LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 8/15 ts. 17-22
  • “Jokwe Ya me E Bonolo, le Morwalo Wa me O Motlhofo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Jokwe Ya me E Bonolo, le Morwalo Wa me O Motlhofo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jokwe e e Bonolo
  • Morwalo o o Motlhofo
  • Go “Bonela Mewa ya Lona Tapologo”
  • ‘Go Bonela Mewa ya Lona Tapologo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Jesu O ne A Lapolosa ba ba Imetsweng
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Go Gololesega mo Matshwenyegong—Tharabololo e e Thusang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • “Tlang mo go Nna, . . . Mme ke Tla lo Lapolosa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 8/15 ts. 17-22

“Jokwe Ya me E Bonolo, le Morwalo Wa me O Motlhofo”

“Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me.”—MATHAIO 11:29.

1, 2. (a) Ke eng se o se boneng mo botshelong se se go lapolosang? (b) Ke eng se motho a tshwanetseng go se dira gore a amogele tapologo e Jesu a neng a e solofetsa?

GO TLHAPA ka metsi a a tsididi morago ga letsatsi le le mogote ka phefo e e bongola, kana go robala boroko jo bo monate bosigo morago ga leeto le letelele e bile le lapisa—a bo go lapolosa jang ne! Go nna jalo fa morwalo o o boima o tlosiwa kana fa boleo le ditlolomolao di itshwarelwa. (Diane 25:25; Ditiro 3:19) Go lapolosiwa ke maitemogelo ao a a itumedisang go a re shafatsa, mme re nna le maatla gore re dire mo go oketsegileng.

2 Batho botlhe ba ba imelwang le ba ba lapileng ba ka tla kwa go Jesu, ka gonne o ba solofeditse seo—tapologo. Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se motho a tshwanetseng gore a rate go se dira gore a tle a bone tapologo e e eletsegang thata. “Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me,” Jesu o ne a bolela seo, “mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo.” (Mathaio 11:29) Jokwe eno ke eng? E lere tapologo jang?

Jokwe e e Bonolo

3. (a) Ke mofuta ofe wa dijokwe o o neng o dirisiwa mo metlheng ya Baebele? (b) Ke tlhaloso efe e e tshwantshetsang e e amanang le jokwe?

3 Jesu le bareetsi ba gagwe ba ne ba itse jokwe sentle, e re ka ba ne ba tshela mo setšhabeng se se lemang. Totatota, jokwe ke logong lo lotelele lo lo kgaogantsweng ka dikarolo di le pedi kafa tlase ga lone gore lo tsene mo melaleng ya diphologolo di le pedi tse di gogang, gantsi go dirisiwa dipholo, gore di tsamaye di bapile fa di goga mogoma, kara, kana morwalo o mongwe. (1 Samuele 6:7) Gape go ne go dirisiwa dijokwe mo bathong. E ne e le dikgong tse di motlhofo kana dipale tse di neng di bewa mo magetleng di beilwe morwalo mo matlhakoreng oomabedi. Badiri ba ne ba kgona go rwala merwalo e e boima ka tsone. (Jeremia 27:2; 28:10, 13) Gantsi jokwe e dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso mo Baebeleng go tshwantshetsa go gatelelwa kana go laolwa, ka gonne e amana le merwalo le tiro.—Duteronome 28:48; 1 Dikgosi 12:4; Ditiro 15:10.

