Letsapa le le Feteletseng—Ke Bomang Ba le Ka ba Tsenang Motlhofo Mme ka Ntlha Yang?
IKAKANYE o dira mo ofising mme o na le lelapa—gongwe e bile go ntse jalo. Tiro e tletse mo tesekeng ya gago. Bareki ba go founela ba sa fetse ba batla dilo tse o ka se kang wa kgona go di dira. Mookamedi wa gago ga a itumele gonne ga o kgone go dira selekanyo sa tiro se o tshwanetseng go se dira. Morwao o na le mathata kwa sekolong. Morutisi o batla go go bona ka bonako. Fa o kopa mogatso gore a go thuse ga a bone fa go tlhokega. Fa boemo bo sa kgone go laolwa, go ngomoga pelo jaanong go fetoga go imelwa ke maikutlo, go dira gore o tsenwe ke letsapa le le feteletseng motlhofo.
A letsapa le le feteletseng le bakiwa ke go dira thata? Ann McGee-Cooper, mmatlisisi wa boboko, o ne a bolela gore letsapa le le feteletseng le “bakiwa ke go sa tshele ka tekatekano, segolo mo boemong jo o dirang o sa ikhutse.” Lefa go ntse jalo, go dira thata, ga se lone lebaka fela; ba bangwe ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng fa ba bangwe le sa ba tsene ntswa ba dira ka natla ka selekanyo se se tshwanang.
Ba ba ka Tsenwang ke Letsapa le le Feteletseng
Fela jaaka go na le batho ba bolwetsi bongwe bo ka ba tsenang motlhofo, go na le batho ba ba ka tsenwang ke letsapa le le feteletseng motlhofo. Elliot Aronson, porofesa wa kwa Yunibesithing ya California, yo o ithutang kafa botho, maikutlo, le boitshwaro jwa motho bo amiwang ke tsa ba bangwe ka teng, o bolela jaana: “O tshwanetse wa bo o na le sengwe se o tlhotlheletsegang thata go se dira pele o ka tsenwa ke letsapa le le feteletseng.” Ka jalo, ba ba tsenwang ke letsapa le le feteletseng motlhofo ke ba ba nang le mekgele e e kwa godimo le dilo tse dikgolo tse ba batlang go di dira. Go bolelwa gore batho ba ba tsenwang ke letsapa le le feteletseng gantsi ke badiri ba ba botlhokwa thata mo dikhampaning tsa bone.
Fa a ne a sobokanya botho jwa batho ba ba tsenwang ke letsapa le le feteletseng motlhofo, Porofesa Fumiaki Inaoka wa Red Cross College of Nursing ya kwa Japane, o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Moetsukishokogun (Bolwetsi Jwa Letsapa le le Feteletseng): “Batho ba ba tsenwang ke letsapa le le feteletseng motlhofo ke batho ba ba pelotlhomogi, ba ba kutlwelobotlhoko, ba ba elang dilo tlhoko, ba ba ineelang mo tirong le ba ba ratang go itlhomela mekgele. Ga ba rate go dira ka metšhine mme ba ‘rata batho,’ fa re bua fela re tshwantsha.”
Fa a ne a kopiwa gore a tlhame mokgwa o ka one go ka tlhaolwang le go ntsha batho ba ba ka tsenwang ke letsapa le le feteletseng motlhofo, moitse mongwe o ne a bolela gore mokgwa oo bogolo o tshwanetse wa dirisiwa fa go hiriwa batho. O ne a re: “Dikhampani di tshwanetse go batla batho ba ba sa boifeng go tsenwa ke letsapa le le feteletseng . . . ba bo ba senka mekgwa ya go tlosa letsapa leo le le feteletseng.”
Batho ba ba leng mo diphatseng thata ke ba ba dirang ditiro tse ba dirang ka batho, jaaka badirediloago, dingaka, baoki le barutabana. Ba leka go thusa batho ba le tlhaga, ba ineetse ba leka go tokafatsa matshelo a batho ba bangwe, mme ba ka nna ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng fa ba lemoga gore ga ba kgone go fitlhelela mekgele e ba e itlhometseng e ka dinako tse dingwe e leng kwa godimo thata. Bommè ba ba amegang thata ka bana ba bone le bone ba ka nna ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng ka lone lebaka leo.
Lebaka La go Bo Batho ba Tsenwa ke Letsapa le le Feteletseng
Patlisiso e e neng ya dirwa mo baoking e ne ya senola mabaka a mararo a a lereng letsapa le le feteletseng. Selo sa ntlha se se neng sa lemogiwa ke matshwenyego a letsatsi le letsatsi a a dirang gore ba tlalelwe. Ka sekai, bontsi jwa baoki bo na le boikarabelo jo bogolo, ba rarabolola mathata fa ba ntse ba tlhokometse balwetsi, ba tshwanela go tlwaela go dirisa metšhini e mesha, ba lebane le ditlhwatlhwa tse di ntseng di tlhatloga, le go lebana le mekgwa e e fetogang ya go tshela. “Matshwenyego ano a letsatsi le letsatsi ke one thata a lereng letsapa le le feteletseng,” go bolela jalo buka ya Moetsukishokogun. Fa mathata ano a nna jalo a sa rarabololwe motho o a tlalelwa mme kwa bofelong a bo a tsenwa ke letsapa le le feteletseng.
Selo sa bobedi se se lemogilweng ke go sa engwe nokeng, go tlhoka motho yo o ka mmulelang mafatlha a gago. Ka jalo, mmè yoo a ikgogonang mo go bommè ba bangwe a ka nna a tsenwa ke letsapa le le feteletseng motlhofo. Patlisiso e e umakilweng fa godimo e ne ya fitlhela gore baoki ba ba sa nyalwang ba ne ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng go feta ba ba nyetsweng. Lefa go ntse jalo, lenyalo le lone le ka nna la oketsa matshwenyego a letsatsi le letsatsi fa monna le mosadi ba sa buisane ka dilo ka kgololesego. Motho o ka nna a jewa ke bodutu lefa botlhe ba le teng mo lapeng gonne lelapa la gagwe le lebile thelebishene.
Selo sa boraro e ne e le go ikutlwa ba sena mosola. Ka sekai, baoki ba ikutlwa ba sena mosola go feta dingaka gonne baoki ga ba na thata ya go fetola dilo. Baokamedi ba maemo a a fa gare ba ka nna ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng fa ba bona maiteko a magolo a ba a dirang a sa ba solegele molemo ka gope. Jaaka mookamedi wa setlhopha sengwe sa batho a ne a bolela, letsapa le le feteletseng le go tsena gonne o “tlaletswe ka go bo o batla go thusa mme o sa reediwe ke ope.”
Go ikutlwa o sena mosola gantsi go rotloediwa ke fa batho ba sa supe tebogo o bo o tsenwa ke letsapa le le feteletseng. Basadi ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng fa banna ba bone ba sa lemoge gore go tlhokomela legae le bana ke tiro e ntsi. Baokamedi ba maemo a a fa gare ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng fa baokamedi ba bagolo ba sa ba akgolele tiro e e molemo e ba e dirang mme ba ba sala morago fa ba dirile diphoso tse di sa reng sepe. Makasine wa Parents o bolela jaana: “Selo sa botlhokwa ke gore, rotlhe re batla matsapa a re a dirang a lebogelwa le go itumelelwa, mme fa e le gore kwa re dirang teng ga re lebogelwe matsapa a rona—e ka tswa e le mo gae kana mo ofising—he re tla tsenwa ke letsapa le le feteletseng motlhofo.”
Se se kgatlhang ke gore, le mororo baoki ba tsenwa ke letsapa le le feteletseng ka selekanyo se se kwa godimo, babelegisi bone ga le ba tsene thata. Ka kakaretso fela, tiro ya mmelegisi ke go thusa go lere matshelo a masha mo lefatsheng. Bommè le borre ba ba lebogela tiro ya bone. Batho fa ba lebogiwa ba ikutlwa ba na le mosola e bile seo se a ba rotloetsa.
Fela fa motho a sena go itse batho ba ba ka tsenwang ke letsapa le le feteletseng motlhofo e bile a itse lebaka la gone, go nna motlhofo go rarabolola bothata. Setlhogo se se latelang se tla thusa batho ba ba tsenweng ke letsapa le le feteletseng gore ba lebe botshelo ka tekatekano.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Letsapa le le feteletseng le bakiwa ke go dira o sa tle o ikhutsa