LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 1/8 ts. 3-4
  • Letsapa le le Feteletseng—A le Setse le Tla go Tsena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsapa le le Feteletseng—A le Setse le Tla go Tsena?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letsapa le le Feteletseng ke Eng?
  • Letsapa le le Feteletseng—O ka Dira Jang Fa le Go Tsene?
    Tsogang!—1995
  • Letsapa le le Feteletseng—Ke Bomang Ba le Ka ba Tsenang Motlhofo Mme ka Ntlha Yang?
    Tsogang!—1995
  • Go Lepalepana le Letsapa le le Tseneletseng
    Tsogang!—2014
  • Nka Dirang go Fokotsa Letsapa?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 1/8 ts. 3-4

Letsapa le le Feteletseng—A le Setse le Tla go Tsena?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA JAPANE

“Basadi ba ba dirang mo diresetšhurenteng kwa Sweden, barutabana ba kwa Japane, badiri ba diposo ba kwa Amerika, bakgweetsi ba dibese ba kwa Yuropa le badiri ba ba amoganang tiro mo difeketiring gongwe le gongwe, ba ntse ba bonala ba ngomolwa pelo tota ke tiro.”—MAINICHI DAILY NEWS.

NOBUAKI o ne a na le letsapa le legolo. O ne a dira bosigo le motshegare, mme a setse a hirile badiri ba le 130 mo dikgweding tse nnè. E ne e le manejara wa tsa thekiso wa lekala le lesha la metseletsele ya mabenkele a dikorosari kwa Japane, mme fa a ntse a gateletswe jalo o ne a hira batho ba ba neng ba sa kgone go dira se a se batlang. Ba ne ba lwa le go ngongorega ka tiro ya bone. Mo godimo ga moo, modiri mongwe wa monna o ne a sia ka mosadi wa monna mongwe. Nobuaki o ne a opiwa ke tlhogo letsatsi le letsatsi. Go ise go e kae ke fa a sa tlhole a kgona go dira, mme mo malatsing a a neng a ipateletsa go ya, o ne a boela gae ka bonako. O ne a na le letsapa le le feteletseng, a tshwana le letlhokwa la mokgwaro le le sheleng.

Basadi ba ba salang kwa gae le bone ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng. Sarah o ne a simolola go felela bana ba gagwe ba bararo pelo fa a sena go nna le bone mo gae ka dingwaga tse pedi. “Ke ne ke ikutlwa ke dira, ke dira, ke dira, ke sa fetse,” o ne a bolela jalo. Fa mmè a dira go sele mme a ntse a godisa bana, le ene o ka tsenwa ke letsapa le le feteletseng. Betty, yo o neng a setse a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo40 o ne a iphitlhela a tshwanetse go tlhokomela bana le go tswelela a dira, a leka go nna setswerere mo ditirong tseno tsotlhe. O ne a leka go itumedisa mongwe le mongwe—monna wa gagwe, bana, mohiri le badirikaene. Selekanyo sa kgatelelo ya gagwe sa madi se ne se le kwa godimo mme o ne a kgopisiwa ke dilo tse dinnye. O ne a tsenwa ke letsapa le le feteletseng.

Batho ba go ka tweng ba ka se tsenwe ke letsapa le le feteletseng le bone le a ba tsena. Shinzo, modiredi mongwe wa Mokeresete yo o setswerere, o ne a le tlhaga e bile a itlhometse mekgele. O ne a ya go thusa kwa lefelong le go neng go tlhokega barutisi ba Bakeresete thata teng. Lefa go ntse jalo, o ne a ikutlwa a lapile thata mo dikgweding di le mmalwa fela, mme o ne a itswalela mo kamoreng ya gagwe letsatsi lotlhe. O ne a ikutlwa e kete o mo mogogorong o a ka se kang a kgona go tswa mo go one. O ne a na le bothata jwa go dira ditshwetso, tota le go swetsa fela gore o tla ja eng motshegare. O ne a sa eletse go dira sepe. O ne a na le letsapa le le feteletseng.

Letsapa le le Feteletseng ke Eng?

Gone mme letsapa le le feteletseng ke eng? Herbert Freudenberger le babatlisisi ba bangwe ba ne ba simolola go dirisa lereo leno fa gare bo1970, mme ba ne ba le tlhalosa jaaka “go lapa go go feteletseng go go bakiwang ke go dira le batho mo maemong a a lapisang maikutlo thata.” Gape jaaka “go lapa thata mo mmeleng kana mo maikutlong segolobogolo fa o ka ngomoga pelo ka lobaka lo loleele kana ka ntlha ya go dira thata o sa ikakanyetse.” (American Heritage Dictionary) Lefa go ntse jalo, tsela e lereo leno le tlhalosiwang ka yone e a farologana go ikaegile ka mmatlisisi.

Le mororo go se na tsela epe ya kalafi e letsapa le le feteletseng le tlhalosiwang ka yone, batho ba le ba tseneng ba bonwa ka go lapa, go se nne matlhagatlhaga, go ikutlwa o sena mosola, go felelwa ke tsholofelo le go nna bokoa mo mmeleng. Motho o ikutlwa a lapile tota e bile a kgopisiwa ke dilo tse di sa reng sepe. Ga go na sepe se se mo rotloetsang gore a dire sengwe. O lebega a fekeediwa ke sengwe le sengwe, mme a ka nna a kopa mongwe le mongwe yo a mmonang gore a mo thuse. Ga a bone lebaka la go dira maiteko ape fela kwa tirong le mo gae. O ikutlwa o sena tsholofelo. Fa e le gore o ikutlwa ka tsela eno e bile o ikutlwa o le bokoa mo mmeleng, o sa itumedisiwe ke sepe, o ka tswa o na le letsapa le le feteletseng.

Letsapa le le feteletseng le ka ama botshelo jwa gago jwa kwa tirong le mo lelapeng. O batla go tila seno. Mme o ka go dira jang? Gore o tle o itse, mma re sekasekeng pele gore ke bomang ba ba ka tsenwang ke letsapa le le feteletseng motlhofo le gore ke ka ntlha yang.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

Ditshupo Tsa Letsapa le le Feteletseng

“Go tsenwa ke letsapa le le feteletseng kwa tirong go ka bolelwa gore ke go felelwa ke nonofo ya go akanya ka ntlha ya go dira thata o sa ikhutse goo go felelang ka:

1. Go felelwa ke maatla

2. Go tshabelelwa ke malwetsi

3. Go sa kgotsofalele sepe le go sa kgone go solofela molemo ope

4. Go sa nne teng ka metlha kwa tirong le go sa e dire ka matsetseleko.

“Boemo jono bo a koafatsa ka gore bo kgona go fetsa nonofo, le eleng go fekeetsa batho ba ka gale ba itekanetseng sentle mo mmeleng, ba leng tlhaga e bile ba kgona tiro. Bo bakiwa thata ke go nna o ngomogile pelo, goo go tswelelang letsatsi le letsatsi, kgwedi le kgwedi, le ngwaga le ngwaga.”—The Work/Stress Connection: How to Cope With Job Burnout, e e kwadilweng ke Robert L. Veninga le James P. Spradley.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela