LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 3/15 ts. 10-14
  • “Motlhanka Eo O Boikañō” le Setlhopha sa Gagwe Se Se Laolang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Motlhanka Eo O Boikañō” le Setlhopha sa Gagwe Se Se Laolang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molaodi wa Ntlo wa Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
  • Setlhopha se se Laolang sa Ntlo
  • Nako ya go Ikarabelela ga Molaodi wa Ntlo
  • “Motlhanka” le Setlhopha sa Gagwe se se Laolang fa Nako ya Bokhutlo e Ntse e Atamela
  • Go Ikanyega mo go Keresete le mo Motlhankeng wa Gagwe yo o Boikanyego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Molebedi yo o Boikanyego le Setlhopha sa Gagwe se se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Dirisana Mmogo le Setlhopha se se Laolang Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale” ke Mang Mme o Dira Eng?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 3/15 ts. 10-14

“Motlhanka Eo O Boikañō” le Setlhopha sa Gagwe Se Se Laolang

“Ana, motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale ea bo e le mañ, eo morèna [wa] gagwè o mo tlhomileñ go laola ba ntlo ea gagwè, go ba abèla diyō ka dipaka tse e leñ cōna?”—MATHAIO 24:45.

1. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a iketleeditse go neela ba bangwe taolo, mme o e neetse mang segolo bogolo?

JEHOFA ke Modimo wa thulaganyo. Gape ke Motswedi wa taolo epe fela e e leng gone. Ka go bo a tshepa boikanyegi jwa dibopiwa tsa gagwe tse di ikanyegang, Jehofa o iketleeleditse go di neela taolo. Mongwe yoo a mo neileng taolo e kgolo ke Morwawe, Jesu Keresete. Eleruri, Modimo o ne a “baea dilō cotlhe mo taoloñ ha tlhatse ga dinao tsa gagwè, me oa mo neela phuthègō gore a nnè tlhōgō ea dilō cotlhe.”—Baefesia 1:22.

2. Paulo o bitsa phuthego ya Bokeresete eng, mme Keresete o neile mang taolo?

2 Moaposetoloi Paulo o bitsa phuthego ya Bokeresete ‘ntlo ya Modimo’ mme o bolela gore Morwa wa ga Jehofa yo o ikanyegang, Jesu Keresete, o ne a bewa go okamela ntlo eo. (1 Timotheo 3:15; Bahebera 3:6) Gape, Keresete o neela maloko a ntlo ya Modimo taolo. Re ka kgona go bona seno mo mafokong a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 24:45-47. O ne a re: “Ana, motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale ea bo e le mañ, eo morèna [wa] gagwè o mo tlhomileñ go laola ba ntlo ea gagwè, go ba abèla diyō ka dipaka tse e leñ cōna? Go segō motlhanka eo e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo. Amarure kea lo raea, o tla mo tlhōma molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.”

Molaodi wa Ntlo wa Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

3. Ke bomang bao ba dirang “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” mme ke lereo lefe leo le dirisiwang mo go bone ka bongwe?

3 Fa re ntse re ithuta Dikwalo ka kelotlhoko, re itse gore maloko a a tloditsweng ka moya a ntlo ya Modimo ka nako epe fela fa ba kopane ba dira “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” “molebalebi,” kana “molaodi wa ntlo.” Maloko a ntlo ya ga Jehofa ka bongwe ka bongwe a bidiwa “ba ntlo ea gagwè” kana ‘ba ba mo ntlong ya gagwe’ kana ‘ba ba mo direlang.’—Mathaio 24:45; Luke 12:42; Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase.

4. Pele fela ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a botsa potso efe, mme o ne a itshwantsha le mang?

4 Dikgwedi di sekae pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a botsa potso eno e e kwadilweng mo go Luke 12:42: “Molebalebi eo o ikanyègañ, eo o botlhale, e be e le mañ, eo morèna oa gagwè o tla mo laodisañ ba ntlo ea gagwè, gore a ba abèlè diyō mo lobakeñ lo e leñ lōna?” Morago ga foo, malatsi a sekae pele a swa, Jesu o ne a itshwantsha le monna yo o tla tlogang a ya kwa lefatsheng le le kwa kgakala yo a neng a bitsa batlhanka ba gagwe mme a ba neela dilo tsa gagwe.—Mathaio 25:14.

5. (a) Jesu o ne a abela ba bangwe go lebelela dilo tsa gagwe leng? (b) Ke tiro efe e e okeditsweng eo Keresete a neng a e neela bao ba neng ba tla nna karolo ya setlhopha sa molaodi wa gagwe wa ntlo?

5 Jesu o ne a laela ba bangwe leng go tlhokomela dilo tsa gagwe? Seno se diragetse morago ga go tsosiwa ga gagwe mo baswing. Mo mafokong a gagwe a a tlwaelegileng a a mo go Mathaio 28:19, 20, Keresete o ne a naya pele bao e neng e tla nna karolo ya setlhopha sa molaodi wa ntlo ya gagwe tiro e nngwe e e oketsegileng ya go ruta le go dira barutwa. Ka go supa ka bongwe “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe,” badiredi ba gagwe ba ne ba tla atolosa tshimo ya borongwa eo Jesu a neng a simolola go e lema mo bodiheding jwa gagwe jwa mo lefatsheng. (Ditihō 1:8) Seno se ne se kopanyeletsa go dira jaaka “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete.” Jaaka “balebalebedi ba masaitsiweñ a Modimo,” ba ne ba tla dira barutwa le go aba dijo tsa semoya.—2 Bakorintha 5:20; 1 Bakorintha 4:1, 2.

Setlhopha se se Laolang sa Ntlo

6. Setlhopha sa lekgolo la ntlha la dingwaga sa motlhanka se ne se tlhotlheleditswe ke Modimo go neelana ka eng?

6 Bakeresete ba ba tloditsweng jaaka setlhopha ba ne ba tshwanetse go nna molebalebi wa mong wa bone, kana molaodi wa ntlo, yo o abetsweng go neela leloko lengwe le lengwe la ntlo ya Modimo dijo tsa semoya ka nako ya tsone. Fa gare ga dingwaga tsa 41 C.E. le 98 C.E., maloko a setlhopha sa motlhanka sa lekgolo la ntlha la dingwaga a ne a tlhotlheleditswe ke Modimo go kwala dipego tsa ditiragalo di le 5, makwalo a le 21, le buka ya Tshenolō eo e neng e tla solegela bakaulengwe ba bone molemo. Dikwalo tseno tse di tlhotlheleditsweng di na le dijo tse di molemo tsa semoya tsa batlhanka, ke gore, mongwe le mongwe wa ba ba tloditsweng ba ntlo ya Modimo.

7. Keresete o ne a tlhopha palo e nnye ya banna go tswa mo setlhopheng sa motlhanka ka boikaelelo bofe?

7 Lemororo Bakeresete ba ba tloditsweng jaaka setlhopha ba ne ba dira ntlo ya Modimo, go na le bosupi jo bontsi jwa gore Keresete o ne a tlhopha palo e nnye ya banna go tswa mo setlhopheng sa motlhanka go direla jaaka setlhopha se se laolang se se bonalang. Hisitori ya pele ya phuthego e supa gore baaposetoloi ba ba 12, go akareletsa le Mathaiase, e ne e le motheo wa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga. Ditihō 1:20-26 e re neela bosupi jwa seno. Fa go buiwa ka yoo a neng a tla tsaya sebaka sa ga Judase Isekariota, go buiwa kaga “tihō ea gagwè ea tebèlō” le “boèmō yoa boaposetoloi mo tiheloñ.”

8. Boikarabelo jwa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga bo ne bo akareletsa eng?

8 Tiro e e ntseng jalo ya bolebedi e ne e akareletsa boikarabelo jwa boaposetoloi jwa go tlhopha banna ba ba tshwanelegelang maemo a tirelo le go rulaganya bodihedi. Mme go ne go kaya gape mo go oketsegileng. Go ne go kopanyeletsa gape go ruta le go tlhalosa dintlha tse dingwe tsa thuto. Mo tiragatsong ya tsholofetso ya ga Jesu e e kwadilweng mo go Yohane 16:13, “mōea oa boamarure” o ne o tshwanetse go kaela phuthego ya Bokeresete kgato ka kgato mo boammaaruring. Go tloga fela kwa tshimologong, bao ba neng ba amogela lefoko mme ba nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng le ba ba tloditsweng ba ne ba tswelela pele go ineela mo ‘thutong ya baaposetoloi.’ Totatota, lebaka la go bo go ne ga tlhophiwa banna ba le supa ba ba neng ba tshwanela go dira tiro ya botlhokwa ya go aba dijo tsa nama e ne e le gore “ba ba shomè le bobedi” ba nne ba gololesegile go ka “nnèla rure mo thapeloñ, le mo tiheloñ ea thutō ea lehoko.”—Ditihō 2:42; 6:1-6.

9. Setlhopha sa pele se se laolang se ne sa fokotsega go nna maloko a a 11 jang, mme ke ka ntlhayang fa palo eo e ne ya seka ya busediwa ka bonako fela go nna 12 gape?

9 Go lebega gore setlhopha se se laolang kwa tshimologong se ne se dirilwe fela ke baaposetoloi ba ga Jesu. Mme a se ne se tla sala se ntse ka tsela eo? Moaposetoloi Jakobe, morwarraagwe Johane o ne a bolawa ke Herode Agrippa I, mo e ka nnang ka ngwaga wa 44 C.E. (Ditihō 12:1, 2) Go bonala gore ga go a ka ga dirwa maiteko ape a go mo tseela sebaka jaaka moaposetoloi, jaaka go ne go dirilwe ka Judase. Ka ntlhayang? Ga go belaetse gore seno e ne e le ka go bo Jakobe a ne a sule a ikanyega, e le moaposetoloi wa ntlha wa ba ba 12 go swa. Kafa letlhakoreng le lengwe, Judase o ne a le boikepo mme o ne a tshwanela go emisediwa ka yo mongwe gore palo ya maje a motheo a Iseraele wa semoya e boe e nne 12 gape.—Baefesia 2:20; Tshenolō 21:14.

10. Setlhopha sa ntlha se se laolang se ne sa atolosiwa leng le gone jang, mme Keresete o ne a se dirisa jang go kaela ntlo ya Modimo?

10 Maloko a ntlhantlha a setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le baaposetoloi, banna bao ba neng ba kile ba tsamaya le Jesu mme ba ile ba nna basupi ba go swa ga gagwe le go tsoga ga gagwe. (Ditihō 1:21, 22) Mme boemo jono bo ne bo tla fetoga. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, banna ba bangwe ba Bakeresete ba ne ba gola mo semoyeng mme ba ne ba tlhophiwa jaaka bagolwane mo phuthegong eo ya Jerusalema. Ka ngwaga wa 49 C.E. setlhopha se se laolang se ne se setse se godile go akaretsa eseng baaposetoloi ba ba neng ba setse fela mme gape le banna ba bangwe gape ba le mmalwa ba ba godileng mo Jerusalema. (Ditihō 15:2) Ka jalo setlhopha se se laolang se ne se sa bopiwa ka palo e e tlhomameng, mme go phepafetse gore Modimo o ne o kaela dilo gore se nne se fetoge go dumalana le maemo a batho ba gagwe. Keresete, eleng Tlhogo e e tlhaga ya phuthego, o ne a dirisa setlhopha seno se se godisitsweng se se laolang go atlhola dikgang dipe fela tsa botlhokwa tsa thuto tse di malebana le Bakeresete ba e neng e se Bajuda kaga go rupisiwa ga bone le go ineela ga bone mo Molaong wa ga Moshe. Setlhopha se se laolang se ne sa kwala lokwalo lo lo tlhalosang tshwetso ya sone mme se ne sa ntsha melawana e e neng e tshwanetse go tlhokomelwa.—Ditihō 15:23-29.

Nako ya go Ikarabelela ga Molaodi wa Ntlo

11. A bakaulengwe ba ne ba anaanela ketelelopele e e gagametseng ya setlhopha se se laolang, mme ke eng se se bontshang gore Jehofa o ne a segofatsa thulaganyo eno?

11 Ka bongwe ka bongwe le jaaka diphuthego, Bakeresete ba pele ba ne ba anaanela kgogo e e nonofileng eno e e neng e newa ke setlhopha se se laolang. Morago ga gore phuthego ya kwa Siria wa Antioka e bale lokwalo lo lo tswang kwa setlhopheng se se laolang, e ne ya itumelela kgothatso ya sone. Fa diphuthego tse dingwe di ne di amogela tshedimosetso eo le go tlhokomela melao eo, di ne tsa “kgothala mo tumeloñ, me tsa ntsihala mo paloñ ka malatsi aotlhe.” (Ditihō 16:5) Go bonala gore Modimo o ne a segofatsa thulaganyo eno.—Ditihō 15:30, 31.

12, 13. Ke ditiragalo dife tse Jesu a neng a di bolelela pele mo ditshwantshong tsa gagwe tsa diponto le ditalenta?

12 Mme a re lebeng karolo e nngwe gape ya kgang eno ya botlhokwa. Mo setshwantshong sa gagwe sa ditalenta, Jesu o ne a itshwantsha le monna wa segosi yo a neng a ya kwa lefatsheng le le kwa kgakala go ya go amogela maatla a segosi a bo a boa. (Luke 19:11, 12) Ka ntlha ya go tsosiwa ga gagwe mo baswing ka 33 C.E., Jesu Keresete o ne a golelediwa kwa letsogong le legolo la Modimo, koo a neng a tla nna gone go fitlha baba ba gagwe ba bewa jaaka sebeo sa dinao tsa gagwe.—Ditihō 2:33-35.

13 Mo setshwantshong se se tshwanang le sone, setshwantsho sa ditalenta, Jesu o ne a bolela gore morago ga nako e telele, mong o ne a tla go bona kafa batlhanka ba dirileng ka gone. Mong o ne a raya batlhanka ba ba neng ba itshupile ba ikanyega a re: ‘Lo ntse boikanngo mo dilong tse di potlana, ke tla lo laodisa dilo di le dintsi: tsenang mo boitumelong jwa morena oa lona.’ Mme fa e le ka motlhanka yo o sa ikanyegeng, o ne a bua jaana: “Eo o senañ sepè, le se o nañ nashō o tla se tseèlwa. Me motlhanka eo o senañ molemō lo mo kgoromeletsè kwa lehihiñ ye le kwa ntlèntlè.”—Mathaio 25:21-23, 29, 30.

14. Jesu o ne a lebeletse eng mo batlhankeng ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya?

14 Morago ga nako e telele—mo e ka nnang makgolo a le 19 a dingwaga—Keresete o ne a newa maatla a segosi ka 1914, kwa bokhutlong jwa “metlha ea Badichaba.” (Luke 21:24) Mme go ise go e kae morago ga moo, o ne “a tla, me a gopola melato” le batlhanka ba gagwe, ba Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. (Mathaio 25:19) Jesu o ne a lebeletse eng mo go bone ka bongwe le jaaka setlhopha? Tiro ya motlhanka e ne ya tswelela fela jaaka e ne e ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Keresete o ne a ba neetse ditalenta ka bongwe—“moñwe le moñwe . . . kaha nonohoñ ea gagwè.” Ka gone Jesu o ne a lebeletse matswela go ya kafa ba neng ba neetswe ka gone. (Mathaio 25:15) Fano go dira molao o o mo go 1 Bakorintha 4:2, o o reng: “Go bile go lopiwa kaga balebalebi, gore motho a hitlhèlwè a le boikañō.” Go dirisa ditalenta go ne go raya go dira ka boikanyegi jaaka baemedi ba Modimo, go dira barutwa, le go ba neela boammaaruri jwa semoya.—2 Bakorintha 5:20.

“Motlhanka” le Setlhopha sa Gagwe se se Laolang fa Nako ya Bokhutlo e Ntse e Atamela

15. (a) Keresete o ne a lebeletse eng mo setlhopheng sa gagwe sa molaodi wa ntlo? (b) Ke eng seo se bontshang gore Keresete o ne a lebeletse gore setlhopha sa motlhanka se dire seo pele a goroga go tla go tlhatlhoba ntlo ya gagwe?

15 Jesu o ne a lebeletse gore Bakeresete ba ba tloditsweng jaaka setlhopha ba dire jaaka motlhanka yo o boikanngo, ba nee ba ntlo ya gagwe “diyō mo lobakeñ lo e leñ lōna.” (Luke 12:42) Go ya ka Luke 12:43, Keresete o ne a re: “Go segō motlhanka eouō, eo e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo.” Seno se supa gore ba ne ba tshwanetse go bo ba ntse ba neela maloko a phuthego ya Bokeresete, eleng ntlo ya Modimo, dijo tsa semoya lobakanyana pele Keresete a goroga go tla go bona kafa batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya ba dirang ka gone. Keresete o ne a fitlhela mang a dira seo fa a ne a tla ka maatla a segosi ka 1914 mme a tswelela pele go tlhatlhoba ntlo ya Modimo ka 1918?—Malaki 3:1-4; Luke 19:12; 1 Petere 4:17.

16. Fa Keresete a ne a goroga go tla go tlhatlhoba ntlo ya Modimo ka 1918, ke ka ntlhayang fa a ne a seka a fitlhela dikereke tsa La-Bodumedi di ntse di naya dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng?

16 Jaaka nako e telele ya fa Jesu a ntse a letile fa letsogong le legolo la ga Jehofa e ne e ntse e ya kwa bokhutlong, go ne go ntse go bonala ka bonya ka bonya gore ke mang yo a neng a ntse a neela ba ntlo ya ga Keresete dijo tsa semoya le eleng le ka nako ya pele ga 1914. A o akanya gore e ne e le dikereke tsa La-Bodumedi? Eleruri nnyaa, ka go bo ba ne ba tseneletse thata mo dipolotiking. Ba ile ba nna didirisiwa tse di iketleeleditseng go atolosa dikolone mme ba ne ba leka go gaisa ba bangwe go supa fa ba rata naga, ka gone ba rotloetsa bomorafe. Go ise go e kae seno se ne sa ba pega molato o mogolo wa madi fa ka botlhaga ba ne ba tshegetsa dipuso tsa dipolotiki tseo di neng di tseneletse mo ntweng ya ntlha ya lefatshe. Mo semoyeng, tumelo ya bone e ne e koafaditswe ke Tlhabologo. Mme go ne ga nna le kotsi nngwe e e neng ya nna gone ya semoya ka gonne bontsi jwa baruti ba bone bo ne jwa gapiwa ke batshwayadiphoso le ke thutotlhagelelo. Ga go dijo dipe tsa semoya tse di neng di ka lebelelwa mo baruting ba La-Bodumedi!

17. Ke ka ntlhayang fa Keresete a ne a gana bangwe ba Bakeresete ba ba tloditsweng, mme go ne ga felela jang ka bone?

17 Ka mo go tshwanang, go ne go se dijo dipe tse di nonotshang tsa semoya tseo di neng di tswa mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ba ba neng ba amegile thata ka go bolokiwa ga bone fela go na le ka go dirisa ditalenta tsa Mong. Ba ne ba fitlhelwa ba le “bochwakga,” ba sa tshwanela go tlhokomela dilo tsa Mong wa bone. Ka gone, ba ne ba latlhelwa “kwa lehihiñ ye le kwa ntlèntlè,” koo dikereke tsa La-Bodumedi di santseng di le gone.—Mathaio 25:24-30.

18. Mong o ne a fitlhela mang a naya bantlo ya gagwe dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng, mme ke eng se se supang seno?

18 Ka gone, fa a goroga go tla go tlhatlhoba batlhanka ba gagwe ka 1918, Mong, Jesu Keresete, o ne a fitlhela mang a neela bantlo ya gagwe dijo ka nako e e tshwanetseng? Ebu, ka nako eo, ke mang yo a neng a thusitse ba ba neng ba batla boammaaruri ka tlhoafalo go tlhaloganya ka botlalo setlhabelo sa thekololo, leina la Modimo, go nna gone ga ga Keresete mo go sa bonaleng, le botlhokwa jwa 1914? Ke mang yo a neng a senotse gore Tharonngwe, go sa sweng ga moya wa motho, le molelo wa dihele e ne e se boammaaruri? Mme ke mang yo a neng a tlhagisitse ka dikotsi tsa thutotlhagelelo le tirisabadimo? Dintlha di bontsha gore e ne e le setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba kopanela le bagatisi ba makasine wa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, e jaanong e bidiwang Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa.

19. Setlhopha sa motlhanka se ile sa itshupa jang pele ga 1918, mme se ile sa aba dijo tsa semoya ka eng, ebile e le go tloga leng?

19 Mo tokololong ya yone ya November 1, 1944, The Watchtower e ne ya bua jaana: “Ka 1878, dingwaga di le masome a mane pele ga go tla ga Morena mo tempeleng ka 1918, go ne go na le setlhopha sa Bakeresete ba ba ineetseng ba ba tlhoafetseng seo se neng se dule mo setlhopheng sa baruti ba ba laolang le makgotla a baruti mme se ne se batla go nna Bakeresete . . . Mo ngwageng o o latelang, eleng ka July, 1879, go ne ga simolola go phasaladiwa makasine ono, Tora ya Tebelo, e le gore boammaaruri joo Modimo o bo neelang ka Keresete jaaka ‘dijo ka nako ya tsone’ bo ka neelwa bana botlhe ba ba ineetseng ba ntlo ya gagwe ka metlha.”

20. (a) Setlhopha se se Laolang sa motlha wa segompieno se ne sa nna gone jang? (b) Maloko a Setlhopha se se Laolang a ne a dira eng, mme kafa tlase ga kaelo ya ga mang?

20 Fa e neela tshedimosetso ka go nna gone ga Setlhopha se se Laolang sa motlha wa segompieno, tokololo ya Tora ya Tebelo ya June 1, 1972, e ne ya tlhalosa jaana: “Dingwaga di le tlhano moragonyana [ka 1884] Zion’s Watch Tower Tract Society e ne ya tlhomiwa mme ya direla jaaka ‘moemedi’ go neela dimilione tsa batho ba ba tlhoafetseng ba ba neng ba batla go itse Modimo le go tlhaloganya Lefoko la gagwe dijo tsa semoya . . . Bakeresete ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng, le ba ba tloditsweng, ba ne ba kopanela le Mokgatlho oo kwa ntlokgolo kwa Pennsylvania. Ba le mo Botong ya Bakaedi kana nnyaa, ba ne ba ineela go dira tiro e e kgethegileng e e neng e le gone ya setlhopha sa ‘motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.’ Ba ne ba thusa mo go fepeng le mo go kaeleng setlhopha sa motlhanka, mme ka gone setlhopha se se laolang se ne sa nna gone. Go lebega seno e ne e le kafa tlase ga kaelo ya maatla a a dirang a ga Jehofa kana moya o o boitshepo. Gape, e le kafa tlase ga kaelo ya Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, Jesu Keresete.”

21. (a) Keresete o ne a fitlhela bomang ba aba dijo tsa semoya, mme o ne a ba duela jang? (b) Ke eng se se neng se emetse motlhanka yo o boikanngo le Setlhopha sa gagwe se se Laolang?

21 Ka 1918, fa Jesu Keresete a ne a tlhatlhoba bao ba neng ba iphaka gore ke batlhanka ba gagwe, o ne a fitlhela setlhopha sa merafe yotlhe sa Bakeresete se phasalatsa boammaaruri jwa Bibela joo bo neng bo dirisiwa mo teng ga phuthego le ka kwantle mo tirong ya go rera. Go ne ga itshupa ka boammaaruri ka 1919 go ntse fela jaaka Keresete a ne a kile a bolelela pele jaana: “Go segō motlhanka eo e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo. Amarure kea lo raea, o tla mo tlhōma molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.” (Mathaio 24:46, 47) Bakeresete bano ba boammaaruri ba ne ba tsena mo boipelong le Mong wa bone. Ka ba itshupile ba le “boikañō mo diloñ tse di pōtlana,” Mong wa bone o ne a ba tlhoma go ‘laola dilo tse dintsi.’ (Mathaio 25:21) Motlhanka yo o boikanngo le Setlhopha sa gagwe se se Laolang jaanong ba ne ba le mo boemong jo bo siameng, ba iketleeleditse tiro ya bone e e okeditsweng. Abo re tshwanetse go itumela jang ne go bo seno se ntse jalo, go bo Bakeresete ba ba ikanyegang ba solegelwa molemo ke tiro eno eo motlhanka yono yo o boikanngo le Setlhopha sa gagwe se se Laolang ba e dirang ka boineelo!

Dintlha tsa Konokono tse di Tshwanetseng go Gakologelwa

◻ Tlhogo ya ntlo ya Modimo ke mang, mme O ne a neela mang taolo?

◻ Ke tiro efe e e kopanetsweng eo Keresete a neng a e naya setlhopha sa motlhanka?

◻ Ke setlhopha sefe se sengwe seo se neng se le gone mo gare ga setlhopha sa motlhanka, mme ditiro tsa sone tse di kgethegileng e ne e le dife?

◻ Fa Keresete a ne a goroga go tla go tlhatlhoba ntlo ya Modimo, ke mang yo a neng a neela maloko a yone dijo tsa semoya?

◻ Setlhopha sa motlha wa segompieno se se Laolang se ne sa nna gone jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Motlhanka” wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a na le setlhopha se se laolang seo se neng se dirilwe ke baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela