A go Bereka ka Natla go Tlisetsa Boitumelo?
“EE MME tota gone, ga go na sepe se se botlhokwa go gaisa tiro mo mothong, a ga go jalo?” Go ne ga botsa jalo Bunpei Otsuki, yo eleng motho wa maemo a a kwa godimo mo go tsa kgwebo kwa Japane. O ne a tlhalosa lebaka la go bo a sa tseye malatsi a boikhutso a selemo. Mafoko a gagwe a tshwana le a Majapane ao a neng a aga naga eo sesha morago ga tobekano eo e neng e le mo go yone fa ntwa e fela. Majapane go tlhalosiwa gore ke batho bao ba dinatla thata fa esale go tloga ka nako eo Commodore Perry wa kwa United States a neng a bula Japane ka yone morago ga gore e nne lobaka lo loleele e itlhaotse mo go tse dingwe. Mme ba ipelafatsa ka gore ke badiri ba ba dinatla.
Lefa go ntse jalo, Japane jaanong e kgalelwa go bereka thatathata ga yone, go bo e le yone eo e nang le dioura tsa go bereka tsa ngwaga le ngwaga tse di fetang tsotlhe tsa merafe e go tweng ke e e tlhabologileng. Puso ya Japane e leka go dira gore ba seka ba lebiwa jaaka batho ba ba fetogileng makgoba a mmereko. “Lefapha la Badiri le Bolela Gore ‘Tlogelang go Bereka Thatathata Jaana,’” go balega jalo setlhogo sa lekwalo-dikgang lengwe. Mo moanong wa lefapha leo wa lobaka lwa malatsi a boikhutso a selemo ka 1987, le ile la bo la bolela jaana, “Go tsaya malatsi a boikhutso ke sesupo sa gore o senatla.” Ka mafoko a mangwe, mmuso o botsa morafe jaana, “Ke ka ntlhayang fa lo bereka thatathata jaana?”
Mme tota gone, ga se botlhe ba ba kwa Japane bao e leng badiri ba ba ineetseng mo tirong ya bone, ba ba dinatla. Fa Japan Productivity Center e ne e tlhatlhoba badiri ba basha ba feta 7 000 maloba jaana go ile ga lemogiwa gore ke 7 lekgolong fela ya bone bao ba neng ba rata mmereko thata go feta botshelo jwa bone jwa botho. Tshekamelo eno e bonwa gape le mo dinageng tse dingwe. Kwa Jeremane Allensbacher Institut für Demoskopie e ile ya lemoga gore ke Majeremane a le 19 lekgolong fela ba ba nang le dingwaga di le 18 go ya go di le 29 bao ba neng ba bolela gore ba dira bojotlhe jwa bone kwa tirong go sa kgathalesege gore ba duelwa bokae.
Fa badiri bao e leng baeng kwa Japane ba bapisiwa le basha ba ba ditshwakga ba gone, badiri bao ba dinatla go phala basha bao. Mothapi mongwe wa kwa Tokyo o bua ka mabela ka mothapiwa wa gagwe wa Mo-Algeria yo o dirang tiro ya diatla. O bolela jaana: “Majapane ga a kake a dira kopo ya tiro ya mofuta ono, mme lefa ba ne ba ka dira jalo, ba ne ba tla e tlogela ka bonako.” Nnyaa, le eleng Majapane ao a berekang ka natla ga ba tsalwe e le dinatla. Fa batho ba bereka ka natla, go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se nonofileng se se ba tlhotlheletsang.
Mabaka a go Bereka ka Natla
“Khumo, go tlhomama, dithoto, le go gatela pele mo lefatsheng”—dilo tseno ke tsone tseo batho ba Jeremane bao ba berekang ka natla ba batlanang le tsone, go bolela jalo lekwalo-dikgang la Jeremane la beke le beke ebong Der Spiegel. Ee, ba le bantsi ba bereka ka natla gore ba bone khumo ya dilo tse di bonalang e le gore ba ke ba ipelele go nna le seo ba se tshepileng mo botshelong. Ba bangwe ba bereka ka natla ka boikaelelo jwa gore ba “gatele pele mo lefatsheng” kana gore ba tlhatlogele kwa godimo. Ba le bantsi bao ba tlhotlhelediwang thata ke thulaganyo ya go gaisana ka thutego gore ba lelekise mekgele e e ntseng jalo ka maswabi ba felela ba dira tiro e le nngwe fela e e lapisang ya mokgatlho wa diindaseteri tsa maemo a a kwa godimo—ba ipolaya go sena botswelelopele bope jo ba bo dirang.
Lefa go ntse jalo, madi le maemo ga se one fela mabaka a a dirang gore batho ba bereke ka natla. Ba bangwe ba bereka ka ntlha ya gore go bereka e le selo se se molemo. Mo go bone, ga go na sepe se se phalang mmereko. Ba bangwe ba ipelela tiro ya bone. “Ke ne ke kgatlhiwa thata ke seo ke neng ke se dira mo laboratoring ya me,” Haruo o dumalana jalo, “mo e leng gore ke ne ka seka ka tlhola ke lelekisa dilo tsa semoya.”
Mme go bo go nna le bao ba ineetseng mo ditirong tsa botlhokwa tsa pholo ya ba bangwe le go ba thusa. Ba bereka ka natla gore ba boloke matshelo. Ka sekai, motima-molelo o bereka ka natla letsatsi le letsatsi go dira gore didirisiwa tsa gagwe di nne di rulagane.
A mme mabaka ano otlhe ke a a utlwalang a gore re bereke ka natla? A a ka dira gore re itumele? Ee, ke tiro ya mofuta ofe eo tota e ka go dirang gore o itumele?