4. Ke eng se se tshwantshediwang ke jokwe e Jesu a e neelang batho ba ba tlang kwa go ene?

4 Jaanong he, ke jokwe efe e Jesu a neng a laletsa ba ba tlang kwa go ene gore ba e rwale gore ba lapologe? Gakologelwa gore o ne a bolela jaana: “Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me.” (Mathaio 11:29) Motho yo o ithutang ke morutwa. Ka gone, go tsaya jokwe ya ga Jesu tota go raya go nna morutwa wa gagwe. (Bafilipi 4:3) Lefa go ntse jalo, seno se tlhoka se se fetang go itse dithuto tsa gagwe fela. Se tlhoka gore motho a dire sengwe se se dumalanang le tsone—a dira tiro e a neng a e dira le go tshela ka tsela e a neng a tshela ka yone. (1 Bakorinthe 11:1; 1 Petere 2:21) Go tlhoka gore o ikobele bolaodi jwa gagwe ka go rata le go ikobela bao a ba neetseng taolo. (Baefeso 5:21; Bahebere 13:17) Go raya go nna Mokeresete yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng, o amogela ditshiamelo le maikarabelo otlhe a a nnang gone fa motho a ineetse jalo. Ke yone jokwe e Jesu a e neelang batho botlhe ba ba tlang kwa go ene gore a ba gomotse le go ba lapolosa. A o ka rata go e amogela?—Johane 8:31, 32.

5. Ke ka ntlha yang e ne e ka se nne tiro e e setlhogo go rwala jokwe ya ga Jesu?

5 Go bona tapologo ka go rwala jokwe—a mafoko ano ga a ikganetse? Tota ga a ikganetse, ka gonne Jesu o ne a bolela gore jokwe ya gagwe e “bonolo.” Lefoko leno le tlhalosa go nna bori, molemo, botsalano. (Mathaio 11:30; Luke 5:39; Baroma 2:4; 1 Petere 2:3) E re ka Jesu a ne a rutilwe go nna mmetli, gongwe o ka tswa a ile a dira megoma le dijokwe, mme o ne a ka itse gore jokwe e betlwa jang gore e lekane e le gore tiro e kgolo e dirwe ka tsela e e motlhofo. O ne a ka nna a fapa dijokwe ka letsela kana ka letlalo. Dijokwe di le dintsi di dirwa ka tsela eo e le gore di se ka tsa gotlha molala thata. Ka tsela e e tshwanang, jokwe ya tshwantshetso e Jesu a re e neelang e “bonolo.” Le mororo go nna morutwa wa gagwe go akaretsa go dira ditiro le maikarabelo mangwe a a rileng, ga se tiro e e setlhogo kana e e gatelelang mme ke e e lapolosang. Ditaolo tsa ga Rraagwe wa Selegodimo, Jehofa, le tsone ga di boima.—Duteronome 30:11; 1 Johane 5:3.

6. Ke eng se Jesu a ka tswang a ne a se bolela fa a ne a re: “Ipeleseng jokwe ya me”?

6 Go na le selo se sengwe gape se se dirang gore jokwe ya ga Jesu e nne “bonolo,” kana e nne motlhofo go rwalwa. Fa a ne a re: “Ipeleseng jokwe ya me,” o ka nna a bo a ne a raya selo se le sengwe mo dilong tse pedi. Fa e le gore o ne a akantse ka dijokwe tse di pataganeng, e leng mofuta wa jokwe e e kopanyang diphologolo tse pedi mmogo gore di goge morwalo, he, o ne a re laletsa gore re tsene kafa tlase ga jokwe e le nngwe fela le ene. A bo seo e ne e tla nna lesego jang ne—go bo Jesu a le fa thoko ga rona fa re goga morwalo wa rona! Mo letlhakoreng le lengwe, fa e le gore Jesu o ne a akantse ka jokwe e e dirisiwang ke modiri fela, he, o ne a re neela dilo tse di mosola tse di ka dirang gore morwalo ope fela o re tshwanetseng go o rwala o nne motlhofo kana o laolesege. E ka tswa e le ka tsela efe, jokwe ya gagwe e a lapolosa tota ka gonne o re tlhomamisetsa jaana: “Gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong.”

7, 8. Batho bangwe ba dira phoso efe fa ba ikutlwa ba gateletswe?

7 Ke eng he, se re tshwanetseng go se dira fa re ikutlwa gore morwalo o re o rweleng wa mathata a lefatshe ga re sa tlhole re kgona go o itshokela e bile o re gateletse ka tsela e e feteletseng? Batho bangwe ba ka nna ba akanya ka tsela e e phoso gore go nna morutwa wa ga Jesu Keresete go thata tota kana go tlhoka dilo di le dintsi, le mororo dilo tse ba di tlhokometseng tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi e le tsone tse di ba imelang. Batho bangwe ba ba mo boemong joo ba kgaotsa go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, kana ba ikgogona mo go nneng le seabe mo bodireding, gongwe ba ikutlwa gore ba tla imololwa. Lefa go ntse jalo, eo ke phoso e e masisi.

8 Re tlhaloganya gore jokwe e Jesu a re e neelang e “bonolo.” Fa re ne re sa e rwale sentle e ne e tla re kgobola. Mo lebakeng le le ntseng jalo re tshwanetse go sekaseka jokwe e e mo magetleng a rona. Fa e le gore gongwe ka lebaka le le rileng jokwe ga e a baakanngwa kana ga e a sikarwa sentle, e ka se re tlhoke boiteko jo bo oketsegileng fela fa re e dirisa mme gape e tla re utlwisa botlhoko. Ka mafoko a mangwe, fa ditiro tsa puso ya Modimo di simolola go lebega e kete di a re imela, re tshwanetse go tlhatlhoba gore re bone fa re di tshwara ka tsela e e tshwanetseng. Ke eng se se re tlhotlheletsang go dira se re se dirang? A re a bo re ipaakanyeditse sentle fa re ya kwa dipokanong? A re ipaakanya mo mmeleng le mo tlhaloganyong fa re ya mo bodireding jwa tshimo? A re nna ditsala tse di gaufi thata le tse di molemo le ba bangwe mo phuthegong? Mme mo godimo ga dilo tsotlhe, kamano ya rona le Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete e ntse jang?

9. Ke ka ntlha yang fa jokwe ya Bokeresete le ka motlha e sa tshwanela go nna morwalo o o boima thata?

9 Fa re amogela jokwe e Jesu a re e neetseng ka pelo yotlhe re bo re ithuta go e sikara sentle, ga go na lebaka la gore e lebege e le morwalo o o boima thata. E bile tota, fa re ka sekaseka seemo sentle—re na le Jesu kafa tlase ga jokwe e le nngwe—ga go thata gore re bone gore ke mang tota yo o rweleng morwalo o mogolo. O tshwana le ngwana yo o ithutang go tsamaya yo o itshegeditseng ka dinaka tsa poreme ya gagwe, a akanya gore ke ene a e tsamaisang, mme tota gone e kgaramediwa ke motsadi. Jehofa Modimo jaaka Rre yo o lerato, o lemoga ditlhaelo le diphoso tsa rona, mme o re neela dilo tse re di tlhokang ka Jesu Keresete. Paulo o ne a bolela jaana: “Modimo . . . o tlaa lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang, ka fa lohumong lwa one mo kgalalelong mo go Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:19; bapisa Isaia 65:24.

10. Ke eng se se itemogetsweng ke mongwe yo o tsayang go nna morutwa jaaka sengwe se se masisi?

10 Bakeresete ba le bantsi ba ba ineetseng ba ile ba simolola go tlhaloganya seno ka gore ba se itemogele ka namana. Ka sekai, go na le Jenny, yo o tsayang gore go dira e le mmulatsela yo o thusang mo kgweding nngwe le nngwe le go bereka letsatsi lotlhe kwa tirong ya boitshediso e e mo tlhokang dilo di le dintsi go mo gatelela fela thata. Lefa go le jalo, o ikutlwa gore tiro ya bobulatsela tota e mo thusa gore a lekalekane mo maikutlong. Go thusa batho gore ba ithute boammaaruri jwa Baebele le go ba bona ba fetola matshelo a bone gore ba amogelwe ke Modimo—ke gone mo go mo itumedisang fela thata lefa a tshwaregile mo botshelong. O dumalana ka pelo yotlhe le mafoko a seane se se reng: “Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.”—Diane 10:22.

Morwalo o o Motlhofo

11, 12. Ke eng se Jesu a neng a se bolela fa a ne a re: “Morwalo wa me o motlhofo”?

11 Mo godimo ga gore Jesu a re solofetse jokwe e e “bonolo,” o re tlhomamisetsa jaana: “Morwalo wa me o motlhofo.” Jokwe e e “bonolo” e setse e dira gore tiro e nne motlhofo; fa morwalo le one o le motlhofo, eleruri tiro e nna monate. Lefa go ntse jalo, ke eng se Jesu a neng a se akantse fa a ne a bua mafoko ao?

12 A o ko o akanye ka se molemimorui a neng a ka se dira fa a ne a batla go fetola ditiro tsa diphologolo tsa gagwe, a re re gongwe di ne di lema, jaanong o batla gore di goge kara. La ntlha o ne a tla di golola mo mogomeng mme go tswa foo a bo a di golega mo kareng. E ne e tla bo e le boeleele gore a golege diphologolo mo mogomeng le mo kareng ka nako e le nngwe fela. Ka mo go tshwanang, Jesu o ne a sa bolelele batho gore ba beye morwalo wa gagwe mo godimo ga o ba neng ba ntse ba na le one pele. O ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ga go motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi.” (Luke 16:13) Ka gone, Jesu o ne a batla gore batho ba itlhophele. A ba ne ba tla batla go tswelela pele ba rwele morwalo o o boima o ba neng ba ntse ba na le one pele, kana ba ne ba tla o rola ba bo ba amogela o a o ba neelang? Jesu o ne a ba tlhotlheletsa jaana ka tsela e e lerato: “Morwalo wa me o motlhofo.”

13. Batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba rwala morwalo o o ntseng jang, mme go ne ga felela ka eng?

13 Mo motlheng wa ga Jesu, batho ba ne ba kgaratlha kafa tlase ga morwalo o o boima o ba neng ba o rwesitswe ke babusi ba ba gatelelang ba Baroma le baeteledipele ba bodumedi ba ba setseng dingwao morago, ba ba boitimokanyo. (Mathaio 23:23) Batho bangwe ba ne ba leka go fetola dilo ka bobone, ba leka go ithola morwalo wa Baroma. Ba ne ba tsena mo dintweng tsa sepolotiki, ga felela ba le mo mathateng a a masisi. (Ditiro 5:36, 37) Batho bangwe ba ne ba ititaya sehuba gore ba tokafatse boemo jwa bone ka go batla dikhumo bobe. (Mathaio 19:21, 22; Luke 14:18-20) Fa Jesu a ne a ba neela tsela ya go ba imolola ka go ba laletsa gore ba nne barutwa ba gagwe, e ne e se botlhe ba ba neng ba ipaakanyeditse go e amogela. Ba ne ba okaoka go rola morwalo o ba neng ba ntse ba o rwele pele, lefa gone o ne o le boima, le gore ba rwale wa gagwe. (Luke 9:59-62) A bo ba ne ba dira phoso e kgolo jang ne!

14. Ditlhodiego tsa botshelo le dikeletso tsa go nna le dikhumo di ka re imela jang?

14 Fa re sa tlhokomele, re ka dira phoso e e tshwanang gompieno. Go nna barutwa ba ga Jesu go re golola mo go lelekiseng mekgele le ditekanyetso tse di tshwanang le tse di lelekisiwang ke batho ba lefatshe. Le mororo re santse re tshwanelwa ke go dira ka natla gore re bone dilo tse re di tlhokang tsa letsatsi le letsatsi, ga re dire dilo tseno gore e nne tsone tsa konokono mo botshelong jwa rona. Lefa go ntse jalo, ditlhodiego tsa botshelo le serai sa go rata dilo tse di manobonobo di ka re laola ka tsela e e nonofileng. Fa re ka di letlelela, dikeletso tseo di ka nna tsa fekeetsa boammaaruri jo re bo amogetseng ka matlhagatlhaga. (Mathaio 13:22) Re ka tshwarega thata mo go kgotsofatseng dikeletso tseo mo e leng gore maikarabelo a rona a Bokeresete a simolola go re lapisa go bo go batla gore re a dire ka bonako re a thibose mo tseleng. Eleruri re ka se lebelele gore re lapolosiwe ke tirelo e re e direlang Modimo fa re dira ka boikutlo jo bo ntseng jalo.

15. Jesu o re neetse tlhagiso efe e e malebana le go eletsa dikhumo?

15 Jesu o ne a bontsha gore botshelo jo bo itumedisang ga bo tlisiwe ke go gagamalela go dira dilo tsotlhe tse re di batlang, mme bo dirwa ke go tlhomamisa gore dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong ke dife. O ne a tlhagisa jaana: “Se tlhobaeleleng botshelo jwa lona lwa re ‘Re tlaa ja eng, re tlaa nwa eng?’ Le fa e le ka ga mmele lwa re: ‘Re tlaa apara eng?’ Botshelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo?” Go tswa foo o ne a dira gore re tlhokomele dinonyane tsa legodimo mme a re: “[Ga di] jale le gone [ga di] robe, le fa e le go rorela mo mabolokelong; mme Rraeno wa legodimo o a di otla.” O ne a bolela jaana fa a ne a bua ka dithunya tsa naga: “Ga di dire, ga di otlhe. Le fa go ntse jalo ke a lo raya, le e leng ene Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tsone tseo.”—Mathaio 6:25-29.

16. Ke eng se se bontshitsweng ke boitemogelo bongwe jo bo malebana le go lelekisa dikhumo?

16 A re ka ithuta sengwe mo dithutong tseno tse di mosola tse di motlhofo? Ke boitemogelo jo bo tlwaelegileng gore fa motho a gagamalela go itlhatlosa maemo ka dithoto, o setse a raelesega go lelekisa dilo tsa lefatshe mme a bo a ikimetsa ka merwalo e e boima. Lefatshe le tletse ka batsamaisi ba kgwebo ba ba thubegetsweng ke malapa, ba ba nang le manyalo a a kgaoganeng, botsogo jo bo sa siamang le tse dingwe ka go bo ba ne ba lelekisa dikhumo. (Luke 9:25; 1 Timotheo 6:9, 10) Albert Einstein yo o kileng a neelwa sekgele sa Nobel o kile a bolela jaana: “Go nna le dithoto, go lebega e ke te o a atlega, go tuma, manobonobo—ga ke bolo go tlhoa dilo tseno. Ke dumela gore go tshela ka tsela e e motlhofo le e e tlwaelegileng go siametse mongwe le mongwe.” Seno se tshwana le kgakololo eno e e motlhofo fela ya ga moaposetoloi Paulo: “Poifomodimo e e nang le pelo e e ritibetseng ke papadi e kgolo.”—1 Timotheo 6:6.

17. Baebele e akantsha batho gore ba tshele ka tsela efe?

17 Go na le karolo nngwe e e botlhokwa e re sa tshwanelang go e tlodisa matlho. Lefa “go tshela ka tsela e e motlhofo le e e tlwaelegileng” go na le melemo e le mentsi, ga se gone go dirang gore motho a kgotsofale. Go na le batho ba le bantsi ba ba tshelang botshelo jo bo motlhofo fela ka go bo ba patelediwa ke maemo, lefa go ntse jalo ba sa kgotsofala kana ba sa itumela gotlhelele. Baebele ga e re kgothatse gore re ithontshe go nna le dithoto le gore re tshele re le esi. Go gatelelwa poifomodimo thata, e seng go ikgotsofatsa. Ke fela fa re pataganya dilo tseno tse pedi mo re nnang le “papadi e kgolo.” Papadi efe? Paulo o tswelela pele a tlhalosa jaana mo lekwalong leo gore batho ba ba “solofela[ng] mo bosenang tlhomamo jwa khumo, fa e se mo Modimong fela, o o re nayang dilo tsotlhe ka letlotlo,” ba tla “ipeelela motlha o o tlang motheo o o molemo, gore ba tle ba tshware botshelo jo e leng botshelo ruri.”—1 Timotheo 6:17-19.

18. (a) Motho o ka bona tapologo ya boammaaruri jang? (b) Re tshwanetse go leba jang diphetogo tse re ka nnang ra tshwanelwa ke gore re di dire?

18 Re tla lapologa fa re ithuta go ithola morwalo wa rona o o boima o re ka nnang ra tswa re o rwele mme re rwale morwalo o o motlhofo o Jesu a re o neelang. Batho ba le bantsi ba ba tokafaditseng matshelo a bone gore ba kgone go nna le seabe ka botlalo mo tirelong ya Bogosi, ba bone tsela e e tla ba itumedisang le e e tla ba kgotsofatsang mo botshelong. Ke boammaaruri gore go tlhokega gore motho a nne le tumelo le bopelokgale gore a gatele pele jalo, mme go ka nna ga nna le dikgoreletsi mo tseleng. Mme Baebele e re gakolola jaana: “Ene yo o tlhokometseng phefo ga a ketla a jala; le yo o gopolang maru ga a ketla a roba.” (Moreri 11:4) Tota dilo di le dintsi ga di thata fa re ititeile sehuba gore re a di dira. Go lebega se se leng thata e le gore re ititeye sehuba go dira sengwe. Re ka nna ra lapa ka go lwantshana kana go gana go amogela tiro e e thata. Fa re nonotsha megopolo ya rona re bo re amogela kgwetlho eno, re ka nna ra gakgamadiwa ke go bona masego a a ka nnang teng. Mopesalema o ne a rotloetsa jaana: “A ko lo lekeng lo bone fa Jehofa a le molemo.”—Pesalema 34:8; 1 Petere 1:13.

Go “Bonela Mewa ya Lona Tapologo”

19. (a) Ke eng se re ka se lebelelang fa maemo a lefatshe a ntse a nnela maswe kwa pele? (b) Ke eng se re se tlhomamisediwang fa re santse re le kafa tlase ga jokwe ya ga Jesu?

19 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola barutwa ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga jaana: “Re na le go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.” (Ditiro 14:22) Seo se santse se le mosola le e leng gompieno. Fa maemo a lefatshe a ntse a nnela maswe kwa pele, dikgatelelo tse di tlelang batho botlhe ba ba ititayang sehuba gore ba tshele botshelo jo bo siameng le jwa poifomodimo di tla oketsega go feta le e leng pele. (2 Timotheo 3:12; Tshenolo 13:16, 17) Lefa go ntse jalo, re ikutlwa fela jaaka Paulo fa a ne a bolela jaana: “Re a pitlelelwa ka ntlha tsotlhe, le fa go ntse jalo ga re a pitlagana; re a akabadiwa, le fa go ntse jalo e be e se mo go re tlhobosang. Re a khukhelwa, le fa go ntse jalo ga re a latlhwa; re thubanyediwa fa fatshe, le fa go ntse jalo ga re a senyega.” Lebaka ke gore re ka ikaega ka Jesu Keresete gore a re neele maatla mo go se re ka se kang ra se kgona. (2 Bakorinthe 4:8, 9) Fa re amogela jokwe ya go nna morutwa ka pelo yotlhe, re tla bona tsholofetso eno ya ga Jesu e diragadiwa: “Lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo.”—Mathaio 11:29.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Ke jokwe efe e e bonolo e Jesu a neng a e neela batho?

◻ Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re ikutlwa gore jokwe ya rona e simolola go nna boima?

◻ Ke eng se Jesu a neng a se bolela fa a ne a re: “Morwalo wa me o motlhofo”?

◻ Re ka tlhomamisa jang gore morwalo wa rona o nna o le motlhofo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela