LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 7/8 ts. 23-26
  • Fa go Bereka Thata e Leng Selo se se Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa go Bereka Thata e Leng Selo se se Molemo
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Mme Ao ke One Mabaka a go Tsenya Botsogo jwa Gago mo Kotsing?
  • Mokgwa o o Lekalekanyeng wa go Leba Bonatla mo Tirong
  • Sebaka se ka Sone go Bereka Thata e Leng Selo se se Molemo
  • Tsela ya go Itumelela Tiro ya Diatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A go Bereka ka Natla go Tlisetsa Boitumelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Bona Molemo ka Ntlha ya Tiro ya Gago ya Bonatla
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Tiro E E Ka go Dirang Gore O Itumele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 7/8 ts. 23-26

Fa go Bereka Thata e Leng Selo se se Molemo

MO BORWABOTLHABA jwa Asia yotlhe, basetsanyana botlhe ba ba thusang mo malapeng ba tlogela tiro ya bone ya mo kitsing mme ba bo ba lebelela thelebishene ka mogopolo otlhe fa go tsena thulaganyo e e dirilweng kwa Japane ya Oshin. Ke polelo e e buang ka mosadi mongwe yo o ileng ya re kgabagare a huma morago ga go fufula ka dingwaga di le dintsi. Ka matlho a tletse dikeledi, basetsana bao fa ba leba Oshin, yo eleng mogaka, ba bona seemo sa gagwe se tshwana le sa bone. Dikarolo tseo di lebega e le sone se ba se tlhokang gore ba kgone go mekamekana le tiro ya letsatsi leo e e bokete.

Ka boammaaruri, fa batho ba setlha letsatsi le letsatsi go ya bokgakaleng jwa gore ba tsenye botsogo le matshelo a bone mo kotsing, ba tshwanetse gore ba bo ba na le mabaka a go dira jalo. Ke eng fa ba dira jalo? Fela jaaka go ntse ka basetsana ba ba thusang mo malapeng ba kwa Asia, go batla go tokafatsa seemo sa botshelo ke gone kwa ntle ga pelaelo go dirang gore batho ba bereke thata. Mme legale, go bonala gore, go bona dilo tse di bonalang ga se gone fela mo go ba tlhotlheletsang.

Stephen D. Cohen o ne a kwala jaana mabapi le mokgwa wa go bereka wa Sejapane, “Maduo a tsa madi a a eletsega, mme lefa go ntse ga go lebege e le one tota a kgothatsang thatathata.” Jaanong ke eng se tota se dirang gore Majapane a bereke thata jaana? Cohen o tlhalosa ka go re, “Go atlega ga dithekiso tsa khampani e ba e direlang fa di tshwantshanngwa le tsa tse e gaisanang natso ke selo se se lereng boipelo le kgotsofalo. Go bereka thata mo go nnang le seabe mo go kgoneng seno ka bogone ke maduo.” Go ikanyega mo khampaning ya bone e nna lebaka le le dirang gore babereki ba bereke ka natla, mme tiro e bo e nna selo se le sosi se ba ka bontshang gore ruri ba na le mosola. Selo se sengwe se se ka se keng se lebalwe, ke keletso ya go tlhatlosiwa maemo mo khampaning. Go bo go na le sebaka sa gore nako nngwe motho o ka nna a tshwara maemo a a kwa godimo e nna selo se segolo se se rotloetsang go dira ka thata.

A Mme Ao ke One Mabaka a go Tsenya Botsogo jwa Gago mo Kotsing?

A mme ano ke mabaka a a utlwalang a go tsenya botsogo le botshelo jwa gago mo kotsing? Bibela e bolela jaana ka motho yo o berekang thata a batla dilo tse di bonalang, “matlhō a gagwè ga a ke a kgōra khumō.” Kgabagare motho yoo o ka nna a felela a ipotsa jaana: “Ke dihèla mañ letsapa, ke ba ke thukhutha mōea oa me molemō?” (Moreri 4:8) Ba ba berekang ka natla ba batla dikhumo ga go lebege ba itse gore ke leng le gone gore ke fa kae ba tshwanetseng go ema teng. Ba iphitlhela sa bone e le tiro, tiro, tiro fela e e oketsegileng. Bibela e tlhagisa jaana: “U se ka ua itapisetsa go humisiwa.”—Diane 23:4.

