LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 74
  • Nka Dirang go Fokotsa Letsapa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dirang go Fokotsa Letsapa?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se bakang letsapa
  • Se o tlhokang go se itse
  • Se o ka se dirang
  • Letsapa le le Feteletseng—O ka Dira Jang Fa le Go Tsene?
    Tsogang!—1995
  • Letsapa le le Feteletseng—Ke Bomang Ba le Ka ba Tsenang Motlhofo Mme ka Ntlha Yang?
    Tsogang!—1995
  • Go Lepalepana le Letsapa le le Tseneletseng
    Tsogang!—2014
  • Letsapa le le Feteletseng—A le Setse le Tla go Tsena?
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 74
Mosimane a na le dilo tse dintsi tse a tlhokang go di dira

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dirang go Fokotsa Letsapa?

A o nna fela o na le letsapa? Fa go le jalo, setlhogo seno se ka go thusa!

  • Se se bakang letsapa

  • Se o tlhokang go se itse

  • Se o ka se dirang

  • Se dithaka tsa gago di se buang

Se se bakang letsapa

  • Tiro e e ntsi. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Julie a re: “Batho ba go tsenya mo kgatelelong e e seng kana ka sepe ka gonne ba nna ba go bolelela gore go na le dilo tse o tlhokang go di dira botoka, tse o tlhokang go berekela mo go tsone le tse o tshwanetseng go di fitlhelela gore o kgone go atlega mo botshelong.”

  • Thekenoloji. Gone jaanong difouno le didirisiwa tse dingwe tsa eleketeroniki di dira gore go nne motlhofo gore batho ba ikgolaganye le wena mme seo se ka dira gore o se ka wa kgona go ikhutsa o bo o feleletsa o tsenwe ke letsapa.

  • Go sa iphe nako e e lekaneng ya go robala. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Miranda a re: “Basha ba le bantsi ba tlhoka go dira tiro ya sekolo, go bereka le go itlosa bodutu mme seo se dira gore ba feleletse ba tsoga phakela le go robala masigo. Go tlwaela botshelo jo bo ntseng jalo go ka dira gore ba feleletse ba na le letsapa le le tseneletseng.

Se o tlhokang go se itse

Baebele ya re re nne dinatla. (Diane 6:6-8; Baroma 12:11) Mme ga e re re bereke thata mo re itlhokomolosang dilo tse di dingwe tse di jaaka botsogo jwa rona.

“Nako nngwe ke ne ke na le tiro e ntsi thata mo ke ileng ka lemoga go le thari gore ga ke ise ke je letsatsi lotlhe. Ke ile ka ithuta gore ga ke a tshwanela go amogela tiro nngwe le nngwe fela e ke e newang le fa ke lemoga gore e ka tsenya botshelo jwa me mo kotsing.​—Ashley.

Baebele e bua nnete fa e re: “Ntša e e tshelang e botoka go na le tau e e suleng.” (Moreri 9:4) O ka bereka thata o ithaya o re o na le maatla a a tshwanang le a tau. Mme fa nako e ya o ka feleletsa o na le letsapa le le ka amang botsogo jwa gago.

Se o ka se dirang

  • Itekanye morwalo. Baebele ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2) Batho ba ba boingotlo ba itse dilo tse ba kgonang go di dira le tse ba sa kgoneng go di dira.

    “Batho ba ba akanyang gore ba kgona go dira tiro nngwe le nngwe fela e ba e newang, ke bone ba gantsi ba feleletsang ba na le letsapa le le tseneletseng. Ga ba bontshe boingotlo.”​—Jordan.

  • Iphe nako ya go ikhutsa. Baebele ya re: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:6) Baitse ba re go robala go thusa boboko gore bo kgone go bereka sentle mme basha ba tshwanetse go robala diura di le robedi go ya go di le lesome, ka maswabi, ga ba dire jalo.

    “Ke ne ke itlwaeditse go sa robale ka nako fa ke na le tiro e ntsi. Mme go robala ka nako go nthusa gore ke dire mo go oketsegileng le go tsoga ke itumetse mo letsatsing le le latelang.”​—Brooklyn.

  • Ithulaganye. Baebele ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” (Diane 21:5) Go ithuta go rulaganya dilo tse o batlang go di dira go tla go thusa mo botshelong.

    “Go kwala dilo tse o batlang go di dira go ka go thusa gore o se ka wa tshwenyega thata. Fa o na le mo o kwadileng gone, go nna motlhofo gore o rulaganye dilo tse o batlang go di dira mme seo se ka go thusa gore o se ka wa ikimetsa ka tiro.”​—Vanessa.

Se dithaka tsa gago di se buang

Gianna

“Batho ba bangwe ba tsenwa ke letsapa ka gonne ba batla go dira madi a mantsi. Mme 1 Timotheo 6:8 ya re re kgotsofalele dilo tse re nang le tsone. Temana eno e re thusa gore re se ka ra bereka ka thata re berekela dilo tse re sa di tlhokeng.”​—Gianna.

Waylon

“Go rulaganya dilo tse ke batlang go di dira mo bekeng go nthusa thata. Pele ke ne ke tlhola ke dumela go dira tiro nngwe le nngwe fela e ke e newang. Seo se ne se dira gore ke tshwenyege thata mme ke bo ke feleletsa ke sa dira tiro epe e e kalo.”​—Waylon.

Kara

“Gongwe o akanya gore o tshwanetse go ya gongwe le gongwe kwa o lalediwang gone le gore ga o kitla o itumela fa o sa kgone go ya. Mme ke ithutile gore ga go a nna jalo. Fa o ipha nako ya go ikhutsa, o tla itumela e bile ga o kitla o tsenwa ke letsapa le lentsi.”​—Kara.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela