Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso a na le baaposetoloi fela ba le bosi, mme eseng le barutwa ba bangwe ba ba neng ba tlile go tsenngwa mo kgolaganong e ntšha?
Potso eno go lebega e ikaegile ka kogpolo e e phoso ya gore Jesu o ne a kopane le baaposetoloi ba gagwe mo maitseboeng ao go tla go tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa le phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba neng ba setse ba le mo kgolaganong e ntšha. Go na le moo, phuthego ya Bokeresete e ne e ise e tlhomiwe ka Nisane 14, 33 C.E., mme Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba kopanetse dijo tsa ngwaga le ngwaga tsa Tlolaganyo ya Sejuda.
Gone mme, Jesu o ne a na le barutwa ba bangwe kwa ntle ga ba ba 12 ba ba neng ba itsiwe jaaka baaposetoloi. O ne a roma barutwa ba gagwe ba ba 70 go ya go rera, ngwaga pele a swa. O ne a bonwa ke “badumedi ba ba hetañ makgolo matlhano” fa a sena go tsosiwa. Mme go ne go na le barutwa ba ka nna “lekgolo le mashomè mabedi” ka letsatsi la Pentekosete. (1 Bakorintha 15:6; Ditihō 1:15, 16, 23; Luke 10:1-24) Mme a re sekasekeng setlhopha se Jesu a neng a na naso fa a ne a tlhoma moletlo wa ngwaga le ngwaga o o itsiweng jaaka Sejo sa Morena sa Maitseboa.
Luke 22:7, 8 e kgona go re naya motlhala wa gore e ne e le ka nako efe, fa e bolela jaana: “Me ga hitlha letsatsi ya senkgwè se se sa bedisiwañ, ye Tlolaganyō e nañ le go tlhaywa ka yeōna. Me a roma Petere le Yohane, a re: Eañ, lo re baakanyetsè Tlolaganyō gore re e yè.” Pego eo e tswelela jaana: “Me lo rèe muñ oa ntlo, lo re, Moruti oa gu botsa, a re, Ntlo ea boyèlō ea baeñ e kae, e ke tla yèlañ Tlolaganyō gōna le barutwa ba me?” Ka jalo Jesu o ne a na le ba ba 12 kwa moletlong oo wa Sejuda mo maitseboeng ao. O ne a ba raya a re: “Ke tlhologelecwe ka tlhologèlèlō go ya Tlolaganyō e le lona, ke e se ke shwe.”—Luke 22:11, 15.
Go tloga fela fa e simologa kwa Egepeto, Tlolaganyo e ne e le moletlo wa lelapa. Fa a tlhoma Tlolaganyo, Modimo o ne wa bolelela Moshe gore ntlo nngwe le nngwe e ne e tshwanetse go bolaya nku. Fa lelapa leo le ne le le lennye thata gore le ka fetsa nku yotlhe, lelapa le le fa gaufi le ne le tshwanetse gore le bidiwe go tla go ja le bone dijo tseo. Ka gone, go a utlwala go bo ka Tlolaganyo ya 33 C.E. bontsi jwa barutwa ba ga Jesu ka tlwaelo fela bo ne bo ka bo bo kgobokane le malapa a bone go ja dijo tseno.
Mme Jesu o ne a “tlhologelecwe” go ja seo e neng e tlile go nna Tlolaganyo e e tlhomameng, le go nna bosigo jo e neng e tlile go nna jwa gagwe jwa bofelo le balatedi ba gagwe ba a neng a atamalane le bone thata, le bao ba neng ba ile ba nna ba tsamaya le ene mo bodiheding jwa gagwe. Fa go sena go jewa dijo tsa Tlolaganyo, Jesu o ne a ba bolelela ka moletlo o mosha oo balatedi botlhe ba gagwe ba neng ba tshwanetse go nna ba o keteka mo isagweng. Beine ya moletlo oo o o neng o tla ketekwa mo isagweng wa Bakeresete o ne o tla emela madi a “kgōlaganō e ncha” eo e neng e tlile go nna mo boemong jwa kgolagano ya Molao.—Luke 22:20.
Lefa go ntse jalo, mo maitseboeng a Nisane 14, 33 C.E., kgolagano e ntšha e ne e ise e tlhomiwe, ka go bo setlhabelo se se neng se e simolola—Jesu—se ne se ise se ntshiwe. Kgolagano ya Molao e ne e santse e dira. E ne e ise e kokotelwe mo mokgorong. Mo godimo ga moo, go ne tlile go bonala fela ka letsatsi la Pentekosete gore kgolagano e ntšha ya Baiseraele ba semoya e ne e tlhomilwe mo boemong jwa kgolagano e kgologolo ya Baiseraele ba tlholego.—Bagalatia 6:16; Bakolosa 2:14.
Ka gone, baaposetoloi ba ba 11 lefa e le barutwa bape ba ne ba ise ba tsene mo kgolaganong e ntšha mo maitseboeng ao. Mme Jesu o ne a sa supe fa a sa amogele barutwa ba bangwe ba Bajuda ka go ba tlogela gore ba ye go keteka Tlolaganyo le malapa a bone.