Letsapa le le Feteletseng—O ka Dira Jang Fa le Go Tsene?
BONTSI jwa batho ba ba ngomogileng maikutlo ka ntlha ya matshwenyego le mathata a letsatsi le letsatsi, ba leka go nwa go itebatsa tlalelo e ba nang le yone. Batho ba bantsi ba dirisa bojalwa, seokobatsi se se sa dirisiweng sentle go di gaisa tsotlhe gompieno, go leka go itebatsa mathata a bone. Bangwe ba ile ba ikaega ka diokobatsi tse di itsegeng thata tse di ntshiwang ke dingaka fa ba tshwenyegile. Ba bangwe bone ba dirisa diokobatsi tse di fetolang tlhaloganyo ya motho jaaka motekwane, di-methamphetamine le khokeine. Tota le bana ba bannye ba dirisa diokobatsi go itebatsa dilo tse ba lebaneng le tsone tsa botshelo. Go bolelwa gore 95 lekgolong ya basha ba kwa Amerika ba tla bo ba setse ba dirisitse seokobatsi se le sengwe kana tse dintsi tse di sa dumelelwang ke molao pele ba aloga mo sekolong se segolwane.
Go na le ba bangwe bao ba lekang go itlhokomolosa go ngomoga pelo ka go intsha le ditsala kana go itira e kete ba itumetse fa gone ba tshwenyegile thata mo maikutlong. Kana ba bangwe ba batla go ratiwa le go nenekediwa ke ba bong bo sele ba dira jalo fela ka mabaka a a phoso. Mme go leka go tila go ngomoga pelo ka ditsela dipe fela go dira fela gore o tlalelwe le go feta. Fa batho ba leka go fokotsa go ngomoga pelo ka go nwa bojalwa kana ka dilo dingwe tse di fetolang tlhaloganyo, go na le gore ba inonotshe, seo se tla dira fela gore ba tsenwe ke letsapa le le feteletseng ka bonako. Mme ke eng se o ka se dirang fa o ikutlwa o felelwa ke nonofo?
Tsela ya go Fola
Tsogang! ga e buelele mefuta epe ya kalafi kana melemo epe fela e e kgethegileng. Lefa go ntse jalo, e naya dikakantsho di le mmalwa tse di thailweng mo melaometheong ya Baebele tse di ka go thusang gore o nne le nonofo gape. Dr. Yutaka Ono, motsamaisi mongwe wa Keio University School of Medicine, o akantsha dilo tse tharo tse di ka dirwang fa o tsenwe ke letsapa le le feteletseng. O tlhalosa jaana: “Dilo tseno ke go itaola, puisano, le go ikitse.”
O tshwanetse gore o bo o kgona go laola maikutlo a gago le boitshwaro jwa gago gore o kgone go fenya go ikutlwa o sena mosola. Fa e le gore o ikutlwa o tlaletswe letsatsi le letsatsi e bile o sa kgone go rarabolola mathata, go motlhofo go dumela gore ga o kgone go laola sepe. Lefa go ntse jalo, se phuthe diatla o bo o nnela go akanya ka dilo tse di go tshwenyang. Leka go rarabolola bothata jwa gago kgato ka kgato. (Bona lebokose, tsebe 10.) Se nnele go tlogelela dilo nako e e tlang. O tla ikutlwa botoka e bile o kgona go laola dilo fela fa o simolola go dira ditiro tse di molemo.
Leka go fokotsa dilo tse di go kgopisang tse di dirang gore o felelwe ke tsholofelo. Ka sekai, batho ba bangwe ba kgopisiwa ke sengwe le sengwe se se sa reng sepe mo botshelong. Ba ganelela go dira dilo ka tsela nngwe ba bo ba tenega fa ba bangwe ba sa e latele, kana ba ka nna ba tlalelwa fa bone ka bobone ba palelwa. Monna mongwe wa bogologolo yo o botlhale o ne a re: “O se ka wa nna tshiamo ya mo go feteletseng; le gone o se ka wa itira botlhale jwa mo go feteletseng; ana o ka bo o itshenyetsang?” (Moreri 7:16) Go ipeela mekgele e e kwa godimo thata o bo o nnela go ikutlwa gore ga o e fitlhelele, ruri go tla dira gore o tsenwe ke letsapa le le feteletseng.
Kgakololo e nngwe e e thusang thata e e tswang mo Baebeleng ke gore o ‘sepele ka boikokobetso le Modimo wa gago.’ (Mika 6:8) Go nna boikokobetso go raya go lemoga gore o a tlhaela le go “iteba o sa nonofa thata.” Seno se ka raya gore o re nnyaa fa kwa tirong go batliwa gore o dire sengwe se o sa se kgoneng.
Batho ba ba ikitseng gore ba a tlhaela ba itumelela go thusiwa. Mookamedi mongwe wa mosadi yo a neng a kile a tsenwa ke letsapa le le feteletseng o ne a bolela gore selo sa botlhokwa thata se o ka se dirang go tila seno ke go kopa thuso. Gape o bolela gore “batho ba bantsi ba tshaba go kopa thuso gonne go ka nna ga twe ba palelwa ke tiro.” E ka tswa e le tiro ya mo gae, ya kwa sekolong kana ya boitshediso—sepe fela se se ka dirang gore o tsenwe ke letsapa le le feteletseng—kopa ba bangwe gore ba go thuse tiro eo fa o kgona. O tla gakgamadiwa ke go bona kafa dilo tse dintsi di tla dirwang ka botlalo ka teng o sa dira sengwe le sengwe ka bowena.—Bapisa Ekesodo 18:13-27.
O ka nna wa tlhoka go ikhutsa. Go tsaya malatsinyana o ya go ikhutsa go ka thusa motho yo o tsenweng ke letsapa le le feteletseng thata. Lefa go ntse jalo, fa e le gore maemo a gago ga a go letle gore o dire jalo, “go itse fela ditsela tsa go itumela go ka thusa tota,” go bolela jalo mmatlisisi, Ann McGee-Cooper. Go ikhutsa o tlogela se o neng o se dira go ka dira gore o kgone go dira go le gontsi, go dira gore tlhaloganyo ya gago e akanye kafa o ka dirang dilo ka teng. Selo seno se Kgosi Solomone a neng a se akantsha dingwaga tse dintsi tse di fetileng se santse se le boammaaruri: “Go molemo se se lekanyeng legofe fa se na le boiketlo, bogolo go se se lekanyeng diatla di le pedi fa se na le letsapa le go belebetlela phefo fela.”—Moreri 4:6.
Go Buisana le ba ba go Emang Nokeng
Selo sa bobedi se Dr. Ono a neng a se umaka se ama puisano. Lebaka la go bo boraditimamolelo ba se ka ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng motlhofo le kgatlha tota. Se e ka tswa e le gore, mo godimo ga gore ba lejwa e le bagaka, ba emana nokeng tota e bile ba botsalano mo badiring ba bangwe. Fa o na le batho ba ba go emang nokeng ba o ka ikaegang ka bone, go ka go thusa tota. O ka bona kae kemonokeng e e tla go gomotsang gompieno? Buka ya Moetsukishokogun (Bolwetsi Jwa Letsapa le le Feteletseng) e tlhalosa ditsela tse dingaka di ka dirang ka tsone fa di tsenwe ke letsapa le le feteletseng, fa e re: “Fa e le kaga dingaka, malapa a tsone, segolobogolo yo ba nyalaneng nae, ke ene a ka ba emang nokeng ka tsela e e molemo thata le e e nang le mosola fa go tla mo maikutlong a bone.” Rotlhe re tlhoka go nna le mongwe yo re ka mmolelelang maikutlo a rona. Baebele e re naya kgakololo e e thusang thata mo kgannyeng eno ya puisano. E kgothaletsa banyalani go bontshana lorato e bile e bolelela botlhe gore ba nne le ditsala tse di ka ba akantshang ka dilo tsa botlhokwa le tse di ka thusang.—Diane 5:18, 19; 11:14.
“Re tshwanetse ra dira gore re nne le ditsala le malapa a a re emang nokeng,” go bolela jalo USA Today. E bo e oketsa jaana: “Gape re tshwanetse ra ikutlwa re gololesegile go kopa thuso mo bodumeding jwa rona kana mo ditirelong tsa kalafi ya boboko.” Mabapi le go thusiwa ke bodumedi, morwarraagwe Jesu ka mmaagwe, Jakobe o ne a kwala jaana: “A mongwe mo go lona o a lwala? A a bitse bagolwane ba phuthego; mme a ba rapele fa go ene, ba mo tlotse lookwane mo ineng la Morena.” (Jakobe 5:14) Bakeresete ba ba nang le mathata ba ka imologa thata fa ba ka bua le bagolwane ba diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Le mororo bagolwane ba sena kitso e e kwa godimo ya go thusa ba ba tsenweng ke letsapa le le feteletseng, ba tla ba ema nokeng ka tsela e e mosola thata semoyeng.
Lefa gone go engwa nokeng ke ba bangwe go ka dira gore o nne le nonofo ya go lebana le letsatsi le lengwe, go ka se ka ga lekana ka metlha. Mo ketapeleng ya buka ya gagwe, Helplessness, Martin E. P. Seligman o ne a bolela gore go ikaega ga motho ka boene goo go tletseng thata kwa dinageng tsa Bophirima ke gone go bakang go tshwenyega mo maikutlong go go oketsegang thata jaana gompieno, mme o ne a bolela gore go botlhokwa gore motho a nne le se a se tshelelang. Morago o ne a bontsha gore “selo se se botlhokwa thata gore o nne le sengwe se o se tshelelang ke go tsalana le mongwe yo o go fetang.” Le mororo batho ba bantsi gompieno ba sa tseye go nna le kamano le Modimo masisi, go buisana le Mmopi—yoo tota “a go fetang”—go tla go thusa go fenya go ikutlwa o sena mosola.
Kgosi Dafide, yo a neng a lebana le mathata a mantsi o ne a kgothatsa batho ba a neng a ba busa jaana: “Ikanyeng [Modimo] ka metlha yotlhe; tshololang dipelo tsa lona fa pele ga one; Modimo ke botshabelo jwa rona.” (Pesalema 62:8) Modimo o iketleeditse go reetsa, le “diphegelo tse di sa ka keng tsa buiwa.” (Baroma 8:26) Fa re mo kopa ka tlhoafalo re tla nna le kagiso e e ka ‘dibelang dipelo tsa rona le megopolo’ gore re se ka ra tsenwa ke letsapa le le feteletseng.—Bafilipi 4:6, 7.
Go Fetola Kgopolo ya Gago
Kwa bokhutlong, o ka nna wa tshwanela go fetola tsela e o lebang boemo jwa gago ka yone. Go ikitse kana kakanyo ya gago, ke selo sa bofelo se Dr. Ono a akantshang gore se ka go thusa fa o tsenwe ke letsapa le le feteletseng. Fa re ngomogile pelo thata, re leba sengwe le sengwe ka tsela e e phoso e bile ga re akanye sepe se se molemo. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go leba dilo sentle. Sekaseka go bona gore a ruri go na le mabaka a a utlwalang a gore o akanye gore dilo ga di a siama. A dilo di tla felela di le maswe jaaka o akanya? Leka go leba dilo ka tsela e nngwe gape.
Makasine wa Parents o bolela jaana: “O ka nna wa simolola go akanya gore lebaka la go bo o tsenwe ke letsapa le le feteletseng ke gore o ‘molemo,’ e seng ka gore o ‘bosula.’” Gakologelwa seno: Batho ba ba ka tsenwang ke letsapa le le feteletseng motlhofo ba na le mekgele e e kwa godimo e bile ba amega thata ka batho ba bangwe. Motho yo o tsenweng ke letsapa le le feteletseng a ka thusega thata fa o bua sengwe se se supang tebogo. Go tla thusa mmè fa monna wa gagwe le bana ba bua le go supa gore ba lebogela tiro yotlhe e a e dirang mo gae. Fa mookamedi wa maemo a a fa gare a tsenwe ke letsapa le le feteletseng, go bua sengwe fela se se supang tebogo le go mo akgola go ka fetola tsela e a lebang dilo ka yone.
Baebele e supa kafa mosadi yo o kgonang go dira dilo a tshwanetseng go akgolwa ka teng jaana: “Bana ba gagwe ba nanoge, ba mmitse mosegofadiwa; monna wa gagwe le ene a mmake a re: Bana bantsi ba basetsana ba dirile sentle, mme wena o ba gaisitse botlhe fela.” (Diane 31:10, 28, 29) Eleruri “mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.”—Diane 16:24.
Shinzo, mogolwane wa Mokeresete yo o neng a umakiwa mo setlhogong sa ntlha, o ne a kgona go lapologa tota mo letsapeng le le feteletseng le le neng le mo tsene. Le mororo a ne a thusiwa ke dingaka, se se thusitseng Shinzo thata ke go rapela Jehofa. Fa a sena go rapela thata ka tlhoafalo gore a thusiwe, o ne a kopana le mogolwane yo o neng a ithuta le ene Lefoko la Modimo kwa tshimologong. Mogolwane yoo, mmogo le bagolwane ba bangwe, ba ne ba mo ema nokeng ka go reetsa matshwenyego a gagwe. Mosadi wa gagwe o ne a bala setlhogo se se neng se bua ka go sula moya mo tokololong nngwe e e kwa moragonyana ya lokwalopaka lo o lo balang jaanong. (October 8, 1992) O ne a lemoga ka bonya ka bonya gore o ne a leka go dira sengwe le sengwe ka boene. O ne a simolola go fetola tsela e a neng a leba dilo tse di mo dikologileng ka yone. Le mororo kwa tshimologong a ne a ipona a le mo mogogorong o o senang kwa o felelang teng wa tlalelo, o ne a bona lesedinyana le le neng le ntse le oketsega ka bonya kwa bofelong jwa mogogoro go fitlha fa kgabagare a tswa mo mogogorong oo.
Fela jaaka Shinzo, le wena o ka dira sengwe ka letsapa le le feteletseng le le go tseneng mme wa lebana le botshelo gape.
[Lebokoso mo go tsebe 10]
Ditsela Tse 12 Tsa Botlhokwa Tsa go Thibela Letsapa le le Feteletseng
DILO tse di latelang di thailwe mo dikakantshong di le mmalwa fela tse di neng tsa neelwa ke moitse wa kalafi yo o okang batho ba ba nang le mathata a boboko.
1. Laola tlhaloganyo, maikutlo le boitshwaro—thapelo e ka thusa thata.
2. Fa o simolola go tshwenyega, dira gore o fetoge o akanye ka dilo tse di mosola, tse di tlhomameng.
3. Fa o shakgetse hema moya o montsi o bo o o ntsha mme o leke thata go ritibala.
4. Leka go leba maemo ka tsela e batho ba bangwe ba a lebang ka yone gore o tlhaloganye lebaka la go bo o ngomogile pelo.
5. Akanya thata ka dilo tse o di anaanelang mo bathong ba bangwe mme o ba akgole. Akgola ba bangwe ka mmatota o se ka wa ba fora.
6. Lemoga o bo o thibele dikakanyo tse di sa siamang, tse di senyang.
7. Ithute go gana fa o sena nonofo le fa mabaka a sa go letle.
8. Itshidile mmele letsatsi le letsatsi—go tsamaya o gwanta go ka go thusa.
9. Tlotla ba bangwe, o leka go ba thusa go dira bojotlhe jwa bone.
10. Itshege o bo o nne o itumetse.
11. Tlogela mathata a tiro kwa tirong.
12. Dira se o tshwanetseng go se dira gompieno—se beele dilo letsatsi le lengwe.
(Di tserwe mo setlhogong sa “Go Lepalepana le Maikutlo, Go Fenya go Tsenwa ke Letsapa le le Feteletseng,” sa American Journal of Nursing, January 1992, se se kwadilweng ke Ruth Dailey Grainger.)