LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 7/8 ts. 19-20
  • Ditlamorago Tsa Go Bereka Thata Ke Dife?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlamorago Tsa Go Bereka Thata Ke Dife?
  • Tsogang!—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Bereka ka Natla go Tlisetsa Boitumelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Fa go Bereka Thata e Leng Selo se se Molemo
    Tsogang!—1993
  • A Go Bereka Thata go Ka Nna Kotsi mo Botsogong jwa Gago?
    Tsogang!—1993
  • Tsela ya go Itumelela Tiro ya Diatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 7/8 ts. 19-20

Ditlamorago Tsa Go Bereka Thata Ke Dife?

Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Japane

PAMPIRI ya dikgang e e balwang thata kwa Japane e go tweng Mainichi Daily News, e bega gore “‘Dino tsa go ikoketsa maatla,’ di ratega fela thata, mo ebileng go na le mefuta ya tsone e le 200 mme di dira madi a a kana ka [R20 000 000] ka ngwaga.” Pego e tswelela ka go bolela gore go ratiwa ga dino tseno, tse go bolelwang gore di oketsa maatla a babereki ba ba lapileng, “go supa sentle go rata go bereka fela thata ga Majapane le mororo motho a lapile, a sa bona boroko kana ka nako ya selemo e e hupetsang.”

Moseja ole wa Pacific, Ofisi ya Dipalo tsa Babereki ya U.S. bega gore “mo e ka nnang Moamerika a le mongwe mo go ba ba robang bobedi ba ile ba bega gore ba berekile diura di le 60 kana go feta ka beke.” Ba ba mo maemong a a fa gare a boeteledipele ba bona go tlhokega go dirisa nako e e kalo le maikatlapelo a bone mo tirong ya bone mo eleng gore fa gongwe tiro e felela e le yone e laolang matshelo a bone.

Mo e ka nnang mo merafeng yotlhe, batho ba ba dinatla, ba ba tlhaga, le ba ba berekang thata ba galalediwa gore ke dikao tse di molemo. Le mokwadi wa bogologolo wa Bibela o ne a re: “Ga go na sepè se se molemō mo mothuñ bogolo go go ya, le go nwa, le go yesa mōea oa gagwè molemō mo letsapeñ ya gagwè. Se le shōna ka se bōna ha se cwa mo seatleñ sa Modimo.” (Moreri 2:24) Ka kakaretso, batho gongwe le gongwe ba santse ba dumela mo mekgweng eo. Go sa kgathalesege gore a ba tsaya seo e le go nna sekao kana nnyaa, batho ba le bantsi ba bereka go simolola mo mosong go ya go tsena bosigo, malatsi a le matlhano, marataro, kana a supa ka beke.

Mme gone, go dira ka natla moo gotlhe go kgonne eng? Mo mafatsheng a a etsang Japane le Jeremane, “dikgakgamatso” mo go tsa itsholelo tse di ileng tsa dirwa fa esale bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe II di meletswa mathe ke mafatshe a a tlhabologang. Mafatshe ao ka bobedi a ne a fentswe mme a ile a atlega mo go tsa itsholelo mo eleng gore lefatshe lotlhe le ne la tshwanelwa ke go lebagana le seo. Le fa go ntse jalo, go ineela mo tirong go amile batho ba bantsi jang?

Le fa gone seemo sa botshelo se tokafetse fela thata kwa Japane, Mainichi Daily News e bega gore, Majapane a le mantsi “ga a ise a nne le boikutlo jwa gore a tshela matshelo a a tlhabologileng mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi.” Se se maswe le go feta, fa ba ntse ba batla se go tweng ke botshelo jo bo monate, bontsi bo tsenwa ke bolwetsi kana le gone go swa tota ka ntlha ya go bereka go feta selekanyo kana letsapa. Ka tsela e e tshwanang, tshekatsheko nngwe kwa United States, e lemogile fa nngwetharong ya baokamedi ba le dikete tse tharo ba ba ileng ba botsolotswa ba ne ba bolela gore tiro ya bone e ntsi thata, ba feletswe, le gore ga ba tlhole ba kgatlhiwa ke tiro ya bone.

Basadi ba ba berekang le bone ba bontsha dikai tsa go tlhaela. Tshekatsheko nngwe kwa Italy e bontsha gore basadi ba koo ba ba berekang ba bereka diura di le 30 go feta banna ba bone beke nngwe le nngwe. Mo godimo ga go bereka diura tse ditelele mo ofising kana mo femeng, ba tshwanelwa ke go dira ditiro tsa mo lapeng fa ba tsena kwa gae. Mosadi mongwe yo o berekang o ne a bolelela makasine wa Europeo jaana: “Ga ke kgone go bona batho gotlhelele. Ga ke na nako. Ga ke ka ke ka kgona go tshelela mo seemong seno.”

Go tweng ka botshelo jwa lelapa? Herbert Freudenberger, yo e leng motlhalefedi wa letsapa le legolo le le bakiwang ke tiro kwa New York, a re, “Mo go batleng go diragatsa keletso ya Amerika, re intsha setlhabelo rona le malapa a rona fela ka go batla madi le thata.” Ka ntlha ya go bo banna ba bone ba tshwaregile thata mo ditirong tsa bone, bangwe ba basadi ba borakgwebo ba Borithane ba ba direlang kwa mafatsheng a sele go begwa fa ba bolawa ke bodutu ba bile ba sa itumela. Mme ga se bone fela ba ba ikutlwang jalo.

Akanya fela ka fa botshelo jwa mo lapeng bo amegileng ka teng kwa Japane, koo palo e e kwa tlase ga sephatlo sa badiri ba diofisi le ba madirelo eleng bone ba tlang gae pele ga ura ya borobabobedi mo maitseboeng. Basadi bangwe ga ba sa tlhole ba na le sepe le banna ba bone; ga ba sa tlhole ba ba batla mo lapeng ka nako epe e telele go feta e ba tlwaetseng go tla ka yone. Ipapatso nngwe ya thelebishene e sobokanya maikutlo a basadi a go kgobega marapo jaana: “Banna ba siame fa ba na le botsogo jo bo molemo ebile ba se mo gae.”

Go tswa mo go se re sa tswang go se bua, go papametse gore go bereka thata go na le mosola le mathata a gone. Fa go fetelediwa e nna morwalo. Jaanong ke ka tsela efe go bereka thata e ka nnang selo se se molemo le se se lereng boitumelo, go na le go nna mokgweleo?

Mo letlhakoreng le lengwe, go masisi go le kana kang gore motho a beye tiro kwa pele ga sengwe le sengwe go sa kgathalesege gore seemo ke sefe? A ko re sekasekeng ka botlalo mabaka ano a go bereka thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela