LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 10/15 ts. 3-4
  • Go na le Tsholofelo Efe ka ba ba Suleng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go na le Tsholofelo Efe ka ba ba Suleng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘A Baswi ba a Tshela?’
  • A Baswi ba tla Boa ba Tshela Gape?
  • A o Na le Moya O o Sa Sweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Botshelo Morago ga Loso—Baebele ya Reng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tumelo ya Gago mo Tsogong ya Baswi e Nonofile go le Kanakang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Moya
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 10/15 ts. 3-4

Go na le Tsholofelo Efe ka ba ba Suleng?

LELAPA lengwe la batho ba banana le ne le le mo loetong le ya kwa lotshitshing lo lo kafa botlhaba lwa Afrika Borwa ka malatsi a boikhutso. Batsadi ba mosadi ba ne ba le mo koloing e nngwe fa pele. Ka tshoganetso fela lootwana lo ne lwa thunya. Fa ba ntse ba baakanyetsa go tsenya le lengwe fa thoko ga tsela, mokgweetsi mongwe yo o tagilweng o ne a thula dikoloi tse pedi tseno. Monnamogolo le mosadi wa gagwe ba ne ba tlhokafala. Monna yo mmotlana o ne a tlhokafala malatsi a sekae moragonyana. Mosadi wa gagwe o ne a robegile dikgopo ebile a gobetse. Leseanyana la gagwe le ne la golafala mo bobokong.

Abo lelapa leno le le senang lesego le ne la tlhagelwa ke masetlapelo jang ne! Fa Carolann, monnawe mosadi yo mmotlana yono, a utlwa dikgang tseno, o ne a ikutlwa a robegile ditokololo. Masetlapelo a a tshwanang le ano a diragala mo dinageng tsotlhe. Balosika le ditsala ba ba utlwileng botlhoko ba ipotsa go re, ‘A eleruri baswi ba sule,’ kana . . . 

‘A Baswi ba a Tshela?’

Mo e ka nnang ditumelo tsotlhe di ruta gore moya ga o swe. Ka gone, balatedi ba tsone ba dumela gore bao ba tlhokafalang eleruri ga baa swa mme ba santse ba tshela kwa legodimong, kwa pakatoring, kana kwa diheleng. Jaaka dikereke tse dintsi di ruta, bao ba leng mo diheleng ba tlhokofadiwa fela thata ka bosakhutleng. Mme a Modimo o o lorato eleruri o ne o ka bogisa dibopiwa tsa gagwe jalo?—1 Yohane 4:8.

Ga go lebege go ka nna jalo, mme re ka tlhomamisega jang? Elatlhoko bosupi jo bo latelang jwa Bibela. “Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” (Genesise 2:7) A polelo eno e e tlhotlheleditsweng e bolela gore monna wa ntlha, Adame, o ne a newa moya? Nnyaa, o ne a nna moya, motho yo o tshelang. Seno se tlhomamisiwa ke seno seo moaposetoloi a neng a se kwala: “Monna wa ntlha, Adame, jaaka dikwalo di bolela, o ne a fetoga moya o o tshelang.” Paulo o ne a tsopola go tswa go Genesise.—1 Bakorintha 15:45, The Jerusalem Bible.

A moya wa motho o ka swa? Moperofeti Esekiele o ne a kwala jaana: “Meōea eotlhe ke ea me; yaka mōea oa rra motho o nntse, mōea oa ñwana le ōna ke oa me: mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4, 20; Moreri 9:5, 10) Ka phepafalo he, fa e le gore moya o sule, motho ga a itse sepe, ka gone ga a kake a bo a utlwa botlhoko. Mo puong ya gagwe ya ntlha ya phatlalatsa morago ga Pentekosete 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a bolela a re: “Me go tla nna, go re, [Moya, NW] moñwe le moñwe eo o se ketlañ o reetsa moperofeti [Jesu] eo, o tla senyediwa rure mo bathoñ.” Jalo moya o a swa.—Ditihō 3:23.

A Baswi ba tla Boa ba Tshela Gape?

Botlhe ba ba dumelang gore Bibela e boammaaruri ba itse gore Jesu o ne a swa a bo a tsosiwa ka letsatsi la boraro. (Ditihō 10:39, 40) Seno se ne se ka diragala jang? Ka maatla a Modimo a moya o o boitshepo.

A go tsoga ga ga Jesu mo baswing e ne e le selo se se sa tlwaelegang? Nnyaa. Ke fela jaaka Paulo a ne a kwalela phuthego e e kwa Korintha jaana: “Keresete o cosicwe mo bashwiñ, e le lebucwa pele ya ba ba robetseñ. Gonne ereka losho lo tsile ka motho, go coga ga bashwi le gōna go tsile ka motho . . . Keresete.” (1 Bakorintha 15:20-22) Ka gone, bontsi bo tla tsosiwa mo baswing. Jesu o ne a bua gape jaana: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.” (Yohane 5:28, 29) Seno se tlhomamisa gore dimilione tse dintsi di tla tsosiwa mo baswing.

Fa e le gore tlhaloso e e fa godimo e tsositse kgatlhego ya gago ka tsogo ya baswi, o ka nna wa botsa jaana, ‘Go tla tsoga bomang, le gone leng?’ A re tlhatlhobeng dipotso tse di botlhokwa tseo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela