Gomotsega O bo O Gomotse ba Bangwe
E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, rotlhe re kile ra lwala gongwe e bile bangwe ba rona re kile ra tshwarwa ke bolwetse jo bo masisi. Fa re lebane le mathata a a ntseng jalo, ke eng se se ka re thusang gore re a itshokele?
Sengwe se se ka re thusang thata gore re itshokele mathata ano, ke thuso e re e bonang mo go ba lelapa, ditsala le badumedimmogo.
Mafoko a a pelonomi le a a lorato a a buiwang ke tsala a ka nna jaaka setlolo se se re alafang le go re lapolosa. (Dia. 16:24; 18:24; 25:11) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri bone ga ba a amega fela ka go batla go gomodiwa. Ba tsaya matsapa “go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano ka kgomotso e [bone ka bobone ba] gomodiwang ka yone ke Modimo.” (2 Bakor. 1:4; Luke 6:31) Antonio, yo e leng molebedi wa kgaolo kwa Mexico, o ithutile seno mo go se se mo diragaletseng.
Fa Antonio a ne a bolelelwa gore o na le bolwetse jwa lymphoma, e leng mofuta mongwe wa kankere ya madi, o ne a ikutlwa a tlaletswe thata. Le fa go ntse jalo, o ne a leka ka natla go laola maikutlo ao a gagwe. O dirile seo jang? O ne a leka go gopola dipina tsa Bogosi le go di opela gore a utlwe mafoko a tsone a bo a tlhatlhanye ka one. Gape o ne a gomodiwa thata ke go rapelela kwa godimo le go bala Baebele.
Gone jaanong, Antonio o lemoga gore o ile a thusiwa thata ke badumedimmogo le ene. A re: “Fa nna le mosadi wa me re ne re ikutlwa re imetswe, re ne re a tle re kope mogolwane mongwe yo gape e leng wa losika lwa rona gore a tle go rapela le rona. Go dira jalo go ne ga re gomotsa le go dira gore re ritibale maikutlo. Tota e bile, go ise go ye kae re ne ra kgona go itshokela kutlobotlhoko ya rona ka ntlha ya go thusiwa ke ba lelapa le badumedimmogo le rona.” Antonio o leboga tota go bo a na le ditsala tseno tse di lorato le tse di amegang ka ene!
Sengwe gape se se ka re thusang mo dinakong tsa mathata ke moya o o boitshepo o re o solofeditsweng. Moaposetoloi Petere o ne a re moya o o boitshepo wa Modimo ke “mpho ya mahala.” (Dit. 2:38) Seno se ne sa direga fa go ne go tlodiwa batho ba le bantsi ka Pentekosete ya 33 C.E. Mme gone, rotlhe re ka abelwa moya o o boitshepo. Jehofa o na le mpho eno ka bontsi, ka jalo o se ka wa okaoka go nna o e kopa.—Isa. 40:28-31.
BONTSHA BA BA NANG LE MATHATA GORE O A BA KGATLHEGELA
Moaposetoloi Paulo o ne a itshokela dipitlagano tse dintsi, tota e bile ka dinako tse dingwe o ne a lebana le loso. (2 Bakor. 1:8-10) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a sa tshwenyege thata ka gore o tla swa. O ne a gomodiwa ke go itse gore Modimo o mo eme nokeng. O ne a re: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakor. 1:3, 4) Paulo ga a ka a nna fela a akantse ka mathata a gagwe. Go na le moo, diteko tse a neng a lebana le tsone di ne tsa mo thusa gore a nne kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe, gore a kgone go ba gomotsa fa ba na le mathata.
Fa Antonio a sena go fola, o ne a boela kwa tirong ya go etela diphuthego. Pele o ne a tle a bontshe badumedi ka ene gore o a ba kgatlhegela, mme morago ga foo, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tsaya matsapa go etela ba ba lwalang le go ba gomotsa. Ka sekai, fa Antonio a ne a etetse Mokeresete mongwe yo o tshwerweng ke bolwetse bongwe jo bo masisi, o ne a lemoga gore mokaulengwe yono o ne a sa tlhole a batla go ya dipokanong. Antonio a re: “Ga se gore o ne a sa rate Jehofa le bakaulengwe ba gagwe, go na le moo, bolwetse bo ne bo dirile gore a gatelelwe thata mo maikutlong mo a neng a ikutlwa e se motho wa sepe.”
Sengwe se Antonio a neng a kgothatsa mokaulengwe yono yo o lwalang ka sone, ke fa a ne a mo kopa gore a rapele kwa kokoanong nngwe e ba neng ba le kwa go yone. Le fa mokaulengwe yono a ne a ikutlwa a sa tshwanelege, o ne a dumela go rapela. Antonio a re: “O ne a rapela sentle tota, mme morago ga moo o ne a itumetse. O ne a boa a ikutlwa e le motho wa botlhokwa.”
Boammaaruri ke gore rotlhe re ile ra tshwanelwa ke go itshokela pogo ya mofuta mongwe. Le fa go ntse jalo, jaaka Paulo a ile a bua, seno se ka re thusa gore re kgone go gomotsa ba bangwe fa ba na le mathata. Ka jalo, a re bontsheng Bakeresetemmogo le rona kutlwelobotlhoko mme re etseng sekao sa Modimo wa rona, Jehofa, ka go gomotsa ba bangwe.