LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 1/8 ts. 11
  • A Ga se Ba Lefatshe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ga se Ba Lefatshe?
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Bodumedi bo Falotseng ka Teng
    Tsogang!—2001
  • Ke Eng fa Kereke e Latlhegelwa ke Taolo Jaana?
    Tsogang!—1996
  • Yuropa Botlhaba—A Bodumedi Bo A Tsosolosiwa Teng?
    Tsogang!—1991
Tsogang!—1995
g95 1/8 ts. 11

A Ga se Ba Lefatshe?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA JEREMANE

“BONE ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.” (Johane 17:16) Ka mafoko ano Jesu o ne a tlhalosa kafa balatedi ba gagwe ba neng ba se kitla ba nna le seabe mo dipolotiking ka teng. A batho ba gompieno ba ba ipolelang gore ke Bakeresete le bone ba dira jalo?

Akanya fela ka dikakgelo tse di latelang tsa makwalodikgang a a neng a tlhalosa kafa Labokeresete e neng ya nna le seabe ka teng mo ditirong tsa se e kileng ya bo e le German Democratic Republic (GDR), e e neng e laolwa ke puso ya Bokomonise go fitlha e thubega ka 1990.

• “Lefa Kereke ya Lutere mo GDR e ile ya galalediwa ka nakwana gore ke yone e lerileng diphetogo ka kagiso, batho ba ba neng ba e rata ba fokotsega ka bofefo. Mo bathong ba le bantsi go lebega e ne e le yone e emang Stasi (State Security Service) nokeng.”—Die Zeit, November 1991.

• “Dikereke tsa Lutere tse di farologaneng tsa diporofense . . . di ile tsa supa fa di gakgamadiwa ke tsela e badiredi le bagolwane ba kereke ba itsalantseng ka teng le Stasi.”—Evangelische Kommentare, January 1991.

• “Baeteledipele ba Kereke [ya Lutere] ba utlwa dingongorego tsa gore baruti ba ne ba sa tlhole ba tlhokometse batho ba bone jaaka pele mme ba ne ba le tlhaga mo dipolotiking.”—Süddeutsche Zeitung, February 1990.

• “Weizsäcker [yo e kileng ya bo e le poresidente wa Federal Republic of Germany] o ne a bolela gore Kereke [ya Lutere] ga e bolo go nna e thusa thata mo dikamanong tsa sepolotiki tsa Dinaga tse pedi tsa Jeremane.”—Wetterauer Zeitung, February 1992.

Ga se Kereke ya Lutere fela e e neng e inaakanya le dipolotiki. “Mo e ka nnang kereke nngwe le nngwe [ya Porotesetanta] e ne ya itsalanya le baemedi ba Stasi,” go ne ga bega jalo The European. Manfred Stolpe, yo The European e mo tlhalosang e le ene “moemedi yo mogolo wa kereke ya porotesetanta fa e rerisana le balaodi ba bakomonisi,” o ne a bua jaana fa a itshireletsa: “Ke ne ke ka dumela gore re naane matsogo le Diabolo fa e le gore go dira jalo go ne go tla atlegisa maikaelelo a rona.”

Guardian ya Lontone e ne ya bega jaana kaga tsela e baruti ba neng ba itsalanya thata ka teng le setlhopha sa Mafia sa Italy. E ne ya re: “Kereke le Cosa Nostra e sa le e ntse e le ditsala tse di ntshanang seinong mo e bileng kereke e latofadiwang ka ditiro dingwe tse di sa siamang.”

Toronto Star e ne e na le setlhogo se se neng se bua ka go dirisana mmogo ga baruti ba Orthodox ya Russia le se e kileng ya bo e le KGB. Pego eno e bolela jaana: “Go senolwa ga go dirisana mmogo ga kereke le puso ya bokomonise ke selo se se tlhabisang ditlhong tota. . . . Dikwalo dingwe mo difaeleng tsa KGB . . . di bolela gore batlhankedi ba bagolo ba kereke ba ne ba sa tlole melaometheo e ba neng ba e dumela fela, mme gape ba ne ba dumela go senola ditiro tse di sa siamang tse di neng di dirwa ke baeteledipele ba bodumedi ba dinaga tse dingwe.”

Lefa dikereke tsa Labokeresete di tswelela pele ka go inaakanya le dipolotiki, Bakeresete ba boammaaruri bone ba gagamalela go latela taolo ya ga Jesu ya gore ba se nne ba lefatshe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela