‘Go Bonela Mewa ya Lona Tapologo’
“Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, . . . me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.”—MATHAIO 11:28-30.
1, 2. Lelapa la setho le ile la nna mo boemong bofe ka makgolokgolo a dingwaga, mme seno se farologana jang le maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong?
“REA itse ha lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pèlègō, le gompiyeno.” Seo ke seo monna mongwe a neng a se kwalela ditsala kwa Roma makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. (Baroma 8:22) Mo dingwageng tsa fa esale go tloga ka nako eo, go fegelwa le go nna mo botlhokong ga lelapa la motho lotlhe go ile ga nna ga oketsega. Go tlhaola batho, lehuma, bokebekwa, le go bolawa ke tlala di ile kwa godimo ka tsela e e kotsi gongwe le gongwe. Tsamaiso ya tsa itsholelo e e sa siamang e pateletsa dimilione-milione gore di tswe mo meberekong le eleng gore di tswe mo magaeng a tsone, mme ditlhotlheletso tsa ga Satane di koafatsa maiteko a go godisa bana ka tsela eo ba tshwanetseng ba tsamaya ka yone.
2 Mme gongwe kotsi e kgolo go di feta tsotlhe e diragala fa bolwetsi, botlhoko, kana botsofe bo fetsa nonofo e batho ba nang le yone le go ba tseela seriti sa bone fa ba ntse ba koafala go fitlhela ba sala e le magapa fela a seo ba neng ba le sone pele. Setlhabi se se botlhokotlhoko le go boga mo go maswe, tseo gantsi di tsayang dibeke, dikgwedi, le eleng dingwaga ka dinako tse dingwe, di dira gore pelo e ope ebile di baka gore go tshologe dikeledi tse di seng kana ka sepe. Abo seo ke tlhaloso e e utlwisang botlhoko jang ne e e malebana le botshelo! Mabapi le boemo jono jwa motho, kgosi nngwe e e botlhale ya bogologolo tala e ne ya bolela jaana: “Malatsi a gagwè aotlhe ke mahutsana hèla, le thekisègō ea gagwè ke mahumapelo hèla.” (Moreri 2:23; 4:1) Botshelo gompieno eleruri ga bo a nna kafa Modimo a neng a ikaeletse gore bo nne ka gone kwa tshimologong!—Genesise 2:8, 9.
3. Modimo o bopile motho a na le kgono efe, mme ga jaanong e fitlhelelwa ka selekanyo se sebotlana jang?
3 Jehofa Modimo o bopile motho a itekanetse, a na le kgono ya go ka ipelela botshelo eleruri. (Duteronome 32:4, 5) A o ke o akanye fela kafa go ipedisang ka gone go latswa dijo tse di monate, go hema moya o o phepa ka boitumelo, kana go bogela phirimo ya letsatsi e e galalelang! “Ke bonye thekisègō [“tiro,” NW] e Modimo o e neileñ bana ba batho go lekisiwa [“gore ba e dire,” NW] ka eōna,” go ne ga akgela yone kgosi eo e e botlhale ya bogologolo tala. “O dihile señwe le señwe go nna sentlè mo motlheñ oa shōna: . . . Kea itse, go re, ga go na sepè se se molemō mo go bōnè bogolo go go itumèla le go diha molemō ka metlha eotlhe ea go tshela ga bōnè. Le gōna ke nèō ea Modimo, gore motho moñwe le moñwe a yè a nwè, me a yè monate ka letsapa yeotlhe ya gagwè.”—Moreri 3:10-13.
4. (a) Jaaka maitemogelo a ga Jesu a bontsha, ke boemo bofe jo bo utlwisang botlhoko jo ba le bantsi ba leng mo go jone? (b) Ke taletso efe e e bontshang kutlwelobotlhoko eo Jesu a neng a e dira, mme seno se tsosa dipotso dife?
4 Lefa go ntse jalo, abo ke ba le mokawanyana fela jang ne bao ba ipelelang dilo tse di molemo tseo Modimo a neng a ikaeletse gore re nne le tsone! Jesu Keresete o ne a itse boemo jono jwa setho jo bo bosula, jo bo utlwisang botlhoko. Bibela e bolela jaana: “Ga tla kwa go èna machutichuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsañ, le dihohu, le dimumu, le digōlè, le ba bañwe ba le bantsi, ba ba baea ha hatshe ha dinaoñ tsa gagwè.” Abo Jesu o ne a utlwela batho ba ba ntseng jalo ba ba seng sego botlhoko jang ne! (Mathaio 9:36; 15:30) Ka lekgetlo le lengwe, o ne a ba laletsa jaana ka tsela e e bontshang kutlwelobotlhoko: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō.” (Mathaio 11:28, 29) Eleruri, mafoko ano a naya tsholofelo tota! Mme ke tapologo efe eo Jesu a neng a bua ka yone? Mme re ka e bona jang?
Boammaaruri Jo Bo Lapolosang
5. Jesu o ne a supa tsela ya kgololesego ya boammaaruri le tapologo ya mewa ya rona jang?
5 Fa Jesu a ne a tsenetse Moletlo mongwe wa Metlaagana mo e ka nnang dikgwedi di le thataro pele ga loso lwa gagwe, o ne a supa tsela eo motho a ka gololesegang ka yone mme ka gone a bona tapologo ya boammaaruri. Fa a ne a bua le batho bao ba neng ba dumela mo go ene, o ne a bolela jaana: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:31, 32) Ke boammaaruri bofe jo Jesu a neng a bua ka jone? Bo tla re golola mo go eng? Batho bao ba neng ba mo reeditse e ne e le makgoba ka tsela efe?
6. (a) Baganetsi ba bodumedi ba ne ba tsosa kganetso efe, mme ka ntlhayang? (b) Rotlhe re makgoba ka tsela efe?
6 Baganetsi ba bodumedi ba ne ba tsena Jesu ganong, ba bolela jaana: “Re losika loa ga Aberahame, me ga re ese re ke re nne mo botlhankeñ yoa ga opè gopè: o bua yañ, ua re, Lo tla gololwa?” Baganetsi bao ba Bajuda ba ne ba ikgantsha ka boswa jwa bone. Lemororo morafe oo o ne wa nna kafa tlase ga taolo ya mebuso ya seeng gantsi, Bajuda ba ne ba gana go bidiwa makgoba. Mme Jesu o ne a bontsha gore e ne e le makgoba ka tsela efe, fa a ne a re: “Amarure, amarure, kea lo raea, Moñwe le moñwe eo o leohañ ke motlhanka oa boleo.” Ee, batho botlhe ba ba neng ba mo reeditse e ne e le ‘badira-sebe,’ fela jaaka go ntse ka rona rotlhe gompieno. Seno ke ka gonne rotlhe re ruile boleo go tswa mo batsading ba rona ba ntlha. Mme Jesu o ne a solofetsa jaana: “Ha Morwa a tla lo golola, lo tla gololèsèga rure.”—Yohane 8:33-36; Baroma 5:12.
7. Kgololesego ya boammaaruri e ka bonwa jang, mme ke boammaaruri bofe jo bo re gololang?
7 Ka gone kgololesego ya boammaaruri e ka bonwa fela ka Morwa Modimo, ebong Jesu Keresete, yoo a ileng a neela botshelo jwa gagwe jaaka setlhabelo sa thekololo e le motho yo o itekanetseng. Ke setlhabelo seno seo se re gololang mo boleong jo bo diphatsa se bo se dira gore re kgone go ka ipelela botshelo jo bosakhutleng re itekanetse mo mmeleng ebile re na le boitumelo mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Yohane 3:16; 1 Yohane 4:10) Ka gone, boammaaruri jo bo re gololang ke boammaaruri jo bo malebana le Jesu Keresete le seabe sa gagwe mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo. Bogosi, joo Jesu eleng Kgosi ya jone, ke jone joo go tla fitlhelelwang thato ya Modimo ka lefatshe ka jone, mme Jesu o ne a neela bosupi malebana le boammaaruri jono a sa kgaotse.—Yohane 18:37.
Tsela Eo Boammaaruri Bo Lapolosang ka Yone
8. Tsela eo boammaaruri bo lapolosang ka yone e ka tshwantshiwa le eng?
8 Tsela eo boammaaruri bo lapolosang ka yone e ka tshwantshiwa le mosadi mongwe yo o ileng a bolelelwa gore o na le mofuta mongwe wa kankere eo e anamang ka bonako. O fetswa maatla ke morwalo wa go itse seo fa a ntse a akanya ka diphelelo tse di botlhoko, tse di gobatsang tse e ka nnang le tsone. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya o ya go bona ngaka e nngwe a bo a tlhatlhobiwa go ya pele. Fa seo se bonwang mo ditlhatlhobong tseo se bontsha gore tlhatlhobo ya ntlha e ne e le phoso kana gore o botoka ka tsela e e gakgamatsang, o ka akanya fela kafa a ka ikutlwang a gololesegile ka gone ka tsela e e molemo. Abo seo se lapolosa moya wa gagwe jang ne!
9. Jesu o ne a neela kgololesego jang ka go ruta batho boammaaruri?
9 Ka mo go tshwanang, fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng, batho ba ne ba imelwa ke ditsamaiso tsa dingwao tsa lefela tsa motlha oo. Jesu o ne a bolela jaana ka bakwadi le Bafarasai bao ba neng ba ikarabela mo go seo: “Ba tla ba bohè merwalō e e bokete e e botlhoko go rwalwa, me ba e bee mo mahetleñ a batho: me bōnè ka bosi ga ba ke ba e tshikinya leha e le ka menwana ea bōnè.” (Mathaio 23:4; Mareko 7:2-5) Abo batho ba ne ba gololesega jang ne fa Jesu a ne a ba neela boammaaruri jo bo neng jwa ba golola mo dingwaong tse di ntseng jalo tse di dirang batho makgoba! (Mathaio 15:1-9) Go a tshwana le gompieno.
10. Ke merwalo efe e e boima eo e tseelang boipelo eo ba le bantsi ba ileng ba e belega mme motho a ka ikutlwa jang fa merwalo eno e tlosiwa ka ntlha ya go ithuta boammaaruri?
10 Gongwe o mongwe yoo, ka ntlha ya morwalo o o boima wa dithuto tsa maaka tsa bodumedi, o neng o tshelela mo poifong o tshaba go tlhokofadiwa mo molelong wa dihele kana mo pakatoring morago ga o sena go swa. Kana fa mongwe yo o mo ratang a ne a swa, o ka nna wa tswa o ile wa felelwa ke maatla fa moruti mongwe a ne a go bolelela gore Modimo o tsere ngwana wa gago yo o mo ratang thata ka gonne A ne a tlhoka moengele yo mongwe—jaaka ekete Modimo o ne o tlhoka ngwana wa gago go feta kafa o neng o mo tlhoka ka teng. Ka dinako tse dingwe baruti gape ba bolelela batho ba ba tshwerweng ke bolwetsi bongwe jo bo rileng gore seno ke se ba se neeletsweng ke Modimo. A ga go lapolose eleruri go ithuta ka boammaaruri jwa Bibela jo bo gololang motho mo maakeng a a ntseng jalo a bodumedi a eleng morwalo o o boima? Abo seno se dira gore motho a ikutlwe a gololesegile jang ne!—Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4; Yohane 9:2, 3.
11. (a) Mongwe wa merwalo e megolo go gaisa ke ofe, mme o ka tlosiwa jang? (b) Jesu o ne a tlisetsa baleofi tapologo efe fa a ne a le mo lefatsheng?
11 Mongwe wa merwalo e megolo go gaisa o o ka o rwalang ke wa go nna molato ka ntlha ya maleo ao re ileng ra a dira. Go a golola go itse gore ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, maleo ano a ka tlosiwa. ‘Madi a ga Jesu a re tlhatswa boleo jotlhe,’ Bibela e re tlhomamisetsa jalo. (1 Yohane 1:7) Go sa kgathalesege dilo dipe tse di maswe thata tseo re ileng ra di dira, fa re ikwatlhaile tota le go siamisa ditsela tsa rona, re ka nna le kgololesego e e lapolosang ya segakolodi se se phepa le tlhomamisetso ya gore Modimo ga a kitla a tlhola a gakologelwa maleo a rona. (Pesalema 103:8-14; 1 Bakorintha 6:9-11; Bahebera 10:21, 22) Abo Keresete o tliseditse bao ba neng ba imelwa ke boleo tapologo jang ne, ba ba ntseng jaaka diaka le bakgethisi ba ba tshwanang le Sakaio! Jesu o ne a ba gomotsa ka dinnete tsa Bibela fa a ne a ja le bone.—Luke 5:27-32; 7:36-50; 19:1-10.
12. (a) Jesu o ne a tlisa tapologo go batho bao ba neng ba le mo maemong afe a a hutsafatsang? (b) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ke bomang bao Jesu a neng a ba bontsha ka tsela e e gakgamatsang gore ke ene “tsela, le boamarure, le botshelō”?
12 Batho ba bangwe ba bantsi ba rwele merwalo e e boima ya bolwetsi le botlhoko, go tshwenyega thata mo maikutlong, le go hutsafala thata goo go tlang ka ntlha ya loso lwa mongwe yo ba mo ratang. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a tlisetsa botlhe ba ba ntseng jalo tapologo bao ba neng ba ‘lapile le go imelwa.’ (Mathaio 4:24; 11:28, 29) O ne a fodisa mosadi mongwe yo o neng a na le dingwaga di le 18 a batla thuso mo dingakeng tsa kalafi mme a sa atlege. Jesu gape o ne a fodisa monna mongwe yo o neng a na le dingwaga di le 38 a lwala, le yo mongwe yo o neng a tsetswe e le sefofu. A o ka akanya fela ka moo ba neng ba ikutlwa ba gololesegile ka gone fa Jesu a ne a ba fodisa? (Luke 13:10-17; Yohane 5:5-9; 9:1-7) Ntlha ke gore botlhe ba ba neng ba tla kwa go Jesu ka tumelo ba ne ba tla mo motsweding wa boammaaruri, wa tapologo ya mmatota, le wa botshelo. Eleruri Jesu o ne a itshupa go motlholagadi yole yo o neng a amogela morwawe yo o neng e le ene fela fa a ne a boa mo losong le go batsadi ba mosetsana wa dingwaga di le 12 yo o neng a sule yo ba neng ba mmusediwa a tshela, ka tsela e e gakgamatsang gore ke “tsela, le boamarure, le botshelō.”—Yohane 14:6; 17:3; Luke 7:11-17; 8:49-56.
13. Jesu o ne a re ruta gore re retologele go mang go bona thuso, mme go diregang fa re latela kgakololo eno?
13 Kwantle ga pelaelo go na le dinako tseo o lebanang le mathata ka tsone ao a leng magolo go feta ao o ka kgonang go a rarabolola ka namana. Jesu o ne a re ruta gore re retologele mo go Jehofa go kopa thuso, fela jaaka le ene ka namana a ile a dira. (Luke 22:41-44; Bahebera 5:7) Fa re retologela go Modimo ka thapelo ka metlha, re ikutlwa ka tsela eo mopesalema a neng a ikutlwa ka yone yo o neng a kwala jaana: “A go bakwè Yehofa, eo o rwalañ merwalō ea rona ka malatsi [otlhe], eboñ Modimo o e leñ poloka ea rona.” (Pesalema 55:22; 68:19) Ee, go itse boammaaruri ruri go a lapolosa. Go re dira gore re atamalane le Jehofa ebile go re thusa gore re lemoge gore fa a re thusa re ka kgona go lwa le maemo le eleng a a boima go gaisa ka katlego.
Go Lapolosiwa ke Tsholofelo ya Bogosi
14. Ke eng seo se neng sa tshegetsa Jesu ka nako ya diteko tsa gagwe, mme ke eng seo e leng sa botlhokwa e le gore re ke re bonele mewa ya rona tapologo?
14 Gore re bonele mewa ya rona tapologo ya boammaaruri, re tshwanetse ra nna le tsholofelo e e nonofileng. Tsholofelo ke yone e e neng ya tshegetsa Jesu. Bibela e bolela jaana: “Ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ, me a dula kaha ntlheñ ea lecōgo ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi.” (Bahebera 12:2) Tsholofelo e e itumedisang e e neng ya tshegetsa Jesu e ne e le ya gore a tlatseletse mo go itshepisiweng ga leina la ga Rraagwe ka go boloka bothokgami, gammogo le go itshupa a tshwanelega go ka busa jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Fa re na le pono e e bonalang sentle ya tsholofelo ya rona, eleng ya go nna mmusi mmogo le Keresete kwa legodimong kana ya go nna mongwe wa babusiwa ba gagwe ba go tshela mo lefatsheng la Paradaise, le rona e tla re tshegetsa mo tirelong ya Modimo. Eleruri, tsholofelo eo e botlhokwa e le gore re ke re bonele mewa ya rona tapologo.—Baroma 12:12.
15. Ke dilo dife tse re ka di lebelelang mo botshelong fa re sena tsholofelo ya Bogosi?
15 A o ke o akanye fela ka dilo tseo re ka di lebelelang mo botshelong fa re sena tsholofelo ya Bogosi. Selekanyo se se tlwaelegileng sa dingwaga tse re di tshelang ke di le 70 fela kana gongwe di le 80. Mme matsatsi ao a feta ka bonako, jaaka motho ope fela yo o tsofalang a ka go bolelela! Ee, Bibela e bolela jaana ka boammaaruri malebana le botshelo: “Bo ile ka boheho, me re hohèle koñ.” (Pesalema 90:10) Lefa go ntse jalo, re batla gore malatsi a rona a nne a tswele pele. Re batla go tshela. Go na le dilo di le dintsi tse re tshwanetseng go di dira le go di ipelela.
16. Gore re bonele mewa ya rona tapologo, ke eng seo re tshwanetseng ra se dira?
16 Ka gone, abo go botlhokwa jang ne gore re tle go “Keresete Yesu cholohèlō ea rona” ka tumelo! (1 Timotheo 1:1) Jaaka a ne a bolela jaana: “Go rata ga Rrè ke mo, go re moñwe le moñwe eo o bōnañ Morwa Modimo, a mo dumèla, a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 6:40, 51) A re dumela seo? Gore re bonele mewa ya rona tapologo, ruri re tshwanetse ra se dumela. Ga re kake ra atlega fa re sa se dumele. Eleruri, go tshwanetse gore “cholohèlō ea polokō e nnè eōna tlhoro ea phemèlō” mo go rona. (1 Bathesalonia 5:8; bapisa Bahebera 6:19.) Tsholofelo eo e tshwanetse ya dibela mogopolo wa rona, eleng seo re se akanyang. Kwantle ga moo, re tla imelwa ke merwalo le ke mathata mo eleng gore re tla ineela re bo re latlhegelwe ke botshelo jo bo sa khutleng. Gore o ke o bonele moya wa gago tapologo, ka gone, tlhomamisega gore o boloke tsholofelo ya gago ya Bogosi e nonofile.
Go Bona Tapologo ka go Dira Tiro ya Modimo
17. (a) Gore re bone tapologo, ke eng seo se batlegang, mme ke ka ntlhayang fa seno e se selo se segolo thata mo go rona? (b) Go amogela jokwe ya ga Keresete go kopanyeletsang?
17 Mme gore re bone tapologo, go tlhokafala mo go oketsegileng go feta go tla mo go Jesu fela. O ne a oketsa jaana: “Ipeleseñ yokwe oa me [kana “tsenang le nna kafa tlase ga jokwe ya me”], lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ, me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.” (Mathaio 11:29, 30, New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase) Go ipelesa jokwe go bolela tiro. Mme tlhokomela gore Jesu ga a re kope gore re ipelese jokwe ka borona re bo re dira tiro eo re le rosi. Re tshwanetse ra tsena kafa tlase ga jokwe ya gagwe le ene. Mo lekgetlong leno, go amogela jokwe eo Jesu a e neelang go kopanyeletsa go dira boineelo go Modimo, re bontsha seno ka go kolobetswa mo metsing, mme morago ga moo re bo re tsaya boikarabelo jwa go nna morutwa wa ga Keresete. Mme jokwe e e ntseng jalo ya go nna morutwa e ka tlisetsa motho tapologo jang?
18. (a) Ke ka ntlhayang fa go amogela jokwe ya ga Keresete go tlisetsa tapologo? (b) Tiro ya go rera e re tlisetsa boipelo le tapologo jang?
18 Go amogela jokwe ya ga Keresete go tlisetsa tapologo ka gonne Jesu o bonolo le boingotlo mo pelong. Ereka e se motho yo o gatelelang ba bangwe, go a lapolosa go bereka mmogo le ene lo le kafa tlase ga jokwe e le nngwe. Ga a lebale ditlhaelo le makoa a rona. Jaaka a ne a bolela jaana, “Yokwe oa me o monate.” Ke boammaaruri, jokwe ya go dira barutwa e kopanyeletsa tiro, yone tiro ele ya go rera le go ruta eo Jesu a neng a e dira le eo a neng a e thapisetsa balatedi ba gagwe. (Mathaio 28:19, 20; Ditihō 1:8) Lefa go ntse jalo, abo ke tiro e e lapolosang jang ne ya go bolelela ba bangwe ka Modimo wa rona o o lorato, ka Morwawe, le ka Bogosi! Abo go lapolosa jang ne go bolelela batho kafa ba ka tshelang ka bosakhutleng ka gone mo Paradaiseng! Mme fa ba reetsa molaetsa ono wa Bogosi o o nayang botshelo le go kopanela le rona mo go direleng Jehofa Modimo, abo boipelo jwa rona bo nna bogolo jang ne!—1 Timotheo 4:16.
19. Ke ka ntlhayang fa kgakololo ya ga mogogadie Moshe wa monna e le botlhokwa mo bagolwaneng ba phuthego gompieno?
19 Mo dingwageng tsa bosheng jaana, batho ba le dimilione-milione bao ba tlhokang go thusiwa gore ba amogele jokwe ya ga Keresete ba ile ba tla mo phuthegong ya ga Jehofa, mme seno se oketsa morwalo wa tiro ya baboledi ba Bogosi le ya bao e leng badisa ba bone. Malebana le badisa ba ba ntseng jalo ba semoya, kgakololo eo moporofeti Moshe a neng a e amogela go tswa go mogogadie wa monna e botlhokwa, o ne a gakolola Moshe jaana: “Mo u go dihañ ga go molemō. Rure o tla tlhōrèga hèla, wèna, le batho ba u nañ nabō: gonne mo u go dihañ go bokete bobe mo go wèna; ga ua lekana go go diha u le nosi.” Ka gone o ne a gakolola Moshe gore a tlhophe banna ba bangwe ba ba nang le bokgoni gore ba dire tiro ya go alosa batho le bone. Go latela kgakololo eno go ne ga nna le katlego. (Ekesodo 18:17-27) Gompieno, thapiso e e tswelang pele e tla tlhagisa banna ba le bantsi ba ba nang le bokgoni, eleng “dimpho tse di mo bathong,” bao ba ka nnang le seabe mo go aloseng letsomane e le gore bagolwane ba phuthego ba seka ba tlhorega.—Baefesia 4:8, 16, NW.
20. Ke eng seo Jesu Keresete le Rraagwe ba se batlang mo go rona?
20 Lemororo Keresete a ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba bereke ka natla, ene mmogo le Rraagwe ga ba batle gore ope wa rona a bereke go feta tekano. Ka nako nngwe, fa bangwe ba ne ba kgala Maria ebong kgaitsadie Lasaro ka ntlha ya seo a neng a se direla Jesu, o ne a ba kgalemela, ka go bolela jaana: “Mo leseñ; . . . O dihile kaha o nonohileñ ka gōna.” (Mareko 14:6-8; Luke 13:24) Mme seo ke sone sotlhe seo se lebeletsweng mo go rona—gore re dire seo re ka se kgonang. Tiro e e ntseng jalo ya Bokeresete ga se morwalo mme go na le moo ke selo se se lapolosang. Ka ntlhayang? Ka gonne e tlisetsa kgotsofalo ya boammaaruri ga jaanong le tsholofelo e e tlhomameng ya melemo e e nnelang ruri ya mo isagweng.
21. (a) Morwalo o o motlhofo wa ga Keresete ke eng, mme ke eng seo gantsi se dirang gore tiro ya go rera e nne boima? (b) Ke eng seo e tshwanetseng ya nna boikemisetso jwa rona ka tlhomamo, mme ka tebelelo efe e e tlhomameng?
21 Ke boammaaruri, Satane o tla dira gore re bogisiwe, eleng fela jaaka mobelega jokwe ka rona, ebong Jesu Keresete, a ne a bogisiwa. (Yohane 15:20; 2 Timotheo 3:12) Mme gakologelwa gore ga se morwalo o o motlhofo wa ga Keresete o o leng boima. Go na le moo, ke kganetso ya ga Satane le badiredi ba gagwe eo gantsi e dirang gore tiro ya rona e nne boima jaana. Morwalo wa ga Keresete o kopanyeletsa fela gore re tshele go ya ka dipatlafalo tsa Modimo, mme ga di boima. (1 Yohane 5:3) Mme he, ekete re ka tswela pele re le kafa tlase ga jokwe ya ga Jesu Keresete re na le ene, re bereka ka natla mo tirong ya go rera le ya go ruta, fela jaaka le ene a ile a dira. Fa re dira jalo re tla, jaaka a solofeditse, ‘bonela mewa ya rona tapologo.’
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Go ya ka Baroma 8:22, ke boemo bofe jo setho se ileng sa nna mo go jone?
◻ Go itse boammaaruri go tlisetsa tapologo ka ditsela dife?
◻ Ke ka ntlhayang fa tsholofelo ya Bogosi e lapolosa jaana?
◻ Jokwe ya ga Jesu ke eng, mme ke ka ntlhayang fa e le bonolo?
◻ Re tla tlelwa ke tapologo fa re rwala morwalo ofe?