitumelo. Fa ene le mosadi wa gagwe ba ne ba baya ditiro tsa bone tsa boitshediso “tsa lefela” kwa pele mo matshelong a bone le go tshwarega thata mo go tsone, seo se ne sa gobatsa botshelo jwa bone jwa semoya. Ke nako eo ba neng ba simolola go nna le mathata a lelapa ka yone. E ne ya re fa mosadi wa gagwe a lemoga seemo seno, a dira tshwetso ya gore a tlogele tiro ya gagwe mme a simolola go ‘dira ka natla’ a dira tiro ya go rera ka Bogosi jwa Modimo ka nako e e tletseng.—Luke 13:24.

“Re ne ra akofa go lemoga phetogo e kgolo,” Antonio o bolela jalo. “Re ne re sa tlhole re omanetse ruri. Kagiso e ne ya boela mo lelapeng la rona.” Mosadi wa gagwe o ne a bona boipelo ka go thusa ba bangwe gore ba bone kitso eo e bolelang “botshèlō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 17:3) Boitumelo jwa gagwe bo ne jwa tlhotlheletsa Antonio gore a tlhatlhobe sesha gore tota seo eleng sa botlhokwa ke eng. Keletso ya gagwe ya gore a direle Modimo ka moya otlhe e ne ya fenya. O ne a gana go tlhatlosediwa kwa godimo mme o ne a rola tiro ya gagwe ya boitshediso. Lemororo phetogo eno e ne ya dira gore a tseye tiro nngwe ya maemo a a kwa tlase, Antonio mmogo le mosadi wa gagwe ba itumelela go bo ba senya nako e ntsi ya bone mo bodiheding jwa Bokeresete, ba dira thato ya Modimo.

Tota gone, ga se botlhe bao ba ka kgonang go dira diphetogo tse dikgolo jalo. Mizumori, ebong rra-banka wa Mojapane yo o umakilweng pelenyana, o ipelela bodihedi jwa gagwe jaaka mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete mme o santse a tlamela lelapa la gagwe ka tiro ya gagwe ya boitshediso, koo a leng mo maemong a bomenenjara gone. Lefa go ntse jalo, botshelo jwa gagwe ga bo tlhole bo tlhomilwe fela mo tirong ya boitshediso mme go na le moo bo tlhomilwe mo go direng thato ya Modimo. Tiro ya gagwe ya boitshediso o e dirisetsa go itlamela ebile e mo kgonisa gore a fitlhelele boitlhomo joo. Jaanong go dira tiro ya boitshediso le gone go na le bokao.

Fa o tlhagolela kgopolo eno ka tiro ya gago ya boitshediso, kwantle ga pelaelo o tla dira ka natla “e señ ka go ba bōna matlhō yaka bakgatlhi ba batho, ha e se ka boñwe hèla yoa pelo, ka go boiha Morèna.” (Bakolosa 3:22) Go nna pelo-e-phepa ka tsela e e ntseng jalo go ka nna ga lebega go sa thuse go le kalo mo mokgatlhong ono wa batho o o ratang go gaisana, mme, jaaka Mizumori le ene a dumalana, fa o dirisa melao-metheo e e ntseng jalo, o tla ikanngwa le go tseelwa kwa godimo. Lemororo a ile a emisa go tlhola a berekela gore a tlhatlosediwe kwa godimo, o ile a tlhatlosediwa kwa godimo.—Diane 22:29.

Ee, go tlhoma botshelo jwa gago mo go direng thato ya Modimo ke sone selo sa konokono seo se thusang gore o bone boitumelo fa o bereka ka natla. Ke ka lebaka leo Kgosi e e botlhale ebong Solomone a neng a konela jaana: “Ga go na sepè se se molemō mo go bōnè bogolo go go itumela le go diha molemō ka metlha eotlhe ea go tshela ga bōnè. Le gōna ke nèō ea Modimo, gore motho moñwe le moñwe a yè a nwè, me a yè monate ka letsapa yeotlhe ya gagwè.”—Moreri 3:12, 13.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go tlhoma botshelo jwa lelapa la gago mo go ithuteng Bibela le mo go direng thato ya Modimo ke sone selo sa konokono se se ka go thusang gore o nne le maduo a go bereka ka natla

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela