LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 1/1 ts. 28
  • Go Ipelela Thobo kwa India

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ipelela Thobo kwa India
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ka moo ke Tlileng ka Gone mo India
  • Go Dira Tshwetso ka Tsela ya Botshelo
  • Tshimo e Ntšha e Kgolo Fela Thata
  • Ka Ntwa ya Lefatshe II
  • Mabaka a go Ipela
  • Jehofa O Nnile Botshabelo jwa Me Go Tswa Bosheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Itse se se Siameng Le go Se Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tumelo ya Lelapa Lengwe Le fa Le ne Le Lebane le Mathata
    Tsogang!—2004
  • Barongwa Ba ne Ba Kgona go ya Bokgakala jo bo Kana Kang go Ela Kwa Botlhaba?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 1/1 ts. 28

Go Ipelela Thobo kwa India

Jaaka go boletse F. E. Skinner

KE NE ke sa dumele—dikopano tse 21 ka dipuo di le lesome, batlakopanong ba ba fetang 15 000 ba ba neng ba tlile go ithuta gore tshiamo ya bomodimo e raya eng, le ba le 545 ba ba neng ba kolobediwa go tshwantshetsa lorato lwa bone go Modimo o mogolo wa tshiamo, Jehofa! Mo Basuping ba le 9 000 ba ga Jehofa kwa India, seno e ne e le tiragalo e e kgatlhisang thata ka 1989. Mme mo go nna e ne e ipedisa fela thata. Ka ntlhayang? Ka gonne fa ke ne ke tla lantlha mo India ka July 1926 ke ne ke sa akanye gore ditiragalo tse dikgolo jaana di ka diragala. Go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ba kafa tlase ga 70 mo nageng yotlhe ka nako eo. Abo nna le molekane wa me re ile ra newa kabelo e e gwetlhang jang ne go feta dingwaga tse 63 tse di fetileng!

Ka moo ke Tlileng ka Gone mo India

Ke ne ka ya kopanong e kgolo kwa Lontone, kwa Ennyelane, ka May 1926, mme morago ga yone ke ne ka boela gae kwa Sheffield. Malatsi a sekae moragonyana, fa ke tswa kwa bodiheding jwa tshimo, ke ne ka fitlhela telekerama e nkemetse. E ne e balega jaana: “Judge Rutherford o batla go go bona.”

Mokaulengwe Rutherford, mookamedi wa bobedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a tlile go tswa New York go tla kopanong ya bosheng, mme o ne a santse a le mo Lontone. Mo mosong o o latelang fa ke ne ke palame terena go boela kwa Lontone, ke ne ke ipotsa ke re, ‘Seno se raya eng?’ Fa ke fitlha kwa ofising ya lekala, ke ne ka isiwa kwa go Mokaulengwe Rutherford, mme o ne a mpotsa a re: “A o ka palelwa ke go ya go dira mo karolong lefa e ka nna efe mo lefatsheng?”

“Nnyaa,” ke ne ka araba jalo.

“Go jang fa o ka ya kwa India?”

“O batla gore ke tsamaye leng?” ke ne ka araba kwantle ga ketsaetsego. Ka gone, dibeke di le tharo moragonyana, nna le George Wright re ne re le mo sekepeng re lebile kwa India. Ke ne ke na le dingwaga di le 31, mme go ne go sena ketsaetsego epe mo mogopolong wa me le mo pelong ka seo ke neng ke batla go se dira ka botshelo jwa me.

Go Dira Tshwetso ka Tsela ya Botshelo

Ntwa ya lefatshe ya ntlha e ne e khutlile ka 1918, mme ke ne ke sa tswa go fetsa dingwaga di le nnè ke le mo bosoleng jwa Boritane. Ke ne ke kgatlhegela go tsaya ditshwantsho le ditlhaeletsano tsa radio, mme jalo go na le dikgwebo di le dintsi tseo di neng di mpulegetse. Gape, ke ne ke batla go nyala. Lefa go le jalo, ka nako e e tshwanang, ke ne ke simolola go tlhaloganya dilo tseo di neng di fetola dilo tse botshelo jwa me bo neng bo tlhomilwe mo go tsone.

Rre o ne a amogetse sete ya Studies in the Scriptures, mme morekisi mongwe wa dibuka, jaaka babulatsela ba ne ba bidiwa ka nako eo, o ne a simolola go ithuta Bibela le lelapa la rona. Mosadi yoo e ne e kile ya bo e le morutabana. Fa nako e ntse e tsamaya, setlhopha sengwe sa makawana a dingwaga tsa me se ne se ntse se ya kwa ntlong ya gagwe Matlhatso mangwe le mangwe go ya go nwa tee le go ithuta Bibela. O ne a re bolelela kgapetsa kgapetsa gore re ineele mo go Jehofa, a bua a re: “O seka wa gana kabelo epe.” O ne a nkgothaletsa gape gore ke nne ke sa nyala.

Ka nakonyana ke ne ka tshwara bothata gore ke ne ke tla dira eng. Mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mathaio 19:21 a a neng a a bua le mmusi mongwe yo mmotlana yo o humileng a ne a nthusa: “Ha u rata ua bo u itekanetse, ea u rèkisè tse u nañ nacō, u abèlè bahumanegi, me u tla dihana le khumō kwa legodimoñ: me u tlè, u ntshalè moragō.” Ke ne ka tlogela tiro kwa madirelong ao ke neng ke dira kwa go one, mme mo lobakeng lwa dikgwedi di le tharo ke ne ke le morekisi wa dibuka. Seno, le tshwetso ya me ya go nna ke sa nyala, di ne tsa ntira gore ke amogele kabelo e e botlhokwa ya kwa India dingwaga di le nnè moragonyana.

Tshimo e Ntšha e Kgolo Fela Thata

Nna le George Wright re ne ra abelwa go okamela tiro ya go rera ka Bogosi e seng mo India fela mme gape le kwa Burma (e jaanong e leng Myanmar) le Ceylon (e jaanong e leng Sri Lanka). Moragonyana, go ne ga okediwa ka Persia (e jaanong e leng Iran) le Afghanistan. India e ne e le lefelo le lebotlana thata mo go United States, mme palo ya baagi e ne e le kgolo go feta ka makgetlo a le mantsi. E ne e le naga eo e neng e na le dijo tse di farologaneng, dingwao le dipuo, le batho ba ditumelo tse di farologaneng—Ba-Hindu, Bamoselema, Ba-Parsi, Ba-Jain, Ba-Sikh, Ba-Buddha, le eleng Bakatoliki le Baporotesetanta.

Tiro ya go rera e ne e simolotswe ka 1905 mo India, mme fa Charles T. Russell, mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, a ne a etela India ka 1912 o ne a e rotloetsa. Puisano ya ga Russell le A. J. Joseph, moithuti yo mmotlana yo o tlhaga wa Bibela, e ne ya dira gore go nne le thulaganyo e e tswelelang ya tiro ya go rera. Joseph o ne a ranolela dibuka tsa Bibela mo puong yaabo ya Se-Malayalam mme o ne a tsamaya a baya dipuo tsa Bibela, segolo bogolo kwa borwa jwa India. Gompieno, mo e ka nnang halofo ya baboledi ba India e nna mo lefelong leno koo go buiwang Se-Malayalam gone, lemororo ba ba nnang koo e le boraro lekgolong mo baaging botlhe ba India. Lefelo leno, leo pele e neng e le Travancore le Cochin, le ne la nna Kerala State ka 1956.

Nna le George Wright re ne re refosana mo go tlhokomeleng ofisi ya Bombay le go tsamaya mo maetong a go rera. Re ne re tsamaya thata ka terena, dipitse, le ka dikoloi tsa dikgomo. Moragonyana re ne ra dirisa sejanaga. Ka nako eo re ne re tlogela dibuka mme re laletsa batho go tla kwa lefelong la bokopanelo go ithuta jaaka setlhopha. Re ne re bua thata le bao ba reng ke Bakeresete bao ba buang Seesemane ba ditumelo tse dingwe.

