LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/14 ts. 4-7
  • Go Lepalepana le Letsapa le le Tseneletseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lepalepana le Letsapa le le Tseneletseng
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1. SEKASEKA GORE KE ENG SE SE TLANG PELE MO GO WENA.
  • 2. TLHOFOFATSA BOTSHELO JWA GAGO.
  • 3. ITHUTE GO GANA FA O FIWA TIRO E E OKETSEGILENG.
  • 4. DIRA DILO TSE DISHA.
  • Letsapa le le Feteletseng—A le Setse le Tla go Tsena?
    Tsogang!—1995
  • Letsapa le le Feteletseng—O ka Dira Jang Fa le Go Tsene?
    Tsogang!—1995
  • Letsapa le le Feteletseng—Ke Bomang Ba le Ka ba Tsenang Motlhofo Mme ka Ntlha Yang?
    Tsogang!—1995
  • Nka Dirang go Fokotsa Letsapa?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 9/14 ts. 4-7

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Lepalepana le Letsapa Le Le Tseneletseng

Anil, yo o neng a lepalepana le letsapa le le tseneletseng

ANIL o ne a lapile ka tsela e e feteletseng. O ne a simolotse tiro e ntšha ka gonne o ne a solofeditswe maemo mo tirong le madi a a oketsegileng. Mme jaanong o ne a bereka bosigo le ka mafelobeke, ka dinako dingwe a bereka diura di le 80 ka beke. A re: “Dilo di ne di tlhakatlhakane kwa ke neng ke bereka gone, mme ke ne ke rwele maikarabelo otlhe a tiro. Ke ne ka ipotsa gore: ‘Ke itsentse mo go eng? Fa ke sa dire diphetogo, ke sule.’” Anil o ne a simolola go tsenwa ke letsapa le le tseneletseng.

Letsapa le le tseneletseng la kwa tirong ga se fela go lapa go go tlwaelegileng e bile ga se fela kgatelelo e e bakiwang ke go bereka letsatsi le letsatsi. Letsapa le le tseneletseng le tsamaisana le maikutlo a go betwa ke pelo kgotsa a go sa nne le maatla. Batho ba ba nang le letsapa le le tseneletseng ga ba tlhole ba itumelela tiro ya bone, ga ba na sepe se se ba tlhotlheletsang e bile ga ba tlhole ba bereka sentle. Dipatlisiso di amanya letsapa le le tseneletseng le mathata a le mantsi a maikutlo kgotsa a botsogo.

Ke eng se se bakang letsapa le le tseneletseng? Gantsi le bakiwa ke tiro e ntsi. E re ka go na le kgatelelo ya maemo a ikonomi, bathapi bangwe ba batla gore badiri ba bone ba bereke diura tse dintsi, mme ka dinako dingwe ba sa ba duele madi a a kalo. Thekenoloji le yone e dira gore batho bangwe ba nne ba golagane le tiro ya bone, e dira gore batho ba palelwe ke go farologanya tiro le botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Mo go ba bangwe, go tshaba go latlhegelwa ke tiro, go palelwa ke go laola tiro ya bone le go sa tshwarwe sentle kwa tirong ke gone go bakang gore ba nne le letsapa le le tseneletseng. Go sa itse gore ke eng se se tshwanetseng go tla pele le dikgotlhang tsa kwa tirong le tsone di ka baka letsapa le le tseneletseng.

Ka dinako dingwe, motho e ka nna ene a ipakelang letsapa. Batho bangwe ba bereka ditiro tse di ba jelang nako e ntsi e le gore ba fitlhelele mekgele ya bone kgotsa ba amogele madi a mantsi. Batho ba ba ntseng jalo ba ka iphitlhela ba se na nako e bile ba gomagomelwa ke letsapa le le tseneletseng.

Fa e le gore o na le letsapa le le tseneletseng le le bakiwang ke tiro, o ka le fenya jang? Boammaaruri ke gore go ka lebega go sa kgonege go fetola maemo a gago fa go bonala e kete ga go sepe se o ka se dirang. Le fa go ntse jalo, sekaseka dikgato tseno tse nnè tsa kafa o ka lepalepanang le letsapa le le tseneletseng ka gone. Go ka tswa go na le dilo tse dintsi tse o ka di dirang.

1. SEKASEKA GORE KE ENG SE SE TLANG PELE MO GO WENA.

Lelapa le le itumetseng

Ke eng se se leng botlhokwa thata mo go wena? Batho ba le bantsi ba ka nna ba re kamano le lelapa le botsogo jo bo siameng ke tsone dilo tse di tlang pele. Mme tseno ke tsone dilo tse di tlhokomologiwang fa o na le letsapa le le tseneletseng.