Go tweng ka go ikanyega mo khampaning? Lefa moo go ka tswa go le molemo, mathata a a ka nnang a nna teng ka ntlha ya go bereka thata a tshwanetse go elwa tlhoko. Mookamedimogolo mongwe wa khampani nngwe ya Amerika o ne a re, “Fa motho a tlhaela, ga ke kake ka rata gore e nne mongwe wa bathapiwa ba me.” Mosadi wa mongwe “motlhabani wa dikgwebo tse dikgolo” o ne a kwalela pampiri nngwe ya dikgang jaana morago ga gore monna wa gagwe a swe ka ntlha ya go bereka thata a ise a tshware dingwaga tse 40: “Ke kgomotso efe e re tshwanetseng go e bona mo mafokong a bone a gore, ‘Re utlwisiwa botlhoko thata ke go bo re latlhegetswe ke senatla sa motho jaana’? Baswelatumelo ba dikgwebo tse dikgolo, fa ba sena go swa, ba tsewa fela jaaka e kete ke ‘dilwana tse di latlhiwang fa di sena go dirisiwa.’”

Lefa gongwe motho a sa felele a tlhaetse ka ntlha ya tiro kana a sule, ke eng se se diragalang morago ga go tlogela tiro? Moanamisi wa Mojapane ebong Motoyo Yamane a re, “Le ntswa ba bereketse dikhampani tsa bone thata, ba lemotshiwa ntlha ya gore khampani ga e sa tlhole e ba tlhoka le gore jaanong ga ba na mosola ope.” Mo khampaning e e sa reng sepe ka motho, badiri ba ba berekang thata ke didirisiwa fela tse eseng tsa sepe mo thulaganyong ya yone e kgolo, tse di emisediwang fa di onala. Ga go gakgamatse go bo Majapane a le mantsi ba latlhegelwa ke tshepo mo dikhampaning tsa bone! Ba simolola go lemoga gore go ineela mo dikhampaning tsa bone ke go bontsha lorato le le se keng le lebogiwa.

Go tweng ka go tlhatlosiwa maemo mo tirong? Ba ba setseng ba le mo maemong a a fa gare ba lemoga ka bofefo gore ga se mongwe le mongwe yo o tla tshwarang maemo a a kwa godimo. Go tswa foo go diragala eng? Ka ntlha ya go tlhoka tebelelo epe ya go tlhatlosiwa maemo, ba simolola go kgarakgatshega le ditiro. Seo ke sone se ba se robang ka go ikanyega le go nna molemo!

Mokgwa o o Lekalekanyeng wa go Leba Bonatla mo Tirong

Le mororo go bereka thata ka ntlha ya go rata madi, go ikanyega mo khampaning, kana moya wa kgaisano e a re kgabagare go swabise le go kgoba motho marapo, Bibela ga e nyatse mosola wa go bereka thata. “Ke nèō ea Modimo, gore motho moñwe le moñwe a yè a nwè, me a yè monate ka letsapa yeotlhe ya gagwè.” (Moreri 3:13) Bibela ya re motho o tshwanetse go ja monate wa letsapa la gagwe. Seno se fa lesedi la gore ke eng se e tshwanetseng go nna maikaelelo a a tshwanetseng a go bereka ka thata.

Lephata la Botsogo le Boitekanelo la Japane le ne la gakolola badiri bosheng go “lebala ka go bereka morago ga ba sena go digela tiro (le) gore ba je selalelo le malapa a bone.” Baokamedi ba dikgwebo dingwe go lebega ba tseela kgakololo eno kwa tlhogong. Ka sekai, mookamedi wa feme nngwe e e golang ya boranyane jo bo mabapi le thutatshelo o ne a bolela jaana: “Ke batla gore babereki ba rona ba tlhokomele malapa a bone sentle pele ga sepe fela. Tiro ya bone mo khampaning ya rona ga se sepe fela fa e se tsela ya go tlamela malapa a bone.”

Eleruri, kamano e e molemo mo lelapeng ke selo se se molemo go se berekela ka thata. Fa e le gore seemo sa lelapa la gago se tsena mo diphatseng kana botsogo jwa gago bo amega ka tsela e e maswe ka ntlha ya tiro, itse he gore ga o bone molemo mo letsapeng la gago.

Lefa go ntse jalo, mo bathong ba Japane, koo go latelana ka maemo e leng selo se setona, bangwe ba setse ba na le boikutlo jwa gore: “O se ka wa lofa, kana wa nna thari, lefa e le go bereka.” Ba dira jaaka e kete ba bereka ka tlhagafalo ka go salela kwa tirong mme tota e le fela gore ba emetse gore motlhokomedi a ye gae. Kenji, yo o neng e le mmapatsi wa khampani e e dirang mekgabiso mo dikagong kwa Hiroshima, o ne a na le boikutlo joo. O ne a itsemeletsa mo tirong, a dirisa nako ya tiro a le kwa khefing kana a le kwa lefelong la motšhine wa pinball.

A boikutlo jo bo ntseng jalo bo lere boitumelo? Seane sa Bibela sa re, “Seatla sa . . . seramatla se tla dihisiwa tihō ka thata.” Mo motlheng ono, motho o ka nna a se ka a berekisiwa ka thata a otlhaelwa botshwakga. Mme lefa go ntse jalo tiro e ka fetoga mokgweleo, ya imela motho mo tlhaloganyong. Mo letlhakoreng le lengwe, sone seane seo se tlhalosa mosola wa go dira ka natla jaana: “Seatla sa motlhōahadi se tla busa.” (Diane 12:24) Le fa gongwe o ka se felele o busa lefatshe kana khampani, gone o tla bo o tlotlwa ke balelapa la gago o bile o kgona go itaa. Mo godimo ga tsotlhe o ka nna wa ikanngwa ke mohiri wa gago, le go nna le segakolodi se se phepa.

Kenji o ne a lemoga boammaaruri jwa seo. O ne a swetsa mogopolo gore o tla ithuta Bibela, mme botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga fela thata. A re, “Ka go dirisa molaomotheo wa boikanyegi mo tirong, ke ne ka simolola go bereka ka tlhagafalo le fa mookamedi a ne a seyo. Seno se ne sa dira gore a inkanye.”

Sebaka se ka Sone go Bereka Thata e Leng Selo se se Molemo

Boammaaruri ke gore, go re tiro e nne le mosola, e tshwanetse go thusa ba bangwe. Mokwadi mongwe wa tsa kgwebo o ne a tlhalosa gore, ‘Tiro e e kgotsofatsang, ke tiro e e thusang ba bangwe, e e ba leretseng molemo kana e dira gore matshelo a bone a ipedise.’ Tiro e e ntseng jalo e leretse modiri kgotsofalo. Go ntse fela jaaka Jesu Keresete a ile a bolela: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.

Le fa gone go direla ba bangwe e le selo se se lebosegang, go na le lebaka le lengwe la konokono la go kgotsofadiwa ke tiro le botshelo. Morago ga gore Kgosi Solomone a tshelele mo manobonobong le mo letlepung, o ne a fetsa ka gore: “Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho.”—Moreri 12:13.

Ka phepafalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore Modimo ene o ikutlwa jang ka sengwe le sengwe se re se dirang. A re dira tumelanong le thato ya gagwe kana kgatlhanong le yone? A re lekela go mo itumedisa kana go iitumedisa? Fa re itlhokomolosa thato ya Modimo, re felela re se sepe fela fa e se batho ba ba gwalaletseng dilo tse di bonalang kana ba ba ratang go ijesa monate mme kgabagare re tla utlwisiwa botlhoko ke bodutu, go nna lolea, le go itlhoboga.

Ka jalo gakologelwa gore go direla Jehofa Modimo—go dira tiro e e itumedisang Mmopi wa rona—ga go kitla go re dira gore re seka ra kgotsofala. Jehofa ka boene ke modiri yo o senatla, mme e bile o re laletsa gore re dire le ene re le “badihi mmōgō” nae. (1 Bakorintha 3:9; Yohane 5:17) A mme go dira ka natla mo go ntseng jalo go lere boitumelo jwa boammaaruri?

Mookamedi wa feme nngwe e e gatisang o ne a etela lefelo la bogatisetso la Watch Tower kwa Japane go ya go ithuta ka fa ba le dirileng ka teng. O ne a se ka a kgatlhiwa ke metšhine fela. O ne a bona makawana a a neng a itumelela tiro, mme o ne a gakgamala fa a utlwa go twe botlhe ke baithaopi le gore ba ba senang palo ba kopile ka tlhagafalo gore le bone ba tle go tsenya letsogo. Ke eng fa a ne a gakgametse? O ne a tlhalosa jaana, “Kwa khampaning ya rona, fa re hira batho ba le lesome, re tsaya gore ke selo se se molemo thata fa e ka re kwa bofelong jwa ngwaga ba le banè ba bone ba bo ba santse ba re bereka. Lona batho ba Watchtower lo na le letlotlo mo badiring bano ba basha!”

Ke eng se se dirang gore makawana ano a itumele thata jaana le go dira ka natla? Go bo e le baithaopi go raya gore ga ba berekele go bona madi. Jaanong, ke eng se se ba tlhotlheletsang? Boineelo le go leboga Jehofa, Mmopi wa bone, le go rata baagisani. Boikutlo jwa bone bo bontsha gore ga ba bereke “yaka bakgatlhi ba batho; me . . . yaka batlhanka ba ga Keresete, ka go diha go rata ga Modimo [ka moyasebele otlhe].”—Baefesia 6:6.

Seno ke matlhasedi a se se tla tlang. Botlhe ba ba direlang Jehofa ka natla gone jaanong ba ka solofela go tla ga nako e mo go yone a tlileng go dira lefatshe leno Paradaise mme gape lefatshe le tletse ka ditiro tse di nang le mosola. Moperofeti wa bogologolo wa Modimo ebong Isaia o ne a bolelela pele mabapi le botshelo ka nako eo jaana: “Me ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauño a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele: . . . me baitshenkendwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele.”—Isaia 65:21, 22.

Abo go bereka e tla bo e le lesego jang ne ka nako eo! Ekete go ithuta ka thato ya Modimo le go dira tumelanong le yone, go ka dira gore le wena o nne mongwe wa basegofadiwa ba ga Jehofa mme ka metlha ‘o je monate wa letsapa la gago.’—Moreri 3:13.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Go Baya Tiro mo Seemong sa Yone go ne ga Dibela Lenyalo

Mo go Yasuo, yo o nnang kwa Hokkaido, Japane, tiro e ne e le selo se le sosi se a senyang nako ka sone. O ne a na le maemo a a fa gare a tsamaiso, mme o ne a rata thata go oketsa dithekiso. O ne a bereka letsatsi le letsatsi go fitlhelela bosigo ka bo11:00 p.m. a se ke a tsaya malatsi a boitapoloso. Jaanong, o gakologelwa jaana: “Ke ne ka lemoga gore go sa kgathalesege gore ke bereka ka natla go le kana kang, ke ne ke sa itumelele tiro ya me.” Yasuo o ne a simolola go lwala. Fa a buisana le mosadi wa gagwe o ne a simolola go lemoga gore go na le sengwe se se botlhokwa thata go gaisa tiro ya gagwe—lelapa la gagwe. O ne a fetola mokgwa wa gagwe wa botshelo mme a kopanela le mosadi wa gagwe mo go ithuteng Bibela. Fa re bua jaana ke tlhogo e e rategang le e e tlotlegang ya lelapa le le itumetseng.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Tiro ya gago ga e a tshwanela go senya dikamano tsa lelapa

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Mo nakong e e sa fediseng pelo e e tlang botlhe ba tla itumelela tiro ya go dira lefatshe paradaise

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela