Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◻ A Jesu ke Motsereganyi wa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya fela kana ke wa setho sotlhe, ereka 1 Timotheo 2:5, 6 e bua ka ene jaaka “motsereganyi” yo o “intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe”?
Bibela e na le dithuto tsa motheo mmogo le boammaaruri jo bo boteng, tseo eleng dijo tse di loileng tse go ka ithutiwang ka tsone. Nngwe ya dithuto tsa go nna jalo e malebana le seabe sa ga Jesu Keresete jaaka Motsereganyi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka esi, Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe; e le chupō e e tla shupiwañ mo metlheñ ea eōna.”—1 Timotheo 2:5, 6.
Gore re tlhaloganye seo Paulo a neng a se bolela, santlha re tshwanetse ra lemoga gore Bibela e bua ka diphelelo di le pedi tsa batho ba ba ikanyegang: (1) botshelo jo bo itekanetseng mo paradaiseng e e tsosolositsweng ya mo lefatsheng le (2) botshelo kwa legodimong jwa “lecomanyane” la ga Jesu, la ba ba 144 000. (Luke 12:32; Tshenolō 5:10; 14:1-3) La-Bodumedi e ruta gore batho botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong, seo e leng boemo jo e seng jwa Dikwalo jo bo ileng jwa ama pono ya batho ka kakaretso, mo eleng gore Jesu o tsewa jaaka motsereganyi wa batho botlhe ba ba ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, ke eng seo Bibela e se supang?
Lefoko la Segerika eleng me·siʹtes, leo le dirisediwang “motsereganyi,” le kaya ‘motho yo o iphitlhelang a le fa gare ga ditlhopha di le pedi kana fa gare ga dikarolo di le pedi.’ E ne e le ‘lefoko le le thata le le nang le dikarolo di le dintsi la puo ya semolao ya Segerika.’ Porofesara Albrecht Oepke (Theological Dictionary of the New Testament) o bolela gore me·siʹtes e ne e le “lengwe la mafoko a a thata a a farologaneng thata a mo tlotlofokong ya molao wa Segerika.”
Mme ke ka ntlhayang fa Bibela e dirisa lefoko la semolao e le dirisetsa seabe sa go nna motsereganyi sa ga Jesu? Jaaka tshedimosetso e e tshegetsang seno, a o ke o tlhokomele seo Paulo a neng a se kwala malebana le Molao wa Modimo o o neng wa neelwa Baiseraele bao ba neng ba phuthegetse fa pele ga Thaba ya Sinai: “Oa tlhōñwa ke baengele ka seatla sa motseriganyi.” (Bagalatia 3:19, 20) Motsereganyi yoo e ne e le Moshe. E ne e le moemedi yo eleng motsereganyi fa gare ga ga Jehofa le morafe wa Iseraele wa senama. E ne e le moemedi wa eng? Wa go tlhongwa ga kgolagano, kana tumalano ya semolao, fa gare ga Modimo le morafe oo.a
A seno se kaya gore go na le bokao jo bo rileng jwa semolao jo bo kopanyelediwang mo seabeng sa ga Jesu jaaka motseriganyi? Ee. Tlhokomela kakgelo eno ya ga Paulo e e mo go Bahebera 8:6. Morago ga a sena go bua ka motlaagana le ka dilo tse dingwe tsa kafa tlase ga kgolagano ya Molao tseo go neng go na le seo di se emelang, o ne a kwala jaana: “[Jesu] o bonye tihèlō e e gaisañ, yaka a bile a le motsereganyi oa kgōlaganō e e molemō bogolo, eo e e theilweñ [semolao] mo dipoleloñ tsa choloheco tse di molemō bogolo.” “Kgōlaganō e e molemō bogolo” eo e ne e le kgolagano e ntšha, eleng eo kgolagano e e neng e tsereganngwa ke Moshe e neng ya emisediwa ka yone. (Bahebera 8:6-13) Kgolagano e ntšha e ne e ‘theilwe semolao.’ E ne ya thaya motheo wa gore bangwe ba balatedi ba ga Keresete, go simolola ka baaposetoloi, ba kgone go “tsena mo heloñ ga boitshèpō,” eleng legodimo ka bolone.—Bahebera 9:24; 10:16-19.
Go na le dilo tse dingwe tseo le tsone di supang ka moo seabe sa ga Jesu jaaka Motsereganyi wa “kgōlaganō e ncha” eleng sa semolao ka gone. Fa Paulo a ne a akgela malebana le tsholofetso ya Modimo e e mo go Pesalema 110:4, o ne a kwala jaana: “Ka bokalo le gōna Yesu o tsile a nna moemedi [enʹgy·os] oa kgōlaganō e e molemō bogolo.” (Bahebera 7:22) Fano ke gone fela mo Bibela e dirisang lefoko enʹgy·os gone. The New International Dictionary of New Testament Theology e bolela jaana: “Engyos o ne a tlhomamisetsa gore maikarabelo mangwe a semolao a ne a tla diragadiwa.” Jalo Jesu jaaka Motsereganyi wa kgolagano e ntšha o direla jaaka moemedi wa semolao wa gore “cholohèlō e e gaisañ” e tla diragadiwa.—Bahebera 7:19.
Kwa gongwe gape Paulo o santse a dirisa lefoko le lengwe le le nang le bokao jwa semolao, eleng ar·ra·bonʹ, leo re ranolwang jaaka “pèèlèlō.” Yone buka e e tlhalosang mafoko eo e bolela jaana: “Lefoko la Segerika eleng arrabōn . . . ke mogopolo wa semolao o o tswang mo puong ya kgwebo le ya kgwebisano.” Tlhokomela ka moo Paulo a neng a dirisa lefoko leno la semolao ka gone: “Eo o re tloditseñ, ke Modimo; O o bileñ oa re baea sekanō, me oa re naea pèèlèlō ea Mōea mo peduñ tsa rona.” (2 Bakorintha 1:21, 22) Mo gongwe gape moo ar·ra·bonʹ e tlhagang gabedi gone le gone go malebana le fa Modimo a tlotsa Bakeresete ka moya, a ba tlisetsa ‘mpho kana boswa jo bo sa khutleng jwa kwa magodimong’ jaaka barwa ba semoya ba Modimo.—2 Bakorintha 5:1, 5; Baefesia 1:13, 14; bona Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures.
Ka phepafalo, he, kgolagano e ntšha ga se thulaganyo e e sa gagamalang eo e bulegetseng setho sotlhe. Ke paakanyetso ya semolao eo e rulagantsweng ka kelotlhoko eo e kopanyeletsang Modimo le Bakeresete ba ba tloditsweng.
Seno se tshwanetse sa re thusa gore re tlhaloganye 1 Timotheo 2:5, 6. Fano go ne ga buiwa ka “motsereganyi” morago ga lefoko leo le sena go tlhaga makgetlho a le matlhano mo dikwalong tseo di kwadilweng pelenyana ga leo. Ka gone, Timotheo o ne a ka bo a ile a tlhaloganya gore botsereganyi jwa ga Jesu ke seabe sa Gagwe sa semolao seo se amanang le kgolagano e ntšha. The Pastoral Epistles, ya ga Dibelius le Conzelmann, e dumalana gore mo go 1 Timotheo 2:5 ‘lefoko “motsereganyi” le na le bokao jwa semolao,’ mme “lemororo mo temaneng eno, fa e bapisiwa le Bahebera 8:6, [kgolagano] e sa umakiwe, lefa go ntse jalo motho o tshwanetse a tsaya gore bokao jwa lone ke ‘motsereganyi wa kgolagano,’ jaaka fa dintlha tse di dikologileng eno di bontsha.” Moperofesara Oepke o tlhalosa gore 1 Timotheo 2:5 e tlhagisa Jesu jaaka “rramolao kana motshwara-ditherisano.”
Setshwantsho sa segompieno se ka thusa go sedimosa seno, segolo-bogolo fa e le gore ga o Mokeresete yo o tloditsweng ka moya. Akanya ka kgetsi ya semolao eo rramolao a nang le seabe mo go yone. Seabe sa gagwe se ka nna sa seka sa tshwana le sa agente yo o buelelang gore go dirwe tshiamo mme seabe sa gagwe e tla nna sa motho yo o tsereganyang kana yo o dirang gore go nne le tumalano ya semolao eo e amogelwang ke ditlhopha tsoopedi ebile e le mosola mo go tsone ka bobedi. Gone tota, ga o mo kgetsing eo ya semolao, jalo ka tsela eo ga a direle jaaka rramolao wa gago. Lefa go ntse jalo e ka nna ya bo e le tsala e lo atamalaneng thata nayo eo ka ditsela tse dingwe a go thusang thata.
Ka dinako tse dingwe tiro ya ga rramolao e ka tlhagisa matswela ao a solegelang ba bantsi molemo. Go ntse jalo le ka seo Jesu a se fitlhelelang semolao jaaka Motsereganyi wa kgolagano e ntšha. E tlhagisa seo kgolagano ya Molao e sa kang ya se tlhagisa, eleng “bogosi yoa baperisiti” jwa selegodimo. (Ekesodo 19:6; 1 Petere 2:9) Morago ga moo Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo Bogosing ba tla dira le Jesu go tswa kwa legodimong go tlisetsa “merahe eotlhe ea lehatshe” tshegofatso.—Genesise 22:18.
Batho ba merafe yotlhe bao ba nang le tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng ba solegelwa molemo ke ditirelo tsa ga Jesu Keresete le eleng ga jaanong. Lemororo e se Motsereganyi wa bone wa semolao, ka gonne ba se mo kgolaganong e ntšha, ke ene yo ba atamelang Jehofa ka ene. Keresete o ne a bolela jaana: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.” (Yohane 14:6) Botlhe bao ba tlileng go bona botshelo mo lefatsheng ba tshwanetse ba lebisa dithapelo tsa bone kwa go Jehofa ka Jesu. (Yohane 14:13, 23, 24) Jesu gape o direla jaaka Moperesiti yo Mogolo yo o kutlwelo botlhoko yo o kgonang go dirisa melemo ya setlhabelo sa gagwe a e dirisetsa bone, a ba letla gore ba bone boitshwarelo mme gore kgabagare ba bone poloko.—Ditihō 4:12; Bahebera 4:15.
Ka gone, 1 Timotheo 2:5, 6 ga e dirise “motsereganyi” ka tsela e e atlabetseng eo e tlwaelegileng mo dipuong di le dintsi. Ga e bolele gore Jesu ke motsereganyi fa gare ga Modimo le setho sotlhe. Go na le moo, e bua ka Keresete jaaka Motsereganyi wa semolao (kana, “rramolao”) wa kgolagano e ntšha, seno e le tsela e e lekanyeditsweng eo Bibela e dirisang lefoko leno ka yone. Gape Jesu ke thekololo ka mo go tshwanang mo go botlhe ba ba leng mo kgolaganong eo, Bajuda mmogo le Baditšhaba, bao ba tla amogelang botshelo kwa legodimong ba sa tlhole ba swa. Moaposetoloi Johane o ne a bua ka bano mo go 1 Yohane 2:2. Mme o ne a bontsha jaana gore ba bangwe le bone ba tla amogela molemo wa setlhabelo sa ga Keresete: “Ke èna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.”
Bao eleng ba “lehatshe yeotlhe” ke botlhe bao ba tla bonang botshelo jo bosakhutleng mo paradaiseng e e tsosolositsweng ya mo lefatsheng. Dimilione-milione tsa batlhanka ba ba ntseng jalo ba Modimo bao o ba amogelang jaanong ba na le tsholofelo ya mo lefatsheng. Ba leba Jesu jaaka Moperesiti wa bone yo Mogolo le Kgosi ya bone eo ba ka atamelang Jehofa ka ene letsatsi le letsatsi. Ba ikanya thekololo ya ga Jesu, eo ba ka kgonang go e bona, fela jaaka e tla bonwa ke banna ba ba ntseng jaaka Aberahame, Dafide, Johane Mokolobetsi fa ba tsosiwa. (Mathaio 20:28) Ka gone, setlhabelo sa ga Keresete se tla dira gore setho sotlhe se se nang le kutlo se bone botshelo jo bosakhutleng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Motlotlo o o malebana le dikgolagano o tlhaga go Tora ya Tebelo ya February 1, 1989, ditsebe 10-20.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Fano kwa Thabeng ya Sinai, Moshe o ne a direla jaaka motsereganyi wa kgolagano ya Molao
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.