Fa o itse gore ke eng se se tlang pele, o ipaakanyetsa go dira ditshwetso tse di thata mme o fetole maemo. Ka sekai, o ka nna wa bona gore tiro ya gago e tla dira gore o felele o na le letsapa. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa akanya gore, ‘Nka se fetole tiro kgotsa ka fokotsa diura tsa tiro; ke tlhoka madi!’ Gone ke boammaaruri gore rotlhe re tlhoka madi, mme gone, re tlhoka madi a a kana kang le gone a re ikemiseditse go latlhegelwa ke dilo tse re di ratang thata ka ntlha ya madi?

Ela tlhoko gore o se ka wa dira gore dilo tse batho ba bangwe ba di tsayang di le botlhokwa di tlhotlheletse tsela e o lebang dilo ka yone. Dilo tse di tlang pele mo mothaping wa gago le tse di tlang pele mo go wena di ka tswa di sa tshwane. Batho ba bangwe ba ka nna ba tlhopha gore tiro e tle pele mo matshelong a bone, mme seo ga se reye gore le wena o tshwanetse go dira jalo.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “LE E LENG FA MOTHO A NA LE LETLOTLO, BOTSHELO JWA GAGWE GA BO NNE GONE KA NTLHA YA DILO TSE A DI RUILENG.”—LUKE 12:15

2. TLHOFOFATSA BOTSHELO JWA GAGO.

Dijo tse di motlhofo

Gore o kgone go fokotsa kgatelelo o bo o nne le nako ya go dira dilo tse di botlhokwa thata mo go wena, o ka nna wa akanyetsa go bereka diura tse mmalwa, o ka nna wa kopa mothapi wa gago gore a go fokoletse tiro, kgotsa wa akanyetsa go batla tiro e nngwe. Le fa o ka dira tshwetso efe, o ka nna wa tlhoka go fetola boemo jwa gago jwa tsa madi le tsela e o tshelang ka yone. Mme seno se a kgonega e bile ga se thata jaaka re akanya.

Mo dinageng di le dintsi, botshelo jwa go nnela go reka dilo bo dira gore batho ba akanye gore ba tla itumela fela fa ba ka amogela madi a a rileng mme ba kgona go reka dilo tse di rileng. Mme boammaaruri ke gore ga go a nna jalo. Botshelo jo bo motlhofo bo ka dira gore motho a itumele a bo a kgotsofale le go feta. Gore motho a ipaakanyetse phetogo e e ntseng jalo, o tlhoka go fokotsa dilo tse a di rekang mme a boloke madi. Leka go fokotsa kgotsa go fedisa dikoloto. Tlotla ka diphetogo tse di tlhokegang le lelapa la gago mme o ba kope gore ba go eme nokeng.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “E RE KA RE NA LE DIJO LE SE RE IPIPANG KA SONE, RE TLA KGOTSOFALELA DILO TSENO.”—1 TIMOTHEO 6:8

3. ITHUTE GO GANA FA O FIWA TIRO E E OKETSEGILENG.

Fa e le gore o na le tiro e ntsi kgotsa go na le mathata mangwe a a sa feleng kwa tirong, bua ka kgang eo le mothapi wa gago. Fa go kgonega mo neye tharabololo e e tla lo solegelang molemo loobabedi. Tlhomamisetsa mothapi wa gago gore o rata tiro ya gago mme o mo tlhalosetse gore ke eng se o ikaeletseng go se dira; le se o ka se kgoneng go se dira.

Monna a supa tshupanako ya gagwe

Dirisa temogo mme o nne tekatekano. Fa e le gore o batla go fokolediwa tiro, mothapi wa gago a ka nna a lebelela gore o fokolediwe le madi a o a amogelang. Akanya ka dilo tse di jaaka go latlhegelwa ke tiro mme o ipaakanyetse se o tla se dirang fa seo se direga. Se lebale gore o ka kgona go bona tiro motlhofo fa o sa ntse o bereka.

Tota le fa wena le mothapi wa gago lo dumalane ka dithulaganyo tsa tiro, go ka direga gore mo nakong e e tlang a go pateletse go dira tiro e e oketsegileng. Ke eng se se ka go thusang gore o nne o nitame? O se ka wa fetola maitlamo a o a dirileng. Fa o dira jalo, o tla kgona go kopa mong wa gago gore le ene a dire se se tshwanang, go akaretsa gore a go neye tiro e lo dumalaneng ka yone.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “A LEFOKO LA LONA LA EE LE REYE EE, NNYAA WA LONA, NNYAA.”—MATHAIO 5:37

4. DIRA DILO TSE DISHA.

Tota le fa o se na mathata a a kalo mo tirong, o ka nna wa tshwanelwa ke go itshokela kgatelelo e e rileng kgotsa batho ba go seng motlhofo go dirisana le bone le maemo mangwe a a sa itumediseng. Ka jalo, ipeele nako ya go ikhutsa ka mo go lekaneng mme o itlose bodutu ka tekatekano. Se lebale gore boitlosobodutu ga bo tlhoke go nna jo bo jang madi a mantsi gore bo lapolose wena le ba lelapa la gago.

Mosadi o ipha nako ya go iketla ka go bala

Leka ka natla gore o nne le dilo tse o di dirang fa o se mo tirong, o tsalane le batho ba bangwe ba o sa berekeng le bone, mme o tile go dira gore tiro ya gago e nne yone e supang se o leng sone. Ka ntlha yang? Buka ya Your Money or Your Life ya re: “Se o leng sone se botoka go feta se o se dirang gore o bone madi.” Fa e le gore tiro ya gago ke yone e dirang gore o ikutlwe o le motho wa botlhokwa, o tla fitlhela go le thata gore tiro e se ka ya nna sone selo sa konokono mo botshelong jwa gago.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “BOIKHUTSO JO BO TLETSENG SEATLA BO BOTOKA GO NA LE TIRO YA BONATLA E E TLETSENG SEATLA GABEDI LE GO KGARATLHELA PHEFO.”—MORERI 4:6

A o ka kgona go dira diphetogo tse di tlhokegang gore o kgone go lepalepana le letsapa le le tseneletseng? Ee o ka kgona. Anil, yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno o ne a dira jalo. A re: “Ke ne ka bua le mothapi wa me wa mo nakong e e fetileng mme ka mo kopa gore a nneye tiro gape, mme o ne a e nnaya. Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong gore ke boe ke kopane le badirimmogo ka nna ka gonne ke ne ke ba boleletse gore ke bone tiro e e botoka. Mme madi a ke neng ke a amogela a ne a fokodiwa thata. Le fa go ntse jalo, ke ne ka nna le kagiso ya mogopolo le nako e ntsi le ba lelapa la me, mme ka kgona go dira dilo tse dingwe tse ke neng ke di tsaya di le botlhokwa thata.”

GO IKUTLWA O SA TLHOLE O NA LE LETSAPA LE LE TSENELETSENG

Wayne le Marie ke banyalani ba ba mo masimologong a dingwaga tsa bo30 ba ba nnang kwa United States.

Ke eng se se dirileng gore lo nne le letsapa le le tseneletseng?

Wayne: Re ne re na le dikgwebo di le mmalwa le dikoloto tse dintsi. Ke ne ke batla gore kgwebo ya rona e gole gore re tshele botshelo jo bo manobonobo le gore ke dire madi ke sa bereke thata. Ke ne ke batla go fokotsa kgatelelo ya maikutlo mme go na le moo ke ne ka e oketsa.

Seo se ile sa lo ama jang?

Wayne: Re ne re lemoga gore dilo tse re neng re bereka ka natla gore re di bone—diaparo tse dintle, ntlo e kgolo, malatsi a boikhutso kwa mafelong a a turang thata—di ne di sa re leretse boitumelo. Ke ne ke ikutlwa ke ngomogile pelo tota.

Marie: Ke ne ka lwala. Re ne ra nna le mathata mo lenyalong. Re ne re sa tshedisane sentle.

Lo ile lwa tlhofofatsa jang botshelo jwa lona?

Wayne: Re ne ra sekaseka mekgele ya rona le tsela e re neng re tshela ka yone. Re ne ra fokotsa madi a re a dirisang mo kgwebong ya rona. Ke ne ke na le ofisi ya maemo a a kwa godimo mme ka e tlogela. Ke ne ka tlogela go kgweetsa koloi e ke neng ke e rata. Ke ne ka nna le kgwebo e e tsamaisiwang ke motho a le mongwe mme ka dira gore e se ka ya gola. Re ne ra fokotsa dikoloto tsa rona mme ra dira gore di se ka tsa oketsega gape.

Marie: Go tlhofofatsa dilo go ne go se thata jaaka ke ne ke akantse. Re ne ra fokotsa makgetlho a re neng re ja kwa diresetšhurenteng ka one mme ra ja kwa gae. Re ne re tsamaya go iphokisa phefo mme re ne ra nna le botsogo jo bo botoka. Kgabagare, re ne ra fokotsa malatsi a tiro mme ra dira tiro ya go ithaopa.

Diphelelo e nnile dife?

Marie: Botshelo jwa rona bo ne bo sa tlhole bo ikaegile ka go dira madi. Re ne ra simolola go tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa thata mme kamano ya rona ya lenyalo e ne ya tokafala.

Wayne: Botshelo bo botoka. Re itumetse thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela