A Go Bereka Thata go Ka Nna Kotsi mo Botsogong jwa Gago?
MMAPATSI mongwe wa dingwaga tse di fa gare wa inshorense, o ne a wela fa koloing ya gagwe mme a simolola go kgwa a bo a wela fa fatshe. O ne a santse a ngangatletse kgetsi ya gagwe, e e leng sesupo sa tiro ya gagwe. O ne a dira ka natla go dumelana le maipoko a khampani ya gagwe, “Eno ke nako ya botlhokwatlhokwa. Dirisa maatla a gago ka selekanyo sa 150 lekgolong sa boleng jwa one,” mme o ne a tsamaile sekgala sa dikilomitara di le 3 000 ka koloi ya gagwe mo kgweding eo e a ileng a wa ka yone. Malatsi a le manè morago o ne a swa.
Tiragalo eno ga se ya mofuta wa yone o le nosi. “Batlhabani ba dikgwebo tse dikgolo,” jaaka ba bidiwa kwa Japane, ba tshwenngwa ke mathata a karoshi, kana go swa ka ntlha ya go bereka go feta selekanyo. Agente e e itebagantseng le dikgetsi tseo e fopholetsa gore go na le “batho ba palo e e seng ka fa tlase ga 30 000 ba ba swang ka ntlha ya karoshi mo Japane ka ngwaga.” Ga go gakgamatse go bo badiri ba diofisi ba Japane ba ba fetang 40 lekgolong ba ba ileng ba botsolotswa bosheng ba ne ba tshoga gore ba ka nna ba bolawa ke go bereka thata.
Le fa gone go ka nna ga bo go le thata go ntsha bosupi jwa ka fa go bereka thata go amang botsogo ka teng, bamalapa a batho ba ba amegang ga ba na pelaelo. Tota ebile, seelana “go bolawa ke go bereka bobe” se ne sa tlhamiwa ke malapa a baswi fa ba kopa go phimolwa dikeledi. Tetsunojo Uehata wa Lekgotla la Botsogo jwa Botlhe kwa Japane a re, “Go ya ka tsa kalafi, seno se raya loso kana bogole jo bo bakiwang ke cerebral apoplexy, myocardial infarction, kana go ema pelo ka ntlha ya go bereka ka thata mo go gakatsang kgatelelo ya madi kana arteriosclerosis.” Pego ya bosheng ya Lephata la Botsogo le Boitekanelo la Japane e ne ya tlhagisa gore go bereka nako e e okeditsweng ka metlha go itsa motho go nna le nako ya go robala mme kgabagare go mmakela mathata a botsogo le bolwetse.
Mme le fa go ntse jalo, fela jaaka bagogi ba motsoko ba sa batle go dumela gore o kotsi, le matagwa a sa batle go dumela gore botagwa bo kotsi, batho ba ba berekang go feta selekanyo le bone ga ba batle go dumela gore go bereka diura tse di feteletseng go diphatsa. Diphatsa tsa gone ga se loso fela.
Go Felelwa ke Maatla le go Kgobega Maikutlo
Le mororo batho bangwe ba ba berekang bobe ba felela e le digole kana ba sule, ba bangwe bone ba felelwa ke maatla. Makasine wa Fortune wa re, “Go felelwa ke maatla ga go kake ga tlhalosiwa ka tsela epe ya tsa kalafi, mme dikai tsa gone tse ka tlwaelo go dumelwang gore di nna gone ke letsapa, go nyema moko, go lofa, go oketsega ga mathata a botsogo, le go sa dirise diokobatsi le bojalwa sentle.” Bangwe ba batho ba ba nang le bothata joo ba nna bogale, mme ba bangwe bone ba simolola go dira diphoso tsa botlhaswa. Mme jaanong, go tla jang gore batho ba amiwe ke go felelwa ke maatla ka ntlha ya tiro?
Ka kakaretso, ga se batho ba ba nang le mathata a tlhaloganyo kana a maikutlo ba ba felelwang ke maatla. Gantsi ke batho ba ba tshwenyegileng thata ka tiro ya bone. Ba ka nna ba bo ba lwela go falola kgaisano e e masisi kana ba ngakaletse ba leka go itlhatlosa maemo mo tirong. Ba bereka ka natla ka lobaka lo loleele, ba leka go ikarabela mo tirong yotlhe e ba e dirang. Mme fa boineelo jo bo sa tshikhinyegeng le go berekela ruri go sa tlise kgotsofalo le maduo a a neng a solofetswe, ba nyema moko, ba ikutlwa ba feletswe, mme ka jalo ba bo ba felelwa ke maatla ka ntlha ya go bereka thata.
Diphelelo ke dife? Kwa Tokyo go na le nomoro ya mogala e e bidiwang Mogala wa Botshelo, e e neng e diretswe go thusa batho ba ba kileng ba leka go ipolaya, e jaanong e amogelang megala go tswa mo badiring ba diofisi ba dingwaga tsa bogare le ba bagolwane ba ba mo mahutsaneng a magolo. Mo bathong ba le 25 000 ba ba ileng ba ipolaya kwa Japane ka 1986, palo e e gakgamatsang ya ba le 40 lekgolong ba mo dingwageng tsa bo40 le bo50, mme 70 lekgolong ya bano e ne e le banna. Porofesa ya bolwetsi jwa tlhaloganyo ebong Hiroshi Inamura o ne a bua jaana ka khutsafalo, “Seno se dirwa ke gore go kgobega maikutlo go golela pele thata mo bathong ba dingwaga tse di fa gare.”
Gape go na le se se ileng sa bidiwa go fedisiwa pelo ke boitapoloso. Se itshupa jang? Go felafela pelo o le mo boitapolosong ka go bo o sa dire sepe. Ka ntlha ya go rata tiro thata, letswalo la motho yo o ratang tiro le a mo tshwenya ka malatsi a fa a sa ya tirong. Ka ntlha ya go tshwenyega mo mogopolong, o nnela go nna a dikologadikologa mo ntlwaneng ya gagwe jaaka phologolo e tswaletswe mo serobeng. Fa Mantaga a tsena, o ya kwa ofising a kgotsofetse.
Go kgobega maikutlo ga mofuta wa gone fela mo go dirang gore badiri ba dingwaga tsa bogare ba ye kwa dingakeng ke bolwetsi jo bo bidiwang tshabagae. Badiri ba ba feletsweng ke maatla ba itiatia kwa mabenkeleng a kofi le kwa dibareng morago ga tiro. Kwa bofelong ba emisa go tlhola ba ya gae gotlhelele. Ke eng fa ba tshaba go boela gae? Le mororo balekane ba ba seng pelotlhomogi ba ka nna ba bo ba na le seabe, Dr. Toru Sekiya, yo o thusang balwetsi ba mofuta oo ka “Tirelo Ya Go Fa Marobalo” a re, “bontsi bo a bo bo tlwaetse go bereka thata mo e leng gore ga ba tlhole ba kgona go tshela kwa ntle ga tiro, mme mo makgetlhong a le mantsi le kwa malapeng a bone tota.”
Botshelo jwa Lelapa bo a Senyega
E ka nna ya bo e se motho yo o ratang go bereka yo e leng ene a bogang thata. Makasine wa Entrepreneur wa re go bereka bobe “gantsi e nna mathata thata mo go ba ba nnang le motho yo o ratang go bereka thata.” Botshelo jwa molekane wa lenyalo bo ka nna jwa felela e le mahutsana fela. Makasine wa The Bulletin wa Sydney, Australia, wa re motho yo o ratang go bereka “o a bo a setse a bone selo se a se ratang thata mo botshelong mme jaanong go sa nne yo o kwa pele mo dilong tse di ratiwang ga se ka metlha e nna selo se se motlhofo.” Go diragalang mo lenyalong le le ntseng jalo?
Tsaya Larry ka sekai, Moamerika yo o hirilweng ke khampani nngwe e tona ya Japane kwa United States. O ne a bereka diura tse dintsi tsa nako e e okeditsweng a sa di duelelwe, a oketsa dilo tse madirelo a di ntshang ka 234 lekgolong. Katlego le boitumelo? “Botsenwa!” go ne ga bua jalo mosadi wa gagwe ka bogale kwa kgotleng ka nako ya fa a mo tlhala.
Yo o neng a bile a le maswe le go feta e ne e le mookamedi mongwe wa Mojapane yo o neng a ya tirong ka nako ya botlhano moso mongwe le mongwe mme a se ke a boela kwa lapeng pele ga ura ya borobabongwe mo maitseboeng. Mosadi wa gagwe o ne a simolola go nwa fela thata. Letsatsi lengwe, fa ba omana ka ntlha ya go nwa thata ga mosadi, monna yoo o ne a kgama mosadi wa gagwe. Moatlhodi o ne a mmona molato wa go bolaya mosadi a bo a bolela jaana: “Ka ntlha ya go ineela gotlhelele mo tirong ya gago, ga o a ka wa lemoga gore mosadi wa gago o bolawa ke bodutu le gone ga o a ka wa dira maiteko ape a go mo dira gore a itumelele botshelo.”
Go kgama molekane ke phelelo e e maswe thata, mme le fa go ntse jalo go bereka bobe go ka hupetsa botshelo jwa lelapa ka ditsela tse dingwe gape. Fa monna a le teng mo lapeng ka boSontaga, o ka nna a ikgara mo sofeng fa pele ga thelebishene a lebeletse thulaganyo e a e ratang thata ya motshameko le go nnela go otsela foo tshokologo yotlhe. Banna bano ga ba kgone go lemoga gore ba setse ba katologanye go le kana kang le mabaka a mangwe a botshelo. Ka ntlha ya go fekeediwa ke tiro, ba tlhokomologa selo sa botlhokwa mo botshelong jwa bone, eleng lelapa la bone. Ba tlhokomologa botlhokwa jwa go buisana mo lapeng, mme ka go dira jalo ba ipetlela tsela ya gore e re ba setse ba tlogela tiro motho a bo a bolaiwa ke bodutu.
Motsofe yo o sa Itumeleng
Buka e go tweng At Work e ne ya tlhagisa jaana mo ketapeleng ya yone: “Mo setšhabeng se re tshelang mo go sone, . . . kamano magareng a tiro, go itlotla le maemo mo setšhabeng e kgolo mo eleng gore, go nna thata mo go bangwe fa ba sena go tlogela tiro, go tlwaela go tshela ba sa sikare maikarabelo a a tshwanang le a ba neng ba na le one kwa tirong ya bone ya pele.” Ba ba dirileng tiro ya bone botshelo jwa bone ba tshwanetse go ipotsa potso eno: ‘Ke tla bo ke le wa ga mang fa tiro ya me e ka fela?’ Gakologelwa gore, fa motho a tlogela tiro, botshelo jwa gagwe bo ka nna jwa felela fela mo lelapeng la gagwe le batho ba ba mo tikologong.
Bao ba ileng ba tlhokomologa go buisana le malapa a bone le baagisani ga ba ke ba itse gore ke eng se ba tla se buang le bone morago ga go tlogela tiro. Mogakolodi yo o nang le nako a ntse a gakolola banyalani ba dingwaga tsa bogare kwa Japane a re “Ba roba maungo a go itlhokomolosa sengwe le sengwe ka ntlha ya tiro, ga kere? Ba ne ba tshela matshelo a bone okare ga se batho, mme ba ne ba tsaya fela gore ba na le dikamano tse di molemo mo lapeng fela ka go bo ba ne ba tlisa phaletšhe. Mme lefa go ntse jalo, fa ba sena go tlogela tiro go nna jaaka ekete seemo se fetogile.”
Dingwaga tseo tse 30 kana tse 40 tsa go bereka ka thata, go twe go berekelwa lelapa, di ka nna tsa nna le diphelelo tse di sa siamang. Go ka hutsafatsa jang ne gore e re morago ga dingwaga tsa go dira ka thata, batho ba ba kileng ya bo e le bone ba lereng phaletšhe jaanong ba lebiwa ke bamalapa a bone jaaka “leswe la madirelo” le nureochiba (matlhare a a metse a a oleng). Lefoko la bofelo le dirisiwa kwa Japane go tlhalosa banna ba ba tlogetseng tiro ba ba sa tlholeng ba na le sepe se ba ka se dirang fa e se go tlhola le basadi ba bone motshegare otlhe. Ka jalo ba tshwantshanngwa le matlhare a a metse a a oleng a a kokomelang mo lefeelong mme a sa kgone go tlhotlhorelwa fa fatshe, selo se eleng gore se ka tena motho.
Fa go tsewa diphatsa tse di leng teng, go a utlwala go botsa gore, Go bereka thata go ka nna molemo jang tota? A go na le tiro e e kgofatsang ka boammaaruri? Setlhogo sa rona mo motseletseleng ono se araba dipotso tseno.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
Tlhagiso e e Tlileng Sentle
“Fa monna wa gago a gana dijo, a sa bone boroko, a gana go bua, itse gore o bontsha matshwao a go gatelelwa ke maikutlo. Mmolelele gore a batle dilo di sele tse ka tsone a ka bonang boitumelo go na le tiro le gore a leke go tsalana le batho ba sele ba eseng ba a berekang le bone.”—Dr. Toru Sekiya, Sekiya Neurology Clinic, Tokyo, Japane.
“Ke rata go bereka diura tse ditelele, mme fa e le gore seo se tla dira gore o latlhegelwe ke monna kana ke lelapa, o bo o itse gore ga o dire tsone. Ga go monate go tlhoka mongwe yo o ka jang dikhumo tsa gago le ene.”—Mary Kay Ash, modulasetulo wa Mary Kay Cosmetics.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Go felelwa ke maatla ka ntlha ya tiro ka dinako tse dingwe go baka mathata a magolo