LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 8/1 ts. 21-25
  • Jehofa O Nnile Botshabelo jwa Me Go Tswa Bosheng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Nnile Botshabelo jwa Me Go Tswa Bosheng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Simolola Go Amega ka Dilo tsa Semoya
  • Keletso ya Dilo tsa Semoya E A Gola
  • Go Gatela Pele Semoyeng kwa Burma
  • Mosupi Yo O Pelokgale
  • Go Tshabela Kwa India
  • Ka Moo Thibelo E Neng Ya Tlosiwa Ka Gone
  • Go Boela Gape kwa Burma E E Kgautlhantsweng ke Ntwa
  • Re Nna kwa Australia
  • Go Ipelela Thobo kwa India
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Jehofa O Nnaya Tsotlhe Tse Ke Di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Kafa ke Boneng ka Teng Gore Modimo—Ke “Modiri wa Dilo Tse Dikgolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • ‘Thobo E Budule’ mo Burma
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 8/1 ts. 21-25

Jehofa O Nnile Botshabelo jwa Me Go Tswa Bosheng

AAKA GO BOLETSE BASIL TSATOS

E ne e le ka ngwaga wa 1920; kwa dithabeng tsa Arcadia kwa Peloponnisos o montle, kwa Greece. Ke ne ke le mo diphateng tsa bolwetsi, ke tshwerwe ke Spanish influenza e e tshosang e e neng e tlhasetse mo lefatsheng.

NAKO le nako fa ke utlwa tshipi ya kereke e lela ke ne ke lemoga gore e ne e itsise gore yo mongwe yo o tshwerweng ke bolwetsi jono o tlhokafetse. A go ne go tla latela nna? Ka lesego ke ne ka fola mme ba le dimilione ba ne ba se ka ba fola. Le mororo ke ne ke le dingwaga di le robedi fela ka nako eo, ke santse ke gakologelwa tiragalo e e tshosang eno sentle.

Go Simolola Go Amega ka Dilo tsa Semoya

Ka bonakonyana morago ga moo, Ntatemogolo o ne a tlhokafala. Morago ga phitlho, ke gakologelwa Mmè a tla fa go nna ke na le nnake mo mathuding a ntlo ya gaetsho. O ne a bolela jaana, go bonala sentle gore o leka go re gomotsa mo khutsafalong ya rona: “Aitsane, bongwanake, rotlhe re tshwanetse go tsofala re bo re swa.”

Lefa tota a ne a e bua ka tsela e ntle jaana, mafoko a gagwe a ne a ntshwenya. ‘Abo go hutsafatsa jang ne! Abo go sa siama jang ruri!’ Ke ne ka akanya jalo. Mme lefa go ntse jalo bobedi jwa rona re ne ra gomotsega fa Mmè a ne a oketsa ka gore: “Lefa go ntse jalo, fa Morena a boa, o tla tsosa baswi, mme ga re kitla re tlhola re swa!” Ee, seo se ne se gomotsa ruri!

Go tloga ka nako eo ke ne ka nna le kgatlhego e kgolo ya go batla go itse gore nako e e itumedisang eo e tla tla leng. Ke ne ka botsa batho ba le bantsi, mme go ne go sena ope yo o neng a kgona go ka mpolelela mme ebile go ne go bonala go sena ope yo o nang le kgatlhego ya go tlotla ka kgang eo.

Ka letsatsi lengwe fa ke ne ke na le dingwaga tse di ka nnang 12, rre o ne a amogela buka nngwe e tswa kwa go mogolowe yo o neng a nna kwa United States. E ne e na le setlhogo se se reng The Harp of God, e gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society. Ke ne ka lebelela diteng tsa yone mme ke ne ka itumela fa ke bona kgaolo e e reng “Go Boa Ga Morena wa Rona.” Ke ne ka e bala ka kgatlhego e kgolo, mme ke ne ka kgobega marapo go bona go sa supiwa ngwaga ope wa go boa ga gagwe. Lefa go ntse jalo, buka e ne ya supa gore go ne go se kgakala thata.

Ka bonakonyana morago ga moo ke ne ka ya sekolong se segolwane mme ka tshwarega thata mo dithutong tsa me. Lefa go ntse jalo, nako le nako rramogolo yo o neng a le kwa Amerika o ne a nthomelela dikopi tsa The Watchtower, tse ke neng ke itumelela go di bala. Mo godimo ga moo, Sontaga mongwe le mongwe ke ne ke ya sekolong sa Sontaga, koo mobishopo gantsi a neng a tla go bua le rona.

Ka Sontaga mongwe yo o rileng mobishopo o ne a tenegile thata mme a bolela jaana: “Go na le baeng ba ba tlatsang motse wa rona ka dikgatiso tsa botenegi.” Go tswa foo o ne a tsholetsa kopi ya The Watchtower mme a goa ka gore: “Fa mongwe wa lona a ka bona dikgatiso tse di tshwanang le eno kwa gae, lo di tlise mo kerekeng mme nna ke tla di fisa.”

Modumo wa lentswe la gagwe o ne o ntshwenya, mme moya wa gagwe wa go batla go ipusolosetsa o ne o ntshwenya le go feta. Ka jalo, ga ke a ka ka diragatsa kopo ya gagwe. Lefa go ntse jalo, ke ile ka kwalela rramogolo gore a se ka a tlhola a nthomelela dikgatiso tsa Watch Tower. Lefa go ntse jalo, ke ne ka tswelela ke tlhatlhanya ka kgang ya go boa ga ga Keresete.

Keletso ya Dilo tsa Semoya E A Gola

Ka nako ya fa malatsi a boikhutso jwa selemo a tla, ke ne ka ntsha sutukeise ya me gore ke tle ke pake diaparo tsa me. Kwa tlasetlase ga yone go ne go na le dibukana di le tharo tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower. Ka tsela nngwe ke ne ke sa di bona pele ga moo. E nngwe e ne e bidiwa Where Are the Dead?

‘Se se bonala se kgatlhisa,’ ke ne ka akanya jalo. Le mororo ke ne ke gakologelwa tlhagiso ya mobishopo, ke ne ka swetsa ka gore ke bale dibukana tseo ka kelotlhoko gore ke tle ke bone diphoso tse ke neng ke akanya gore di teng mo go tsone. Ke ne ka tsaya pensele mme ka simolola go di tlhatlhoba ka kelotlhoko. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore sengwe le sengwe mo teng ga dibukana tseo se ne se lebega se utlwala, mme go ne go nopotswe dikwalo mo go sengwe le sengwe se se neng se buiwa gore mmadi a tlhatlhobe Bibela.

Ereka re ne re sena Bibela, ke ne ke ipotsa gore a e ka ne e le gore makwalo a a nopotsweng moo a dirisitswe ka tsela e e sa tshwanelang e le fela gore a dumelane le se mokwadi a neng a batla go se kwala. Jalo he, ke ne ka kwalela rramogolo mme ka kopa gore a nthomelele Bibela e e feletseng. O ne a dira jalo kwantle ga go senya nako. Ke ne ka e bala gabedi go tswa mo e simologang teng go fitlha mo e felelang teng, mme le mororo go ne go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke sa di tlhaloganye mo go yone, ke ne ka kgatlhiwa ke dibuka tsa ga Daniele le Tshenolō. Ke ne ke batla go tlhaloganya dilo tse di boleletsweng pele mo go tsone, mme go ne go sena ope yo o neng a ka kgona go nthusa.

Ke ne ka tlogela sekolo ka 1929, mme ka bonakonyana morago ga moo rramogolo kwa Amerika o ne a boa gape a nthomelela dikopi tsa The Watchtower. Ke ne ka simolola go di itumelela le go feta mme ka mo kopa gore a di nthomelele ka metlha. Mme gape ke ne ka simolola go bua le ba bangwe ka tsholofelo e e leng teng ka isagwe e ke ithutileng ka yone mo dimakasineng tseo. Mme morago ga moo botshelo jwa me bo ne jwa fetoga gotlhelele.

Go Gatela Pele Semoyeng kwa Burma

Bomalome ba ne ba fudugetse kwa Burma (e jaanong e bidiwang Myanmar), mme lelapa la gaetsho le ne la swetsa ka gore fa ke ne nka ya go nna le bone go ne go tla oketsa kitso ya me mme gongwe nka nna ka nna le sebaka sa go ka bula kgwebo. Ke ne ke ntse ke rata Botlhaba, ka jalo ke ne ke itumeletse tebelelo ya go ya koo. Fa ke ne ke le kwa Burma, ke ne ka tswelela pele ke amogela The Watchtower go tswa kwa go rramogolo, mme nna ka namana ke ne ke ise ke ko ke kopane le mongwe wa Baithuti ba Bibela, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo.

Ka letsatsi le lengwe ke ne ka itumela thata go bona kitsiso mo teng ga The Watchtower kaga dibuka tsa Light, tse e neng e le dibolumo tse pedi tse di tlhalosang buka ya Bibela ya Tshenolō. Mo godimo ga moo, ke ne ka utlwa gore tiro ya Baithuti ba Bibela ba kwa Burma e tlhokomelwa ke lekala la India la Mokgatlho wa Watch Tower le le leng kwa Bombay. Ka bonako fela ke ne ka ba kwalela ke kopa dibuka tsa Light, mme mo godimo ga moo ka kopa gore go romelwe Baithuti ba Bibela ba ba kwa India go ya go rera kwa Burma.

Dibuka di ile tsa tla ka bonako ka poso, mme mo e ka nnang beke kana go feta morago ga moo, ke ne ka etelwa ke Baithuti ba Bibela ba ba nnang mo Burma. Ke ne ka itumelela go utlwa gore go na le setlhophanyana se sennye sa bone kwa ke nnang teng kwa Rangoon (e jaanong e bidiwang Yangon), e e leng motsemošate wa Burma. Ba ne ba ntaletsa gore ke nne teng kwa thutong ya bone ya ka metlha ya Bibela mmogo le go nna le seabe le bone mo go rereng ka ntlo le ntlo. La ntlha ke ne ke okaoka go sekae mme go ise go ye kae ka itumelela go abelana kitso ya Bibela le Mabuda, Mahindu, le Mamoselama, mmogo le ba ba ipitsang Bakeresete.

Morago ga moo lekala la kwa India le ne la romela badihedi ba nako e e tletseng (ba ba bidiwang babulatsela) ba le babedi, Ewart Francis le Randall Hopley kwa Rangoon. Ka bobedi jwa bone ba ne ba tswa kwa Engelane mme ba ne ba ntse ba direla kwa India ka dingwaga di sekae. Ba ne ba nkgothatsa thata, mme ka 1934, ke ne ka supa boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa.

Mosupi Yo O Pelokgale

Fa nako e ntse e tsamaya lekala la India le ne la romela babulatsela ba ba oketsegileng kwa Burma. Ba babedi ba bone Claude Goodman le Ron Tippin ba ne ba ya kwa seteishaneng sa diterena mme ba bua le Sydney Coote, yo e neng e le molebedi wa seteishane. O ne a tsaya dibuka tseo, a di bala tsotlhe mme a kwalela kgaitsadie yo o nyetsweng ebong Daisy D’Souza, kwa Mandalay. Le ene o ne a kgatlhiwa ke dibuka tseo a ba a kopa tse di oketsegileng.

Daisy yo e neng e le Mokatoliki yo o tlhoafetseng, e ne e le motho yo o pelokgale ka tsela e e sa tlwaelegang. O ne a simolola go etela baagisani ba gagwe mme a ba bolelela ka dilo tse a neng a di ithutile. Mme e ne ya re fa a etetswe ke moruti wa kgaolo ya bone, yo o neng a tlile go mmotsa gore ke eng a sa tlhole a ya kerekeng, o ne a mmontsha gore Bibela ga e tshegetse dithuto tse a neng a di ruta tse di tshwanang le dihele tse di tukang.

La bofelo o ne a mmotsa jaana: “Morago ga dingwaga tseno tsotlhe ke ntse ke ba bolelela ka dihele tse di tukang, jaanong ke tla kgona jang go ba bolelela gore ga go na lefelo le le ntseng jalo? Ga go na ope yo o tla batlang go tla kerekeng.”

“Fa e le gore o Mokeresete yo o ikanyegang,” Daisy a araba jalo, “o tla ba ruta boammaaruri go sa kgathalesege gore go tla diragala eng.” Mme a oketsa ka go re: “Fa o sa ba bolelele, nna ke tla ba bolelela!” Mme o ne a dira fela jalo.

Dick le Daisy le bomorwadiabone ba babedi ba bagolo ba ne ba kolobediwa kwa Rangoon ka nako ya fa le nna ke ne ke kolobediwa. Dingwaga tse tharo morago ga moo, ka 1937, ke ne ka nyala morwadiabone wa bobedi ebong Phyllis.

Go Tshabela Kwa India

Masole a Japane a ne a tlhasela Burma ka Ntwa ya Lefatshe II, mme puso ya Rangoon e ne ya wa ka March 8, 1942. Baagi ba batswakwa ba ne ba patelesega go tshabela kwa India ka lepotlapotla. Ba le makgolokgolo ba ne ba leka go tshaba ka go sutlha mo dikgweng, mme ba le bantsi ba ne ba swela mo tseleng. Ka lesego ke ne ke itse modiredi yo o neng a okametse go ntshiwa ga batho mo nageng, ka jalo ke ne ka kgona go bona dithekete tsa go palama seketswana sa bofelo se se rwalang dithoto se se neng se tswa mo Rangoon se ya kwa Calcutta. Go ne go re hutsafatsa rotlhe go tlogela matlo a rona le ditsarona ka ntlha ya go tsamaya ka lepotlapotla jaana. Burma e ne ya gapiwa ke Majapane go tloga ka 1942 go fitlha ka 1945.

Fa re fitlha kwa India re ne re na le madi a mannye, mme go ne go se motlhofo go bona tiro. Seno se ne sa re leka tumelo. Ke ne ka kopana le modiredi wa sesole wa Moborithani yo o neng a nkabela tiro ya sesole e e duelang madi a mantsi eo mo go yone go sa tlhokegeng gore motho a nne mo ntweng, mme gone go raya go nna karolo ya thulaganyo ya sesole. Ka thuso e e tswang go Jehofa, ke ne ka kgona go gana mme ka tsela e e ntseng jalo ka kgona go boloka segakolodi se se phepa sa Bokeresete. (Isaia 2:2-4) Re ne ra kgona go bona thuso e e lorato e e tswang kwa go Jehofa le ka ditsela tse dingwe gape.

Re ne ra nna kwa New Delhi, e leng motsemošate wa India, koo go neng go le thata tota go bona manno. Lefa go ntse jalo, re ne ra bona folete e e bulegileng gone fela fa gare ga motse. E ne e na le phaposi e tona ya bonno e na le kgoro ya yone kwa thoko, mme phaposi eno e ne ya nna Holo ya Bogosi ya Phuthego ya Delhi ya Basupi ba ga Jehofa dingwaga di sekae morago ga moo. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go thibelwa ka 1941 ga dikgatiso tsotlhe tsa Mokgatlho wa Watch Tower kwa India, re ne re sa kgone go bona dibuka tsa Bibela.

Ka Moo Thibelo E Neng Ya Tlosiwa Ka Gone

Ka Sontaga mongwe ka 1943, bao ba neng ba ile ditirelong tsa kereke tsa kwa Delhi ba ne ba amogela dipampitshana tse di saennweng ke baruti ba le 13 ba dikereke tse di farologaneng. E ne e tlhagisa jaana: “BAAGI BA DELHI ITISENG MO BASUPING BA GA JEHOFA.” Ba ne ba re latofatsa ka gore re thibetswe kwa India ka ntlha ya mabaka a sepolotiki.

Ka tetla e e tswang kwa ofising ya lekala ya kwa Bombay, re ne ra gatisa le go anamisa ka bonako dipampitshana tse di neng di senola baruti. Ereka ke ne ke le molebedi yo o okamelang, leina le aterese ya me di ne tsa gatisiwa ka kwa tlase ga pampitshana e e neng e na le mafoko a a tlhabang. Ka bonakonyana morago ga moo, fa mapodisi a ne a fitlhela nna le Margrit Hoffman re anamisa dikopi tsa pampitshana eo, re ne ra tshwarwa mme ra tsenngwa mo kgolegelong. Lefa go ntse jalo, re ne ra gololwa ka bonako morago ga foo ka beile.

Moragonyana ga moo, fa Margrit a ne a ntse a le mo bodiheding jwa gagwe, o ne a tsena kwa ntlong ya Motlotlegi Srivastava yo e neng e le modiredi wa puso mo kabineteng ya puso ya India yo o neng a itsege thata. Motlotlegi Srivastava o ne a mo amogela ka moya o montle, mme fa ba ntse ba tlotla, o ne a mmolelela gore dibuka tsa rona di thibetswe mo India mme go sa tshwanela. E ntse e le ka lone letsatsi leo go ne ga diragala gore Margrit a kopane le leloko lengwe la palamente le le neng le tswa kwa motsengmogolo wa Madras. O ne a tlile mo motseng gore a tle a nne teng mo kopanong ya palamente. O ne a mo umakela tshiamololo e e dirilweng ka go thibela dibuka tsa rona, mme ene o ne a solofetsa go tlhagisa kgang eo kwa kopanong e e neng e tla nna teng.

Ka nako eo, ke ne ke le ngaka e e alafang ka go sidila kwa kokelong nngwe ya lefelo leo. Mme go ne ga direga gore Motlotlegi Srivastava a gobale, mme kokelo e ne ya nkopa gore ke ye go bona gore a kalafi ya go sidila e ka se ka ya mo thusa. Ke ne ka lemoga gore Motlotlegi Srivastava ke motho yo o botsalano, mme e ne ya re fa re ntse re tlotla ke ne ka umaka ke feta fela gore nna le Mohumagatsana Hoffman re sa tswa go gololwa mo kgolegelong ka beile. Ke ne ka tlhalosa gore e ne e le ka ntlha ya kgatelelo ya baruti go bo dibuka tsa rona tsa Bibela di thibetswe ka ntlha ya mabaka a sepolotiki mme rona re sa amane ka gope le bopolotiki. Moemedi wa lekala la rona ebong Edwin Skinner, ke ne ka tswelela jalo, o ne a kopile gore a botsolotswe gore a tle a tlhalose boemo jwa rona, mme kopo ya gagwe e ne e gannwe.

Malatsi a sekae morago ga moo, Motlotlegi Srivastava o ne a re: “Rre Jenkins [modiredi wa puso yo o neng a sa rate tiro ya rona] o tla bo a tlogela tiro mo malatsing a sekae mme sebaka sa gagwe se tla tsewa ke Motlotlegi Francis Mudie. Kopa Rre Skinner gore a tle ka kwano mme ke tla mo itsise mo go Motlotlegi Francis.”

Motlotlegi Srivastava o ne a rulaganya kopano eo jaaka a ne a solofeditse. Ka nako ya kopano eno, Motlotlegi Francis Mudie o ne a bolelela Mokaulengwe Skinner a re: “Nka se ka ka go solofetsa sepe, lefa go ntse jalo, ke tla sekaseka kgang eo.” Ereka palamente e ne e tla bulwa mo malatsing a sekae, Mokaulengwe Skinner o ne a nna gore a tle a bone gore go ne go tla diregang. Fela jaaka fa a ne a boletse, leloko la palamente le le tswang kwa Madras le ne la ema mme la botsa jaana: “A ke boammaaruri gore dikgatiso tsa Watch Tower Bible and Tract Society di thibetswe ka ntlha ya mabaka a sepolotiki?”

“Nnyaa, thibelo e ne ya nna teng ka ntlha ya mabaka a go batla go nna kelotlhoko,” Motlotlegi Francis Mudie o ne a araba jalo, “mme lefa go ntse jalo, puso jaanong e ikaeletse go tlosa thibelo.”

Abo re ne ra itumela jang ruri fa re utlwa dikgang tseo! Beke morago ga moo ofisi ya lekala kwa Bombay e ne ya amogela lekwalo le le neng le rurifatsa gore thibelo e fedisitswe.

Go Boela Gape kwa Burma E E Kgautlhantsweng ke Ntwa

Burma e ne ya boa ya laolwa gape ke Borithane morago ga Ntwa ya Lefatshe II, mme Basupi ba le lesome mo go rona ba ne ba boela kwa Rangoon dikgwedi di sekae morago ga moo. Re ne ra itumelela go boa re bona gape Basupi ba koo ba ba seng kae ba ba neng ba setse. Naga eo e ne e le mo boemong jo bo hutsafatsang. Go ne go sena ditirelo dipe tse di direlwang setšhaba, go akaretsa le motlakase le dipalangwa tsa botlhe. Ka ntlha ya seo re ne ra reka koloi ya masole mme ra e dirisetsa go rwala batho go ya dipokanong tse re neng ra di rulaganya ka bonako fela morago ga fa re sena go boa.

Motho mongwe yo o kgatlhegang o ne a re fa setsha, mme ka thuso ya batho ba ba pelontle ba lefelo leo re ne ra aga Holo ya Bogosi ya bogolo jo bo lekaneng. E ne e agilwe ka dikota tse di thata tsa bamboo, mabota a teng a ne a logilwe ka bamboo, mme e ruletswe ka bojang. Ka April 1947, Nathan H. Knorr, yo ka nako eo e neng e le poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower le mokwaledi wa gagwe ebong Milton G. Henschel, ba ne ba neela dipuo gone moo fa ba ne ba etetse kwa Rangoon. Ka nako eo go ne go na le Basupi ba le 19 fela mo Burma yotlhe. Lefa go ntse jalo, bao ba neng ba nna teng kwa puong ya phatlalatsa ya ga Mokaulengwe Knorr e e neng e tshwaretswe kwa New Excelsior Theatre ba ne ba le 287!

Re Nna kwa Australia

Ka January 4, 1948, Great Britain e ne ya naya Burma boipuso, mme bontsi jwa batho ba kwa Yuropa ba ne ba bona go le botoka gore ba tswe mo nageng eo. Morago ga go akanyetsa seno sentle ka thapelo nna le Phyllis re ne ra swetsa ka gore re tseye morwadia rona mme re fudugele kwa Australia. Re ne ra nna kwa Perth, e leng motsemošate wa Australia Bophirima.

Go tlogela Burma gape mme mo lekgetlong leno re e tlogelela ruri, go ne go re hutsafatsa thata. Gangwe le gape re ne re a tle re utlwe gore ba re ba ratang ba tsogile jang koo, mme re ne re itumelela thata go itse gore tiro ya Bogosi e ntse e tswelela pele sentle kwantle ga go fetofetoga kwa nageng eo.

Go tloga ka 1978, re ne ra itumelela go direla mo diphuthegong tsa ba ba buang Segerika ka dingwaga di le nne mo metseng e megolo ya Australia. Seno se ne se tlhoka gore re tseye maeto a maleele ereka e le dikilometara di le 4 200 go tswa kwa moseja o o kwa bophirima go ya kwa moseja o o kwa botlhaba jwa naga e kgolo eo. Morago ga nakonyana botsogo jwa rona bo ne jwa koafala ka ntlha ya tlilaemete e e fetofetogang go ya ka metsemegolo e e farologaneng. Ka jalo re ne ra boa ra nna kwa Perth, mo ke ntseng ke direla jaaka mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tse 44 tsa motse ono.

Jaaka fa dingwaga di ntse di tsamaya pono ya me ya matlho e nnile ya koafala mme go setse go le thata go bala. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege mathata a botsogo ao re nang le one, re santse re le basha mo dipelong tsa rona. Ka bobedi jwa rona re letile ka go tlhatswega pelo letsatsi le ka lone botlhe ba ba boifang Jehofa ba tla bonang fa Jehofa a ba amogela ka phatsimo ya letsatsi le le tla ba ‘tlhabelang ka phodiso mo diphukeng tsa jone mme rona re tla tswela kwa ntle re kalapa jaaka dinamane tsa lesaka.’—Malaki 4:2.a

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka December 13, 1992, fa polelo ya botshelo jwa gagwe e santse e felelediwa, Mokaulengwe Tsatos o ne a tlhokafala.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Lelapa la me mmogo le Mokaulengwe Henschel le Mokaulengwe Knorr kwa Burma (Myanmar) ka 1947

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Basil Tsatos le mosadi wa gagwe ebong Phyllis, kwa Australia

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela