LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 12/15 ts. 26-28
  • “Letsatsi la ga Moitshepi Nicholas”—Le Simologile Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Letsatsi la ga Moitshepi Nicholas”—Le Simologile Kae?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Moitshepi” Nicholas le Odin
  • Dingwao tsa Monono tsa Motlha wa Segompieno
  • Tshwetso ya Baobamedi ba Boammaaruri
  • “Ruri Leno ke Leina le le Boitshepotshepo le le Legolo la Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Boammaaruri ka Keresemose
    Tsogang!—2010
  • Malatsi a Boikhutso
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A go Abalana Dimpho ka Keresemose Ke Selo Se Se Nang le Tlhaloganyo?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 12/15 ts. 26-28

“Letsatsi la ga Moitshepi Nicholas”—Le Simologile Kae?

FA O tsamaya mo mebileng ya Belgium mo tshimologong ya December, o tla bona dilo tse di kgatlhisang: ditlhopha tse dinnye tsa bana ba ba tsamayang ka ntlo le ntlo, ba opela dipina tse dikhutshwane tse di bidiwang “dipina tsa ga Moitshepi Nicholas.” Beng ba matlo ba naya banana bano ba ba kgatlhisang maungo, dimonamone, kana madi.

Go a bo go diragala eng? Ke “Letsatsi la ga Moitshepi Nicholas”! Kwa United States le kwa dinageng tse dingwe, “Moitshepi Nicholas,” kana “Santa Claus,” o amana le letsatsi la Keresemose. Mme kwa Belgium, “moitshepi” yono yo o ditedu o na le letsatsi la gagwe a le esi. Eleruri, “Moitshepi Nicholas” (Sinterklaas, kana Sint Nicolaas), yoo moletlo wa gagwe o leng ka letsatsi la borataro la December, ke mongwe wa “baitshepi” ba ba itsegeng thata kwa Belgium le kwa Netherlands. Dikereke tse dintsi, ditempele, mebila kana dikarolo dingwe tsa matlo di ile tsa bitswa ka ene. Ka tlwaelo o itsege jaaka “tsala e kgolo ya bana” eo e ba nayang dimpho mo letsatsing la moletlo wa gagwe.

Maitseboa a pele ga letsatsi leo la boikhutso, bana ba bannye ba baya setlhako se sengwe sa bone kana selepere gaufi le sentshamosi sa setofo fa ba ntse ba opela dipina tsa bone tse dikhutshwane. Ba boleletswe gore “Moitshepi” Nicholas le motlhanka wa gagwe yo montsho (yo o bidiwang Black Peter) ba tla goroga bosigo joo ka sekepe go tswa Spain. Morago ga foo, “moitshepi” o tla palama pitse ya gagwe e kwebu a tsamaya mo godimo ga matlo, a setswe morago ke Black Peter, yoo a tshotseng thobane le kgetse e tona e e tletseng dilo tsa go tshameka le dimonamone. Nicholas o tla gape le diapole, manoko, le maungo a mangwe gape a masimo. Gantsi o tlogela mofuta mongwe wa bisikiti e e borokwa, e e natefisitsweng e e bidiwang speculaas, kana bisikiti ya bishopo, tseo di dirwang ka mo go kgethegileng, ka botswerere.

Di amogelwa ke bomang? Bana ba ba neng ba itshotse sentle mo ngwageng o o fetileng. Lefa go le jalo, go bolelwa fa ba ba sa utlweng bone ba tla bona thupa; kana, se se maswe le go feta, ba ka nna ba tsenngwa mo kgetseng ya ga Black Peter mme a tsamaya ka bone! Go tlhaloganngwa gore he bana ba tlhagafalela go itumedisa baeng bano ba bosigo. Ka gone, “moitshepi” o beelwa galase ya bojalwa, mme pitse ya gagwe e beelwa segwete le dikgolokwe di sekae tsa sukiri.

Batsadi ba bantsi kwa Belgium ba leba “Letsatsi la ga Moitshepi Nicholas” jaaka nako e e ipedisang thata mo ngwageng. Ba kgatlhiwa ke go leba difatlhego tsa banana ba bone ba ba tlhagafaletseng go bona gore “moitshepi yo o molemo” yono o ba tliseditse eng! Jalo ba bolelela bana ba bone ditlhamane, ba sa itse gore ngwao eno e simologile kae. Fa ba ne ba itse, gongwe ba ne ba tla gakgamala.

“Moitshepi” Nicholas le Odin

Oosthoeks Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Moletlo wa mo gae wa ga [Moitshepi Nicholas] o simologile ka meletlo ya kereke (eo e akareletsang dimpho tsa bana) tseo ka botsone di simologileng mo dilong tsa pele ga Bokeresete. Moitshepi Nicholas, yoo a tsamayang kwa godimo ga matlo, ke modimo wa seheitane Wodan [Odin]. . . . Moitshepi Nicholas gape e ne e le moeteledipele wa mokoloko oo mo go one meya ya ba ba suleng e etelang mo lefatsheng.”

Ee, Ba-Teuton ba ne ba dumela gore Odin, kana Wodan, modimo wa bone o mogolo o ne o etelela pele meya ya baswi mo loetong lwa go kgabaganya naga mo “malatsing a a lesome le bobedi a a maswe” a a fa gare ga Keresemose le Epiphany (January 6). Phefo e e neng e nna gone e ne e rwala dipeo tsa dijalo tsa masimo, tseo di neng di tlhotlheletsa monono. Go tweng ka diapole, manoko, le dikungwa tse dingwe gape tsa dikgakologo tseo di neng di newa ka “Letsatsi la ga Moitshepi Nicholas”? Di ne di tshwantshetsa monono. Batho ba bogologolo ba ne ba dumela gore ba ne ba ka itumedisa medimo ya bone ka go e naya dimpho tseno mo malatsing a a tsididi, le a a lefifi a mariga. Seno se ne se felela ka monono mo bathong, mo diphologolong, le mo mmung.

Odin o ne a tsamaya le motlhanka wa gagwe Eckhard, yo a neng a siana fa pele ga ga Black Peter, yoo le ene a neng a tshotse thobane. Bosheng fela jaana mo Metlheng ya Bogare, go ne go na le tumelo e e itsegeng thata ya gore ditlhare dingwe le dijalo di ne di kgona go nontsha batho le gore fa o ne o ka betsa mosadi ka kala ya setlhare se se rileng go ne go mo dira gore a kgone go ima.

Buka Feest-en Vierdagen in kerk en volksgebruik (Malatsi a Boikhutso le Meletlo ya Kereke le Dingwao tse di Itsegeng) e umaka dilo dingwe di sekae tse di tshwanang fa gare ga ga Odin le “Moitshepi” Nicholas: “Wodan, le ene, o ne a tlatsa ditlhako, le ditlhako tsa logong tse di neng di beilwe kwa sentshamosing sa setofo ka gouta. Ba ne ba beela pitse ya ga Wodan tlhaga le matlhaka mo ditlhakong tseno tsa logong. Pitse eno gape e ne e beelwa le dingata tsa bofelo tse di tswang mo masimong.”

Buka Sint Nicolaas, ya ga B. S. P. van den Aardweg, e supa go tshwana gongwe gape go go kgatlhisang:

“Moitshepi Nicholas: motho yo moleele, yo o maatla yo o palameng pitse e tshweu. O na le ditedu tse ditelele tse ditshweu, o tshotse thobane ka seatla, o rwele kuane ya bishopo mo tlhogong. . . . le seaparo se segolo, se se phaphaselang sa bishopo.

“Wodan: motho yo moleele yo o nang le ditedu tse ditshweu. O rwala kuane e kgolo e e fitlhileng matlho a gagwe. Mo letsogong la gagwe o tshotse lerumo la maselamose. O apere seaparo se segolo mme o palame pitse ya gagwe e e ikanyegang e kwebu Sleipnir.

“Go na le go tshwana go gongwe gape go go bonalang: Wodan o ne a palame pitse ya gagwe e kwebu a fofa mo loaping mme batho ka letshogo ba ne ba mo naya dikuku tseo di neng di tsentswe sengwe fa gare le dinama le dikungwa tsa masimo. Moitshepi Nicholas o tsamaya mo godimo ga matlo mme bana ba beela pitse ya gagwe bojang, digwete, le metsi. Dibisikiti tse di natefisitsweng ka gemere le thobane di ne di tshwantshetsa monono le eleng pele meletlo ya Moitshepi Nicholas e simolola.”

Dingwao tsa Monono tsa Motlha wa Segompieno

Go na le dingwao dingwe di sekae tse di amanang le “Moitshepi” Nicholas tseo ka go tshwana di supang fa di simologile kwa boheitaneng. Ka sekai, kwa mafelong a a kwa bokone ka December 4, basimanyana ba dingwaga tsa go tloga ka 12 go ya go 18 ba bonala mo mebileng. Ba apara diaparo tse dikgolo tse di nang le mafofa, dikgapa, le dilo dingwe tsa mo kgaolong eo, basimanyana bano ba ba fitlhileng difatlhego tsa bone ba emela “Bo-Moitshepi Nicholas ba bannye,” kana Sunne Klaezjen. Mo maitseboeng a letsatsi le le latelang, banna ba dingwaga tse 18 le go feta foo le bone ba nna le seabe. Fa bosigo bo tsena, ba sasanka mo mebileng. Ba alola basadi, basetsanyana le basimanyana ba ba kopanang le bone ka mafeelo, dinaka tsa nare, le dithobane. Ba dira gore basetsana ba babotlana ba bine kana ba tlole kota.

Boikaelelo jwa sotlhe seno ke eng? E santse e le monono—eleng sengwe seo dingwao tsa bogologolo di neng di ntse di amegile ka sone. Mariga e ne e le paka e e lefifi le e e lereng ditlhobaelo, mme gantsi e ne e lejwa jaaka nako eo ka yone modimo wa monono o neng o robetse kana o sule ka yone. Go ne go akanngwa gore modimo oo o ne o ka newa botshelo gape kana gore modimo kana modimo oo wa sesadi o ne o ka nna wa thusiwa ka ditsela tse di farologaneng. Dimpho, mmino, modumo, le melodi e e neng e dirwa ka thobane ya monono—tsotlhe di ne di lejwa jaaka ditsela tsa go leleka meya e e bosula mme di oketsa monono mo bathong, mo diphologolong, le mo mmung.

Jalo fa basetsanyana ba ne ba tlola kota eno, ba ne ba etsa bagologolwane ba bone bao ba neng ba dumela gore ditlhatshana di ne di tla gola selekanyo sa boleele joo ba bo tlodileng. Ka go leleka basadi le bana banna ba babotlana bano ba ne ba dira tlwaelo ya go leleka meya e e bosula.

Tshwetso ya Baobamedi ba Boammaaruri

Ke ka ntlhayang fa dingwao tse di ntseng jalo di ile tsa nna karolo ya seo se bidiwang Bokeresete? Ka gonne makgolo a dingwaga a a fetileng barongwa ba kereke ga ba a ka ba gatelela gore ba ba neng ba sokologa ba latele taolo eno ya Dikwalo: “Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, . . . lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ.” (2 Bakorintha 6:17) Go na le go nyeletsa ditiro tsa boheitane, barongwa ba La-Bodumedi ba ne ba di tsweledisa ka go di ntlafatsa ba bo ba di dirisa. Dingwao tse di ntseng jalo di ne tsa phatlalala le lefatshe lotlhe.

Baeng ba Ba-Dutch ba ba neng ba aga kwa Amerika Bokone ba ne ba tsamaya le moletlo wa “Moitshepi” Nicholas. Fa nako e ntse e tsamaya leina leo le ne la fetolwa go nna “Santa Claus.” Bishopo yono yo mogolo o ne a fetolwa go nna motho mongwe wa marama a mahibidu, yo o nonneng yo o apereng seaparo se sehibidu. Hutshe ya gagwe ya bishopo e ne ya fetolwa go nna ya lemponyemponye mme a fiwa selei se se gogiwang ke phologolo mo boemong jwa pitse. Lefa go ntse jalo, Santa Claus, o ne a tswelela a ntse a tlisa dimpho, lefa loeto lwa gagwe lo ne lwa fetolelwa go nna ka Christmas Eve.

Mo mafelong a maporotesetanta kwa Jeremane, “Moitshepi” Nicholas wa Mokatoliki o ne a tseelwa sebaka ke “Father Christmas.” Lefa go ntse jalo, dilo tseno tsa seheitane, di santse di bonwa le gompieno.

Jesu Keresete o ne a bolela gore ‘baobamedi ba boammaaruri ba ne ba tla obamela Rara ka moya le ka boammaaruri.’ (Yohane 4:23) Mo baobameding ba ba tlhoafetseng, ngwao ya “Moitshepi” Nicholas e ba gwetlha fela thata: A baobamedi bano ba tla tswelela ba tsweledisa ditiro tseno tsa bogologolo tsa ngwao ya ga Odin, kana a ba tla itomolola mo ditirong tseo tsa boheitane? Eno ke nako e e molemo ya ngwaga go akanya ka potso eo e e masisi.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Harper’s Weekly

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela