Go Tswa Seder go ya Polokong
“Ke tla tsaea senwèlō sa polokō, me ke tla bitsa leina ya ga Yehofa.”—PESALEMA 116:13.
1. Ke pina efe e e ratwang thata eo e ka amang isagwe ya gago?
AO NE o ka ipelela pina e e buang ka go nna ga gago le isagwe e telele e e itumetseng? Mme tota, pina e e jalo e ratega ka dinako tsotlhe. Lefa go le jalo, o mo boemong jo bo molemo go gaisa ba le bantsi go tlhaloganya le go ipelela pina eno e e botlhokwa. Bajuda ba e bitsa Hallel (Pako). E dirilwe ka Dipesalema 113 go ya go 118, mme e re kgothaletsa gore re opele “Haleluya,” kana “Bakañ Yehofa.”
2. Pina eno e dirisiwa jang, mme e amana jang le Seder?
2 Bajuda ba opela Hallel mo tirelong ya bone ya Tlolaganyo, mme kopelo e e ntseng jalo go lebega e simolotswe bogologolo fa Modimo o ne o na le tempele koo go neng go isiwa ditlhabelo tsa diphologolo gone. Gompieno, e opelwa mo magaeng a Bajuda mo tirelong ya bone ya Tlolaganyo le ya dijo e e bidiwang Seder. Mme ke ba sekae fela bao ba e opelang ka Seder ya bone bao ba bonang botlhokwa jwa Pesalema 116:13: “Ke tla tsaea senwèlō sa polokō, me ke tla bitsa leina ya ga Yehofa.” Lefa go le jalo ke ka ntlhayang fa poloko e amanngwa le Tlolaganyo, mme a e ka tswa e le gore poloko ya gago le yone e a kopanyelediwa?
Tlolaganyo—Moletlo wa Poloko
3. Seder e simologile jang?
3 Gakologelwa gore Baiseraele e ne e le batlhanka kwa Egepeto kafa tlase ga Farwe yo o gatelelang. Kgabagare, Jehofa o ne a tlhoma Moshe go etelela batho ba gagwe pele le gore ba gololwe. Morago ga gore Modimo o tlisetse Egepeto dipetso di le robongwe, Moshe o ne a itsise ya bolesome. Jehofa o ne a tla bolaya maitibolo a ntlo nngwe le nngwe ya Baegepeto. (Ekesodo 11:1-10) Lefa go le jalo, Baiseraele ba ne ba se kitla ba itemogela seo. Jang? Ba ne ba tshwanetse go bolaya nku, mme ba tshase madi a yone mo mejakong le mo mephakong ya yone, mme ba je konyana, senkgwe se se sa bedisiwang, le merogo e e galakang. Ka Seder, Modimo o ne a tla ‘tlolaganya’ a sa bolaye maitibolo a bone.—Ekesodo 12:1-13.
4, 5. Tlolaganyo e ne ya lebisa ba bantsi kwa polokong jang? (Pesalema 106:7-10)
4 Fa a arabela petso eno ya bolesome, Farwe o ne a raya Moshe a re: “Nanogañ, lo cwè mo gare ga batho ba me, lona le bana ba Iseraela: me lo eè, lo dihèlè Yehofa.” (Ekesodo 12:29-32) Morago ga gore Bahebera le “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” bao ba neng ba ba utlwela botlhoko bo tsamaye, Farwe o ne a fetola mogopolo mme a ba alola. Modimo ka kgakgamatso o ne a thusa batho ba gagwe go falola ka go ralala Lewatle le Lehibidu, koo Farwe le masole a gagwe a a neng a ba alotse a neng a swela gone.—Ekesodo 12:38; 14:5-28; Pesalema 78:51-53; 136:13-15.
5 Moshe o ne a raya Baiseraele fa Lewatleng le Lehibidu a re: “Se boiheñ, èmañ hèla, me lo bōnè poloka ea ga Yehofa, eo o tla e lo dihèlañ gompiyeno.” Moragonyana ba ne ba opela jaana: “Yehofa ke thata ea me le sehela, o bile o dihegile poloka ea me: ōna ke Modimo oa me, ke tla o baka: Modimo oa ga rrè, ke tla o godisa.” (Ekesodo 14:13; 15:2) Ee, go gololwa ga Baiseraele, mo petsong ya bolesome le mo Lewatleng le Lehibidu, e ne e le poloko. Mopesalema o ne a ka tlhalosa Jehofa sentle jaaka Modimo o o ‘dirang poloko mo gare ga lefatshe.’—Pesalema 68:6, 20; 74:12-14; 78:12, 13, 22.
6, 7. Ke ka ntlhayang fa Tlolaganyo e ne ya tlhomiwa, lefa go le jalo ke ka ntlhayang fa e dirwa go farologana le Tlolaganyo ya ntlha?
6 Bahebera ba ne ba tshwanetse go tshegetsa Tlolaganyo jaaka segopotso sa go bolokiwa ga bone. Modimo o ne o ba reile wa re: “Letsatsi ye e tla nna letsatsi ya segopodishō mo go lona, me lo tla le tshegeletsa Yehofa e le letsatsi ya modihō: mo dikokomaneñ tsa lona cotlhe hèla.” (Ekesodo 12:14) Mme kwa dijong dingwe le dingwe tsa Tlolaganyo, kana Seder, rre wa lelapa o ne a tshwanetse go gakolola lelapa la gagwe ka go bolokiwa goo ga bone. Jehofa o ne a ba laotse jaana: “E tla re bana ba lona ba lo raea, ba re, Lo kaeañ ka tihèlō e? Lo tla re, Ke tlhabèlō ea tlolaganyō ea ga Yehofa, eo o na a tlolaganya matlo a bana ba Iseraela kwa Egepeto, ka a itaea Baegepeto, me a golola matlo a rona.”—Ekesodo 12:25-27.
7 Go keteka ga Bajuda Seder ya Tlolaganyo gompieno go tlhomamisa gore tiragalo eo eleruri e kile ya diragala. Lefa go le jalo, dingwe tsa dilo tseo ba di dirang, di farologana le seo Modimo o se laotseng. The Origins of the Seder e bua jaana: “Bibela e tlotla ka Tlolaganyo le Moletlo wa Dinkgwe tse di sa Bedisiwang ka botlalo; lefa go ntse jalo, ditlhaloso tseno ga di dumalane le seo se dirwang mo malatsing a meletlo eo a boikhutso. Moletlo wa Bibela segolo bogolo o ne o remeletse mo setlhabelong sa tlolaganyo, seo dibuka tse dintsi tse di kwadilweng morago ga go kwalwa ga Bibela di sa tlholeng di se otlelela.” Lebaka le legolo ke gore Bajuda ga ba na tempele eo ba ka direlang ditlhabelo tsa diphologolo mo go yone.
8. Re na le lebaka lefe le le kgethegileng la go tlhatlhoba Tlolaganyo?
8 Bakeresete ba ka solegelwa molemo ke go ithuta meletlo yotlhe eo Modimo o neng o e neile Baiseraele ba bogologolo,a mme jaanong re tshwanetse go tlhokomela dikarolo tse di rileng tsa Tlolaganyo ka mo go kgethegileng. Jesu, jaaka Mojuda, o ne a tshegetsa Tlolaganyo. Mo lekgetlong la bofelo fa a ne a dira jalo, o ne a tlhomela Bakeresete moletlo o le mongwefela wa bomodimo—Sejo sa Morena sa Maitseboa, eleng segopotso sa loso lwa ga Jesu. Ka jalo moletlo ono wa Bokeresete o amana le Tlolaganyo.
Seo se Fetang Konyana ya Tlolaganyo
9, 10. Konyana ya Tlolaganyo e ne e le setlhabelo se se botlhokwa, kana se se tlhomologileng jang?
9 Bahebera 10:1 e re bolelela gore ‘molao e ne e le moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang.’ Cyclopœdia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, ya ga M’Clintock le Strong, e bua jaana: “Ga go moriti ope wa dilo tse di molemo tse di tla tlang tseo di neng di le mo molaong o o ka tshwanang le moletlo wa Tlolaganyo.” Konyana ya Tlolaganyo e ne e na le bokao jo bo fetang jwa go dira moletlo wa go gakologelwa fela ka moo Modimo o neng wa boloka maitibolo ka gone mme morago wa golola Bahebera botlhe go tswa mo Egepeto.
10 Konyana eo e ne e tlhomologile ka ditsela di le mmalwa. Ka sekai, ditlhabelo tse dintsi tsa diphologolo tsa Molao wa ga Moshe di ne di isiwa ke motho a le mongwe mme e le ka ntlha ya maleo a gagwe kana molato mongwe, mme dikarolo tsa phologolo di ne di tshubiwa mo sebesong. (Lefitiko 4:22-35) Nama nngwe go tswa mo setlhabelong seo e ne e newa moperesiti yo o dirang seo kana baperesiti ba bangwe. (Lefitiko 7:11-38) Lefa go ntse jalo, konyana ya Tlolaganyo, e ne e sa neelwe mo sebesong, mme e ne e neelwa ke setlhopha sa batho, gantsi lelapa, bao e neng e le bone ba tla e jang.—Ekesodo 12:4, 8-11.
11. Jehofa o ne a leba kwana eo ya Tlolaganyo jang, mme e ne e supela eng? (Dipalō 9:13)
11 Jehofa o ne a tseela konyana ya Tlolaganyo kwa godimo mo eleng gore o ne a e bitsa “setlhabèlō sa me.” (Ekesodo 23:18; 34:25) Bakanoki ba ile ba bolela gore “setlhabelo sa tlolaganyo e ne e le setlhabelo sa ga Jehofa se se botlhokwa thata.” Kwantle ga go ganediwa konyana eo e ne e supela go, kana e tshwantshetsa, setlhabelo sa ga Jesu. Re itse seno ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a bitsa Jesu ‘tlolaganyo ya rona e e isitsweng setlhabelo.’ (1 Bakorintha 5:7) Jesu o ne a bitswa “Kwana oa Modimo” le “Kwana eo o tlhabilweñ.”—Yohane 1:29; Tshenolō 5:12; Ditihō 8:32.
Madi a a Bolokang Botshelo
12. Madi a konyana a ne a thusa jang mo Tlolaganyong ya ntlha?
12 Madi a kwana kwa Egepeto wa bogologolo a ne a le botlhokwa thata malebana le poloko. Fa Jehofa a ne a bolaya maitibolo, O ne a tlolaganya matlo ao a neng a tshasitswe madi mo mejakong. Mo godimo ga moo, ka gonne Bahebera ba ne ba sa lelele loso lwa maitibolo a bone, ba ne ba le mo boemong jwa go gwanta go ya go ralala Lewatle le Lehibidu ba gololesegile.
13, 14. Madi a ga Jesu a boloka botshelo ebile a botlhokwa jang mabapi le poloko? (Baefesia 1:13)
13 Madi a kopanyelediwa gape mo go bolokiweng gompieno—madi a a tsholotsweng a ga Jesu. Fa ‘tlolaganyo, moletlo wa Bajuda, e ne e atamela’ ka 32 C.E., Jesu o ne a bolelela bontsintsi joo bo neng bo mo reeditse a re: “Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō. Gonne nama ea me ke seyō rure, le madi a me ke senōō rure.” (Yohane 6:4, 54, 55) Bareetsi botlhe ba gagwe ba Bajuda ba tshwanetse ba bo ba ne ba tla akanya ka Tlolaganyo e e tlang le gore go ne ga dirisiwa madi a konyana kwa Egepeto.
14 Jesu fano o ne a sa tlotle ka ditshwantsho tseo di dirisiwang mo Sejong sa Morena sa Maitseboa. Moletlo oo o mosha wa Bakeresete o ne wa tlhongwa ngwaga moragonyana, ka jalo le eleng baaposetoloi bao ba neng ba reeditse Jesu ka 32 C.E. ba ne ba sa itse sepe ka one. Lefa go le jalo, Jesu o ne a bontsha gore madi a gagwe a ne a le botlhokwa gore motho a bolokelwe ruri. Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Eo re nañ le thèkololō ea rona mo go èna ka madi a gagwè, eboñ boichwarèlō yoa ditlolō tsa rona, kaha dikhumoñ tsa tshegohacō ea ōna.” (Baefesia 1:7) Re ka kgona go tshelela ruri fela fa re ka itshwarelwa mo motheong wa madi a ga Jesu.
Ke Poloko Efe le Gone Kae?
15. Mo Bahebereng ba ba neng ba le kwa Egepeto, ke poloko efe le ditshiamelo dife tseo ba neng ba kgona go nna natso, mme ke eng seo se neng sa seka sa kgonega? (1 Bakorintha 10:1-5)
15 Go ne ga bolokiwa batho ba sekae fela kwa Egepeto wa bogologolo. Ga go ope wa bao ba neng ba tswa kwa Egepeto yo a neng a solofela go tshelela ruri morago ga Khudugo eo. Go boammaaruri gore Modimo o ne wa tlhoma Balefi jaaka baperesiti ba morafe, mme bangwe ba lotso lwa ga Juda ba ne ba nna dikgosi, mme botlhe bano ba ne ba tla swa. (Ditihō 2:29; Bahebera 7:11, 23, 27) Lefa “bontsi yoa batho yo bo tlhakaneñ” jwa bao ba neng ba tswa kwa Egepeto bo ne bo sa bone ditshiamelo tseno, bone, gammogo le Bahebera, ba ne ba na le tsholofelo ya go goroga kwa lefatsheng le le solofeditsweng mme ba ipelele botshelo jo bo tlwaelegileng ba obamela Modimo. Lefa go le jalo, batlhanka ba ga Jehofa ba pele ga Bokeresete ba ne ba na le motheo wa go solofela gore fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba ka kgona go ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, leo boikaelelo jwa Modimo ka batho e neng e le gore ba tshele mo go lone. Seno se ne se tla bo se dumalana le tsholofetso ya ga Jesu e e mo go Yohane 6:54.
16. Batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ne ba ka solofela poloko ya mofuta ofe?
16 Modimo o ne wa dirisa bangwe ba batlhanka ba gagwe ba bogologolo go kwala mafoko a a tlhotlheletsang a gore lefatshe le ne le bopetswe gore le agiwe le gore basiami ba tla tshelela ruri mo go lone. (Pesalema 37:9-11; Diane 2:21, 22; Isaia 45:18) Lefa go le jalo, baobamedi ba boammaaruri ba ne ba ka bona poloko e e ntseng jalo jang fa ba ne ba ka swa? Ka go tsosiwa ke Modimo go tla go tshela gape mo lefatsheng. Ka sekai, Jobe, o ne a supa fa a na le tsholofelo ya gore o ne a tla gakologelwa mme a tsosiwe gape. (Yobe 14:13-15; Daniele 12:13) Ka phepafalo, tsela nngwe ya poloko ke go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng.—Mathaio 11:11.
17. Bibela e bontsha gore ba bangwe ba ka nna ba bona poloko efe e e farologaneng?
17 Bibela e bua gape ka go bolokelwa botshelong kwa legodimong, koo Jesu a neng a ya gone morago ga go tsosiwa ga gagwe mo baswing. “Eo o nntseñ kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo, ka a tsenye kwa legodimoñ; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taoloñ ea gagwè.” (1 Petere 3:18, 22; Baefesia 1:20-22; Bahebera 9:24) Mme Jesu ga se motho a le esi fela yo o tseelwang kwa legodimong. Boikaelelo jwa Modimo ke go tsaya palo nngwe e nnye ya ba bangwe go tswa mo lefatsheng. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Mo tluñ ea ga Rrè go na le mannō a le mantsi; . . . Ke ea go lo baakanyetsa bonnō, ke tla tla gapè, me ke tla lo icholèla; gore kwa ke gōna le lona lo nnè gōna.”—Yohane 14:2, 3.
18. Ke lebaka lefe le jaanong re nang le lone la go tlhokomela poloko ya botshelo jwa selegodimo?
18 Go bolokelwa kwa botshelong jwa legodimo go ya go kopana le Jesu eleruri go gaisa go bolokiwa ga ba sekae fela ka Tlolaganyo ya ntlha. (2 Timotheo 2:10) Jesu o ne a tlhomela balatedi ba gagwe moletlo o mosha mo maitseboeng a Seder ya bofelo, kana dijo tsa Tlolaganyo, eo e neng e remeletse mo go bolokelweng kwa botshelong jwa legodimo. O ne a raya baaposetoloi a re: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.” (Luke 22:19) Pele re ka tlhatlhoba ka moo Bakeresete ba tshwanetseng go tshegetsa moletlo ono ka gone, a re tlhatlhobeng pele kgang ya gore re tshwanetse go dira seo leng.
“Nako e e Tlhomilweng”
19. Ke ka ntlhayang fa go utlwala go amanya Tlolaganyo le Sejo sa Morena sa Maitseboa?
19 Jesu o ne a kile a re: “Ke tlhologelecwe ka tlhologèlelō go ya Tlolaganyō e le lona, ke e se ke shwe.” (Luke 22:15) Morago ga foo o ne a bua ka Sejo sa Morena sa Maitseboa, seo balatedi ba gagwe ba neng ba tshwanetse go se tshegetsa go gopola loso lwa gagwe. (Luke 22:19, 20) Tlolaganyo e ne e tshwarwa gangwe ka ngwaga. Ka gone, go a utlwala gore Sejo sa Morena sa Maitseboa se dirwe ngwaga mongwe le mongwe. Leng? Ka tlhomamo ke ka dikgakologo ka nako ya Tlolaganyo. Seo se tla rayang ka Nisane 14 (go ya ka Khalendara ya Sejuda), go na le go e tshwara ka metlha ka Labotlhano ka gonne e le letsatsi la beke leo Jesu a neng a swa ka lone.
20. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela Nisane 14?
20 Ka jalo Nisane 14 ke lone letsatsi leo Paulo a neng a le akantse fa a ne a kwala jaana: “Gonne ka galè ea re lo ya senkgwè se, le go nwa senwèlō, lo bo lo bolèla losho loa Morèna a ba a tla a tsamaea a tle.” (1 Bakorintha 11:26) Bontsi jwa Bakeresete bo ne jwa kgomarela Nisane 14 ka makgolo a mabedi a dingwaga a a neng a latela, ka ba ne ba itsege jaaka Ba-Quartodeciman, go tswa mo Selatining se se rayang “14.” M’Clintock le Strong ba bega jaana: “Dikereke tsa kwa Asia Minor di ne di keteka loso lwa Morena mo letsatsing leo le dumalanang le letsatsi la bo-14 la kgwedi ya Nisane, letsatsi leo mo go lone, go ya ka kgopolo ya Kereke yotlhe ya bogologolo, papolo e neng ya nna ka lone.” Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa ngwaga le ngwaga ka letlha leo le dumalanang le Nisane 14. Lefa go le jalo, ba bangwe ba ile ba tlhokomela gore seno se farologana le letlha leo Bajuda ba ketekang Tlolaganyo ya bone ka lone. Ka ntlhayang?
21. Konyana ya Tlolaganyo e ne e ntshiwa leng setlhabelo, mme Bajuda ba gompieno ba dira eng?
21 Letsatsi la Bahebera le simolola fa letsatsi le phirima (mo e ka nnang ka oura ya borataro) go fitlha fa le le latelang le wela. Modimo o ne o laotse gore konyana ya Tlolaganyo e bolawe ka Nisane 14 “go le maitsiboana.” (Ekesodo 12:6) E ne e tla nna leng? Bajuda ba segompieno ba kgomarela pono ya baruti ya gore konyana e tshwanetse go bolawa fa Nisane 14 e ya kwa bokhutlong, fa gare ga nako ya letsatsi le simolola go wela (mo e ka nnang ka oura ya boraro) go fitlha fa le wela. Ka gone, ba tshwara Seder ya bone morago ga go wela ga letsatsi, fa Nisane 15 e setse e simologile.—Mareko 1:32.
22. Ke ka lebaka lefe letlha la Segopotso le ka farologana le letlha leo Bajuda ba tshwarang Tlolaganyo ya bone ka lone? (Mareko 14:17; Yohane 13:30)
22 Lefa go ntse jalo, re na le lebaka le le molemo la go tlhaloganya polelo eo ka mo go farologaneng. Duteronome 16:6 e ne e bolelela Baiseraele ka phepafalo gore ba “tlhabe setlhabelo sa tlolaganyo, maitseboa, fa letsatsi le wela.” (Thanolelo ya Sejuda ya Tanakh) Seno se bontsha gore ‘fa gare ga maitseboa oo mabedi’ eo e leng nako ya fa letsatsi le wela, go tloga fa (Nisane 14 e simolola) letsatsi le wela go fitlhela fa go setse go le lefifi. Bajuda ba bogologolo ba Karaiteb ba ne ba e tlhaloganya ka tsela eno, fela jaaka Basamariac le go fitlha gompieno. Go amogela ga rona konyana ya Tlolaganyo jaaka setlhabelo seo se jewang “mo lobakeñ loa eōna lo lo laocweñ” ka Nisane 14, e seng ka Nisane 15, ke lebaka le lengwe la go bo letlha la rona la Segopotso gantsi le farologana le letlha la Bajuda.—Dipalō 9:2-5.
23. Ke ka ntlhayang fa go okediwa dikgwedi mo khalendareng ya Sehebera, mme Bajuda ba motlha wa segompieno ba dira seno jang?
23 Lebaka le lengwe la go bo letlha la rona le farologana le la Bajuda ke gore ba dirisa khalendara e e saleng e tlhomiwa go sale gale, eo tsamaiso ya yone e ileng ya tlhomiwa morago ga lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Fa ba dirisa seno, ba kgona go tlhoma matlha a Nisane 1 kana meletlo eo ba tla e tshwarang ka masomesome a dingwaga kana ka makgolo a dingwaga pele. Mo godimo ga moo, khalendara ya bogologolo e e neng e dirilwe ka go lepa ngwedi e ne e tshwanetse go nna le kgwedi ya bo-13 eo e neng e tsenngwa mo go yone gore khalendara e tle e dumalane le dipaka. Khalendara ya jaanong ya Sejuda e tsenya kgwedi eno ka dinako tse di rileng tse di tlhomilweng; mo modikologong wa dingwaga tse 19, e tsenngwa mo dingwageng tsa 3, 6, 8, 11, 14, 17, le 19.
24, 25. (a) Ka nako ya ga Jesu, dikgwedi di ne di balwa jang mme go ne go bonwa jang gore ba tshwanetse go oketsa dikgwedi? (b) Basupi ba ga Jehofa ba tlhoma letlha la go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa jang?
24 Lefa go ntse jalo, Emil Schürer o bolela gore “ka nako ya ga Jesu [Bajuda] ba ne ba ise ba nne le khalendara e e tlhomameng, mme ba ne ba simolola kgwedi nngwe le nngwe e ntšha fa ngwedi e santse e le ntšha, fela go ya ka boitemogelo, gape ka mo go tshwanang mo motheong wa go ela dilo tlhoko” ba ne ba oketsa ka kgwedi e nngwe jaaka go ne go tlhokega. “Fa . . . go ne go lemogiwa fa ngwaga o fela gore Tlolaganyo e ne e tla nna pele ga nako ya fa bosigo bo lekana ka boleele le motshegare [mo e ka nnang ka March 21], go ne go tsenngwa kgwedi pele go ka bolelwa gore ke Nisane.” (The History of the Jewish People in the Age of Jesus Christ, Bolumo 1) Ka gone kgwedi eo e ne e itlela fela, mme e ne e sa tsenngwe fela e sa tlhokege.
25 Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se tlhoma letlha la Sejo sa Morena sa Maitseboa ka mokgwa wa bogologolo. Nisane 1 e tlhomiwa fa ngwedi e le ntšha gaufi le fa letsatsi le bosigo di lekanang ka boleele ka dikgakologo mme seo se kgonwa go bonwa fa o le kwa Jerusalema. Fa o bala malatsi a le 14 go tloga foo o fitlha mo go Nisane 14, eo gantsi e nyalanang le letsatsi la fa ngwedi e le o o tletseng. (Bona The Watchtower ya June 15, 1977, ditsebe 383-4.) Basupi ba ga Jehofa mo kgolokweng yotlhe ba itsise gore moletlo wa Segopotso wa ngwaga ono o tla nna morago ga go wela ga letsatsi ka April 10, mme go ikaegilwe ka mokgwa ono wa Bibela.
26. Ke dikarolo dife tse di oketsegileng tsa Sejo sa Morena sa Maitseboa tseo re tlhokang go di sekaseka?
26 Letlha leno le dumalana le Nisane 14, eo e leng nako eo Jesu a neng a tshwara Tlolaganyo ya bofelo ka lone. Lefa go ntse jalo, go ketekiwa ga Segopotso go re akantsha ka poloko e e fetang eo e neng e gopolwa ka Seder ya Bajuda. Rotlhe re tshwanetse go tlhaloganya gore go diragala eng kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa, gore se kaya eng, le gore go bolokiwa ga rona go kopanyelediwa jang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Tora ya Tebelo August 1, 1980, ditsebe 15-32.
b M’Clintock le Strong ba ba tlhalosa jaaka “lengwe la makoko a magologolo thata a a tlhomologileng thata a sinagoge ya Bajuda, leo tumelo ya lone ya motheo e leng go ngaparela thatathata mo mafokong a a kwadilweng mo lokwalong lwa molao.”
c “Ba bolaya phologolo mo maitseboeng . . . Mme bosigogare setlhopha sengwe le sengwe sa lelapa se ja nama mme se tshuba nama e e setseng le marapo pele letsatsi le tlhaba . . . Bakanoki ba bangwe ba ile ba akantsha gore tumelo ya Basamaria e ne e tshwana le bodumedi jwa Bibela pele baruti ba Bajuda ba e fetola.”—The Origins of the Seder.
O ne o ka Araba Jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa Tlolaganyo ka tshwanelo e amanngwa le poloko?
◻ Setlhabelo sa ga Jesu se ka fitlhelela mo gogolo go feta konyana ya Tlolaganyo jang?
◻ Ke poloko efe eo e nnang gone ka Jesu?
◻ Basupi ba ga Jehofa ba tlhoma nako e e tshwanetseng ya Sejo sa Morena sa Maitseboa jang?