Pele, ke ne ka newa maina le diaterese tsa babeeletsi botlhe ba Tora ya Tebelo. Bontsi jwa bano e ne e le batho bao ba neng ba dira mo seporong kana mo ditlhaeletsanong tsa megala. Ke ne ka etela mongwe le mongwe wa bone go bona fa go ne go le bao ba kgatlhegang eleruri. Ka dingwaga di le dintsi ke ne ke tlhola ke ya kwa Punjab kwa bokone jwa India ka January mme ke ne ke tsamaya go tswa kwa Lahore go ya kwa Karachi. Ereka bontsi jwa batho bo ne bo sa rate Bibela, metse eo e neng e na le Bakeresete ba ditumelo tse dingwe e ne e le mebotlana ebile e katologane.

Mokaulengwe mongwe o ne a tsamaya le nna jaaka moranodi, mme re ne re nna re bo re ja le batho bao. Batho ba motse ba ne ba nna mo matlong a a dirilweng ka seretse se se omisitsweng ka letsatsi, a ruletswe ka tlhaga kana ka logong. Ba ne ba robala mo godimo ga di-charpoy, eleng malao a maoto a le manè ao a dirilweng ka mogala o o bofagantsweng mo lopolankeng. Gantsi badiri ba masimo ba ne ba nna mo godimo ga di-charpoy tsa bone ba tshwere Bibela ka seatla, ba goga peipe eo e tsidifadiwang ka metsi e e boleele jwa sephatlo sa metara go ya go metara o le mongwe, ba ntse ba bala ditemana fa re ntse re ba tlhalosetsa boammaaruri jwa Modimo. Dipokano tse di neng di tshwarelwa kwantle di ne di itshupa di le molemo, jaaka karolo e kgolo ya ngwaga e ne e sena pula. Lemororo Basweu ba le bantsi ba ne ba belafala go ka tla dipokanong tseno, Ba-India bone ba ne ba kgona go ka nna gongwe le gongwe fela.

Re ne ra leka go gasa dibuka tsa Bibela ka dipuo tse dintsi ka mo go ka kgonegang. Bukana World Distress ka puo ya Se-Kanara e ne ya atlega tota. E ne ya tlhotlheletsa mokwadi mongwe wa dikgang tsa bodumedi tsa Se-Kanara go re kopa gore re mo neye ditlhogwana go di kwala mo pampiring ya gagwe, re ne ra tsenya ditlhogo tsa buka Deliverance gabedi ka beke ka lobakanyana.

Babulatsela ba ba tlhaga ba ne ba dira tiro e kgolo ya go rera mo dingwageng tsa go tloga ka 1926 go ya go 1938. Re ne re tsamaya diketekete tsa dikilometara, re gasa dibuka di le dintsi, mme koketsego e ne e le nnye. Ka 1938 go ne go na le babulatsela ba le 18 le baboledi ba le 273 mo diphuthegong tse 24 tseo di neng di gasane go ralala India.

Ka Ntwa ya Lefatshe II

Ntwa ya Lefatshe II e ile ya tlhagoga ka 1939, mme re ne ra tswelela ka tiro ya rona ya go rera. Ebile tota, mo tshimologong ya 1940 go ne ga simololwa tiro ya go rera mo mmileng. Le eleng bokgaitsadi ba rona ba Ba-India ba ne ba nna le seabe, e le selo seo se sa tlwaelegang fa go lejwa dingwao tsa mo lefelong leno. Dingwaga di sekae moragonyana moithuti mongwe wa Bibela o ne a raya Mosupi yo a neng a mo kopa go kopanela mo tirong e e ntseng jaana a re: “Ke mosadi wa Mo-India, mme ga nkake ka bonwa ke bua le monna mo mebileng ka go bo ke tla tlhabisiwa ditlhong mo tikologong yotlhe. Ga nkake ka bua le monna mo mmileng le eleng lefa e le wa losika lwa me.” Lefa go ntse jalo, bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete kwa India ba ile ba nna baboledi ba phatlalatsa ba ba tlhaga.

Mo dingwageng tseo tsa pele, go ne go rulaganngwa le dikopano. Mo mosong go ne go dirwa tirelo ya tshimo, eo e neng e dirwa fela ka go tsamaya dikilometara di le dintsi go bolelelwa baagi le batho ba ba fetang ka dipokano tseno tsa phatlalatsa. Go ne ga tla ba ba fetang 300, mme dithulaganyo tseno di ne di tshwarelwa kafa tlase ga moriti wa diobo tse di dirilweng ka lotlhaka le ka matlhare a makolane. Mme go ne go sa thuse go bolela nako eo go neng go tla simololwa ka yone, ereka e ne e le batho ba le mmalwa fela bao ba neng ba na le ditshupanako. Ba ne ba tla ka nako e ba neng ba batla go tla ka yone, mme dipokano di ne di simolola fa go ne go na le palonyana e e lekanetseng e e setseng e kopane. Bangwe ba ne ba ntse ba tla fa pokano e ntse e tsweletse.

Thulaganyo e ne e tswelela go fitlha ka oura ya bolesome bosigo, mme ba le bantsi ba ne ba tshwanela go tsamaya dikilometara di le mmalwa go ya gae. Fa go ne go na le ngwedi, go ne go le botoka; ka go bo go ne go le tsiditsana ebile go ipedisa. Fa go ne go sena ngwedi, batho ba ne ba kgetla dikala tsa makolane ba bo ba di tshopharaganya go nna dipone. Fa di bonesitse, lesedi la dipone tseo le ne le le lehibidu. Fa ba ne ba batla lesedi le le oketsegileng, lobone leno le ne le fokisiwa mo moyeng go fitlha le bo le dira kgabo. Seno se ne se dira lesedi le le lekaneng go bona dilo tse di ka ba kgopang fa fatshe.

E ne e le mo e ka nnang ka nako eno fa puso e ne e thibela go tsena ga dibuka tsa Mokgatlho mo India le Ceylon. Motšhine wa rona o monnye o o gatisang o o neng o le kwa Travancore o ne wa tsewa, mme puso e ne ya ntsha taolo ya go re thibela gore re se tlhole re gatisa dibuka tsa rona. Moragonyana, ka 1944, mongwe wa bakaulengwe ba rona yo e neng e le mosidilammele o ne a ntse a sidila Sir Srivastava, e leng tona ya Kabinete ya Moemedimogolo, fa a mmegela kgang ya go thibelwa ga rona.

“Ebu, o seka wa tshwenyega,” mokaulengwe wa rona a bolelelwa. Sir Srivastava o ne a mo tlhalosetsa gore Mr. Jenkins (tona eo e neng e sa rate tiro ya rona) o tla bo a tlogela tiro mo bogautshwaneng mme mongwe yo e leng tsala ya ga Sir Srivastava o tla bo a tsaya sebaka sa gagwe. “Kopa Mr. Skinner gore a tle kwano,” Sir Srivastava a mo kgothatsa, “mme ke tla mo kopanya le Sir Francis Mudie,” yo a tla tsayang sebaka sa ga Jenkins. Kgabagare, ke ne ka bitswa; mme ke ne ka bua le Mr. Mudie, mme thibelo e ne ya tlosiwa kafa molaong ka December 9, 1944.

Mabaka a go Ipela

Sengwe seo se neng sa re ipedisa thata se ne sa diragala ka 1947 fa barongwa ba ntlha ba ba katisitsweng kwa Gileade ba ne ba goroga mo India. Kgorogo ya bone e ne ya kopana le nako e e masisi thata mo hisitoring ya India, ka go bo ka one ngwaga oo, ka August 15, ba ile ba bona boipuso go tswa mo pusong ya Boritane. Fa morafe o ne o kgaogana ka Ba-Hindu ba India le Bamoselema ba Pakistan, go ne ga nna le dintwa tse di setlhogo. Lefa go le jalo, baalogi ba babedi bano ba Gileade ba ne ba romelwa kwa Pakistan, eo jaanong e neng e le morafe o o ikemetseng ka nosi go tloga ka August 14. Go ise go ye kae barongwa ba ba oketsegileng ba ba lesome ba ne ba dira mo India ka boyone, mme go ne ga goroga ba bantsi gape ba ba oketsegileng mo dingwageng tse di latelang go tla go thusa.

Go ne ga lere boipelo mo pelong ya me jaaka dithulaganyo tsa phuthego di ne di dirisiwa. Tiro ya go eta e ne ya simolola ka 1955 fa mokaulengwe Dick Cotterill, moalogi wa Gileade, a ne a tlhophiwa jaaka molebedi wa ntlha yo o etang. O ne a direla ka boikanyegi go fitlha fa a tlhokafala ka 1988. Morago, ka 1960, re ne ra nna le thulaganyo ya go etelwa ke molebedi wa kgaolo ka metlha, eo e neng e thusa dipotologo tsa rona fela thata. Morago ga 1966 go ne go sa tlhole go letlelelwa barongwa ba ba tswang kwa dinageng di sele go tsena mo nageng eno. Mme go ise go ye kae go ne ga simologa tiro ya bobulatsela jo bo kgethegileng, mme babulatsela ba Ba-India bao ba neng ba tshwanelega ba ne ba romelwa kwa dikarolong di le dintsi tsa India. Gompieno, go na le ba ba ka nnang 300 mo tirong eno.

Kgabagare ka 1958 re ne ra fitlhelela baboledi ba Bogosi ba le 1 000. Mme go tloga foo lobelo lo ne lwa oketsega, mme gompieno re na le ba ba fetang 9 000. Mo godimo ga moo, bao ba neng ba tla Segopotsong ka 1989 ba ne ba le 24 144 se se bontshang gore go na le ba le bantsi ba ba kgatlhegang bao ba batlang thuso. Sri Lanka jaanong e na le lekala la yone. Abo go ipedisa jang ne go bona gore le bone ba oketsegile go tswa go baboledi ba le babedi fela ka 1944 go fitlha go ba le 1 000 gompieno, go sa kgathalesege ntwa e e ntseng e le gone mo nageng ya bone.

Go oketsega ga baboledi go ne ga dira gore lekala la rona le godisiwe. Morago ga dingwaga di le 52 mo Bombay e e tlhanaselang, ntlokgolo ya rona e ne ya fudusediwa kwa toropong e e fa gaufi ya Lonavla ka 1978. Ke ne ke sa akanye gore le rona re tla nna le didirisiwa tse di raraaneng jaaka dikhomputara tsa MEPS le motšhine o mogolo go gatisa dibuka ka mebala e le mebedi mo dipuong tse dintsi tsa Se-India. Gompieno, re gatisa Tora ya Tebelo ka dipuo di le 9 le dibuka tse dingwe ka dipuo di le 20 tse di farologaneng.

Ga go tlhokege gore go bolelwe gore malatsi ao re neng re dira mo lekaleng re le babedi fela a fetile. Jaanong re na le lelapa la Bethele le le nang le maloko a a fetang 60! Ke na le dingwaga di le 95 jaanong, mme ke itumela go bo ke santse ke le mo tirong ya nako e e tletseng mo ofising ya lekala le go direla jaaka leloko la Komiti ya Lekala la India. Mme segolo bogolo ke itumelela go bona tiro ya go roba mo malatsing ano a bofelo. Eleruri, ke sengwe se se ipedisang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela